Pegelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 26 Moranang 2016

1. Go tsenngwa tirisong ga Manaane a a Botlhokwa a Puso

1.1. Kabinete e amogela Leeto la Semmuso la ga Moporesitente Jacob Zuma go ya kwa Rephaboliking ya Islamo ya Iran, le le akofisang botsalano jwa ikonomi le kgwebisano magareng ga dinaga ka bobedi, ka go saeniwa ga ditumelano le maitlamo a le mmalwa.

Moporesitente Jacob Zuma le Moporesitente Hasan Rouhani ba maatlafaditse tirisanommogo mo maphateng a kgwebisano, thuto le tlhabololo ya bokgoni; saense le thekenoloji; maatla, go akarediwa go phuruphudiwa ga gase ya petorokhemikale mmogo le bokgoni jwa go e fetola; temothuo; meepo mmogo le go fetolwa ga diminerale; tlhabololo ya mafaratlhatlha le dipalangwa; ditšhelete, dibanka le inšorense mmogo le bojanala. Mme tsotlhe tse di tshwaela mo go diragadiweng ga Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP).

Mo go tsa boditšhabatšhaba, baeteledipele ka bobedi ba dumelane ka go maatlafatsa boikuelo jwa tlhabololo ya Ditšhabakopano (UN), bogolo segolo Lekgotla la Tshireletso la UN, mo dikgatlhegong tsa dinaga tse di tlhabologang.

1.2. Dipoelo tseno di maatlafaditse Leeto la Tiro la Moporesitente kwa United Arab Emirates (UAE) koo mebuso ka bobedi e neng ya ntšhwafatsa maitlamo a yona malebana le tsolotanyo le kgodiso ya botsalano jwa sebedi, bogolo segolo mo maphateng a kgwebisano, dipeeletso le ikonomi go nna botsalano jwa togamaano jo bo akaretsang.

Seno se ageletse mo Leetong la Semmuso la ga Moporesitente Jacob Zuma ka Ngwanaitsele 2011, fa go ne ga tlhamiwang Khomišene e e Tlhakanetsweng ya SA-UAE e e akofisitseng lebelo la kgwebisano magareng ga dinaga ka bobedi go tloga go R13 bilione ka 2011 go ya go R27 bilione ka 2015.

Aforika Borwa le UAE ba dumelane go atolosa tirisanommogo go dirisa ditšhono tsa Ikonomi ya Mawatle, go tsweletsa go romelwa ntle ga ditlhagiswa tsa temothuo tsa Aforika Borwa, ditlhagiswa tse di dirilweng mme bogolo segolo theko le tirisanommogo mo go tsa phemelo.

Gape leeto le tsweleditse bokgoni jwa Aforika Borwa jwa go aga mafaratlhatlha go totilwe ditšhono tsa ditlamo tsa Aforika Borwa kwa EXPO 2020 kwa Dubai, gammogo le tirisanommogo mo mererong ya kagiso, tshireletso mmogo le tsepamo.

1.3. Kabinete e amogetse dikgato tse di tsepameng tse di beilweng ke Tona ya Metshameko le Boitapoloso Fikile Mbalula go aga sešwa sebopego se se kgaoganeng e bile se tlhaola thata sa metshameko le boitapoloso ka Tumelano ya Diphetogo. Seno se tla akofisa diphetogo tse di lebisang kwa tsamaisong e e kopaneng ya metshameko e e ikaegileng ka dintlhatheo tsa temokerasi, tekatenako, go direla dilo mo pepeneneng, kemedi ya baagi ba ba farologaneng, phitlhelesego, mmogo le seabe se se oketsegileng go lepalepana le dikeletso tsa NDP.

1.4. Kabinete e amogela ditekanyetsokabo tse di tlhagisiwang ke mafapha a a farologaneng ka dipegelo tse di tseneletseng tse di tlhagisang tswelelopele e e dirilweng malebana le go tokafatsa matshelo a maAforika Borwa.

Seno se bontsha tiragatso ya Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) le le re atametsang mo go fitlheleleng Ponelopele 2030 ya NDP.

Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng otlhe go latedisisa ditekanyetsokabo mo bobegakgannyeng jo bo farologaneng gore ba tlhaloganye Leanotiro la Puso botoka.

1.5. Kabinete e ikuela gore go nne le maitlamo a a tswelelang go netefatsa gore go nna le diphetogo tse di mosola mo tirong go lebeletswe diphitlhelelo tsa Pegelo ya Ngwaga le Ngwaga ya bo 16 ya Khomišene ya Tekatekano mo Tirong ya bathapi botlhe ba ba neng ba supilwe, e e tlhomilweng ka moono wa "Diphetogo di mosola mo kgwebong". Pegelo e thusa puso go tlhaloganya seemo sa tekatekano mo tirong mo nageng mmogo le tswelelopele malebana le diphetogo mo tirong mo ngwageng wa 2015.

