Kopo ya tumelelo ya go neelwa tetla ya go godisa ngwana wa losika kwa nageng e nngwe

Ka ga 
Se o tshwanetseng go se dira 
Go tsaya nako e e kana kang 
Go ja bokae 
Diforomo tse o tshwanetseng go di tlatsa 
Ke mang yo o ka ikgolaganyang le ena

 

 

Ka ga kopo ya tumelelo ya go neelwa tetla ya go godisa ngwana wa losika kwa nageng e nngwe

Go a kgonagala go dira kopo ya tumelelo ya go neelwa tetla ya go godisa ngwana wa losika kwa nageng e nngwe e tswa e le wa mo Aforika Borwa. Fa o le mo Afroika Borwa mme ngwana a nna kwa nageng e sele, o ka tlisa ngwana mo Aforika Borwa go nna le wena fa o sena go newa tetla ya go godisa ngwana wa losika kwa nageng e nngwe.

Kopo ya tumelelo ya go neelwa tetla ya go godisa ngwana wa losika kwa nageng e nngwe e akaretsa go phetisetso ya semolao ya ditshwanelo le maikarabelo a botsadi go tswa go batsadi ba madi go ya go wena o le ka kwa ga melelwane.

Go ka bona tumelelo ya go neelwa tetla ya go godisa ngwana wa losika kwa nageng e nngwe, ngwana wa losika la gago yo o nnang mo Aforika Borwa, o tshwanetse go golagana le Bothati jwa Bogareng kwa nageng e o nnang kwa go yona. Fa go sena bothati jo bo maleba mo nageng ya gago, o ka golagana le Ditirelo tsa Boditšhaba tsa Loago (ISS) go diragatsa kopo ya tumelelo ya go neelwa tetla ya go godisa ngwana wa losika kwa nageng e nngwe.

ISS ke mokgatlho o o sa direng morokotso oo o beileng leitlho thata go bana ba batshabi ba sepolotiki. E teng mo dinageng di le 140 ka mafaratlhatlha a Makala a bosetšhaba, badirediloago, ditheo tse di ikwadisitseng le bobegakgang.

Fa ngwana a le kwa nageng ya boditšhaba, o tshwanetse go golagana le Bothati jwa Bogareng jwa Aforika Borwa (Saca), mme bo tla fetisetsa kgetse e go mokgatlho o o maleba wa tshireletso ya bana. Fa mokgatlho wa tshireletso ya bana o fitlhela gore o maleba go ka neelwa tetla ya go godisa ngwana morago ga go go sekaseka, o dira pegelo e e tletseng mme o e romele go bothati jwa bogareng jwa boditšhaba. Bothati jwa Bogareng jwa boditšhaba bo tla dira ditlhotlhomiso mme bo dire pegelo ya tshekatsheko ya ngwana le go e romela kwa Aforika Borwa.

Fa dinaga tsoopedi di dumelana ka go go neela tetla ya go godisa ngwana, o tla tshwanelwa ke go ya kwa nageng ya boditšhaba go konosetsa kopo eo.

Kopo ya tumelelo ya go neelwa tetla ya go godisa ngwana wa losika e ka dirwa mo nageng e nngwe le e nngwe ntse go sena tumalano ya tiro (Tumelano ya Basaeni kwa nagenga ya Hague kgotsa Tumelano ya Basaeni bao e seng ba naga ya Hague).

Se o tshwanetseng go se dira

Fa Aforika Borwa e le naga ya motheo, tsamaiso ke e e latelang:

  1. Fa o le kwa nageng e sele mme o batla tumelelo ya go neelwa tetla ya go godisa ngwana wa losika yo e leng moAforika Borwa, o tshwanetse go golagana le Bothati jwa Bogareng mo nageng e o nnang kwa go yona.
  2. Mokgatlho wa tshireletso ya bana o tla go tlhatlhoba le go bona gore a o tshwanelwa ke go neelwa tetla ya go godisa ngwana wa losika. Fa mokgatlho o go fitlhela o le maleba go ka neelwa tetla ya go godisa ngwana wa losika, o tla dira pegelo e e tletseng ya tshekatsheko ya legae mme o e romele go Saca, eo le yone e tla e fetisetsang go mokgatlho o o maleba wa tshireletso ya bana.
  3. Bothati jwa bogareng jwa Aforika Borwa bo tla tlhotlhomisa le go tlhomamisa gore a ngwana a ka godisiwa ke yo mongwe wa losika. Modirediloago o tla netefatsa gore motho mongwe le mongwe yo o dumelanang le go tsholwa o neela tumelano ka Kgotlatshekelo ya Bana.
  4. Maphata a a amegang a tla newa matsatsi a le 60 a mo go ona a ka gogelang morago tumelelo pele ngwana a tsewa a newa batsadi ba bangwe.
  5. Mokgatlho wa tshireletso o tla rulaganya pegelo e e tletseng ya tshekatsheko ya ngwana mme o e romele kwa nageng ya boditšhaba.
  6. Fa dinaga tsoopedi di demalana ka go go neela tetla ya go godisa ngwana, o tla tshwanelwa ke go tla mo Aforika Borwa go konosetsa kopo eo.

Fa o nna mo Aforika Borwa mme o batla go godisa ngwana yo o amanang nao go tswa kwa nageng ya boditšhaba, tsamaiso ya kopo ya tumelelo ya go neelwa tetla ya go godisa ngwana wa losika ke e e latelang:

  1. O tshwanetse go golagana le Bothati jwa Bogareng jwa Aforika Borwa (Saca), mme e tla fetisetsa kgetse e go mokgatlho wa tshireletso ya bana.
  2. Mokgatlho wa tshireletso ya bana o tla go tlhatlhoba le go bona gore a o tshwanelwa ke go neelwa tetla ya go godisa ngwana. Fa mokgatlho wa tshireletso o go fitlhela o le maleba go ka neelwa tetla ya go godisa ngwana, o tla dira pegelo e e tletseng ya tshekatsheko ya legae mme o e romele go Bothati jwa Bogareng jwa boditshaba.
  3. Bothati jwa Bogareng jwa boditšhaba, ka mokgatlho wa bona, bo tla tlhotlhomisa le go tlhomamisa gore a ngwana a ka tsholwa mme bo dire pegelo e e tletseng. Pegelo e tla romelwa go Bothati jwa Bogareng jwa Aforika Borwa(Saca).
  4. Fa dinaga tsoopedi di dumalana ka tumelelo ya go neelwa tetla ya go godisa ngwana wa losika, o tla tshwanelwa ke go ya kwa nageng ya boditšhaba go konosetsa kopo eo.
     

Go tsaya nako e e kana kang

Go farologana go ya ka dikgetse.

Go ja bokae

O tshwanetse go duela mokgatlho o o maleba wa tshireletso ya kopo ya tumelelo ya go neelwa tetla ya go godisa ngwana wa losika.

Diforomo tse o tshwanetseng go di tlatsa

Golagana le Bothati jwa Bogareng mo nageng ya gaeno..
 

Ke mang yo o ka ikgolaganyang le ena

Golagana le Bothati jwa Bogareng mo nageng ya gaeno.

 

Share this page