Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 26 Moranang 2017

Kabinete e kopane ka Laboraro, la bo 26 Moranang 2017, kwa Union Buildings, letsatsi pele ga meletlo ya Letsatsi la Kgololesego la Bosetšhaba. Moporesitente Jacob Zuma e ne e le monnasetilo wa kopano ya Kabinete, e e neng ya amogela ditokololo tse dišwa tsa Khuduthamaga mme ya tswelela ka go akgola boeteledipele jo bo leng teng mo pusong mo go eteleleng pele Lenaneo la Tiro la puso la tlhabololo e e tseneletseng ya ikonomi le kgolo e e akaretsang ya loago le ikonomi.

1. Ditshwetso tsa Kabinete

1.1. Kabinete e ne ya dumela gore Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi e nne baamogelabaeng mmogo ba khonferense ya Lefatshe ya Bolemirui jwa bolelokotlhapi kwa Cape Town go tloga ka la bo 26 go fitlha ka la bo 30 Seetebosigo 2017.

Se ke karolo ya letsholo la Operation Phakisa la Laboratori ya Bolemirui jwa bolelokotlhapi le maikaelelo a lona e leng go oketsa kgolo ya bolemirui jwa bolelokotlhapi gatlhano mo dingwageng di le tlhano tse di latelang go tloga go ditone di le 4 000 go ya go ditone di le 20 000, go tlhola ditiro di le 15 000 le go oketsa seabe sa bolemirui jwa bolelokotlhapi mo Seelosotlheng sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP).

Bolemirui jwa bolelokotlhapi ke tšhono ya botlhokwa ya go anamisa ntshodikumo ya tlhapi go samagana le tlhokego ya selegae, tshireletso ya dijo, ditšhono tsa thomelontle le go tlhola ditiro. Go nna baamogelabaeng ba khonferense e go tla rotloetsa peeletso ka lekala la poraefete le baborogi, le go thusa mo go itlhaganediseng tlhabololo ya bolemirui jwa bolelokotlhapi mo nageng ka thuso ya ditogamaano tsa bolemirui jwa bolelokotlhapi go tswa kwa ditšhabeng tse dingwe.

1.2. Kabinete e amogetse go tlhongwa ga Komiti ya Ditona go ela tlhoko le go tlamela ka tsela ya togamaano fa go baakanyediwa le go nna baamogelabaeng ba Samiti e e Tlwaelegileng ya Ditlhogo tsa Ditona le Dipuso tsa Dinagatlhabololo tsa Borwa jwa Aforika (SADC) e e tla tshwarwang ka Phatwe 2017.

Samiti ya SADC e tla tshwarwa ka fa tlase ga setlhogo “Semphato le Lekala la Poraefete go Tlhabolola Madirelo le Tsamaiso ya Kgaolo”, go gatelela tlhokego ya go samagana le dintlha tse di masisi mo go tsenyeng tirisong le go fitlheleleng Togamaano ya Madirelo le Leanotiro la SADC.

Aforika Borwa o tla dirisa ka botlhale maemo a gagwe jaaka Monnasetilo wa SADC go tsweletsa dikgatlhegelo tsa bosetšhaba jaaka di tlhagelela mo teng ga Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) le go matlafatsa ditšhono tsa kgaolo tsa ikonomi le merero e e amanang le tshireletso.

1.3. Lefapha la Botsweretshi le Setso le tla nna baamogelabaeng ba legato la boraro la Kgwedi ya Aforika ka Motsheganong 2017. Se ke karolo ya seabe sa Aforika Borwa mo meletlong ya kontinente ya go tswa mo Mokgatlong wa Kopano ya Aforika, o o neng wa tlhongwa ka la bo 25 Motsheganong 1963, go ya go Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) wa ga jaana, gammogo le ditheo le mananeo a a amanang nayo.
Keteko ya Kgwedi ya Aforika e na le seabe mo kgololong ya kontinente ya Aforika ka diporojeke tse di farologaneng tsa puso le baagi ka fa tlase ga setlhogo: “Ngwaga wa ga OR Tambo: Kago ya Aforika yo o Botoka le Lefatshe le le Botoka”.

