Polelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 12 Seetebosigo 2013

1. Seemo sa Kabinete mo mererong e e kwa setlhoeng mo maemong a ga jaanong

1.1. Kabinete e eleletsa Moporesitente wa maloba Nelson Mandela go sidilega ka bonako mme e netefaletsa setšhaba gore o amogela tlhokomelo e e gaisang ya kalafi. Kabinete e lebogela gore o tsibogela kalafi sentle mme e boeletsa boikuelo jwa gore bobegakgang le setšhaba ba tlotle sebaka sa Moporesitente wa maloba le balelapa la gagwe mo pakeng eno.

1.2. Kabinete e akgola tiro ya Setlhopha sa Tiro se se Kgatlhanong le Bobodu sa Lephata la Bosiamisi, Thibelo ya Bosenyi le Tshireletsego (ACTT) se se tlhamilweng ke Moporesitente Jacob Zuma ka 2010. La ntlha mo hisetoring ya temokerasi ya rona, basenyi ba ba dirisitseng botlhaswa ditlamelo tsa setšhaba le boikanyego, ba senotswe mme ba rwesiwa maikarabelo a ditiro tsa bona mo phatlhalatseng. Go se batle go itshokela bobodu ga Aforika Borwa go re atametsa gaufi le ponelopele ya rona ya 2030, moo setšhaba sa Aforika Borwa se tla bong se rena maitsholo a maemo a a kwa godimo le boikanyego.
Seemo seno sa tšhakgalo se ikaelela go thibela batho ba ba mo maphateng a poraefete le a setšhaba go dira ditiro tsa bobodu le bosenyi mme se tsamaisiwa ke maitlamo a rona a go netefatsa gore baagi botlhe ba gololesegile mme ba ikutlwa ba babalesegile.

1.3. Kabinete e kgala ka mafoko a a bogale ditiragalo tsa sešweng tsa bosemorafe mo dikarolong dingwe tsa naga ya rona. Bosemorafe ga bo na sebaka mo nageng le mo temokerasing ya rona, bogolo segolo kwa dikolong tsa rona koo go tshwanetseng ga tswelediwa le go sireletsa dintlhatheo tsa Molaotheo wa rona gone.

Kabinete e akgola Lefapha la Thuto ya Motheo ka tsibogo ya lona e e bonako malebana le go samagana le bosemorafe kwa dikolong mme e rotloetsa batsadi, barutwana, le barutabana go bega bosemorafe le tshotlakako kwa dikolong. Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng otlhe go dira mmogo le puso go lwantsha bosemorafe nako nngwe le nngwe fa bo tlhagelela mo setšhabeng sa rona.

1.4. Kabinete e amogela ketelo ya mo Rephaboliking ya Aforika Borwa ke Moporesitente wa Amerika, Barack Obama, jaaka karolo ya ketelo ya dinaga di le tharo tsa Senegal, Tanzania le Aforika Borwa magareng ga la bo 26 Seetebosigo le la bo 3 Phukwi 2013. Dipuisano tsa rona tsa togamaano tsa sepolotiki le Amerika di tswelela go nna le ditlamorago tse di namatshang mo botsalanong jwa rona jwa sebedi. Amerika e sa ntse e le molekane wa botlhokwa wa kgwebisano, dipeeletso, bojanala le thekenoloji.

1.5. Kabinete e akgotse kopano ya botlhokwa e e ka ga Sekema sa Makwalonetefaletso a go Rafša sa Kimberley (KPCS), e e neng e tshwerwe magareng ga la bo 4 le la bo 7 Seetebosigo 2013 kwa Kimberley. Gareng ga tse dingwe, Samiti e buisanetse ditsela tsa go maatlafatsa bokgoni jwa sekema sa makwalonetefaletso a taemane e e sa rafšwang. Seno ke go netefatsa gore kgwebo ya ditaemane ga e tlamele matlole a tirisodikgoka ya mekgatlho ya marabele le ditsala tsa bona tse di ikaeletseng go nyatsa dipuso tse di mo molaong. Dikatlenigiso tsa kopano eno di tla lebelelwa kwa kopanong ya KPCS e e tla tshwarwang moragonyana monongwaga.