1.6. Kabinete e akgola Lefapha la Manno a Batho malebana le go abiwa ga Dintlo di le 4.3 milione mmogo le ditšhono tsa dintlo fa e sa le temokerasi e le gona. Ditšhono tseno di akaretsa dintlo di le 2 806 235 tse di etleediwang ka botlalo (dintlo tsa BNG), dintlo tsa loago/tse di hiriwang di le 121 784, di le 6 329 tsa Lenaane la Ketleetso ya Motho ka nosi le le Golaganeng le Ditšhelete le ditsha tse di nang le ditirelo di le 986 608.

Phitlhelelo eno ya hisetori e tlametse batho ba feta dimilione di le 20 ka dintlo mme go keteka phitlhelelo eno, lefapha le tlhomile letsholo la bosetšhaba go bontsha katlego ya naga.

Go tlhomiwa bosetšhaba go dirilwe kwa COSMO City, e leng nngwe ya diporojeke tsa ditlapele mo nageng e gape e ketekang dingwaga di le lesome e ntse e le teng.
Kabinete e lebogetse maAforika Borwa otlhe ka ntlha ya ditshwaelo tsa ona, boineelo le go dira ka natla go netefatsa gore maAforika Borwa a a tlhokang a busediwa seriti ka manno.

1.7. Kabinete e akgola Mokwaledikakaretso wa Ditšhabakopano ka go bitsa Moletlo wa Maemo a a kwa Godimo wa go Saena Tumelano ya Paris, e e amogetsweng ke Ditokolo di le 176 ka Sedimonthole 2015. Go saeniwa ga Tumelano ya Paris go tshwaile kgato ya ntlha ya go diragadiwa ga yona go go tla kaelang maiteko a boditšhabatšhaba a; go lekanyetsa tlhagiso ya digase tsa greenhouse mmogo le go fitlhelela dikgwetlho tsotlhe tsa phetogo ya tlelaemete. Kabinete e letetse go konosediwa ga dithulaganyo tsa selegae tsa go amogelwa ke botlhe, go kgontsha gore go diragadiwe Tumelano ya Paris ka nako gore ka 2020 e bo e diragadiwa ka botlalo.

1.8. Gape Kabinete e lemoga gore Lefapha la Merero ya Tikologo le dirisana mmogo le Lefapha la Bojanala go diragatsa dilaboratori tsa tlamelo tse di bidiwang "Biodiversity Lab: Go godisa tshwaelo ya ikonomi ya ditlamelo tsa bayoloji tsa Aforika Borwa" go tloga ka la bo 10 Moranang go fitlha ka la bo 13 Motsheganong 2016.

Maikaelelo ke go lemoga bokgoni jwa ikonomi jwa ditshedi le dimela tse di farologaneng jo bo tlhalositseng mo Togamaanotlhomo ya Ikonomi ya Bosetšhaba ya Ditshedi le Dimela tse di farologaneng e e amogetsweng ke Kabinete ka Phukwi 2015 gore batho ba nne le seabe mo go yona.

2. Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e amogetse Leanotiro la Pholisi ya Diindaseteri (IPAP) la 2016/17 - 2018/19, e leng pilara ya botlhokwa ya Leano la Moporesitente la Dintlha di le Robongwe mme le tshwaela mo go diragadiweng ga NDP.

Seno ke poeletso ya borobedi ya maano a madirelo a puso a a latelanang a a agelelang mo diphitlhelelong, dipholising mmogo le mo manaane a dipoeletso tse dingwe tse di fetileng.

Maitlhomo a IPAP 2016/17 ke go fitlhelela ditlamorago tse di kwa godimo tsa pholisi ya madirelo mo maemong a a boima a ikonomi. Seno se akaretsa ditlamorago tse di tswelelang pele tsa kwelotlase ya ikonomi lefatshe ka bophara go akarediwa le mathata a tshipi mmogo le kwelotlase ya diminerale gammogo le komelelo e e tseneletseng mmogo le dikgoreletsi tse dingwe tsa selegae.

Diphitlhelelo tsa ngwaga o o fetileng di akaretsa go bolokiwa ga ditiro di ka fopholediwa go 67 000 le go tlhamiwa ga ditiro tse di nang le seriti di ka nna 7 000 mo lephateng la Diaparo le Matlalo le Ditlhako. Lephatapotlana la phetolo ya ditlhagiswa tsa temothuo ke lengwe la maphata a madirelo a selegae a magolo ka go thapa, mme le tlametse ka ditiro tse di fopholediwang go 216 090 ka 2015 fa go bapisiwa le 208 822 ka 2014. Go ngokilwe dipeeletso tsa boleng jo bo fetang R600 milione ka 2015/16 mme seo ya nna motheo wa go maatlafatsa tlhabololo ya dikgwebo go totilwe baagi ba metsemagae.