Kgwedi ya Aforika e na le seabe mo kgoeletsong ya Aforika Yotlhe go tshwaragana le go dirisanammogo, mme e dirisiwa jaaka serala ke Dinaga tse e Leng Ditokololo tsa AU go lekola tswelopele e e setseng e dirilwe go fitlhelela Leano la 2063.

Lenaneo la kgwedi yotlhe go ralala puso, le le tla fitlhelwang mo go www.gov.za, ga se fela la lekala la botsweretshi le setso mme le akaretsa seabe sa Puso ya Aforika Borwa ka merero ya ikonomi, sepolotiki le loago mme se se ama tlhabololo ya kontinente. Ditiragalo le ditherisano ke tsa keteko le go rutana, e bile tsotlhe di na le dipoelo tsa sepolotiki le tsa loago le ikonomi go batho ba Aforika Borwa le kontinente yotlhe go keteka boAforika ba bona le go ineela sešwa go bopa ditšhaba tse di tsepameng mo meonong le melawana e e tshwanang ya seAforika.

1.4. Kabinete e ne ya itsisiwe ka ga go tshola ka katlego Feterasi ya Boditšhaba ya Mekgatlo ya Dilaeborari le Ditheo (IFLA) Kopano ya Ngwaga ya Dilaeborari le Tshedimosetso tsa Lefatshe e e neng e tshwaretswe mo Aforika Borwa, Cape Town go tloga ka 15 go fitlha 21 Phatwe 2015.

Kgoeletso ya IFLA ya Cape Town e tla romelwa go Ditona tsa Setso tsa AU go bona tumelano, tshegetso le tsenyotirisong. Lefapha la Botsweretshi le Setso le tla matlafatsa maiteko a go rotloetsa tlwaelo ya go buisa mo Aforika Borwa

2. Go tsenngwa tirisong ga Mananeo a Puso

2.1. Boineelo jwa puso jwa go matlafatsa ikonomi bo ne jwa gatelelwa kwa ditherisanong magareng ga Tona ya Matlotlo, Malusi Gigaba le babeeletsi le lekala la lefatshe la matlole fa a ne a etetse kwa Amerika go tsenela dikopano tsa Letlole la Boditšhaba la Madi le Kopano ya Dikgakologo ya Banka ya Lefatshe. Tona Gigaba o ne gape a inyalanya le babeeletsi ba selegae le Komitikhuduthamaga e e Kgethegileng ya Nedlac e monnasetilo wa yona e leng Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa.

Dipuisanelo tseno di ne tsa netefatsa gore seemo sa pholisi ya puso sa go tlisa taolo mo matloleng le momagano e e masisi ya matlole jaaka e tlhagelela mo Tekanyetsokabong ya Bosetšhaba se ka se fetoge.
Kabinete e ikuela go makala otlhe go dirisana le puso go tlisa tshepo le go baka kgolo ya ikonomi e e akaretsang e bile e tswelela.

2.2. Go thankgololwa ga Karolo e e Kgethegileng ya Ikonomi ya Maluti-A-Phofung (MAP-SEZ ) ke Moporesitente Jacob Zuma jwa Tshiame, Harrismith, kwa Botlhaba jwa Foreisetata, ka la bo 25 Moranang 2017 go supa tsweletso ya puso ya tlhabololo ya madirelo e leng se se botlhokwa mo katlegong le tswelopeleng ya ikonomi ya bosetšhaba mo pakeng e telele. Makala a botlhokwa a MAP-SEZ ke a dirori, temothuo, mafaratlhatlha, thekenoloji ya ditlhaeletsano tsa tshedimosetso (ICT), melemo le tlhagiso ka kakaretso. Se se tlhola ditšhono tsa ntshodikumo gammogo le maemo a kgwebisano ya kgaolo le ya boditšhaba le boleng bo bo oketsegileng mo teng ga Mmasepala wa Maluti-A-Phofung.

Go thankgololwa ga SEZ go tlhatloseditse palo ya Dikarolo tse di Kgethegileng tsa Ikonomi go robedi mo nageng. Go fitlha ga jaana Lenaneo la SEZ le ngokile ditiro tse di sa tlhamalalang tsa boleng jwa R9.5 bilione. Dikarolo tse di Kgethegileng tsa Ikonomi di tswelela go nna le seabe mo go ngokeng Peeletso e e Tlhamaletseng ya Boditšhaba (FDI).

