Kopo ya Boikwadiso jaaka Moromelateng

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go dira kopo ya tetla ya thomelontle

Go romela ntle dithoto tse di rileng go tswa mo Aforika Borwa, o tshwanetse go bo o na le tetla e e netefatsang gore o ikobela mekgwataolo e e maleba ya thomelontle.

Thomelontle ya dithoto tse dingwe e ka lekanyediwa go tshegetsa maano a go tswelwa mosola kgotsa go thusa batlhagisi ba selegae go bona diretala pele di romelwa ntle.

Tetla ya thomelontle e a tlhokega go netefatsa gore dithoto tse di rometsweng ntle ke motho kgotsa mokgatlo di ikobela ditlamelo tsa ditumalano tsa boditšhaba. Ditetla tsa thomelontle di thusa gape le go laola go tswa ga dithoto tsa maano a a rileng kgotsa dithoto tse di sutlhisiwang le tse di utswitsweng.

Pholisi e e dirang ya thomelontle ya dithoto e farologana go ya ka makala. Fa o tlhoka tshedimosetso ya pholisi malebaba le thomelontle ya dithoto tse di rileng, o tshwanetse go tlamela kantoro ya Taolo ya Diromelwateng le Diromelwantle kwa Khomišene ya Tsamaiso ya Kananyo ya Boditšhaba (ITAC) ka dintlha tsa dithoto tse o batlang go di romela ntle.

Ga se dithoto kgotsa ditlhagiswa tsotlhe tse di bewang ka fa tlase ga mekgwataolo ya thomelontle. Lenane la dithoto tse di bewang fa tlase ga mekgwataolo ya thomelontle le ka bonwa kwa ITAC mme le ka romelwa ka poso, fekese, kgotsa imeili fa o le kopa.

Seo tshwanetseng go se dira

  1. Leletsa kantoro ya Taolo ya Diromelwateng le Diromelwantle mo go: 086 184 3384 kgotsa kwalela go Molaodi- Mogolo: Taolo ya Diromelwateng le Diromelwantle, Private Bag x192, Pretoria mme o neele dintlha tsa gago tsa tlhaeletsano go kgontsha ITAC go go romelela diforomo.
  2. Sitlholola le go tlatsa diforomo tse di latelang.
  3. Isa diforomo go Bokaedi Taolo ya Diromelwateng le Diromelwantle.

Nako ya tiragatso

Go ka tsaya matsatsi a le mararo go ka diragatsa kopo ya gago ya tirelo ya tetla ya thomelontle.

Tuelo ke bokae

Tirelo e ke mahala.
 

 

Export Control
Tel: 0861 843 384 / 012 394 3590/1
Physical address The Import and Export Unit, International Trade Administration Commission, 77 Meintjies Street, Block D, Sunnyside, Pretoria, 0001
Postal address Import and Export Control, Private Bag X192, Pretoria, 0001
Web address http://www.itac.org.za

 

Share this page