2.2. Kabinete e amogetse Letlhomeso la Makgaolakgang la Tlhabololo e e Kopaneng ya Metsesetoropo le Leano la Tiragatso la 2016/19. Ditlamorago tsa kakaretso tsa Letlhomeso la Tlhabololo e e Kopaneng ya Metsesetoropo ke phetogo ya go abiwa ga dibaka. Seno ke tumelano e ntšhwa ya ditoropokgolo le ditoropo tsa Aforika Borwa, e e tla lebisang kgolo ya metsesetoropo kwa sekaong sa kgolo ya leruri ya ditoropokgolo le metsesetoropo e e kitlaneng, e gokagane, e babalesegile, e dirisa ditlamelo sentle mme e le mafelo a a siameng a bonno le a tiro.

Seno se tsibogela kaelo ya NDP ya go tlhama pholisi ya tlhabololo ya metsesetoropo e e tla netefatsang thulaganyo e e siameng, dipeeletso tsa mafaratlhatlha le botsamaisi go tshegetsa kgolo le go bulela bokgoni jwa ikonomi jwa ditoropokgolo le ditoropo tsa rona.

2.3. Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Pholisitlhomo ya Tirelo ya Bosetšhaba ya Tlhabololo ya Tiro - Go agela Aforika Borwa Thulaganyo e e bokgoni le e e Gokaganeng ya Tirelo ya Tlhabololo ya Tiro, mo Kaseteng ya Puso gore batho ba tshwaele.

Fa Pholisitlhomo e diragadiwa, e tla dira tlamelo ya mokgwa o o gokaganeng wa ditirelo tsa tlhabololo ya tiro tsa boleng go baagi botlhe. Seno se tla ba kgontsha go dira boitlhophelo jwa tiro ka kitso go kgona go fitlhelela go thapiwa, go tshwaela mo loagong mmogo le go aga ikonomi ya Aforika Borwa.

Tirelo ya Tlhabololo ya Tiro e na le seabe sa botlhokwa go thusa gore mebaraka ya ditiro e dire mme ditsamaiso tsa thuto di fitlhelele diphitlhelelo tsa tsona. Seno se tshwaela mo go fitlheleleng dikatlenegiso tsa NDP tsa go tsweletsa kgolo ya ikonomi le go thapa, go lepalepanya badiri le ditiro; le go oketsa tlhabololo ya bokgoni mmogo le palo ya dialogane tsa diyunibesithi.

2.4. Kabinete e itsisitswe ka tiragatso ya Thulaganyo ya Bosetšhaba ya Tshekatsheko mme e amogetse Pegelo ya Ngwaga le ngwaga ya 2014/15 le Leano la botlhano la Bosetšhaba la Tshekatsheko la 2016/17 go fitlha 2018/19 jaaka karolo ya letsholo la go tokafatsa tlamelo ya ditirelo.

Thulaganyo ya Bosetšhaba ya Tshekatsheko e tswa mo Letlhomesong la Bosetšhaba la Pholisi ya Tshekatsheko le le netefatsang gore bosupi jo bo ikanyegang e bile bo sa gobelele jo bo tswang mo ditshekatshekong, bo akarediwa mo dithulaganyong tsa maano, tekanyetsokabo, tlhabololo ya ditheo, tshekatsheko ya dipholisi, gammogo le jaaka lenaane le le tswelelang pele le tsamaiso ya diporojeke gore go tokafadiwe tiragatso.

Go konoseditswe gongwe go tsweletswe ka ditshekatsheko di le 47, tse di akaretsang ditshenyegelo tsa puso tsa R75 bilione. Go amogetswe dipegelo tsa tshekatsheko di le 15 mme go fitlha ga jaana, di le 12 di tlhagisitswe fa pele ga Kabinete. Go diragadiwa maano a tokafatso a le 14 mme tswelelopele ya ona e bontsha diphetogo tse di bonalang.

2.5. Kabinete e itsisitswe ka diphitlhelelo tsa tshekatsheko mme ya amogela dikatlenegiso e lebile go oketsa ditlamorago go tswa kwa tiragatsong ya Lephata la Loago la Lenaanekatoloso la Ditiro tsa Setšhaba (EPWP-SS).

Lenaane leno le na le seabe sa botlhoka sa tshireletso ya loago mo bagolong ba ba itekanetseng mme ba sa dire, ka go ba gogela mo tirong e e tlhagisang mme ba amogela tlhatswadiatla ya kgwedi le kgwedi ya palogare ya R1 517.69. Bontsi jwa manaane a lephata la loago bo tlamela baagi ba ba mo matshosetsing le ba ba humanegileng ka ditirelo tse di kgethegileng. EPWP-SS e godile ka bonako magareng ga legato la ntlha le legato la bobedi, go tloga go manaane a le 5 go ya go a le 22 a a bakileng gore lephata le fitlhelele ditšhono tsa tiro di le 175 769 mo legatong la ntlha le ditšhono tsa tiro di le 866 246 mo legatong la bobedi, e leng go feta 750 000 e e neng e beilwe.