Go thankgololwa go ga MAP-SEZ ya diheketara tse 1038 ke karolo ya botlhokwa ya go tsenya tirisong Leanotiro la Pholisi ya Madirelo le le supang Dikarolo tse di Kgethegileng tsa Ikonomi go itlhaganedisa kgolo ya ikonomi ya selegae mo dikgaolong tse di rileng tsa naga.

2.3. Kabinete e amogela pegelo ya Tshepo ya Peeletso e e Tlhamaletseng ya Boditšhaba ya A.T. Kearney ya 2017 e e supang gore Aforika Borwa e mo maemong a bo25 mo mafelong a a itumelelwang a go ngoka peeletso ya boditšhaba go ralala lefatshe, e leng yona naga e e leng mo maemong a ntlha go tswa mo dinageng tse di leng mo kontinenteng ya Aforika.

Aforika Borwa e boetse mo tshupaneng e, e e phasalatsang mafelo a le 25 a a ngokang peeletso, la ntlha fa e sale ka 2014. E balwa le dinaga tse dingwe tse di tlhabologang jaaka China (mo maemong a bo 3), India (mo maemong a bo 8); Brazil (mo maemong a bo 16) le Mexico (mo maemong a bo 17).

Maemo a a supa gore semphato sa Aforika Borwa le babeeletsi ba boditšhaba se tswelela go matlafala le go supa gore dikgato tsa naga ya rona tebang le tlhabololo di nna le maungo. Ditokafatso tsa ikonomi mo pakeng e khutshwane le dipeeletso tsa pakatelele mo lekaleng la tlhagiso la naga di supile e le baeteledipele mo go direng gore maemo a Aforika Borwa a tokafale mo tshupaneng e.

2.4. Mo pegelong e e farologaneng, Tshupane ya Peeletso ya Aforika ya 2016 ya sešweng ka tlhotlhomiso e e ikemetseng ya Quantum Global e baya Aforika Borwa mo maemong a bone a a ngokelang a peeletso mo Aforika kwa morago ga Botswana, Morocco le Egepeto. Aforika Borwa e dirile sentle thata mo ntlheng ya kgolo ya GDP, go dira kgwebo bonolo mo nageng le baagi ba botlhokwa.

Maatlakgogedi a naga jaaka lefelo la dipeeletso a supilwe gape mo pegelong ya Tebego ya Ikonomi ya Aforika ya 2016, e e tlhomang Aforika Borwa mo maemong a bone mo dinageng tse di gaisang tsa dipeeletso mo Aforika ka 2015 fa morago ga Egepeto ($10.2 bilione), Mozambique ($4.7 bilione) le Morocco ($4.2 bilionee) ka $3.6 bilione tsa peeletso ya boditšhaba. Aforika Borwa e tswelela go agelela mo motheong wa yona o o maatla wa matlole le kgwebo, e leng maemo a bo 47 mo dinageng di le 138 mo Tshupaneng ya 2016/17 ya Kgaisano ya Lefatshe ya Foramo ya Ikonomi.

2.5. Foramo ya bo 27 ya Ikonomi ya Lefatshe mo Aforika e tla tshwarelwa kwa Albert Luthuli International Convention Centre kwa Durban go tloga ka la bo 3 go fitlha ka la bo 5 Motsheganong 2017 ka fa tlase ga setlhogo: “Phitlhelelo ya Kgolo e e Akaretsang: Boeteledipele jo bo Tsibogang e bile bo le Maikarabelo.”

Kabinete e amogela tšhono e ya gore maAforika Borwa a nne le seabe mo ditherisanong tse di ka ga ditšhono tse di ka nnang teng tsa peeletso, momagano e e tseneletseng ya kgaolo le boineelo jo bo ntšhwafaditsweng tebang le kgolo e e tswelelang le tlhabololo mo Aforika.

Aforika ke legae la dingwe tsa diikonomi tse di golang ka bonako tsa lefatshe tse di ngokileng kgatlhego e e oketsegileng go tswa go babeeletsi go ralala lefatshe. Aforika Borwa ke ikonomi e e mefutafuta mo kontinenteng e bile e na le seabe sa bothokwa mo tsweletsong ya Aforika.

