Dira kopo ya go ikwadisa jaaka moduelalekgetho wa nakonyana

Fa o amogela lotseno longwe lo e seng mogolo gongwe tshiamelo, o tshwanetse go kwadisa jaaka moduelalekgetho wa nakonyana. Jaanong o tshwanetse go duelela lekgetho kwa pele bonnye gabedi mo ngwageng wa tlhatlhobo, go ya ka lotseno lo lo fopholediwang lo lo kgethisiwang. O tla tshwanela go dira tuelo ya bofelo morago ga go tlhatlhobiwa.
Ditlamo di wela mo thulaganyong ya lekgetho la nakwana.

Bona tshedimosetso ka botlalo ka ga lekgetho la nakwana kgotsa golagana le SARS go bona tshedimosetso ka botlalo.

 

Share this page