Dikatlenegiso di totile go tokafatsa tiragatso go fokotsa tlhaelo ya go tsaya ditshwetso, tiragatso (tuelo ya tlhatswadiatla) mmogo le tlamelo ka katiso, gammogo le kgokaganyo.

2.6. Kabinete e itsisitswe ka diphitlhelelo mme ya tlhomamisa dikatlenegiso tsa sethalo le tiragatso ya tshekatsheko ya Kabelo ya Tlhabololo ya Manno a Metsesetoropo mmogo le Leano la teng la Tokafatso.

Diphitlhelelo di tshegetsa go tswelela ka Kabelo ya Tlhabololo ya Manno a Metsesetoropo jaaka kabelo ya tshegetso ya manno a batho a leruri le a a nang le tekatekano a a tswelang mosola magae a a humanegileng le a letseno le le sa reng sepe.

Seno se botlhokwa mo go fitlheleleng diphitlhelelo tsa MTSF; go tlamela ka ditšhono di le 1 495 milione tsa dintlo mo tikologong ya boleng ka 2019.

2.7. Kabinete e amogetse pegelo ya Tiragatso le Tshekatsheko ya Ditlamorago tsa Ditlamelo tsa Thekenoloji le Badiri tsa Manaane a Indaseteri, tsibogo ya botsamaisi mmogo le leano la tokafatso le le tlhagisitsweng ke Lefapha la Kgwebisano le Indaseteri.

Lenaane leno le itsisitswe ke Lefapha la Kgwebisano le Indaseteri ka 1992 go maatlafatsa tlhabololo ya bokgoni mo saenseng, boenjiniri le thekenoloji. Le tshwaela mo go tlhameng ditiro ka go tlhagisa kelelo ya babatlisisi ba ba nang le bokgoni jo bo kwa godimo le batsamaisi ba thekenoloji mo indasetering le go tokafatsa bokgoni jwa kgaisano jwa dikgwebo tse di nang le seabe.

Lenaane ke karolo ya boammaaruri, ya botlhokwa le e e bokgoni ya tshegetso ya boitlhamedi e e tlamelang ka boleng jo bo bonalang jwa madi go lebeletswe tlhabololo ya thekenoloji mmogo le tlhabololo ya badiri le bokgoni jo bo maleba jwa indaseteri. Gape le gaisana sentle le Manaane mangwe a boditšhabatšhaba.

2.8. Kabinete e itsisitswe ka diphitlhelelo tsa Pegelo ya Setlhophatiro sa Ditona se se neng se batlisisa magatwe a 'diphatlhatiro tsa borutabana tse di rekisiwang' a a amang mekgatlho ya barutabana le batlhankedi ba Mafapha a Diporofense a Thuto. Kabinete e tlhomamisitse dikatlenegiso tsa go samagana le diphitlhelelo ka tsela e e tsepameng.

Mo Pegelong ya sona ya makgaolakgang, Setlhophatiro sa Ditona se sekasekile seabe sa baamegi botlhe mo tsamaisong ya go tlhopha le go ngoka barutabana.
Se lemogile gape mathata a a bonalang mo tsamaisong ya ga jaana ya go thapa mo diphatlhatirong mo lephateng la thuto ya motheo; se tlamela ka dikatlenegiso tsa go thusa Lefapha la Thuto ya Motheo le lephata la thuto ya motheo ka kakaretso go samagana le dikgwetlho tse di supilweng.

3. Molaotlhomo

3.1. Kabinete e amogetse go tlhagisiwa ga Molaotlhomoo o Baakantsweng wa Bosetšhaba wa Dikgwa kwa palamenteng. Molaotlhomo o baakanya Molao wa Bosetšhaba wa Dikgwa wa 1998 (Molao wa bo 84 wa 1998).

Tiragatso ya dipaakanyo e tla tokafatsa tsamaiso ya leruri ya dikgwa mme gape e rotloetse seabe sa ditlhopha tse di mo matshosetsing, tse di ikaegileng ka jalo ya dikgwa go itshedisa, mo Lekgotleng la Bogakolodi la Bosetšhaba la Dikgwa.

4. Ditiragalo tse di tlang

4.1. Moporesitente Jacob Zuma o tla tsenela moletlo wa go tlhongwa le go ikanisiwa ga Moporesitente wa Uganda Yoweri Museveni kwa Kampala ka la bo 12 Motsheganong 2016. Leeto le tla maatlafatsa gape dikamano tsa sebedi magareng ga Aforika Borwa le Uganda.

4.2. Moporesitente Jacom Zuma o tla tsamaisa Letsatsi la Bosetšhaba la Thapelo le le tla tshwarelwang kwa Setediamo sa ABSA kwa Durban ka la bo 29 Moranang 2016. Baeteledipele ba sedumedi le baeteledipele ba mekgatlho ya baagi ba tla tshwaragana le puso go rapelela go golagana go ya pele ga temokerasi, kopano ya setšhaba, kopano ya loago gammogo le Ditlhopho tsa Pusoselegae tsa 2016 tse di atlegileng e bile di rena kagiso.