1.6. Kabinete e nopotse gore segopotso sa Letsatsi la Bašwa se e leng gore mo ngwageng wa 2013 e tla bo e le segopotso sa bo 37 sa Dikhuduego tsa kwa Soweto tsa Seetebosigo a le 16, se tla bo se ketekwa ka moono wa "Re dira mmogo go tlhabolola bašwa le go fitlhelela Aforika Borwa yo o senang diritibatsi." Kabinete e lemogile go intsha setlhabelo ga barutwana ba 1976 ka go fetola hisetori ya naga le go tlhoma Aforika Borwa mo tseleng ya temokerasi. Kabinete e boeleditse gore, fa bašwa ba 1976 ba ne ba lwela kgololesego le go tlhamiwa ga mmuso wa temokerasi, kgaratlho ya bašwa gompieno e lebisitse kwa go atlegeng go samagana le dikgwetlho tsa go lwantsha lehuma, botlhokatiro, HIV le AIDS, go itlhabolola, le tiriso e e botlhaswa ya diritibatsi. Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa otlhe le ditheo go dira mmogo go tokafatsa matshelo a bašwa le go lwela go tlosa ba ba gwebang ka diritibatsi mo ditšhabeng tsa rona. Segopotso sa bosetšhaba sa Letsatsi la Bašwa se tla ketekwa ka Sontaga, Seetebosigo 16, 2013 kwa Newcastle, KwaZulu-Natal.

1.7. Kabinete e akgola Khonkerese ya Baithuti ba Aforika Borwa (Cosas) ka segopotso sa bona sa bo 34, se modi wa sona e leng kgaratlho ya Soweto ya 1976 ya thuto e e sa duelelweng, ya boleng le e e maleba. Naga e ikgolaganya le Cosas fa e keteka diphitlhelelo tsa yona tse di namatshang tsa go fitlhelela thuto ya boleng go botlhe. Gape Kabinete e akgola boeteledipele jwa Cosas ka ntlha ya go tsaya kgato ya go rotloetsa bašwa go ema kgatlhanong le tiriso e e botlhaswa ya diritibatsi.

1.8. Kabinete e kgala dikgato tsa go tshololela mantle a batho kwa Kapa Bophirima ke badiraditshupetso ba ba leng kgatlhanong le matlwanaboithusetso a a sutisiwang. Le fa Puso e tlotla ditshwanelo tsa baagi go dira ditshupetso, mofuta ono wa go dira ditshupetso ga o na seriti mme o baya baagi le bona bangongoregi, mo matshosetsing a a masisi a boitekanelo. Kabinete e ikuela mo baaging botlhe go tlhagisa dingongorego tsa bona ka tsela e e agang le go tlotla ditheo tsa setšhaba go sa kgathalesege dingongorego tsa bona. Gape kabinete e ikuela mo bothating go tsibogela dintlha ka bonako le ka tsela e e lepalepaneng le Molaotheo wa rona.

1.9. Puso, ka fa tlase ga boeteledipele jwa Motlatsamoporesitente Kgalema Motlanthe, e kopane le baeteledipele ba sedumedi ba ba emetseng Lekgotla la Dikereke la Aforika Borwa mmogo le Khonferense ya Babišopo ba Katoliki ba Aforika Borwa go buisana nabo malebana le matshwenyego a bona a gore Porojeke ya Tokafatso ya Ditselafefo tsa Gauteng e tla ama bahumanegi le gore puso e ikgatholositse ditlhokego tsa bahumanegi.

Kabinete e boeletsa gape gore puso e golotse dipalangwa tse di kwadisitsweng tsa botlhe (tse di dirisiwang bogolo ke bahumanegi) mo dituelong tsa ditselakgethiso mo ditselakgethisong tsa Gauteng. Gape, go samagana le matshwenyego a boradijanaga ba bangwe, puso e fokoditse dituelo mme ya itsise selekano se sentšhwa sa dikarolo tsotlhe tsa dijanaga.

Kabinete e rotloetsa boradijanaga ba Gauteng go ikwadisetsa di-e-tag le go tsaya porojeke eno jaaka karolo ya letsholo la naga la go aga mafaratlhatlha a bosetšhaba.

1.10. Kabinete e akgola Ditlhopha tsa Kgwele ya Dinao tsa Bafana Bafana le Banyana Banyana gammogo le Setlhopha sa Khirikete sa Proteas ka diphenyo tsa tsona tsa fa gautshwane mo kgweleng ya dinao le khirikete. Kabinete e akgola ditlhopha tsa bosetšhaba ka diphenyo tsa tsona tse di neng di se bonolo mo bekeng e e fetileng mme e rotloetsa maAforika Borwa otlhe go tshegetsa ditlhopha tsa rona tsa bosetšhaba.

