Ikgodisetsa ngwana ka elemente ya selegae

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go dira kopo ya go ikgodisetsa ngwana ka elemente ya selegae

Fa o le Moaforika Borwa mme o rata go ka ikgodisetsa ngwana wa Moaforika Borwa, o tshwanetse go golagana le bothati jwa bogareng mo nageng e o nnang mo go yona. batlisisa pele gore a naga ya gaeno e saenile Tumalano ya Hague. Tumalano e e tlhagisa tiragatso e e botoka ya kgodiso ya bana ba dinaga disele magareng ga dinaga tse di nang le seabe.

Fa go sena bothati jo bo maleba mo nageng ya gago o ka golagana le Ditirelo tsa Boditšhaba tsa Loago (ISS).

Tumalano ya boditšhaba ya kgodiso ya bana ke go bewa ga ngwana leruri ka fa tlase ga tlhokomelo ya motho yo e seng motsadi wa madi kgotsa motlhokomedi mme a nna kwa nageng e sele. E naya ngwana lelapa yo a sa bonelwang lelapa le le maleba kwa nageng e a tswang kwa go yona.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Golagana le Bothati jwa Bogareng mo nageng e o nnang kwa go yona.
  2. Bothati jwa Bogareng bo tla go romela kwa mokgatlong wa kgodiso ya bana mo nageng ya gaeno go go tlhatlhoba le go bona gore a o tshwanelwa ke go godisa ngwana.
  3. Fa mokgatlo wa tshireletso o go fitlhela o le maleba go ka godisa ngwana, o tla dira pegelo e e tletseng ya tshekatsheko ya legae mme o e romele go Bothati jwa Bogareng jwa Aforika Borwa (SACA).
  4. SACA e tla romela pegelo e go mokgatlo o o nang le tumalano e e dirang ya kgodiso ya bana le mokgatlo wa boditšhaba go go batlela ngwana yo o ka godisiwang.
  5. Modirediloago o tla netefatsa gore motho ofe fela yo o tlhokang tumelelo ya go ikgodisetsa ngwana o bona tumelelo eo ka Kgotlatshekelo ya Bana.
  6. Maphata a a amegang a tla newa matsatsi a le 60 a mo go ona a ka gogelang morago tumelelo pele ngwana a tsewa a newa batsadi ba bangwe.
  7. Fa mokgatlo wa kgodiso o romela pegelo e e atlenegisang gore ngwana a ka tsewaw, SACA e tla rebola Athikele 17, e atlenegisa kgodiso ya ngwana kwa nageng ya boditšhaba.  
  8. SACA e tla romela pegelo  ya tshekatsheko ya ngwana go bothati jwa bogareng kwa nageng ya gago go go golaganya le ngwana.
  9. Fa o sa ntse o batla go ka godisa ngwana, Bothati jwa Bogareng kwa nageng e o nnang kwa go yona bo tla rebola Athikele 17, go go naya tetla ya go godisa ngwana mme e romelwe go SACA.
  10. Yo tla lalediwa go tla Adorika Borwa go konosetsa kopo ya kgodiso ya ngwana kwa kgotlatshekelo ya bana.  
  11. Kgotlatshekelo ya bana e tla rebola taelo ya kgodiso mme ditlankana tse di maleba di tla romelwa go SACA gore di netefadiwe le gore kopo ya kgodiso e kwadiswe.
  12. Fa kopo e e rulagantswe le naga e nngwe ya Hague, SACA e tla netefatsa gore e rebola Setifikeiti sa go Maikano (Certificate of Conformity).
  13. Mokgatlo o o kwadisitsweng wa tshireletso ya bana o tla netefatsa gore Lefapha la Merero ya Selegae le amogela khopi ya taelo ya kgodiso le gore gore maina a fetotswe mme setifikeiti sa botsalo se fetotswe.
  14. Mokgatlo o o kwadisitsweng wa tshireletso ya bana o tla go romelela setifikeiti sa botsalo se sešwa.
  15. Mokgatlo wa kgodiso ya bana wa boditšhaba o tla go naya ditirelo tsa morago ga tlhokomelo sebaka sa dingwaga tse tlhano.

Nako ya tiragatso

Go farologana go ya ka dikgetse.

Ditjeo ke bokae

O lokela ho lefa mokgatlo o ananetsweng ka molao wa tshireletso ya bana bakeng sa ho adoptha ngwana wa naha e nngwe ho ya ho e nngwe hape.

Diforomo tse di tladiwang

Golagana le Bothati jwa Bogareng mo nageng e o nnang kwa go yona.

O ka golagana le mang

Golagana le Bothati jwa Bogareng mo nageng e o nnang kwa go yona.

Lefapha la Tlhabololo ya Loago

Share this page