Pegelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 6 Phukwi 2016

1. Go Tsenngwa Tirisong ga Manaane a Botlhokwa a Puso

1.1. Go tokafatsa matshelo a batho ba borona, Kabinete e amogela go tlhomiwa ga Porojeke ya Phepafatso ya Metsi a Mantsi ya Ncora kwa Kapa Botlhaba ke Moporesitente Jacob Zuma. Go fopholediwa fa polante ya phepafatso ya metsi ya R64 milione e tla ungwela malapa a le 17 887 go tswa kwa metseng e le 208 mo mafelong a a gaufi. E tlhamile ditiro di le 188 mme batho ba selegae, bašwa le basadi e nnile bona baamogelatshiamelo ba bagolo.

Go tlhomiwa ga porojeke ya ntšhwafatso le tokafatso ya Sekema sa Tlamelo ya metsi sa Vaal Gamagara sa R18 bilione kwa Kapa Bokone ke Tona ya Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe, Nomvula Mokonyane go tla tlamela batho ba ka nna 150 000 mo ditoropong di le tharo le metse e le 22 fa e konosediwa. Gape, go tlhomiwa ga Porojeke ya Tlamelo ya Metsi ya Metseselegae ya Jericho go okeditse go nna teng ga tlamelo ya metsi kwa baaging ba Jericho kwa Lekgotlatoropong la Selegae la Madibeng.

1.2. Peeletso ya puso mo mafaratlhatlheng a dipalangwa e tlhama ditirelo tsa dipalangwa tsa botlhe tse di babalesegileng, tse di ikanyegang, tse di bokgoni le tse di tlhotlhwatlase go ralala naga. Dipoelo tsa seemo se se tokafetseng sa maeto ke thotloetsego ya babeeletsi mmogo le tlhabololo ya ikonomi.

Go bulwa semmuso ga peeletso ya R190 milione ya paakanyo ya tsela ya Marefosanyo a Ballito le tselakgolo ya P455 ke Tona ya Lefapha la Dipalangwa, Dipuo Peters ke dikao tse dintle tsa matlole a a tlhakanetsweng ka R123 milione go tswa SANRAL le R67 milione go tswa kwa Lekgotlatoropong la KwaDukuza. Tseno di dira jaaka ditlhosetsi tsa kgolo le peeletso e nngwe jaaka tokafatso ya tselakgolo ya P455 e e buletsweng tlhabololo ya tikwatikwe e ntšhwa ya marekelo ya R1 bilione e go lebeletsweng gore e tla konosediwa ka 2017.

Go tla tlhomiwa diterena tse dintšhwa tsa maemo a a kwa godimo tse di rekilweng ke Setheo sa Banamedi ba Diterene sa Aforika Borwa (Prasa) moragonyana monongwaga. Diterena tseno di tla thusa bapagami ba diterena ba Mamelodi ka tokafatso ya ditirelo le go nna teng ga diterena. Go tla rekwa gape le dibese tsa tlaleletso tse dintšhwa di le 70 mo Toropokgolong ya Johannesburg mme di tla golaganya baagi botoka le go tokafatsa bokgoni jwa ikonomi mo mongobong wa ditšhelete wa naga.

Dipeeletso tseno di fetola selebo sa metsesetoropo ya rona go tsibogela ditlhokego tsa batho ba rona.

1.3. Ka la bo 16 Phukwi 2016, Tona ya Saense le Thekenoloji, Naledi Pandor o tla laela gore go bonwe dijana tsa disupatshwantsho di le 16 go atolosa MeerKAT, e leng porojeke ya Aforika Borwa ya Square Kilometre Array (SKA SA), e e dikilomitara di le 90 kwa bokone Bophirima jwa Carnarvon. Thelesekoupu ya MeerKAT e tlhagisitse ditshwantsho tse di gaisang tsa loapi e dirisa fela dijana tsa disupatshwantsho di le nne tsa di le 64 tse di tshwanetseng go tlhomiwa; mme seno se bontsha dinaledi tse di iseng di bonwe kwa botengteng jwa loapi. Tsholofetso ya saense ya MeerKAT e kgatlhegelwa lefatshe ka bophara mme jaanong re gaufi le go e bona. Ke sesupo sa matsetseleko a makgolokgolo a baenjiniri, borasaense, batsamaisi le badiri ba bangwe, gammogo le balekane ba indaseteri ba Aforika Borwa le ba boditšhabatšhaba, le tshegetso ya puso le baagi ba Aforika Borwa.