4.3. Kabinete e itsisitswe ka maano a Lefapha la Botsweretshi le Setso go tshwara Kgwedi ya Aforika ka Motsheganong 2016 ka moono wa: "Re aga Aforika yo o Botoka le Lefatshe le le Botoka" jaaka karolo ya meletlo ya kontinente go keteka go tlhamiwa ga Mokgatlho wa Kitlano ya Aforika, o jaanong o bidiwang Kitlano ya Aforika le tiro e o e dirileng.  Moporesitente Jacob Zuma o tla tlhoma Kgwedi ya Aforika ka Letsatsi la Bosetšhaba la Thapelo ka la bo 20 Moranang 2016.

Mo 2016, Kgwedi ya Aforika e tla tota maiteko a tlhabololo ya basadi le bašwa, fa re ntse re gopola ngwaga wa bo60 wa Mogwanto wa Basadi le ngwaga wa bo40 wa Dikhuduego tsa Bašwa tsa kwa Soweto.

MaAforika Borwa a rotloediwa go nna le seabe mo lenaaneng la maphata mantsi le le akaretsang ditiragalo tse di farologaneng tse di akaretsang botsweretshipono, teatere, mmino, ditlhatlhelelo le dipuisano gammogo le segopotso sa bo10 sa Letlole la Aforika la Ngwaoboswa ya Lefatshe. Kgwedi ya Aforika ke serala sa gore re golagane gape le go itlama gape ka Kopano ya maAforika le Tsosoloso ya Aforika go kopanya batho ba kontinente.  

4.4. Ka la bo 20 Motsheganong 2016, puso e tla etelela pele keteko ya bosetšhaba ya ngwagakgolo wa Yunibesithi ya Fort Hare kwa khamphaseng ya Alice kwa Kapabotlhaba. Go baakanyetsa keteko e kgolo, Moporesitente Jacob Zuma o tlhamile Komiti ya Ditona (IMC) go rulaganya le go gokaganya keteko eno ya hisetori ya ngwagakgolo.

Setheo seno sa thuto sa hisetori se dirile jaaka mosupatsela ka nako ya kgaratlho ya rona ya kgololesego mme gape se itsege jaaka "motswedi wa boeteledipele jwa Aforika" jaaka e le setheo se se tlhagisitseng balwelakgololesego ba tshwana le bagaka ZK Matthews, Nelson Mandela, Robert Sobukwe, Oliver Tambo le Govan Mbeki. Ke yona fela yunibesithi ya Borwa jwa Aforika e e tlhagisitseng ditlhogo tsa mebuso di le tlhano:  Nelson Mandela wa Aforika Borwa, Yusuf Yule wa Uganda, Robert Mugabe wa Zimbabwe, Ntsu Mokhehle wa Lesotho le Sir Seretse Khama wa Botswana.

Jaaka karolo ya meletlo ya ngwagakgolo wa Yunibesithi ya Fort Hare, Kabinete e ikuela mo go botlhe ba ba ithutileng koo mmogo le baagi go amogana tseo ba di gakologelwang ka Fort Hare mo letsholong la Anela Kgang ya Gago ba dirisa #MyFortHare.

4.5. Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa o tla etelela pele kemedi ya Aforika Borwa kwa Foramong ya Lefatshe ya Ikonomi (WEF) ya bo26 ya Aforika kwa Rwanda magareng ga la bo 11 le la bo 13 Motsheganong 2016. Foramo e amogelwa ka moono wa:  "Go golaganya Ditlamelo tsa Aforika ka Diphetogo tsa Dijitale".

Puso ka Leano la yona la Dintlha tse Robongwe e tsweletsa diphetogo tsa dijitale mo nageng. E atolosa legato la ntlha la maiteko a broadband e e tla golaganyang ditheo di feta 5 000 tsa puso mo makgotlatoropong a dikgaolo a le robedi mo pakeng ya dingwaga tse tharo. Go rebotswe matlole a bokana ka R740 milione go tshegetsa katoloso eno.

4.6. INDABA 2016 kwa Inkosi Albert Luthuli Convention Centre kwa Durban go tloga la bo 7 go fitlha la bo 9 Motsheganong 2016, ke serala sa Kopano ya maAforika se se tla tsweletsang ditlhagiswa tsa bojanala mo bareking ba boditšhabatšhaba.

Bojanala jaaka nngwe ya dipilara tse thataro tsa kgolo ya ikonomi mo Leanong la Bosetšhaba la Tlhabololo, bo tshwaetse R357 bilione mo GDP ya rona ka 2014 mme bo tshegeditse diperesente di le 9 tsa ditiro tsotlhe mo Aforika Borwa. Lekgotla la Lefatshe la Maeto le Bojanala le fopholetsa gore bojanala bo tla tshwaela R560 bilione mo GDP ya rona ka 2025 mme bo tla tshegetsa ditiro di feta dimilione di le pedi.