2.6. Boineelo jwa Aforika Borwa le Oman go tsweletsa dikamano tsa kgwebisano, kwa foramong ya kgwebo ka la bo 27 Mopitlwe 2017 magareng ga Tona ya Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri (dti) Rob Davies le molekanenae wa Oman, Ngaka Ali Bin Masoud Al-Sunaidy, bo kgontsha borakgwebo ba Aforika Borwa go dirisa ditšhono tse Oman e di tlhagisang segolo mo madirelong a temothuo le tlhagiso mo temong.
Godimo ga moo, leeto la peeletso la dti kwa Ghana le Nigeria magareng ga la bo 20 le la bo 25 Mopitlwe 2017 le nnile le seabe mo go lemogeng le mo go tlholeng mebaraka ya thomelontle ya ditlhagiswa le ditirelo tse di boleng tsa Aforika Borwa. Le bapatsa gape le ditlhagiswa tsa Aforika Borwa, ditirelo le go tlhola dikamano tsa kgwebo magareng ga borakgwebo ba dinaga tse.

Kgwebisano e e oketsegileng mo kontinenteng le go tlhama dikamano le balekane ba Aforika go ka tlisa phediso ya botlhoki, kelelo e e oketsegileng ya kgwebisano, le go tlholwa ga ditiro, e leng se se botlhokwa mo tlhabololong ya ikonomi mo Aforika.

2.7. Tona ya Tlhabololo ya Dikgwebopotlana, Lindiwe Zulu o ne a eteletse pele setlhopha sa Aforika Borwa kwa foramong ya kgwebo ya Estonia e e neng e tshwerwe ke Mokgatlo wa Aforika Borwa wa Kgwebo le Madirelo. Ka ntlha ya fa 90% ya ikonomi ya Estonia e le mo dikgwebopotlaneng, tse di magareng le tse dikgolo (di-SMME), semphato sa Aforika Borwa se matlafatsa boineelo jwa puso jwa go tlhola ditiro le thotloetso ya di-SMME.

2.8. Tsepamo ya lekala la temothuo le tshegediwa ke ditsibosi tsa go sa le gale le ditlhotlhomiso, le fa go na le Diboko tse di Jang Dijalo le komelelo, e tlhagisitswe ke bogolo jo bo kabakantsweng jwa mmopo wa kgwebo, e leng 84% kwa godimo ga kotulo ya 2016, e e neng e le kwa tlase go gaisa fa e sale ka 2007. Mafelo a magolo a tlhagiso ya mmopo a mararo, e leng Foreisetata, Mpumalanga le Bokone Bophirima a solofelwa go tlhagisa 82% ya kotulo ya 2017.

Bogolo jo bo solofelwang jwa kotulo ya mmopo wa kgwebo bo tlhomilwe go ditone di le 14,324 milione. Se ke 2,91% (ditone di le 405 050) go feta ponelopele e e neng e lebeletswe ya ditone di le 13,918 milione. Boalo jo bo kabakanngwang ba mmopo e santse e le diheketara di le 2,629 milione fa kotulo e e solofelwang e le ya ditone tsa diheketara di le 5,45.

2.9. Boineelo jwa puso jwa go matlafatsa, go tlhabolola, le go anamisa phitlhelelo kwa diyunibesithing, bo supiwa ke go ata gabedi ga dipalo tsa baithuti mo dingwageng di le 20 tse di fetileng. Se se tshegeditswe gape ke Tona ya Thuto e Kgolwane le Katiso, Ngaka Blade Nzimande fa a ne a bega gore puso e tla dirisa R7 bilione mo dingwageng tse di latelang mo mafelobonnong a baithuti, dilaboratori, thekenoloji ya tlhaeletsano, le metswedithuso e mengwe e e botlhokwa, gammogo le tsweletso le katoloso ya diyunibesithi tse dišwa. R2.5 bilione e dingwe mo dingwageng di le tlhano tse di tlang di tla dirisiwa kwa diyunibesithing tse di neng di kgaphetswe thoko mo malobeng go di thusa go tokafatsa le go fitlhelela bokgoni jo bo tletseng jwa dithuto.

