Kopo ya go phimola kwadiso ya sejanaga

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga kwalolola serori sa gago

O tshwanetse go dira kopo ya go phimola serori sa gago fa:

  • se kailwe se sa siamela tsela ya botlhe leruri
  • se utswitswe 
  • se senyegile gotlhelele 
  • se neetswe maemo a go se kwadisiwe. 

Bothati jwa dikwadiso bo tla rebola setifikeiti sa phimolo. Serori se se sa rebolelwang laesense dingwaga tse nne, se tla phimolwa ka gangwe.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Ya kwa bothating jo bo gaufi jwa kwadiso le ditokomane tse di latelang:
    • kopi e e beilweng setempe semmuso ya lekwaloitshupo
    • khopi e e beilweng setempe semmuso sa sesupo sa go nna mong wa serori 
    • ditokomane tsa tshegetso fa go tlhokega 
    • setifikeite sa kwadiso sa serori.
  2. Tlatsa foromo ya Kopo ya go kwalolola serori (ADV).

Nako ya tiragatso

Go ka nna ga go tsaya malatsi a le mabedi go sekaseka kopo ya gago.

Tuelo ke bokae

Tirelo e ga e duelwe mme dikotlhao le ditshalelo morago mo laesenseng di tla duelwa fa kopo e le thari.

Diforomo tse di tladiwang

Foromo ADV (Kopo ya phimolo ya serori)

Diforomo di bonwa kwa bothating jwa dikwadiso (registering authority) kgotsa o ka di sitlholola mo webosaeteng ya eNaTis (eNaTIS website).

O ka golagana le mang

 

Contact your local department of transport

Share this page