Tumelelo ya go godisa semolao ngwana yo e seng wa madi

‘Tumelelo’ ke tetla e e kwadilweng ke batsadi ba madi kgotsa moo go se nang batsadi ba madi, ke motlhokomedi wa ngwana, e e neelwang batsadi ba go nang le kgonagalo ya gore ba ka rebolelwa kgodiso ya ngwana semolao go godisa ngwana. Tumelelo e ka neelwa ke batsadi, motlhokomedi wa ngwana kgotsa ke ngwana ka boene. Ngwana a ka neela tumelelo fa kgodiso ya semolao fa a na le dingwaga di le 10 kgotsa go feta.

Bona tshedimosetso ka botlalo ka ga tumelelo ya go godisa semolao ngwana yo e seng wa madi kgotsa letsetsa Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo mo go 012 357 8205 kgotsa imeilela: children@justice.gov.za.

 

Share this page