Peeletso mo mafaratlhatlheng, go akaretsa mafelo a go ruta le ditlhotlhomiso, didirisiwa, le mafelo a a siametseng bonno jwa baithuti e botlhokwa mo go netefatseng gore diyunibesithi di diragatsa morero wa tsona wa matlafatso.

2.10. Tona ya Ditiro, Mildred Oliphant, o tla etelela pele letsholotsiboso la Kgwedi ya Badiri la 2017 ka fa tlase ga setlhogo “Itse ditshwanelo le maikarabelo a gago e le tsela ya go rotloetsa go ikobela melao botoka”.

Letsholo le le tla tsibosa badiri mo Aforika Borwa ka ga ditshwanelo le maikarabelo a bona. Le tla tlhagisa gape le diphitlhelelo tsa badiri mo Aforika le go lekola go ikobela melao ya badiri. Kgwedi e e tla akaretsa diketelo tsa tlhatlhobo tse di sa begwang mo makaleng a a tsewang a tlwaetse go tlola melao.

Puso e fetisitse molao o o samaganang le go tlhoka tekatekano le kgethololo e e gobelelang e re e fitlhetseng e le teng. Mooko wa melao ya rona ya badiri ke go tsweletsa tlhabololo ya ikonomi, bosiamisi jwa loago, kagiso ya badiri le temokerasi mo mafelong a ditiro. Kabinete e ikuela go makala otlhe go diragatsa karolo ya ona mo go samaganeng le go tlhoka tekatekano ga maloba ka go rarabolola ntlha ya seelo se se bonya mo go tlhabololeng mafelo a ditiro.

2.11. Puso e nnile le Beke ya Bosetšhaba ya Imbizo ya bo 6 ya puso ya ga jaana go tloga ka la bo 17 go fitlha ka la bo 23 Moranang 2017. Beke e e nnile le paka ya ditherisano magareng ga ditokololo tsa khuduthamaga le baagi mme e nna le seabe mo leanong le le anameng la puso go tokafatsa matshelo a baagi botlhe.

Kabinete e akgola baagi ba ba nnileng le seabe mo go di-Imbizo le batlhankedi ba puso go ralala naga, ka maitlhomo a go rarabolola dikgwetlho tsa thebolo ya ditirelo le go tlamela ka botshelo jo bo botoka go botlhe.

Di-Imbizo tse dingwe di ne di akaretsa: go thankgololwa ga Tikwatikwe ya Kgwebo kwa Kholejeng ya Thuto le Katiso ya Tiro ya Setegeniki (TVET) ya Goldfields kwa Welkom, Foreisetata ke Tona ya Tlhabololo ya Dikgwebopotlana Mme Lindiwe Zulu. Tikwatikwe e e thusa mo go samaganeng le kgwetlho ya go tlhoka ditiro ga bašwa ka go tlamela tshegetso go bašwa kwa dikgatong tsa ntlha tsa leeto la kgwebo. Go nnile le dikopano di le 34 go ralala naga.

3. Merero ya ga jaana

3.1. Moporesitente Jacob Zuma o eteletse pele mekete ya bo 23 ya Letsatsi la Kgololesego la bosetšhaba ka la bo 27 Moranang ka fa tlase ga setlhogo “Ngwaga wa ga OR Tambo: Mmogo re tiisa temokerasi le go aga mafelo a a babalesegileng e bile a se na bosenyi”.

Go nna le seabe ga ga Moporesitente kwa Manguzi, Umhlabuyalingana ke karolo ya letsholo la bosetšhaba la ntwa kgatlhanong le bosenyi, le gape le latelang Lenaneo la Tekolo la Siyahlola la ga Moporesitente ka Mopitlwe 2017. Le tlhagisa tlhokego ya kgato e e bonako go samagana le bosenyi jwa kgabaganyo ya melelwane segolo bogodu jwa dijanaga. Puso e semeletse mo ntlheng ya go fedisa bosenyi le go rarabolola dikgwetlho tsa baagi ba Umhlabuyalingana, go akaretsa dikgwetlho go dikologa Phaka ya Isimangaliso Wetland.

