Moento wa ngwana

Moento o rotloetsa masole a mmele go go sireletsa kgatlhanong le megare e e rileng.

Go entiwa go thusa go matlafatsa masole a mmele a ngwana wa gago go lwantsha malwetse a a jaaka pholio, mmokwane, hephathisisi B, mometsomosweu, lehuba (TB) le tshoromo ya boboko.

Go enta ke mahala kwa ditleliniking tsa puso, mme meento ya ntlha e neelwa lesea fa le sena go tsalwa.

Buisa ka botlalo ka ga lenaneo la moento wa ngwana kgotsa ikgolaganye le Lefapha la Boitekanelo mo go 012 395 8000.

 

Share this page