Kwadiso ya tiriso ya metsi

Badiris botlhe ba metsi ba tshwanetse go ikwadisa le Lefapha la Merero ya Metsi. O tshwanetse go ikwadisetsa go dirisa metsi fa o sa bone metsi gotswa kwa moabing wa metsi, kwa masepaleng wa selegae, kwa botong ya metsi, kwa botong ya metsi a go nosetsa, kwa sekemeng sa metsi sa puso kgotsa kwa moabing yo mongwe wa metsi a mantsi mme e le gore o tlo dirisetsa metsi ao go:

  • nosetsa
  • dirisediwa kwa meepo
  • dirisediwa kwa diintasetering
  • dirisediwa kwa masakeng, kgotsa
  • ya ka melawana ya Tetlelelokakaretso.

Mo nakong e e tlang, fa badirisi ba metsi ba lopiwa go dira dikopo tsa makwalotetla, bao ba sa ikwadisang ba tlo fokotsa ditšhono tsa bone tsa go iponela lekwalotetla la go dirisa metsi.

Batho botlhe kgotsa mekgatlho yotlhe e e lopiwang go ikwadisetsa go dirisa metsi e ka golagana le e nngwe le e nngwe ya Dikantoro tsa Tikologo tsa Lefapha la Merero ya Metsi.

 

E-mail: warmsenquiries@dwa.gov.za
Toll free number 0800 200 200

Share this page