Kwadisa sejanaga se se tswang kwa dinageng tsa kwa ntle

Fa o batla go kwadisa sejanaga se se tswang kwa dinageng tsa kwa ntle moAforikaBorwa, o tshwanetse go dira jalo kwa bothating jwa kwadiso jo bomaleba.

Go tlhokega ditokomane tse di latelang:

  • Foromo ya eNaTIS (MVR1A kgotsa RLV);
  • Bukanaitshupo ya Rephaboliki ya Aforika Borwa (RSA);
  • Fa o sena bukanaitshupo ya RSA:
    • Bukanaitshupo e e rebotsweng ke naga e sele kgotsa
    • Setifikeiti sa nomorokwadiso ya sejanaga
  • Ditokomane tse di ka ga kwadiso le laesense ya sejanaga tse di rebotsweng kwa ntle ga RSA.
  • Lekwalo la Bothati (LOA) go tswa kwa National Regulator for Compulsory Specifications

Fa o batla go kwadisa sejanaga ka leina la khamphani, o tshwanetse go nna le:

  • Setifikeiti sa kakaretso jaaka se rebotswe go ya ka melawana ya Molao wa Dikhamphani kgotsa;
  • Setifikeiti sa phetoloina jaaka se rebotswe go ya ka melawanaya Molao wa Dikhamphani.
  • Fa o batla go kwadisa sejanaga ka leina la dikoporasi tse di tswaletsweng, o tshwanetse go nna le:
    • Puo ya motheo e e rebotsweng go ya ka melawana ya Molao wa Dikoporasi tse di Tswaletsweng kgotsa;
    • Setifikeiti sa phetoloina se se rebotsweng go ya ka melawana ya Molao wa Dikoporasi tse di Tswaletsweng.

Pele sejanaga se ka kwadisiwa, o tshwanetse go bona setifikeiti sa kgololo saTirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS). Seno se ka rebolwa morago ga bothati jwa kwadiso bo go reboletse setifikeiti sa phetisetso le kwadiso.

Karolo ya Lekgetho la Ditholo ya Tirelo ya Lekgetho yaAforika Borwa (SARS) le tla neelana ka bopaki jo bo tlhokegang jwa kobamelo ya melao le di tsamaiso tsa bona. O gakololwa go golagana le SARS go bona tshedimosetso ka botlalo.

Go bona tshedimosetso ka botlalo etela webesaete ya eNATIS.

Ke mang yo o ka ikgolaganyang le ena

 

Published Date

Share this page