1.4. Moletlo wa Bosetšhaba wa Botsweretshi o o tshwarwang ngwaga le ngwaga kwa Grahamstown o diragala mo matsatsing a le 11 go tloga ka la bo 30 Seetebosigo go fitlha ka la bo 10 Phukwi 2016. Moletlo ono wa maphatamantsi, e leng mokete yo mogolo go gaisa wa ngwaga le ngwaga wa botsweretshi mo kontinenteng ya Aforika, o tshwaela mo go fitlheleleng Leano la Tlhabololo ya Bosetšhaba (NDP) le le reng "botsweretshi le setso di bula sebaka sa dipuisano ka ga gore baagi ba iphitlhela ba le kae le gore ba lebile kae".

O tshegediwa ka togamaano ya Mzansi Golden Economy, e e baakanyang madirelo a setso mo Aforika Borwa gore a tshwaele sentle mo kgolong ya ikonomi le mo go tlhameng ditiro.

Ka thulaganyo ya Mzansi Golden Economy Open Call, Lefapha la Botshweretshi le Setso le tlhama gape Letlole la Tshimololo la batsweretshi ba ba botlana. Maikaelelo ke go tlhamela batsweretshi ba ba botlana ditšhono tsa go phasalatsa buka ya ntlha, go tlhagisa motshameko wa bona wa ntlha, go tlhagisa alebamo ya ntlha mmogo le go dira pontsho ya ntlha.

1.5. Malebana le go atametsa ditirelo tsa thibelo ya bosenyi gaufi le batho, Kabinete e amogela seteišene sa mapodisi se sentšhwa sa Keimoes se se sa tswang go agwa kwa Kapa Bokone, se se direlang baagi ba ba fopholediwang go 23 000.

Kwa Phola kwa Mpumalanga, go abiwa ga seteišene sa mapodisi kwa baaging ke seteišene sa motlakase sa Kusile sa Eskom ka tirisanommogo le konteraka ya KCW JV go supile dipoelo tsa go dira mmogo. Go agiwa ga seteišene seno sa boleng jwa R3 milione, go tlhamile ditšhono tsa ditiro mme ga maatlafatsa batho ka bokgoni le kitso ya go tlhama tikologo e e babalesegileng.

1.6. Aforika Borwa e amogetse Foramo ya Kgweranoditšhaba ya Pusoselegae - khonferense ya Kgaolo ya Borwa jwa Aforika go simolola ka la bo 28 go fitlha ka la bo 29 Seetebosigo 2016. Khonferense e e tshwerweng ka fa tlase ga moono wa, "Re tlhosetsa Tlhabololo ya Leruri le e e Totileng Batho ya Ikonomi-Loago mo Borwa jwa Aforika", e lebeletse seabe sa dipuso tsa Aforika mo go eteleleng pele Lenaneo le lentšhwa la tlhabololo la Diphitlhelelo tsa Tlhabololo ya Leruri le le khutlang ka 2030 le go fitlhelela maitlhomo a lona go lebeletswe Lenaneo la Aforika la 2063. Di-SDG di tlhalosa gore lenaneo la tlhabololo kwa legatong la selegae le ka ga go dira gore makgotlatoropo a akaretse mo loagong, a nne tlhaga mo tlhagisong ya ikonomi, a dire gore tikologo e nnele leruri mme a itshokele diphetogo tsa tlelaemete mmogo le matshosetsi a mangwe.

1.7. Re amogela dipoelo tsa khonferense ya ntlha ya Boto ya Kgaoganyo ya Melelwane ya Makgotlatoropo (MDB) ka ga Kgaoganyo ya Melelwane le Diphetogo mo Dibakeng e e neng e tshwerwe go tloga ka la bo 23 go fitlha ka la bo 24 Seetebosigo 2016. Khonferense e ne e tshwerwe ka fa tlase ga moono wa, " Re sekaseka tsa Maloba mme re Rulaganya Isago" mme e totile dintlha tsa botlhokwa tse di amanang le kgaoganyo ya melelwane le go sekaseka dikgwetlho tse di lebaneng thulaganyo ya taolo ya ditoropokgolo mmogo le botlhokwa jwa go kgaoganya dioto dingwaga dingwe le dingwe di le tlhano. Seabe sa go netefatsa gore makgotlatoropo a ikgona leruri se tlhageletse jaaka karolo ya botlhokwa ya thulaganyo ya kgaoganyo ya melelwane. Ditshwaelo go tswa kwa khonferenseng di tla tswelela go thusa mo go tlhameng le go diragatsa dipholisi tsa kgaoganyo ya melelwane mmogo le tlhabololo ya mafelo.

2. Ditshwetso tsa botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Go baakanyetsa Ditlhopho tsa Dipusoselegae tse di tlang ka la bo 3 Phatwe 2016, Kabinete e itsisitswe ka Seemo sa Ipaakanyo, go lebeletswe pabalesego le tshireletsego.

