Go ikgodisetsa ngwana wa kwa nageng e e leng karolo ya tumalano

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Kgodiso ya Bana ka Tumalano ya Hague

Fa o le moditšhaba mme o rata go ka ikgodisetsa ngwana wa Moaforika Borwa, o tshwanetse go batlisisa pele gore a naga ya gaeno e saenile Tumalano ya Hague. Tumalano e e tlhagisa tiragatso e e botoka ya kgodiso ya bana ba dinaga disele magareng ga dinaga tse di nang le seabe.

O ka dirisa fela mofuta o wa kgodiso fa naga ya gaeno, jaaka Aforika Borwa, e saenile tumalano ya Hague.

Tumalano e e tsaya tsia dikgatlhegelo tsa ngwana mme maitlhomo a yona ke go thibela go thopiwa, tshotlako, thekiso le kgwebisano ka bana.

Bothati jwa bogareng mo nageng ya gaeno bo tshwanetse go go romela kwa mokgatlong o o maleba wa tshireletso ya bana gore o sekasekwe. Mokgatlo oo o tla ikgolaganya gape le mokgatlo o o maleba wa tshireletso ya bana mo Aforika Borwa go go thusa go batla ngwana yo o tlhokang go ka godiswa. 

Se o tshwanetseng go se dira

  • Golagana le Bothati jwa Bogareng mo nageng ya gaeno.
  • Bothati jwa Bogareng bo tla go romela kwa mokgatlong wa kgodiso ya bana mo nageng ya gaeno go go tlhatlhoba le go bona gore a o tshwanelwa ke go godisa ngwana.
  • Fa mokgatlo wa tshireletso o go fitlhela o le maleba go ka godisa ngwana, o tla dira pegelo e e tletseng ya tshekatsheko ya legae mme o e romele go Bothati jwa Bogareng jwa Aforika Borwa (SACA).
  • SACA e tla romela pegelo e go mokgatlo o o nang le tumalano e e dirang ya kgodiso ya bana le mokgatlo wa boditšhaba go go batlela ngwana yo o ka godisiwang.
  • Fa go na le ngwana yo o tlhokang kgodiso, mokgatlo wa tshireletso ya bana o tla rulaganya pegelo ya tshekatsheko ya ngwana mme o e romele go SACA gore e amogele kgodiso ya ngwana go ya ka tumalano ya dinaga (Athikele  17).
  • Mokgatlo wa tshireletso ya bana mo Aforika Borwa o tla romela pegelo go mokgatlo wa boditšhaba go golaganya bana le batsadi ba isago.  
  • Fa o sa ntse o batla go ka godisa ngwana, Bothati jwa Bogareng kwa nageng e o nnang kwa go yona bo tla rebola Athikele 17, go go naya tetla ya go godisa ngwana.
  • Athikele 17 go tswa go Bothati jwa Bogareng kwa nageng ya gago ya bonno e tla romelwa go mokgatlo o o dumeletsweng wa tshireletso ya bana mo Aforika Borwa. Mokgatlo wa tshireletso ya bana o tla go itsise gore o ye kwa Aforika Borwa go konosetsa kopo ya kgodiso ya ngwana kwa kgotlatshekelo ya bana.
  • Kgotlatshekelo e tla konosetsa kopo e mme ditlankana tsa kgotlatshekelo di tla romelwa go SACA go netefadiwa le gore kopo ya kgodiso e kwadiswe.
  • SACA e tla rebola Setifikeiti sa go Maikano (Certificate of Conformity).
  • Mokgatlo wa kgodiso ya bana wa boditšhaba o tla go naya ditirelo tsa morago ga tlhokomelo sebaka sa dingwaga tse tlhano.

Nako ya tiragatso

Go farologana go ya ka dikgetse.

Tuelo ke bokae

O ka duela dituelo tse di latelang, tse di sekasekwang ngwaga le ngwaga, go mokgatlo o o maleba wa tshireletso ya bana mabapi le kgodiso ya bana go ya ka Tumalano ya Hague.

iforomo tse di tladiwang

Golagana le Bothati jwa Bogareng mo nageng ya gaeno.

O ka golagana le mang

Lefapha la Tlhabololo ya Loago

Share this page