Go godisa ditlamorago tsa Bojanala mo Ikonoming ya Mawatle ke ntlha ya botlhokwa mo Leanong la Dintlha tse Robongwe, mme seno se ikaegile ka bokgoni jo bo iseng bo dirisiwe jwa mawatle a rona, a a ka tshwaelang mo kgolong ya ikonomi. Ikonomi ya mawatle le bojanala di tlamela ka ditšhono tse di boitshegang tsa kgolo ya ikonomi le go tlhamiwa ga ditiro.

4.7. Mo segopotsong sa Letsatsi la Badiri ka la bo 1 Motsheganong 2016, Kabinete e boeletsa maitlamo a naga go sireletsa ditshwanelo tsa badiri ka melao ya rona e e nang le tswelelopele.

Fa e sa le ka 1994, puso e ntse e tsweletsa ditshwanelo tsa badiri ka melao e tshwana le Molao wa Dikamano tsa Bodiri, Molao wa Dipeelo tsa Motheo tsa go Thapa, Molao wa Tekatekano ya go Thapa mmogo le wa Boitekanelo le Pabalesego mo Tirong.

4.8. Kabinete e ikuela mo barutwaneng ba Mophato wa 12 go simolola go laisolola diforomo tsa go dira kopo gongwe go dira dikopo mo inthaneteng kwa ditheong tsa thuto e kgolwane jaaka karolo ya Letsholo la Dira kopa jaanong/ Kheta Career Guidance.

Letsholo leno la ngwaga le ngwaga la Lefapha la Thuto e Kgolwane le Katiso, le tla tswelela bosetšhaba go fitlha ka Lwetse 2016 mme le thusa barutwana go dira boitlhophelo ka kitso fa ba dira dikopo tsa kwa ditheong tsa thuto e kgolwane.

Barutwana ba rotloediwa go ikgolaganya le Tikwatikwe ya Ditirelo tsa Tlhabololo ya Ditiro (Career Development Services Centre) ka SMS gongwe “please call me” mo 072 204 5056 gongwe 086 999 0123, emeile careerhelp@dhet.gov.za, mo Facebook kwa www.facebook.com/careerhelp gongwe mo Twitter kwa http://twitter.com/rsacareerhelp.

5. Maemo a Kabinete mo Mererong e e Botlhokwa ya ga jaana

5.1. Kabinete e rotloetsa baamegi botlhe ba ba maleba go tshwaela mo lekwalotlhomong le le sekasekilweng la Tumelano ya Maatlafatso ya Ikonomi ya Bantsho e e Atolositsweng ya Indaseteri ya Aforika Borwa ya Meepo le Diminerale 2016 le le phasaladitsweng mo Kaseteng ya Puso.

Lekwalotlhomo le le sekasekilweng la Tumelano ya Meepo gape le gokaganya dipholisi le melao ya puso ya diphetogo go tokafatsa tsela ya go dira kgwebo, go tlhalosa dintlha tsa taolo, diponelopele mmogo le tsepamo. Gape le lepalepane le ditlamelo tsa Molao wa Maatlafatso ya Ikonomi ya Bantsho e e Atolositsweng, 2003 (Molao wa bo53 wa 2003) le Melawana ya Tiragatso e e Siameng (Code of Good Practice (Melawana ya DTI).

5.2. Kabinete e lemoga gore go amogelwa ga go tsewa go go tshitshintsweng ga SAB Miller ke AB InBev go sa ntse go sekwasekwa ke bothati jwa dikgaisano. Kabinete e amogela tsamaiso e e dumelanweng ke Tona ya Tlhabololo ya Ikonomi le AB InBev le bothati jwa dikgaisano mo dintlheng tse di farologaneng tsa dikgatlhego tsa setšhaba. Maitlamo a setlamo a tla dira jaaka kaedi ya ditlamo tse dingwe tse di mo seemong sa go kopana le go tsaya tse dingwe mo mererong ya dikgatlhego tsa setšhaba.

Seno se akaretsa maitlamo a setlamo se dumelaneng ka ona go dirisa R1 bilione mo dingwageng tse di tlang di le tlhano go tsweletsa bolemirui jo bo potlana le tlhabololo ya batlamedi ba selegae, dikgwebo tse dintšhwa, dithekenoloji tse di somarelang maatla le metsi mmogo le tlhabololo ya bašwa. Maitlamo a ditiro, go akarediwa maitlamo a go tila go fokotsa badiri ka ntlha ya go kopana ga ditlamo le go tshola badiri mo seemong sa ga jana mo setlamong mo dingwageng tse tlhano tse di latelang, ke karolo ya tumelano magareng ga setlamo le puso go tshegetsa go tlhabololwa ga indaseteri, dikgwebopotlana mmogo le go tlhamiwa ga ditiro.