Ka Mokgatlho wa Matlhale ka Bosenyi le Ditirelo tse di Kopantsweng wa Bosetšhaba (NATJOINTS), go baakantswe ditiro tsa go dira gore go nne le seemo se se babalesegileng le go sireletsega go netefatsa gore baagi ba Aforika Borwa ba ikutlwa ba babalesegile. Seno se botlhokwa mo go tshwaeleng mo goreng ditlhopho tse di tlang di ikanyege.

Go tlaleletsa moo, SAPS, Bothati jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NPA), Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo (DoJ) le Boto ya Thuso ya Molao ba mo tumelanong ya Phorotokholo e e Lotaneng ya Tsamaiso ya Dikgetse tsa Ditlhopho tsa Dipusoselegae go diragatsa Molao wa Ditlolomolao tsa Ditlhopho.

2.2. Gape Kabinete e boleletswe ka dipaakanyo tse di tsweletseng pele tsa Khonferense ya Boraro ya Ditšhabakopano e e ka ga Dintlo le Metsesetoropo e e nnelang Leruri (Habitat III) e e tla tshwarwang ke Kokoanokakaretso ya Ditšhabakopano kwa Quito kwa Ecuador go tloga ka la bo 17 go fitlha ka la bo 20 Diphalane 2016.

Maikaelelo a Habitat III ke go netefatsa gore go nna le maitlamo a a tlhabolotsweng a lefatshe go samagana le dintlo le metsesetoropo e e nnelang ruri mo dingwageng tse di latelang di le 20 ka go amogela tumelano ya dipoelo e e nang le ponelopele mme e ikaegile ka tiragatso. Kabinete e tshegetsa Seemo sa Botlhe sa Aforika malebana le Habitat III se se tla tlhagisiwang kwa Samiting ya Ditlhogo tsa Mebuso ya Dinagatshwaraganelo tsa Aforika mmogo le Puso kwa Kigali, ka Phukwi 2016. Seno ke motheo wa seemo sa Aforika Borwa sa dipuisano. Go tsweletswe ka patlomaikutlo go tshwaela mo lekwalong la Aforika Borwa la Habitat III la seemo sa dipoelo.

Gape Aforika Borwa e tshwaetse mo dipaakanyong tsa boditšhabatšhaba ka go amogela Khonferense ya Meono ya Habitat III e e ka ga mafelo a baipei ka Moranang 2016 ka fa tlase ga moono wa "Re eteletse pele diphetogo mo Toropokgolong: Go tswa kwa mekhukhung go ya kwa mannong a batho a a akaretsang, a a babalesegileng, a a kgotlhelelang e bile a nnela leruri" e e amogetsweng ke Kgoeletso ya Pretoria jaaka tshwaelo ya semmuso mo lekwalotlhomong la dipoelo la Habitat III.

2.3. Tshwetso ya Tona ya Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri go supa Kgaolo e e Kgethegileng ya Ikonomi ya Musina-Makhado kwa Kgaolong ya Vhembe ya Limpopo, le go rebolela Setheo sa Limpopo sa Tlhabololo ya Ikonomi Laesense ya Kgaolo ee Kgethegileng ya Ikonomi e rebotswe ke Kabinete. Khonsotiamo ya Hoi Mor e tla rulaganya, tlhabolola, tsamaisa le go bapatsa Lefelo la Dikgwebo la Aforika Borwa la Madirelo a Motlakase le Methaloji.

Kgaolo e e tlhophilweng e tla tsweletsa tlhabololo ya madirelo mo kgaolong go totilwe go fetolwa ga diminerale, go fetolwa ga ditlhagiswa tsa temothuo, dikhemikale tsa peteroliamo, mmogo le madirelo a a botlhokwana jaaka a supilwe mo Leanong la Dintlharobongwe.

Kgaolo e e Kgethegileng ya Ikonomi e tshegeditswe ke peeletso e e fetang R40 bilione mo Lephateng la Madirelo a Maatla le Methaloji. Go solofetswe fa go tsenngwa tirisong ga diporojeke tse di farologaneng mo dingwageng tse di tlang di le tlhano go tla tlhama ditiro tse di fetang 21 000.

Kgaolo ya Musina-Makhado gape ke karolo ya Maiteko a Tlhabololo ya Dibaka a Trans-Limpopo mme e beilwe sentle go tsweletsa kgolaganyo ya kgaolo le Mozambique, Zimbabwe le Botswana.