1.11. Kabinete e amogetse go tlhomiwa ga Power FM, seteišene se sentšhwa sa radio ya dipuisano, jaaka motshameki yo montšhwa mo indasetering. Kabinete e lemogile gore seteišene se tla samagana thata le dipolotiki, merero ya loago le metshameko mme se tsena mo lenaaneng la didiriswa tsa radio tse di ka dirisediwang go sedimosetsa maAforika Borwa.

1.12. Kabinete e akgola Mokaedikakaretso wa Lefapha la Boitekanelo, Ngaka Malebona Precious Matsoso, ka go thapiwa ga gagwe jaaka tokololo le mongwe wa Bathusabadulasetilo ba Botokhuduthamaga ya Kokoano ya Boitekanelo ya Lefatshe sebaka sa dingwaga di le 3.

2. Dipuisano le ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e lemogile gore Tikwatikwe ya Matlhale a Ditšhelete ya Aforika Borwa e tla amogela Dikopano tsa 2013 tsa Togomaano ya Ngwaga le Ngwaga le tsa Setlhophatiro Kakaretso tsa Setlhopha sa Egmont sa diyuniti tsa matlhale a ditšhelete.

Setlhopha sa Egmont ke mokgatlho wa diyuniti tsa matlhale a ditšhelete go tswa dinageng di le 131.  Se kopana gangwe le gape go kgontsha tirisanommogo ya boditšhabatšhaba go supa dipoelo tsa bosenyi, go lwantsha go gweba go go seng mo molaong ka madi mmogo le go tlamela borukhutlhi ka matlole ka maitlhomo a go femela boikanyego jwa thulaganyo ya ditšhelete.

2.2. Kabinete e lemogile go tlhophiwa ga Aforika Borwa go dira mo Lekgotleng la Ikonomi le Loago la Ditšhabakopano (ECOSOC) mo pakeng ya 2013 - 2015. 
Seno se naya tšhono ya go baya ketapele ya Aforika Borwa ka tsela ya togamaano mo mererong ya tlhabololo le go maatlafatsa seabe sa naga jaaka motsayakarolo yo o tsepameng le yo o mosola mo mererong ya bontsi.

Gape Aforika Borwa e tla netefatsa gore ECOSOC e maatlafadiwa gape le go fetolwa go fitlhelela botoka dikgwetlho tse di golang tsa lefatshe le ditlhokego tsa dinaga tse di tlhabologang.

2.3. Kabinete e lemogile pegelo e e ka ga botokololo jo E seng jwa Leruri jwa Aforika Borwa kwa Lekgotleng la Tshireletso la Ditšhabakopano (UNSC) go tloga ka la bo 1 Ferikgong go fitlha ka la bo 31 Sedimonthole 2012.

Pegelo e tlhalosa tshusumetso ya Aforika Borwa mo thulaganyong ya tsamaiso ya lefatshe mo go tsholeng kagiso le tshireletso ya boditšhabatšhaba.
Go lepalepana le dintlhatheo le dikgatlhego tsa yona tsa bosetšhaba, Aforika Borwa le UNSC di beile tharabololo ya dikgotlhang le kagiso le tsepamo mo Kontinenteng ya Aforika jaaka ditlapele. Botokololo jwa UNSC gape bo tlametse Aforika Borwa ka tšhono ya go maatlafatsa botsalano le balekane ba botlhokwa ba dinaga tse di tlhabologang - Brazil, India, Nigeria le China - ba ba neng ba arogana botokololo jwa Lekgotla le Aforika Borwa.

3. Melaotlhomo

3.1. Kabinete e amogetse gore Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Tsamaiso ya Matlhotlhapelo o phasaladiwe gore setšhaba se tshwaele.

Maikaelelo a Molaotlhomo ke go samagana le dikgwetlho tse di itemogelwang go ralala magato a puso morago ga go simolola ga Molao wa Tsamaiso ya Matlhotlhapelo wa 2002. Paakanyo e tla tlhomamisa gape tiro ya makgotlatoropo a kgaolo malebana le maikarabelo a go tlhama bokgoni jwa go tlhama le go gokaganya leano la tsamaiso ya matlhotlhapelo. Seno se akaretsa go tsenngwa tirisong ga tiro ya tsamaiso ya matlhotlhapelo mo karolong ya lekgotlatoropo.

