Go ikgodisetsa ngwana wa kwa nageng e e seng karolo ya tumalano

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go ikgodisetsa ngwana wa kwa nageng e e sng karolo ya tumalano

Fa o le moditšhaba mme o rata go ka ikgodisetsa ngwana wa Moaforika Borwa, mme naga ya gaeno e sa saena Tumalano ya Hague, o ka dira kopo ka Bothati jo bo Bokgoni kgotsa Ditirelo tsa Boditšhaba tsa Loago (ISS) mo nageng e o nnang mo go yona.

Se o tshwanetseng go se dira

  • Golagana le Bothati jo bo Bokgoni mo nageng ya gaeno.
  1. Bothati jo bo Bokgoni kgotsas ISS bo tla go romela go mokgatlong wa kgodiso ya bana mo nageng ya gaeno go go tlhatlhoba le go bona gore a o tshwanelwa ke go godisa ngwana.
  2. Fa mokgatlo wa kgodiso o bona fa o tshwanelwa ke go godisa ngwana, o tla dira pegelo e e tletseng ya tshekatsheko ya legae mme o e romele go Bothati jwa Bogareng jwa Aforika Borwa (SACA).
  3. SACA e tla romela pegelo e go mokgatlo o o nang le tumalano e e dirang ya kgodiso ya bana le mokgatlo wa boditšhaba go go batlela ngwana yo o ka godisiwang.
  4. Fa go na le ngwana yo o tlhokang kgodiso, mokgatlo wa tshireletso ya bana o tla rulaganya pegelo ya tshekatsheko ya ngwana mme o e romele go SACA gore e amogele kgodiso ya ngwana go ya ka tumalano ya dinaga (Athikele  17).
  5. Mokgatlo wa tshireletso ya bana mo Aforika Borwa o tla romela pegelo go mokgatlo wa boditšhaba go golaganya bana le batsadi ba isago.
  6. Fa o sa ntse o batla go ka godisa ngwana, Bothati jwa Bogareng kwa nageng e o nnang kwa go yona bo tla rebola Athikele 17, go go naya tetla ya go godisa ngwana.
  7. Karolo 17 go tswa go Bothati jo bo Bokgoni jwa naga ya gaeno kgotsa ISS romelwa go mokgatlo o o dumeletsweng wa tshireletso ya bana. Mokgatlo wa tshireletso ya bana o tla go itsise gore o ye kwa Aforika Borwa go konosetsa kopo ya kgodiso ya ngwana kwa kgotlatshekelo ya bana.
  8. Kgotlatshekelo e tla konosetsa kopo e mme ditlankana tsa kgotlatshekelo di tla romelwa go SACA go netefadiwa le gore kopo ya kgodiso e kwadiswe.
  9. SACA e tla rebola Setifikeiti sa go Maikano (Certificate of Conformity).

Bothati jwa boditšhaba jwa kgodiso ya bana bo tla go naya ditirelo tsa morago ga tlhokomelo sebaka sa dingwaga tse tlhano.

Nako ya tiragatso

Go farologana go ya ka dikgetse.

Tuelo ke bokae

O ka duela dituelo tse di latelang, tse di sekasekwang ngwaga le ngwaga, go mokgatlo o o maleba wa tshireletso ya bana mabapi le kgodiso ya bana go ya ka Tumalano ya Hague.

Diforomo tse di tladiwang

Golagana le Bothati jwa Bogareng mo nageng ya gaeno.

O ka golagana le mang

 

Share this page