2.4. Kabinete e amogetse tlhagiso ya Pegelo ya Tiragatso ya Lenaneo la Patlisiso le Tlhabololo (R&D) la Thotloetso ya Lekgetho ya 2014/15 kwa Palamenteng.

Puso e rebola thotloetso ya lekgetho ya R&D go rotloetsa lephata la poraefete go tsweletsa R&D mo Aforika Borwa. Thotloetso e akaretsa go gogiwa ga lekgetho ga 150% mo ditshenyegelong tse e leng tsa ditiro tsa R&D tse di rebotsweng ke Tona ya Saense le Thekenoloji. Seno se ka fitlhelelwa ke ditlamo tsa bogolo bope fela mo maphateng otlhe a ikonomi.

Ditlamo di le 876 di nnile le seabe mo thotloetsong eno go tloga ka Ngwanaitsele 2006 go fitlha ka Tlhakole 2015, mme di dira ditleleimi tsa R6 bilione tsa go gogiwa ga lekgetho la R&D. Go fopholediwa gore go tshegeditswe ditshenyegelo tsa R&D tsa R33.3 bilione ka thotloetso mo pakeng eno. Dingwe tsa dipholo tsa ditlamo tse di ungwetsweng di akaretsa: Diphasalatso tsa saense di le 765; ditsamaiso tsa khonferense di le 649; ditlhagiswa tse dintšhwa di le 1 062 tse di tlhomilweng; mefuta e le 111 ya dithoto le dithata; le makwalotetla a le 33 a selegae le a boditšhabatšhaba.

2.5. Letlhomeso la Patlomaikutlo la Dithoto le Dithata (IP) le amogetswe ke Kabinete. Maikaelelo a Letlhomeso la Patlomaikutlo la IP ke go gokaganya se e tla nnang puisano e e tswelelang pele le balekane ba puso mmogo le baagi ka kakaretso go lebeletswe go tlhamiwa ga Pholisi ya Aforika Borwa ya IP.

Maitlhomo magolo ke go maatlafatsa thulaganyo ya patlomaikutlo mo go tlhamiweng ga pholisi ya Aforika Borwa ya IP go netefatsa gore e emetse puso ka bophara mmogo le megopolo ya baamegi mo baaging ka bophara.

Puso e tla netefatsa gore pholisi ya IP e tlotla ditshwanelo tsa dithoto jaaka di fitlhelwa mo Molaotheong mme e ntse e na le tekatekano e e maleba mo ntlheng ya dikgatlhego tsa setšhaba mme e tsibogela dipharologano tse di kgethegileng tsa Aforika Borwa tsa boitlhamedi le tlhabololo.

2.6. Kabinete e boleletswe ka dipoelo go tswa kwa kopanong ya Maemo a a kwa Godimo ya Kokoanokakaretso e e ka ga Samiti ya Lefatshe ya Baagi ba Tshedimosetso e e neng e tshwerwe go tloga ka la bo 15 go fitlha ka la bo 16 Sedimonthole 2015 Aforika Borwa e ne e eteletse pele thulaganyo mo boemong jwa G77+China, mme dipoelo tse di fitlheletsweng di ne di lepalepane le seemo sa Aforika Borwa. Lefapha la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso le tla kwala lenaneo la Aforika Borwa la tlhabololo ya Thekenoloji ya Tshedimosetso le Tlhaeletsano mo tsamaong ya nako.

2.7. Kabinete e amogetse Togamaano ya Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa ya Tokafatso ya Sepodisi sa Tolamo ya Setšhaba. Seno se maatlafatsa manaane le maiteko a puso a maikaelelo a ona e leng go tsweletsa kagiso le tsepamo mo nageng. Seno se ama boikanego jwa babeeletsi ba dinaga di sele mme se tshwaela mo go fitlheleleng NDP. Tolamo ya Setšhaba le molao ke motheo wa go netefatsa gore batho botlhe mo Aforika Borwa ba babalesegile e bile ba ikutlwa ba babalesegile.

3. Ditiragalo tse di tlang

3.1. Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng otlhe le maphata otlhe go nna le seabe jaaka naga e ipaakanyetsa Khonferese ya bo 21 ya Boditšhabatšhaba ya AIDS ka fa tlase ga moono wa "Phitlhelelo ya Ditshwanelo tsa Tekatekano Jaanong", go tloga ka la bo 18 go fitlha ka la bo 22 Phukwi 2016 kwa Albert Luthuli International Convention Centre kwa Durban.