5.3. Mo ntlheng e nngwe e e kwa thoko, Kabinete e lemoga go diragadiwa ga ditlamelo tsa Molao o o Baakantsweng wa Dikgaisano tse di reng ke tlolomolao ya bosenyi gore bakaedi le botsamaisi ba dumelane go tsepamisa ditlhotlhwa, dithendara gongwe mebaraka. Ditlamelo tseno ke karolo ya dikgato tsa go maatlafatsa ntwa kgatlhanong le digongwana tse di senyang ikonomi mme di bolaisa badirisi ditlhotlhwa tse di kwa godimo.

Re ikuela mo dikgwebong tsa Aforika Borwa go gaisana go ikaegilwe ka ditlhotlhwa tse di kwa tlase, boitlhamedi, boleng jo bo tokafetseng jwa dithoto gongwe ditirelo tse di gaisang go badirisi go na le go dira seo ka go dumelana.

5.4. Kabinete e lemogile ka moo lephata la dibanka le laolwang ka gona mo Aforika Borwa - le lefatshe ka bophara, le tlhokego ya gore Aforika Borwa a obamele seemo sa boditšhabatšhaba go tshwana le Basel III le melawana e e kgatlhanong le madi a a bonwang ka bonweenwee (Anti-money laundering regulations) ya Setheo sa Tiro sa Dikgato sa Ditšhelete (Financial Action Task Force (FATF)), tse di kileng tsa amogelwa ke Kabinete, mme di tshegediwa ke molao o o amogetsweng ke Puso. Thulaganyo ya Twin Peaks e tla laola maitsholo a mebaraka mo lephateng la dibanka le ditšhelete."

5.5. Kabinete e amogela ditlamorago tsa Kopano ya Dikgakologo ya Letlole la Boditšhabatšhaba la Ditšhelete le Ditlhopha tsa Dibanka tsa Lefatshe ya 2016 e e neng e tshwerwe ka moono wa "Dikgwetlho tsa Lefatshe, Ditharabololo tsa Lefatshe".  Go tshitshintswe tsela e e dintlha tse tharo go tlhosetsa kgolo mo legatong la lefatshe, go rotloetsa dinaga go dirisa dipholisi go tsweletsa kgolo, go tewa diphetogo mo go tsa ditšhelete le dipopegotheo. Dinaga tse di nang le sebaka sa ditšhelete di rotloeditswe go dira go le gontsi go oketsa tlhokego; fela, tiragatso ya diphetogo tsa dipopegotheo e nnile botlhokwa go botlhe. Go bontsi, seno se akaretsa dipeeletso mo mafaratlhatlheng, boitlhamedi le go tokafatsa tikologo ya taolo, gareng ga tse dingwe.  

5.6. Kabinete e gakolola botlhe ba ba nang le tshiamelo ya go nna batlhophi ba ba iseng ba ikwadise le go tlhomamisa dintlha tsa bona gore ba sa ntse ba ka dira jalo ka go etela Kantoro ya selegae ya Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho (IEC). Seno se a tlhokega go netefatsa gore leina la gago le teng mo lenaneng la batlhophi le le tla kgontshang batlhophi ba ba nang le tshiamelo go diragatsa tshwanelo ya bona ya temokerasi ka la bo 3 Phatwe 2016.

Kabinete e ikuela mo batlhophing botlhe ba ba nang le tshiamelo go netefatsa gore ba fitlhelela ditlhokego tsa go tlamela ka diaterese tsa bona kwa kantorong ya selegae ya Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho (IEC). Dipotsiso tsa ditlhopho di ka romelwa kwa tikwatikweng ya dikgolagano ya IEC kwa 0800 11 8000 e e bulwang Mantaga go fitlha Labotlhano, go tloka ka 7 mo mosong go fitlha 9 bosigo.

5.7. Kabinete e akgola Transet, Bothati jwa Bosetšhaba jwa Botšhotšhisi, SABC le Mafapha a Thuto e Kgolwane le Katiso, Dikamano le Tirisano tsa Boditšhabatšhaba le Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo jaaka di supilwe ele "Bathapi ba ba Ngokelang go Gaisa" mo Aforika Borwa ke setlamo sa matshwaokgwebo a bathapi, UNIVERSUM.

5.8. Kabinete e akgola Tona ya Saense le Thekenoloji, Naledi Pandor, yo o amogetseng Order of Merit go tswa kwa Rephaboliking ya Bofederale ya Jeremane ka ntlha ya tshwaelo ya gagwe mo tlhabololong ya saense mo lefatsheng. Sekgele se abetswe batho go tswa lefatsheng ka bophara ka ntlha ya diphitlhelelo tsa bona mo maphateng a sepolotiki, loago le botlhale.

5.9. Kabinete e akgola Mokaedikakaretso wa Merero ya Tikologo, Nosipho Ngcaba ka ntlha ya go amogela Sekgele sa 2015/16 Lifetime Achievement Eco-Logic go tswa kwa phasalatsong ya tsa tikologo, The Enviropaedia.

