Kwadisa setlamo sa gago

O ka kwadisa setlamo jaaka setlamo se se sa iponeleng morokotso kgotsa jaaka setlamo se se iponelang morokotso kwa Khomišeneng ya Dithoto le Dithata tsa Ditlamo (CIPC). Setlamo ka semolao ke motho yo a nang le bokgoni le matla a go tsaya dikgato ka bo ene. Molao o leba setlamo ka leitlho le le leng jaaka motho.

Ditlamo tse di iponelang morokotso di ka beelwa ka fa tlase ga ditlamo tse di farologaneng go ya ka Molao wa Ditlamo. 

Bona dintlha ka botlalo mabapi le go kwadisa setlamo sa gago go tswa kwa Khomišeneng ya Dithoto le Dithata tsa Ditlamo (CIPC) kgotsa golagana le CIPC mo go 086 100 2472.

 

Share this page