Iponele setifikeiti se sengwe sa marematlou

Mabapi le setifikeiti se se latlhegileng kgotsa se se senyegileng

Dira kopo ya go iponela setifikeiti se sengwe sa gago sa marematlou (Setifikeiti sa Bosetšhaba sa Sekolo se Segolwane) kwa Lefapheng la Thuto ya Motheo kgotsa kgotsa kwa lefapheng la thuto la porofense fa e le gore o latlhegetswe kgotsa o senyegetswe ke setifikeiti sa gago sa ntlha sa marematlou. O ka nna wa dira kopo le go duelela go rebolelwa lekwalo leno sešwa mo inthaneteng.

O ka nna wa ikopela lekwalo la dipholo fa o santse o letile gore go rebolwe setifikeiti sa gago. Fa setifikeiti sa gago se senyegile, o tshwanetse go busetsa setifikeiti se se senyegileng kwa lefapheng la Thuto ya Motheo.

Ela tlhoko: Go dira kopo ya setifikeiti sa marematlou se se latlhegileng kgotsa se se senyegileng go ka farologana go ya ka porofense.

Phetogo ya seemo

Fa o kwadilwe ditlhatlhobo tsa marematlou makgetlho a feta gangwe mme o batla go kopanya dipholo go bona Setifikeiti sa Bosetšhaba, o tshwanetse go dira kopo ya setifikeiti sa thefoso: phetogo ya seemo. Lefapha ga le kopanye dipholo tsa gago ka gangwe, ntle le fa o kwadile tlhatlhobo ya tlaleletso. O ka dira kopo mo inthaneteng.

O ka dira kopo ya lekwalonetefaletso la dipholo fa o ntse o emetse Setifikeiti sa Bosetšhaba sa Marematlou.

Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga go iponela setifikeiti se sengwe sa gago sa marematlou kwa Lefapheng la Thuto ya Motheo.

  • Kantoro ya Bosetšhaba: 012 357 4511/13
    certification@dbe.gov.za
  • Kapa Botlhaba: 043 604 7709/73
  • Foreisetata: 051 404 8000
  • Gauteng: 011 355 0588
  • KwaZulu-Natal: 031 327 0538/0331
  • Limpopo: 015 290 7747/7830
  • Mpumalanga: 013 766 0033
  • Kapa Bokone: 053 839 6585
  • Bokone Bophirima: 018 384 3100/51
  • Kapa Bophirima: 021 467 2483

Share this page