Jaaka karolo ya go ipaakanyetsa AIDS 2016 le go rotloetsa maphata otlhe, Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa, jaaka Modulasetilo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Aforika Borwa la Aids, o tla etelela pele palo ya matsatsi a bofelo a matlhano kwa Union Buildings ka la bo 13 Phukwi 2016. Go tlhamilwe #5Days to #AIDS2016 go netefatsa gore go nna le serala sa dipuisano. Go tlaleletsa foo, go tla dirisiwa #1Day to #AIDS2016 go tloga ka la bo 17 Phukwi 2016 go supa letsatsi la bofelo.

Baagi ba rotloediwa go apara diaparo tse dikhibidu, tse ditshweu gongwe tse dintsho, mekgatlho e bontshe ditlhagiswa tsa thuto le mesomelwana mo mafelong a a maleba, mme mafelo a kobamelo a nne le ditirelo tse di kgethegileng tsa thapelo mme ba tshube dikerese tsa segopotso. Go rotloetsa maphata otlhe go botlhokwa mo ipaakanyetsong ya AIDS 2016. Dintlha tsa tseno le ditiragalo tse dingwe di ka bonwa kwa www.gov.za

3.2. Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Nelson Mandela ka la bo 18 Phukwi le re gakolola maikarabelo a rona a go tokafatsa matshelo a ba ba seng lesego go tshwana le rona. "Ga go na bokhutlo jwa go dira botoka. Re tshwanetse go dira gape le gape." Re rotloetsa batho botlhe ba Aforika Borwa go dirisa metsotso e le 67 ya nako ya bona go dira tirelo ya boineelo gonne mmogo ka maiteko a a tlhakanetsweng, re ka fetola lefatshe.

Monongwaga re tla tsepamisa mogopolo mo thutong le mo kitsong ya go buisa le go kwala, go nna teng ga dijo, bonno mmogo le mo tlhokomelong ya tikologo. Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng otlhe go Dira Seabe sa Bona ka go thusa go simolola ditshingwana tsa dijo, go buisetsa bana, go penta dikolo mmogo le go tshwaela mo tlhabololong ya baagi.

3.3. Monongwaga Aforika Borwa e keteka segopotso sa bo 60 sa Mogwanto wa Basadi, ka moono wa: "Basadi ba tshwaragane go isa Aforika Borwa pele" go boeletsa maitlamo a Puso a go leka gore go nne le baagi ba ba tshelang kwa ntle ga mefuta yotlhe ya tlhaolo le go isa Aforika Borwa pele ka go oketsa temogo ya seabe sa botlhokwa se basadi ba nang naso mo tlhabololong ya ikonomiloago ya naga. Maatlafatso ya basadi ke karolo ya botlhokwa ya kopano ya loago le kago ya setšhaba.

Segopotso sa bo 60 sa Letsatsi la Bosetšhaba la Basadi ka la bo 9 Phatwe, 2016 se tla sedifatsa hisetori ya kgaratlho ya basadi, ka go bolela 'KgangyaBasadi'. Go tla tlhagisiwa ditshwaelo tse di dirilweng ke basadi mo kgaratlhong kgatlhanong le kgatelelo le tlhaolo gammogo le diphitlhelelo tsa basadi mo temokerasing. Go tla tswelediwa lenaneo la thuto ya setšhaba ka dikanale tse di farologaneng tsa tlhaeletsano ke puso, baagi le lephata la poraefete go ntse go na le ditiragalo tsa pele ga moo kwa diporofenseng tsotlhe go lebilwe kwa Letsatsing la Basadi ka la bo 9 Phatwe.

Tiragalo e kgolo ya Letsatsi la Basadi e tla diragala kwa Union Buildings kwa Pretoria. Letsatsi le tla simolola ka phareiti go tswa kwa Seteišeneng sa Bosman go ya kwa Sekwereng sa Lilian Ngoyi koo Moporesitente Jacob Zuma a tla bulang Sefikantswe sa Boammaruri sa Basadi. Ditiragalo tsa semmuso di tla etelelwa pele ke mogwanto wa basadi go tswa kwa dikarolong tse di farologaneng tsa toropo go ya kwa Union Buildings.

3.4. Tona ya Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso Ngaka Siyabonga Cwele o tla etelela pele kemedi ya Aforika Borwa go ya kwa Khonferenseng ya Baemedi ya Mokgatlho wa Diposo wa Pan Aforika (PAPU) e e rulaganyeditsweng go tloga ka la bo 22 go fitlha ka la bo 23 Phukwi kwa Yaoundé, Cameroon. Maikaelelo a khonferense ke go konosetsa seemo sa Aforika pele ga Khonkerese ya Mokgatlho wa Lefatshe wa Diposo (UPU), e e rulaganyeditsweng go tloga ka la bo 19 Lwetse go fitlha ka la bo 7 Diphalane kwa Instanbul, Turkey.