Mekete e di supa diphitlhelelo tsa naga fa e sale ka 1994 go sa lebalwe tiro e e santseng e tshwanetse go dirwa go aga Aforika Borwa yo o tshwaraganeng, a sa kgetholole go ya ka mmala, bong, mme e le wa temokerasi le katlego. Mo kgweding ya Kgololesego re keteka seabe sa kgololesego le temokerasi ya rona, sa Moporesitente wa maloba wa ANC le mogaka wa bosetšhaba, Oliver Reginald Tambo, o a ka bong a le dingwaga di le 100 monongwaga fa a ka bo a ne a santse a tshela.

3.2. Jaaka karolo ya lenaneo la Kgwedi ya Kgololesego, Tona ya Lefapha la Ditlhaeletsano, Ayanda Dlodlo, o tlhomile dipuisano tsa bašwa jaaka karolo ya dipuisano tse di tswelelang ka ga bokao jwa “NNA MONG WA KGOLOLESEGO YA GAO”, e leng setlhogo se se dirisiwang go nna le seabe mo dipuisanong ka tlhaeletsano ya thekenoloji.
Kabinete e ikuela go bašwa go dirisa ditshwanelo le maikarabelo a bona ka botlhale le go tlotla ba ba lwetseng kgololesego ya rona, gore e itumelelwe ke botlhe mo nageng ya rona ya temokerasi.

3.3. Kabinete e amogela kopano ya ntlha ya Aforika Borwa-China ya maemo a a kwa godimo ya Mokgwa wa Thefosano ya Batho-ka-Batho (PPEM) e e neng e tshwerwe go tloga ka la bo 24 go fitlha ka la bo 27 Moranang. Se e ne e le tiragatso ya tumelano ya Leeto la Semmuso ka 2015 go tla mo Aforika Borwa magareng ga ga Moporesitente Jacob Zuma le Moporesitente Xi Jinping. Komiti ya Ditona tsa Naga (IMC) ka ga Mokgwa wa Thefosano ya Batho-ka-Batho, e e neng e eteletswe pele ke Tona Nathi Mthethwa e ne ya amogela Motlatsa Tonakgolo Lui Yandong le baeng go tswa kwa Rephaboleking ya Batho ya China.

Go ne ga saeniwa ditumelano tse di farologaneng tsa tirisano tse di welang mo teng ga merero e mebedi e e anameng – Tlhabololo ya Batho, le Ditlhotlhomiso le Tlhabololo. Kgolo ya ikonomi e e akaretsang e e bonalang ka phetolo e e tseneletseng ya ikonomi e nyalana le go bopa methamo ya batho ba rona, segolo bašwa kwa maemong a a farologaneng.

Kabinete e amogela go neelwa didirisiwa tsa boitekanelo (tse di dirilweng mo Aforika Borwa) go tswa kwa pusong ya China jaaka karolo ya go nna le seabe mo go tokafatseng boleng jwa ditirelo kwa maokelong a puso.

Ka ditumelano tsa tirisanommogo, ditšhaba ka bobedi di ineetse go tsweletsa tirisano e e tseneletseng ya setegeniki, dithefosano tsa katiso ya barutisi le boitseanape, segolo ka Mmetse, Saense le Thekenoloji jaaka metheo ya kgolo mo kitsong ya diikonomi. Makala a mangwe a tirisano e e oketsegileng a akaretsa: setso; ditlhaeletsano; boitekanelo; saense le thekenoloji; metshameko; bojanala le merero ya basadi le bašwa.

3.4. Kabinete e fetisetsa melaetsa ya matshediso go ba malapa le ditsala tsa batho ba le 235 ba ba latlhegetsweng ke matshelo mo dikotsing tsa tsela mafelong a beke ya Paseka. Dipalopalo tsa paka e di supa gore 50% ya batho ba ba tlhokafetseng ke batsamaya ka dinao, go latele banamedi ka 24% le bakgweetsi ka 19%.

3.5. Kabinete mmogo le Moporesitente Jacob Zuma e supa kutlobotlhoko e e tseneletseng le kgamarego ka go tlhokafala ga barutwana ba le 18 le bagolo ba le babedi mo kotsing e e masisi ya thekesi kwa Bronkhorstspruit, ka fa ntle ga Pretoria. Re tlatsa mafoko a Moporesitente Zuma a gore ditheo tsa tiragatso ya molao di dire ka bonako go batlisisa gore kotsi e e bakilwe ke eng.

