Ikwadise jaaka modiri kgotsa moromelateng wa dikoloi

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go ikwadisa jaaka madiri kgotsa moromelateng wa dikoloi

Fa o ka batla go tlhama, go romela teng kgotsa go aga dikoloi mo Aforikaborwa go dira poelo, o tshwanetse go ikwadisa pele le lefapha la porofense la dipalangwa.

Fa lefapha le fetsa go amogela kopo ya gago, le tla romela motlhatlhobi go tlhomamisa gore a o obamela melawana e e maleba. Kgwebo ya gago gape e tla tsenngwa mo kgololong ya Tirelo ya Aforikaborwa ya Sepodisi (SAPS).

Se o tshwanetseng go se dira
  1. Ya kwa lefapheng la porofense la dipalangwa mme o neelane ka tse di latelang:
    • foromo (MIB) ya kopo e e tladitsweng le kitsiso ya motlhami/moromelateng/moagi wa dikoi
    • Khopi e e kanetsweng ya lekwaloitshupo (ID) ya mokopi
    • khopi e e kanetsweng ya ID ya motho yo o dumeletsweng go nna moemedi wa yo mongwe (fa mokopi e le mokgatlho wa batho)
    • khopi e e kanetsweng ya setifikeiti sa kgwebo (fa mokopi e le mokgatlho wa batho)
    • lekwalo la go nna moemedi wa kgwebo fa o emetse setlamo  
    • nomore ya khoutu ya kgethiso go tswa kwa Tirelong ya Aforikaborwa ya Lotseno (SARS) (fa o le moromelateng)
    • bosupi jwa kwadiso ya VAT go tswa kwa SARS
Nako ya tiragatso

Kwadiso e ka ga thebolo ya MEC e e maleba mme setifikeiti sa kwadiso e neelwa ka thebolo eo.

Tuelo ke bokae

Golagana le lefapha la selegae la dipalagwa go bona tlhotlhwa.

Diforomo tse di tladiwang

Foromo (MIB) ya kopo le kitsiso tsa motlhami/moromelateng/moagi wa dikoloi (Application and notice i.r.o registration of a manufacturer/importer/builder of vehicles [Form MIB])

O ka golagana le mang

 

Contact your local department of transport

Share this page