Kabinete e amogetse maikaelelo a Aforika Borwa a gore naga e emele go tlhophiwa gape kwa setheong sa Bolaodi sa UPU, go lepalepana le maitlhomo a dipholisi tsa boditšhaba tsa go fetola bolaodi jwa ditheo tsa lefatshe le go etelela pele lenaneo la tlhabololo. PAPU le UPU di totile go tokafatsa kgolagano le tirisanommogo magareng ga diposo tse di supilweng le baamegi ba bangwe ba botlhokwa go maatlafatsa ditirelo tsa poso lefatshe ka bophara go netefatsa gore go fokodiwa karoganyo e e leng teng ya dijitale le go tlamela ka phitlhelelo ya ditirelo tsa tlhaeletsano le ditšhelete.

4. Maemo a Kabinete mo Mererong e e Botlhokwa ya ga jaana

4.1. MaAforika Borwa a lebogetse gore Moporesitente Jacob Zuma o goeleditse la bo 3 Phatwe 2016 go nna letsatsi la boikhutso la botlhe go kgontsha batlhophi ba ba nang le tshiamelo le ba ba ikwadisitseng go tlhopha ba gololesegile ka letsatsi leo. Le fa IEC e tla leka go netefatsa gore ditlhopho di a gololesega e bile ga di gobelele, ke maikarabelo a baamegi botlhe go akarediwa baagi le makoko a dipolotiki. Kabinete e rata go ikuela mo maAforika Borweng otlhe go netefatsa gore go nna le kagiso le tshisibalo pele ga ditlhopho, ka nako ya ditlhopho, le morago ga ditlhopho tsa dipusoselegae tsa 2016. Maphata a tiragatso ya molao ga a kitla a itshokela dikgato dipe tsa kgoreletso tse maikaelelo a tsona e leng go kgoreletsa batlhophi. Re rotloetsa batlhophi botlhe ba ba kwadisitsweng ba ba ka se keng ba kgona go tlhopha ka la bo 3 Phatwe go dira dikopo tsa ditlhopho tse di kgethegileng kwa IEC.

4.2. MaAforika Borwa otlhe a rotloediwa go nna le seabe mo thulaganyong ya go supa ba ba tla abelwang Dikgele tsa Bosetšhaba tsa 2017. Dikgele tsa Bosetšhaba ke dikgele tse di kwa godimo go gaisa tse naga, ka Moporesitente wa yona, e di abelang baagi ba yona le ba boditšhaba ba ba itshupileng.

Baagi ba lalediwa go supa batho ba ba dumelang gore ba tshwanetse go amogela tlotlo e e kwa godimo go gaisa ya naga. Baagi ba tshwanetse go kwala thotloetso e khutshwane ka ga motho yo o supilweng mme diforomo tsa go supa di ka fitlhelwa mo webosaeteng ya Lefapha le le mo kantorong ya Moporesitente.

4.3. Re amogetse diphitlhelelo go tswa mo Pegelong ya Seemo sa Ditoropokgolo tsa Aforika Borwa ya 2016 (SOCR) e e golotsweng ka la bo 22 Seetebosigo 2016 ke South African Cities Network. SOCR e emetse megopolo ya dingwaga di le 5 e e ka ga tiragatso le seemo sa ditoropo tse dikgolo go gaisa tsa naga mme e tlhoma Lenaneo la tlhabololo ka go tlhagisa melaetsa ya botlhokwa ka ga maano, tlhabololo le tsamaiso ya ditoropokgolo kwa baeteledipeleng ba baagi ba isago. Pegelo eno e tsholetsa dikgato tsa go dira gore ditoropokgolo tsa rona go nna mafelo a a botoka, a a akaretsang le a a tlhagisang go botlhe ba ba nnang mo go tsona.

4.4. Ditsereganyo tsa puso di simolola go ungwa maungo mme makgotlatoropo a a tshegediwang ka maiteko a tshwana le Re boela kwa Tshimologong a tsiboga sentle mme a bontsha matshwao a tokafalo. Gape seo ke sesupo se sengwe sa gore go na le tswelelopele mo go tlhatlhamololeng maano a dibaka a tlhaolele le go tokafatsa tlamelo ya ditirelo. Se bontsha diphitlhelelo tse dintsi tse di fetotseng tebego ya metsesetoropo go nna dibaka tsa temokerasi tse mo go tsona baagi botlhe ba kgonang go tshela mmogo ka kgololesego.

