Kopo ya go kwadisa letshwaokgwebo

Kwadisa letshwaokgwebo la gago le Khomišeneng ya Dithoto le Dithata tsa Ditlamo (CIPC) go thibela dikgwebo tse di gaisanang le wena go le dirisa. CIPC e laola Mokwadisi wa Matshwaokgwebo, e leng motshola rekoto ya semmuso ya matshwaokgwebo otlhe a a setseng a kwadisitswe mo nageng ya Rephaboliki ya Aforika Borwa, fa e sale ka 1916.

Dikopo di ka tsenngwa go ya ka dikarolo tse di farologaneng di le 45, mme seno se tla ya ka ditlhagiswa le/kgotsa ditirelo tseo letshwaokgwebo le tla dirisetswang tsone. Dintlha tsa thulaganyo ya go aroganya ka lenaneo ya bosetšhaba, e leng Thulaganyo ya go Aroganya e e Nolofetseng, di ka fitlhelwa mo go World Intellectual Property Organisation's website. Letshwaokgwebo le le kwadisitsweng le ka sireletswa go ya go ile, fa fela o ntšhwafatsa kwadiso ya lone mo ngwagasomeng yo mongwe le yo mongwe.

Bona dintlha ka botlalo mabapi le go kwadisa letshwaokgwebo la gago kwa Khomišeneng ya Dithoto le Dithata tsa Ditlamo (CIPC) kgotsa golagana le CIPC mo go 086 100 2472.

Share this page