5.10. Kabinete e akgola motsweretshi Kemang Wa Lehulere ka go nna "Motsweretshi wa Ngwaga" wa 2017 ka ketleetso ya Deutsche Bank. Wa Lehulere, yo o lebelelang bomaleba jwa botsweretshi mo go Aforika Borwa wa morago ga Tlhaolele, o tla tlhagisa pontsho ya gagwe ya ntlha ya motho a le mongwe kwa Jeremane kwa Deutsche Bank KunstHalle kwa Berlin mo ngwageng o o tlang.

5.11. Kabinete e akgola Lefapha la Bojanala ka ntlha ya go gapa moputso wa Best Public Policy/Support mo Dikgeleng tsa African Responsible Tourism Awards. Sekgele seno se newa lefapha la puso, bothati, gongwe setheo se se dirileng maitlamo a a bonalang le tshwaelo mo go tsweletseng bojanala jo bo nang le maikarabelo.

5.12. Kabinete e akgola rakolofo Branden Grace ka go gapa la ntlha PGA Tour kwa RBC Heritage kwa Hilton Head, Amerika.

5.13. Kabinete e utlwisitswe botlhoko ke loso la ga Bertie Lubner yo o nnileng le tshwaelo e e bonalang mo tlhabololong ya Aforika Borwa jaaka moeteledipele wa kgwebo, moetleetsi le modulasetilo wa botshelo wa SA Jewish Board of Deputies.

5.14. Kabinete e romela matshediso a a tswang kwa botennye jwa pelo kwa ditsaleng le balesika ba batswasetlhabelo ba le lesome (Tiisetso Tselo, Sesi Mtshali, Sana Sibeko, Mphikeleli Malindi, Gugulethu Sithole, Vusi Nkabinde, Daphney Linda, Sicelo Kheswa, Sphamandla Gedle le Simphiwe Nhlapo) ba kotsi ya masetlapelo ya bese fa ba ne ba tswa kwa Raling ya Kgoeletso ya Manifesto a ANC kwa Port Elizabeth. Kabinete e eleleditse le ba ba gobetseng pholo ya ka bonako.

5.15. Kabinete e rometse matshediso go ba lelapa le ditsala tsa ga Ngaka Herman Nditsheni Netshidzivhani, Moitseanape wa ntlha wa montsho wa mo mererong ya kungwiso ya peo ya pelegi mo Aforika Borwa. Jaaka mosimolodi wa tliliniki ya kungwiso ya peo ya pelegi kwa Sepetlele sa Park Lane kwa Johannesburg, Netshidzivhani o thusitse maAforika Borwa a le mantsi go itshimololela malapa.

5.16. Kabinete e rometse matshediso kwa go balelapa le ditsala tsa ga Dene Smuts, Tokololo ya Palamente ya maloba ya Democratic Alliance. Kabinete e akgola tshwaelo ya gagwe e e matsetseleko mo go tlhamiweng ga temokerasi ya rona ya molaotheo.

5.17. Kabinete e ikamanya le Moporesitente Jacob Zuma mo go eleletseng Mama Winnie Madikizela-Mandela pholo ya ka bonako mme e ikuela gore go tlotlwe ba lelapa mo nakong eno. Winnie Mandela o tlotlwa thata ka ntlha ya seabe sa gagwe mo kgaratlhong ya rona ya kgololesego se se dirileng gore go fedisewe dipholisi tse di neng di gatelela batho mmogo le mo go tlisetseng Aforika Borwa temokerasi.

6. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi:
6.1. Paul Steenkamp mo Lekgotleng la Bogakolodi la Bosetšhaba la Boitlhamedi.
6.2. Clarinda Elizabeth Simpson jaaka Motlhankedimogolo wa Ditšhelete wa SENTECH.
6.3. Lumko Caesario Mtimde jaaka Mokhuduthamaga wa Setheo sa Ditirelo tsa Botlhe le tsa Phitlhelelo ya Aforika Borwa.
6.4. Go thapiwa gape ga ga Moatefokate Rory Wayne Voller Jaaka Motlatsamokhomišinara wa khomišeneng ya Dithoto le Dithata tsa Ditlamo (CIPC).
6.5. Go atolosiwa ga konteraka ya ga Lungisa Fuzile jaaka Mokaedikakaretso (DG) wa Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba .
6.6. Go atolosiwa ga konteraka ya ga Nosipho Ngcaba jaaka Mokaedikakaretso wa Lefapha la Merero ya Tikologo.
6.7. N Mafu jaaka Motlatsamokaedikakaretso: Botsamaisi jwa Maatlafatso le Baamegi mo Lefapheng la Bagale ba Ntwa.
6.8. TLM Makotoko jaaka Motlhankedimogolo wa Tiragatso (COO) wa Lefapha la Merero ya Tikologo.

Dipotsiso:
Donald Liphoko
082 901 0766

Share this page

Similar categories to explore