Ikwadise le setheo sa AET

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Go tsaya nako e e kana kang
Go ja bokae
Diforomo tse o tshwanetseng go di tlatsa
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go ikwadisa le setheo sa AET

A o mogolo kgotsa mošwa yo o batlang go iponela thuto ya motheo? Ga go ise go nne thari; o ka ikwadisa le setheo sa Thuto le Katiso ya Bagolo (AET).

AET ke lenaneo le le ikaegileng ka dipoelo le maikaelelo a lona e leng go go neela didirisiwa tsa motheo tsa go ithuta, kitso le bokgoni, le go go tlamela ka dithutego tse di amogelwang bosetšhaba.

Mongwe le mongwe yo a sa konosetsang dithuto ka mokgwa wa tlwaelo, mme a batla go bona dithutego mo tikologong e e repileng, ba ka ikwadisa le setheo sa AET. Ditheo tsa AET di ka go kwadisa diteko tsa kamogelo go bona gore a o mo maemong a ntlha, a bobedi kgotsa a boraro a AET.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Ikwadise kwa setheong se se gaufi nao sa AET.
  2. Romela setifikeiti sa gago sa matsalo kgotsa lekwaloitshupo la gago le nngwe le nngwe ya dipegelo tsa dipholo tsa gago tsa sekolo.

Go tsaya nako e e kana kang

Go ka tsaya beke kgotsa tse pedi go kwadisa.

Go ja bokae

Dituelo di farologana go ya ka ditheo.

Diforomo tse o tshwanetseng go di tlatsa

O ka bona diforomo tsa kwadiso kwa ditheong tsa ABET.
 

O ka golagana le mang

 

 

Official

Province

Tel

Fax

Mrs Z Mgoduka

Eastern Cape

040 608 4024

040 608 4660

Ms NF Gxwati

Free State

051 404 8800

051 430 0863

Ms T Masondo

Gauteng

011 355 0753

011 355 0343

Mr Muzi Mahlambe

KwaZulu-Natal

033 341 8506

033 341 8802

Ms SR Mantshiu

Limpopo

015 291 2564

015 291 2012

Ms N Molemane

Mpumalanga

013 766 5370

013 766 7231

Mr R Phillips

Northern Cape

053 839 6349

053 830 2308

Ms J Mekgoe

North West

018 389 8130

018 389 8246

Mr A Damon

Western Cape

021 467 2606

021 467 9385

 

Share this page