Kabinete e leboga mafapha otlhe a puso, di-NGO, baporofešenale le bagwebi bao ba tshegetsang malapa gammogo le baithuti le badiri ba kwa Sekolong se Segolo sa Mahlenga le Sekolopotlana sa Refano mo nakong e ya kutlobotlhoko.

Dikotsi tsa ditsela, segolo ka dinako tsa maikhutso mo Aforika Borwa e tswelela go nna tlhobaboroko mo nageng. Mo mabakeng a mantsi, dintsho tse di ka bo di ne di thibetswe ka maitsholo le tiriso e e maikarabelo ya ditsela tsa rona. Go kganna botlhaswa le maitsholo a a maswe mo tseleng ga di amogelege mo tseleng mme maAforika Borwa otlhe a elediwa go rwala maikarabelo ka bobona gore ba babalesege mo ditseleng.

3.6. Kabinete e akgola lekala la dipalangwa tsa dibese ka go boela ditirong morago ga go ngala ditiro ntle le tirisodikgoka, e leng sekai se se siameng sa boipelaetso. Seabe sa Tona ya Lefapha la Badiri se tshwanetse go akgolwa ka go tsereganya gore go ngala ditiro go khutle mo lekaleng le le botlhokwa le la ikonomi ya rona.

3.7. Kabinete e tlhobaediwa ke go runya ga go sa le gale ga dikhuduego kwa Vuwani morago ga tshwetso ya Boto ya Melelwane ya Bommasepala gore e tsenngwe mo mmasepaleng o mošwa. Kabinete e kgalema ka bogale tiriso ya bana jaaka didirisiwa tsa ditherisano. Dibeke tse dikolo di tswetsweng mo go tsona di mpampetsa bokamoso jwa bana ba ba beilweng ka fa tlase ga kgatelelo ya megopolo. Tirisodikgoka, matshosetsi, tshenyo ya dithoto, kgotsa dikgato tse di bakang gore dikolo di senngwe kgotsa go dira gore baithuti ba seka ba ya sekolong, ga di a amogelesega mo temokerasing ya rona.

Kabinete e amogela tiro e e setseng e dirilwe ke IMC, e e eteletsweng pele ke Tona ya Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (COGTA), Rre Des Van Rooyen le leeto ka Tona ya Sepodisi, Fikile Mbalula, e e mametlelelwang ka ntlha ya gore ditiragalo tsa bosenyi go akaretsa le tsa tshenyo ya dithoto ke dilo tse di ka se itshokelweng. Go rulaganngwa gore Moporesitente Jacob Zuma a kopane le Kgosi ya VhaVenda Kgosi Toni Mphephu Ramabulana le baeteledipele ba setso ba kwa sedikeng sa Vhembe ka maiteko a go tlisa tolamo. Kabinete e gatelela gore madi le didirisiwa tse di dirisitsweng go baakanya dikolo tse di sentsweng a ne a beetswe mananeo a mangwe.

3.8. Kabinete e ikuetse gape gore go nne botsitso le tolamo morago ga dikhuduego kwa toropong ya Lichtenburg le Motsesetoropo wa Blydeville, kwa Mmasepaleng wa Selegae wa Ditsobotla, Bokone Bophirima. Dikolo di ne tsa kgorelediwa, mabenkele a tseelwa dithoto mme dijanaga le dintlo di le mmalwa di ne tsa jewa ka molelo. Tonakgolo ya Bokone Bophirima, Supra Mahumapelo, o tlhomile setlhopha sa Bakhuduthamaga (di-MEC) ba le batlhano le bommeyara ba le babedi go sekaseka le go samagana le dikgwetlho tsa thebolo ya ditirelo mo lefelong leo.

3.9. Kabinete e ikuela go baagi ba Coligny, kwa Bokone Bophirima go emisa ditshupetso tse di tletseng tirisodikgoka le go letla Tirelo ya Sepodisi sa Aforika (SAPS) kwa Coligny go konosetsa dipatlisiso tsa bona tebang le loso lwa ngwana, go netefatsa gore molao o a diragadiwa.

Baagi ba rotloediwa go bega dingongorego tsa bona kwa ditheong tse di leng teng tsa semolao.

3.10. Puso e akgola ditheo tsa tiragatso ya molao ka go tsiboga le go tshwara badiri ba tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le bana.