Seno se boeletsa Pegelo ya Morunikakaretso e e ka ga Ditšhelete tsa Makgotlatoropo e e bontshitseng tokafalo e kgolo mo Dipoelong tsa Boruni mo dingwageng tsa ditšhelete di le tlhano tse di fetileng go tloga ka 2010/11 go fitlha ka 2014/15. Pegelo ya dipalopalo tsa Ditšhelete tsa 2015 tsa Makgotlatoropo e e golotsweng fa gautshwane ke Lephata la Dipalopalo la Aforika Borwa ke sesupo se sengwe sa gore puso e kgona go tlamela batho ka ditirelo tsa motheo tsa boleng. Go ya ka Tshekatsheko ya Baagi ya Lefapha la Mananepalo la Aforika Borwa (Stats SA) ya 2016, palo e e golang ya baagi ba naga e botoka go na le mo malobeng.

4.5. Kabinete e boeleditse tshegetso ya yona ya kgololesego ya bobegakgang, kgololesego ya go ntsha maikutlo gammogo le tshwanelo ya motho mongwe le mongwe go fitlhelela tshedimosetso mo Aforika Borwa. Ditshwanelo tseno, tse di kwadilweng sentle mo Molaotheong, di tla nna di diragadiwa le go sirelediwa ke botlhe.

Seabe sa Lekgotla la Kgaso la Aforika Borwa (SABC) jaaka mogasi wa setšhaba se santse se le botlhokwa mo tlhabololong ya temokerasi ya rona e e golang. Puisano ya ga jaana ka ga ditshwetso tsa bobegakgang tsa SABC malebana le go gasa ditshwantsho tsa tirisodikgoka le tshenyo ya dithoto e tshwanetse go dirwa ka tsela e e agang, e e tla maatlafatsang temokerasi ya rona. Dipuisano tsee di tsweletseng ga jaana tse di ka ga tshwetso ya borulaganyi ka fa SABC tebang le kgaso ya ditshwantsho tse di bontshang dikgaruru e tshwanetswe go tseewwa ka tsela e e lolameng go katisa go natlafatsa temokerasi ya rona.

Kabinete e sa ntse e dumela gore mogasi wa setšhaba o tla tswelela go dira mo dikgatlhegong tsa baagi botlhe ba Aforika Borwa.

4.6. Go tokafala ga Aforika Borwa ka dikgato di le 14 mo pegelong ya Banka ya Lefatshe e e bidiwang World Bank's 2016 Logistics Performance Index gore Aforika Borwa e tota e buletswe kgwebo. Aforika Borwa e mo maemong a bo 20 mo dinageng di le 160 tse di sekasekilweng ke tshekatsheko, mme e tlhatlhogile go tswa go 34 ka 2014. Go tsamaya ga dithoto le ditirelo bonolo go tshwaela thata mo goreng naga e kgone go gaisana, bogolo segolo jaaka boyo jwa dipeeletso.

4.7. Kabinete e amogetse pegelo go tswa go Ditona tsa Ditlamelo tsa Diminerale, Badiri le Ditšhelete go latela puisano ya bona e e agang le baamegi ba ba mo indasetering ya dibanka. Dipoelo tsa pegelo eno di tla itsesewe mo tsamaong ya nako.

4.8. Kabinete e amogela pegelo ya Tshekatsheko ya Baagi ya 2016 ya Dipalopalo tsa Aforika Borwa e e supang tswelelopele e re e fitlheletseng jaaka naga mo dintlheng tsa botlhokwa tsa tlamelo ya ditirelo, bogolo segolo mo sebakeng se se solofetsweng sa go tshela sa batho ba rona.

Dipalopalo tseno ke tekanyetso ya botlhokwa e e thusang mo togamaanong ya puso bogolo segolo mo tsamaisong e ntšhwa le e e tla tsenang ya pusoselegae go latela ditlhopo tsa la bo 3 Phatwe. Puso e tla tsereganya go samagana le dikgwetlho tse di tlhagisitsweng mo pegelong ka go dirisa Ponelopele ya 2030 ya NDP, e leng leano la batho ka batho.