Molao wa Tsamaiso ya Matlhotlhapelo wa 2002 o na le tebo ya maphata a le mane: O tlhama letlhomeso le le bonalang la setheo sa tsamaiso ya matlhotlhapelo; o akaretsa tlhabololo ya pholisi ka botlalo gammogo le letlhomeso la togamaano ya tsamaiso ya matlhotlhapelo. Gape molaotlhomo o na le tlamelo ya karoganyo le kgoeletso ya matlhotlhapelo; mme o samagana nakwana le matlole a pusetso le tsosoloso ya morago ga matlhotlhapelo. O na le tlamelo ya baithaopi ba tsamaiso ya matlhotlhapelo gammogo le merero e mengwe ya tlaleletso.

3.2. Kabinete e rebotse go tlhagisiwa ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Pusoselegae wa Kgethiso ya matlo a Makgotlatoropo kwa Palamenteng.
Pusoselegae: Molao wa kgethiso ya matlo a Makgotlatoropo o simolotse go dira ka la bo 2 Phukwi 2005. O baakantswe gabedi ka 2008 le 2009. Paakanyo e ikaelela go tlosa ketsaetsego le go tlamela ka tlhaloso e kgolwane ya semolao.

Paakanyo e tla dira gore go bewa ga lekgetho la dikarolo tse di farologaneng tsa matlo go direlwe mo pepeneneng, mme ka go rialo go tokafatsa gore beng ba matlo ba tlhaloganye lekgetho. Paakanyo e ka se ke ya akaretsa mafaratlhatlha mangwe a tirelosetšhaba a tshwana le ditsela, diporo, mafelo a difofane di tsoramang mo go one le ao di tlhatlhogang mo go one, matamo le magora a maemelakepe mo kgethisong. Tseno di laolwa ke setšhaba mme di ka seke tsa lomeletsa lephata la poraefete. Seno se tla tokafatsa motsamao wa ikonomi go ralala melelwane ya makgotlatoropo. Gape se tla tshwaela mo seabeng sa tlhabololo sa Dikgwebo tse di Tsamaisiwang ke Puso ka go fokotsa ditshenyegelo tse di tsepameng.

3.3. Kabinete e amogetse maatla a Molao wa Tsamaiso ka Dikepe Dilwana tse di Rekisiwang go tlhagisiwa mo Palamenteng. Melaotlhomo eno ke karolo ya setlhopha sa dikgato tse di rulaganyeditsweng go diragatsa maikarabelo a Aforika Borwa ka fa tlase ga Thulaganyo ya Mekgatlho ya Mawatle ya Boditšhabatšhaba ya 1992.

3.3.1 Maitlhomo a Molaotlhomo wa Tsamaiso ka Dikepe Dilwana tse di Rekisiwang (Tumelano ya Maikarabelo a Setšhaba) ke go: tlhomamisa Thulaganyo ya Mekgatlho ya Mawatle ya Boditšhabatšhaba ya 1992; le go fetisa Tumelano ya 1969 e e baakantsweng ya Boditšhabatšhaba e e ka ga Maikarabelo a Setšhaba malebana le Tshenyo ya Kgotlhelego ya Oli, go nna molao. Tumelano ya Maikarabelo a Setšhaba e tlhama le go laola maikarabelo a mong yo o kwadisitsweng wa sekepe.

3.3.2 Maikaelelo a Molaotlhomo wa Tsamaiso ka Dikepe Dilwana tse di Rekisiwang (Letlole la Boditšhabatšhaba la Tuelo ya go Kgotlhelwa ke Oli) ke go: tsenya tirisong Thulaganyo ya 1992 mo Sebokeng sa Boditšhabatšhaba ka ga Go Tlhamiwa ga Letlole la Boditšhabatšhaba la Tuelo ya Ditshenyegelo tsa go Kgotlhelwa ke Oli la 1971 (Seboka sa Letlole).