Mo ntlheng e, Kabinete e amogela dikgato tse di bonako tse di tserweng ke Yuniti ya Kgwebisano ka Batho ya Hawks le Setlhopha sa Tsibogo sa SAPS ka go tshwara moruti wa kwa Durban ka ditatofatso tsa kgwebisano ka batho kwa Port Elizabeth.

Ke tiro le maikarabelo a maAforika Borwa go dirisana le bothati go sireletsa basadi le bana mo dilalomeng le go netefatsa gore re dira karolo ya rona gore mafelo a rona a babalesege.

4. Melaetsa

4.1. Kabinete e akgola Zolani Tete ka go fenya sekgele sa boimatlhofo. Se se mmaya mo maemong a go gwetlha dijana tsa lefatshe kwa mekgatlong e mene ya mabole e megolo: Lekgotla la Mabole la Lefatshe, Mokgatlo wa Lefatshe wa Mabole, Feterasi ya Boditšhaba ya Mabole le Mokgatlo wa Mabole wa Lefatshe (WBO).

4.2. Kabinete mmogo le Moporesitente Jacob Zuma e romela matshediso go ba lelapa le ditsala tsa mokatisi le motlhatlheledi yo o manontlhotlho wa mabole, Nick Durandt, yo a neng a itsege ka bokgoni jwa gagwe jwa go tlhagisa bommampodi ba mabole le go ntsha basimanyana mo mebileng mme a ba fetole bommampodi.

5. Ba ba thapilweng

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

5.1. Go thapiwa ga ditokololo tsa Lekgotla Bosetšhaba la Badirisi ke Moporesitente, go tloga ka letlha le le maleba la Metsotso ya Moporesitente:
a) Moporofesara Joseph Mandal Maseko (Monnasetilo wa Khuduthamaga);
b) Mme Laura Best (Motlatsamonnasetilo);
c) Rre Lulama Andisa Potwana (tokololo ya leruri);
d) Mme Penelope Anne Beck (tokololo ya nakwana);
e) Moatefokate Hope Fiona Neo Sephoti (tokololo ya nakwana);
f) Mme Diane Reinette Terblanche (tokololo ya nakwana);
g) Mme Nomfundo Maseti (tokololo ya nakwana);
h) Mme Maleho Margaret Daisy Nkomo (tokololo ya nakwana);
i) Moporofesara Bonke Clayton Dumisa (tokololo ya nakwana);
j) Moporofesara Tanya Ann Woker (tokololo ya nakwana);
k) Moporofesara Kasturi Moodaliyar (tokololo ya nakwana);
l) Ngaka Maria Claudina du Toit (tokololo ya nakwana); le
m) Rre Xolela Christopher May (tokololo ya nakwana);
n) Rre Fungai Khumbulani Sibanda (tokololo ya nakwana);
o) Rre Lehlohonolo Lucky Rabotapi (tokololo ya nakwana);
p) Rre Trevor Albert Bailey (tokololo ya nakwana); le
q) Moatefokate Frans Kgolela Manamela (tokololo ya nakwana).

5.2. Go thapiwa ga ditokololo tse e seng tsa khuduthamaga mo Botong ya Koporasi ya Dibetsa ya Aforika Borwa, (ARMSCOR):
a) Motlatsamoadmirale (yo a rotseng tiro) RJ Mudimu (Monnasetilo, o thapilwe gape);
b) Mme Thuthukile Skweyiya (Motlatsamonnasetilo, o thapilwe gape);
c) Ngaka Moses Khanyile (o thapilwe gape);
d) Rre Ndumiso M Tyibilika (o thapilwe gape);
e) Rre Raymond Mlungwana Vokwana (o thapilwe gape);
f) Moatefokate Virginia Lee Anne De La Hunt (o thapilwe gape);
g) Mme CE Simpson;
h) Mme T Mhlan; le
i) Moambasatara TJ Ndhlovu.

5.3. Rre Kgabo Mahoai jaaka Mokaedikakaretso wa Lefapha la Dikamano le Tirisano ya Boditšhaba.

Dipotso:
Willy Hlopheka Baloyi
Mogala: 083 3907 147
 

Share this page

Similar categories to explore