Go kopa tlhokomelo ya go fatlhosa

Ka ga 
Se o tshwanetseng go se dira 
Nako ya tiragatso 
Tuelo ke bokae 
Diforomo tse di tladiwang 
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga tlhokomelo ya go fatlhosa

Fa o batla go tlhokomela ngwana yo o tlhokang tlhokomelo le tshireletso, kopa go fatlhosa ngwana kwa kantorong ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago kgotsa mokgatlho wa semmuso wa tshireletso ya bana .

Tlhokomelo ya go fatlhosa ke go bewa ga nakwana ga ngwana yo o tlhokang tlhokomelo le tshireletso. Ngwana o bewa mo tlhokomelong ya motho yo o tshwanetseng yo e seng motsadi kgotsa motlhokomedi wa ngwana.

Ke mang yo o tshwanelang go nna ngwana yo o fatlhosiwang?

Ngwana o tshwanetse:

  • go nna ka fa tlase ga dingwaga tse 18 le/kgotsa,
  • go bo a tlogetswe kgotsa e le khutsana mme a se na mekgwa epe e e bonalang ya tshegetso,
  • go bontsha maitsholo a a se ka keng a laolwa ke motsadi kgotsa motlhokomedi;
  • go nna mo mebileng kgotsa go kopa go bona tse di yang maleng
  • go ikaega ka sere se motho a ka ikaegang ka sona mme a se na tshegetso epe ya go bona kalafi ya ikaego ya go nna jalo
  • go bo a jelwe ntsoma kgotsa go nnile le tšhono ya gore a jewe ntsoma
  • go nna mo kotsing fa a busetswa kwa tisong ya motsadi, kgotsa motlhokomedi
  • go nna mo maemong a tlhokomologo ya mmele kgotsa ya tlhaloganyo, go tsholwa ka tsela e e sa siamang, go dirisiwa ka tsela e e sa siamang kgotsa go nyadiwa ke motsadi kgotsa motlhokomedi, motho yo o nnag le maikarabelo le ditshwanelo tsa botsadi kgotsa leloko la lelapa la ngwana kgotsa motho yo ngwana a leng mo tlhokomelong ya gagwe.

Ke mang yo o tshwanelang go nna motsadi wa mofatlhosi?

Go tshwanelwa jaaka motsadi wa mofatlhosi, o tshwanetse:

  • go nna le dingwaga tse 18 kgotsa go feta
  • go itekanela le go nna maleba  
  • go nna le maikemisetso le bokgoni jwa go babalela ngwana
  • go kgona go tlamela tikologo e e tshwanetseng kgolo le kgodiso ya ngwana

O ka fatlhosa ngwana fela go ya ka sebaka se se kailweng mo taolong ya kgotlhatshekelo. Fa nako ya taolo ya kgotlatshekelo e setse e fetile, motshwaramarapo a ka nna a atolosa nako ya taolo ya kgotlatshekelo morago ga go leba gape katlanegiso e e tswang kwa go modirediloago.

Se o tshwanetseng go se dira

  • Kopa go fatlhosa ngwana kwa kantorong e e gaufi ya ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago kgotsa mokgatlho o o netefaditsweng wa tshireletso ya bana.
  • O tla tlhoka go romelwa ka go modirediloago yo o tla tsamaisang patlisiso.
  • Modirediloago o tla tlhalthoba maemo le mabaka a ngwana.
  • O tla tlhatlhobiwa go bona gore a o motsadi yo o tshwanetseng wa mofatlhosi.
  • Romela tse di latelang:
    • Afitafite e e kayang gore ngwana o tlogetswe (fa go le maleba)
    • Ditifikeite tsa loso tsa batsadi (fa gole maleba)
    • Setifikeite sa matsalo sa ngwana (fa go le maleba) – Fa ngwana a se na setifikeite sa matsalo, modirediloago o tla go thusa go bona setifikeite sa matsalo
    • Lekwaloitshupo la gago.
  • Batsadi ba ba belegeng ngwana mmogo le ngwana ba tshwanetse go nna karolo ya tsamaiso e
  • Mo mabakeng a ngwana a tlogetsweng kgotsa e leng khutsana, modirediloago o tla go thusa go baya papatso mo lekwalodikgannyeng le go emela tsibogo go tswa mo baaging kgwedi e le nngwe.
  • Modirediloago o tla rulaganya pegelo le go e tlhagisa kwa Kgotlatshekelong ya Bana e na le dikatlanegiso.
  • Go ya ka pegelo ya ga modirediloago, motshwaramarapo kwa kgotlatshekelong a ka nna a bona ngwana a tlhoka tlhokomelo le tshireletso.
  • Motshwaramarapo o tla ntsha taolo ya kgotlatshekelo e e dumelelang go dudisiwa ga ngwana le motsadi wa mofatlhosi. Taolo ya kgotlatshekelo e tla bontsha maina a motsadi wa mofatlhosi, ngwana yo o fatlhosiwang le nako ya go dula o fatlhosiwa.

Ela tlhoko: Fa taolo ya kgotlatshekelo e setse e ntshitswe, o ka nna wa kopa tuelo ya ngwana yo  o fatlhosiwang kwa kantorong e e gaufi nao ya SASSA. Ngwana a ka nna gape a gololwa mo go dueleng dituelo tsa sekolo kwa sekolong sa setšhaba le kwa ditheong tsa setšhaba tsa tlhokomelo ya pholo. Gore ngwana a gololwe mo go dueleng tuelo ya sekolo, o tshwanetse go tlatsa Foromo ya kgololo e e teng kwa sekolong, mme o romele khopi ya taolo ya kgotlatshekelo.

Nako ya tiragatso

Patlisiso le konosetso ya potso e farologana go ya ka kgetse nngwe le nngwe.

Tuelo ke bokae

Diforomo tsotlhe di teng kwa kantorong e e e gaufi nao ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.

Diforomo tse di tladiwang

Diforomo tsotlhe di teng kwa kantorong e e e gaufi nao ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.

O ka golagana le mang

Lefapha la Tlhabololo ya Loago

 

Share this page