Seboka sa Letlole se tlhama Letlole la Boditšhabatšhaba, le le bidiwang Letlole la Boditšhabatšhaba la Tuelo ya Tshenyegelo ka go Kgotlhelwa ke Oli (IOPC). Maitlhomo a Letlole ke go duela batswasetlhabelo ba tshenyegelo ka kgotlhelego (go kaegilwe ka bokao jwa Tumelano ya Maikarabelo a Setšhaba) moo ba sa kgonang go bona tuelo, gongwe tuelo ka botlalo, ka fa tlase ga ditlamelo tsa Tumelano ya Maikarabelo a Setšhaba. Letlole la IOPC le amogela matlole go tswa go beng ba merwalo.

Molaotlhomo wa Ditumelano tsa Maikarabelo a Setšhaba le Letlole o samagana le dintlha tsa maikarabelo le tuelo ya ditshenyegelo le tshenyo e e bakilweng ke kgotlhelego e e bakilweng ke go sutlha kgotsa go tswena go go tswelelang ga oli go tswa mo ditankeng.

3.3.3 Molaotlhomo wa Tsamaiso ka Dikepe Dilwana tse di Rekisiwang (Letlole la Boditšhabatšhaba la Tuelo ya go Kgotlhelwa ke Oli) le Kabelo mmogo le Molaotlhomo wa Tsamaiso ka Dikepe Dilwana tse di Rekisiwang (Letlole la Boditšhabatšhaba la Tuelo ya go Kgotlhelwa ke Oli) wa Botsamaisi e dira tlamelo ya go tsenngwa tirisong ga Thulaganyo ya Boditšhabatšhaba ya Mokgatlho wa Mawatle wa 1992 go baakanya Tumelano ya Boditšhabatšhaba e e ka ga go Tlhamiwa ga Letlole la Boditšhabatšhaba la Tshenyegelo ya Kgotlhelego ka Oli, ke Aforika Borwa.

Molaotlhomo wa Tsamaiso o tla tlamela ka taolo e e tlhokegang ya molao go kgontsha ba Ditirelo tsa Letseno la Aforika Borwa go tsamaisa kokoanyo ya tefiso ya Kabelo ya Letlole la Boditšhabatšhaba la Tuelo ya Kgotlhelego ka Oli. Molaotlhomo wa Kabelo ke Molaotlhomo wa tšhelete o o dirang tlamelo ya go tsenya tirisong le go kokoanya dikabelo tse di tshwanetse go duelwa Letlole.

4. Go thapiwa

4.1. Kabinete e amogetse go thapiwa ga ditokololo di le supa (7) sebaka sa dingwaga di le tlhano (5) go tloga ka la bo 12 Seetebosigo 2013 go dira mo Setheong sa Phasalatso sa Metshameko le Boitapoloso, go ya ka Molao wa Dilothari (wa bo 57 wa 1997).
a. Ngaka Vukile Charles Mehana;
b. Rre Thandisenzo Aleck Skhosana;
c. Mme Muditambi Ravele;
d. Mme Annamarie Louise van Wieringen;
e. Mme Krubavathi Jaram;
f. Rre Ado Moloabi; le
g. Rre Goliath Munro.

4.2. Kabinete e amogetse go thapiwa ga ditokololo di le tharo (3) sebaka sa dingwaga di le tlhano (5) go tloga ka la bo 12 Seetebosigo 2013 go dira mo Setheong sa Phasalatso sa Botsweretshi, Setso le Ngwaoboswa ya Bosetšhaba go ya ka Molao wa Dilothari (wa bo 57 wa 1997).
a. Mme Hellen Kentse Makgae
b. Mme Violet Tyamzashe; le
c. Mme Brenda Sesane.

4.3. Kabinete e amogetse go thapiwa gape ga Bakaedi ba babedi ba e seng ba khuduthamaga mo Botong ya Banka ya Tlhabololo ya Dinaga tsa Borwa jwa Aforika (DBSA) go ya ka karolo 7 ya Molao wa DBSA, (Molao wa bo 13, wa 1997).
a. Mohumagadi Thembisa Dingaan
b. Moporofesara Omar Latiff.

4.4 Kabinete e amogetse go thapiwa ga ba ba latelang jaaka Batlatsabakaedikakaretso:
a. Mme Maseapo Kganedi Motlatsamokaedikakaretso: Ditirelo tsa Setlhopha kwa Lefapheng la Botsweretshi le Setso
b.  Rre Mpho Joseph Mofokeng: Motlhankedimogolo wa Ditšhelete: Akhaonte ya Kgwebo ya Metsi kwa Lefapheng la Merero ya Metsi

Dipotsiso: Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa Namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore