Ka ga go kwadisa setheo sa thuto e kgolwane

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go kwadisa setheo sa thuto e kgolwane

A o eletsa go ka neelana ka ditirelo tsa thuto e kgolwane mo Aforika Borwa? Santlha, o tshwanetse go ikwadisa jaaka setheo sa poraefete sa thuto e kgolwane le Lefapha la Katiso le Thuto e Kgolwane (DHET) go nna le bolaodi jwa semolao go ka neelana ka mananeo a thuto e kgolwane  

Ditheo tsa poraefete tsa thuto e kgolwane di neelana ka maemo a a tshwanang le a Letlhomeso la Borutegi la Aforika Borwa(NQF) (Maemo 5 go ya go 10) jaaka diyunibesiti tsa setšhaba kgotsa diyunibesiti tsa poraefete.

Mosola wa ikwadiso ke go netefatsa gore:

  • ditheo tsa poraefete di neelana ka thuto e e nang le boleng
  • setšhaba se sireletsegile kgatlhanong le baneeladitirelo ba ba tsietsang le ba ba sotlang ka batho
  • moithuti o amogela borutegi jo bo tsamaisanang le Letlhomeso la Borutegi jwa Thuto e Kgolwane (HEQF )le go kwadisiwa mo NQF
  • Tsamaiso ya thuto e fitlhelela maikaelelo a go fetola Aforika Borwa go ya ka pholisi ya puso le molao
  • Ditheo tsa poraefete di obamela Molao wa Thuto e Kgolwane (Molao 101 wa 1997)

Mananeo a ditheo tsa poraefete a tshwanetse go kwadisiwa le DHET, a netefaditswe ke Komiti ya Boleng jwa Thuto e Kgolwane (HEQC) ya Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa (CHE) le go kwadisiwa mo NQF ke  Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa (Saqa). Mananeo a tshwanetse go amogelwa mo maemong a bosetšhaba gammogo le a boditšhaba.

O tshwanetse go romela kopo ya ikwadiso kwa go Morejisetara wa Ditheo tsa Thuto e Kgolwane ya Poraefete bonnye dikgwedi di le 18 pele setheo sa gago se eletsa go dira. Kopo ya Phetolelo e tshwanetse go romelwa ka letlha le le tla ntshiwang ke Morejisetara (Mokaedikakaretso).

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Tlatsa foromo ya kopo e e neetsweng.
  2. Romela foromo ya kopo go Morejisetara wa Ditheo tsa Poraefete tsa Thuto e Kgolwane.
  3. Romela ditokomane tse di latelang mmogo le foromo ya gago ya kopo:
  • disetatemente tse di runilweng tsa ditšhelete kgotsa diponelopele tse di runilweng tsa ditšhelete
  • leano la kgwebo
  • tumelano ya netefaletso ya matlole
  • ditokomane tsa kwadiso ya khamphani
  • dipegelo tsa kuno tsa kobamelo ya itekanelo le pabalesego mo tirong
  • setifikeiti sa kwadiso ya kgwebo
  • kitsiso ya phatlhalatsa mo kopong tebang le tetlelelo
  • maikano mo bokgoning jwa setheo
  • kitsiso ya phatlhalatsa tebang le dikgato tsa tekolo le tshekatsheko
  • ditumelano magareng ga ditheo, fa di le gona
  • dibukana tsa baithuti tse di ka ga tshedimosetso ka makwalo a thuto a setheo, khalentara kgotsa papetlana ya tshedimosetso
  • diforomo tsa ikwadiso, dikonteraka tsa moithuti le melao le melawana.

   4. Badiradikopo ba dinaga di sele ba tshwanetse go romela tse di latelang:

  • kitsiso ya phatlhalatsa ya tekatekano ya makwalo a borutegi
  • bopaki jwa tlotlo go tswa kwa nageng eo setheo se simolotseng kwa go yona
  • bopaki jwa tetlelelo go tswa kwa nageng eo setheo se simolotseng kwa go yona
  • setifikeiti sa tetlelelo go tswa kwa HEQC le ikwadiso go tswa kwa Saqa
  • kitsiso ya phatlhalatsa e e saenilweng ya gore setheo ga se kitla se nna le tlhaolele ka tsela epe
  • fa go na le diphetogo, tlamela ka dintlha tse di tshwanetseng go fetolwa
  • kitsiso ya phatlhalatsa ka ga tekolo le tshekatsheko, mmogo le maikano mo lekwalong le le nang le dintlha tsa semmuso tsa setheo, le na le letlha mme e bile le saenilwe.

  5. Duela madi a a beilweng.

Ela tlhoko: Tswee tswee ikgolaganye le Morejisetara ka ga diphetogo dingwe le dingwe tse o eletsang go di dira ka nako ya tsamaiso ya kopo.

Go tsaya nako e e kana kang

  • Ikwadiso lekgetlo la ntlha: dikgwedi di le 18 pele setheo se bulela ikwadiso.
  • Tebang le petholo: dikgwedi di le 12 pele phetolo e tsena tirisong.
  • Go fetolela: jaaka go tla tlhagisiwa ke Morejisetara.

Go ja bokae

R500

Diforomo tse o tshwanetseng go di tlatsa

Diforomo di bonwa kwa Lefapheng la Katiso le Thuto e Kgolwane:

  • Kopo ya ikwadiso jaaka Setheo sa Poraefete sa Thuto e Kgolwane, foromo ya APX -01
  • Kopo ya o dira Phetolo, foromo ya APX-02
  • Kopo ya Phetolelo, foromo ya APX-03

O ka golagana le mang

National Office

Tel: 012 312 5253/5320
Fax: 012 324 6343
City/town: Pretoria
Province: Gauteng
Physical address: Department of Education: Directorate: Private Higher Education Institutions, Sol Plaatje House, 123 Schoeman Street, Pretoria
Postal address: Private Bag X895, Pretoria, 0001

Share this page