4.9. Kabinete e akgola ba ba latelang:

  • Nkosinathi Maphumulo, yo o itsegeng jaaka Black Coffee, ka go nna moAforika Borwa wa ntlha go gapa sekgele sa Black Entertainment Television (BET) sa Tiragatso e e Gaisang ya Boditšhabatšhaba: Sekgele sa Aforika.
  • Bafana Bafana ka ntlha ya go fenya Karolo ya 2016 Edition ya Sekgele sa COSAFA. Setlhopha se se neng se dirilwe ke bontsi jwa batshameki ba ba dingwaga tse di ka fa tlase ga 23 ke letshwao le lentle la katlego e e tlang ya naga mo seraleng sa boditšhabatšhaba.
  • Di-Springbok ka phenyo ya bone kgatlhanong le Ireland mo tekong ya boraro go gapa serisi.
  • Bafenyi ba Dikgele tsa bo 18 tsa Foramo ya Bosetšhaba ya Saense le Thekenoloji e leng dikgele tse di nang le bokao go gaisa tsa saense, boenjiniri, thekenoloji le boitlhamedi (SETI) mo Aforika Borwa. Dikgele di tlotla seabe se se gaisang mo SETI ka go rotloetsa le go akgola matsetseleko.
  • Toropokgolo ya Tshwane e e amogetseng temogo ya boditšhabatšhaba kwa Dikgeleng tsa Letsatsi la Lefatshe la Wi-Fi go nna Toropokgolo gongwe Lenaneo la Puso le le Boitlhamedi Go Gaisa go reba sekgala magareng ga ba ba nang le phitlhelelo ya thekenoloji ya dikhomphiutara le ba ba se nang nayo. Dikabo tsa dikgele di ne di tshwaretswe kwa Khonkereseng ya Lefatshe ya Wireless kwa United Kingdom. Wi-Fi ya mahala ya Tshwane (e e itsegeng jaaka TshWi-Fi) e tlisitse baagi ba le 1.8 milione mo Motsemogolong mo inthaneteng mo kabong e e kgolo go gaisa ya Wi-Fi ya mahala ya lekgotlatoropo mo kontinenteng ya Aforika. Go anamisiwa e nnile ditlamorago tsa tirisanommogo le Project Isizwe.

4.10 Kabinete e romela matshediso:

  • Go dinaga tse di itemogetseng ditlhaselo tsa fa gautshwane tsa borukhutlhi, tse di akaretsang Somalia, Turkey, Bangladesh le Iraq. Aforika Borwa e ema ka tsepamo le baagi ba boditšhabatšhaba go nyatsa mefuta yotlhe ya borukhutlhi.
  • Ka go tlhokafala ga morutegi yo o tlotlwang thata, mokwadi le moeteledipele wa megopolo, Moporofesara Adam Small.
  • Go balelapa le ditsala tsa Mokhuduthamaga wa Temothuo kwa Limpopo Joy Matshoge yo o tlhokafetseng mo kotsing ya sejanaga kwa Mokopane, Limpopo.
  • Go balelapa la rakgwebo yo o atlegileng Don Mkhwanazi yo o nnileng le seabe sa botlhokwa mo maatlafatsong ya bantsho le go tsamaisa phetogo ya ikonomi mo nageng. E ne e le mosimolodi wa Black Management Forum.

5. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi:

5.1. Boto ya Bogakolodi ya Kantoro ya Bosetšhaba ya Botsamaisi jwa Dithoto le Dithata sebaka sa dingwaga di le nne:
a) Mme Morne Barradas;
b) Ngaka Antonel Olckers;
c) Rre Mkhetwa Alvin Maluleke;
d) Ngaka Carol Bernice Nonkwelo;
e) Moporofesara Deresh Ramjugernath;
f) Mme Mary Tumelo Mashabela (o thapiwa gape);
g) Rre Duncan Raftesath (o thapiwa gape);
h) Rre McLean Sibanda (o thapiwa gape e bile ke Modulasetilo); le
i) Rre Vishen Pillay.

5.2. Setheo sa Bosetšhaba sa Go Latlhwa ga Matlakala a Nyutlilia:
a) Go fetisiwa nakwana ga Ngaka Wolsey Otto Barnard, kwa Lefapheng la Maatla, jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo wa Namaotshwere, sebaka sa dingwaga di le tharo.

5.3. Boto ya Bakaedi ya Molaodi wa Bosetšhaba wa Maatla wa Aforika Borwa:
a) Rre Yusuf Adam

5.4. Ditokololo tsa Boto ya Merero ya Thekiso ya Dintlo/Dithoto sebaka sa dingwaga di le tharo:
a) Eugenia Xoliswa Kula-Ameyaw Gyarko;
b) Nkosinathi Biko;
c) Amanda Zolisa Cuba;
d) Jill Corfield;
e) Johannes (Jan) Frederick Davel;
f) Thandiwe Sylvia January-McLean;
g) Manare Jeoffrey Legodi;
h) Phumzile Peterson Makhosana;
i) Mor. David Gauta Mogomane;
j) Viloshnee Naidoo;
k) Yusuf Patel;
l) Mmatlou Hellen Phaleng-Podile;
m) Thembeka Semane;
n) Frans Johannes Van der Westhuizen; le
o) Christoffel Willem Weilbach;

Dipotsiso:
Rre Donald Liphoko
Dintlhakgolagano: 082 901 0766
 

Share this page

Similar categories to explore