Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 19 Diphalane 2016

1. Go tsenngwa tirisong ga Manaane a a Botlhokwa a Puso

1.1. Kabinete e eleletsa baithuti botlhe masego jaaka ba tla bo ba simolola ka ditlhatlhobo tsa bona tsa bofelo jwa ngwaga. Baithuti ba materiki ba ngwaga wa 2016 ba rotloediwa go tsepamisa megopolo mo go kwaleng Ditlhatlhobo tsa Setefikheiti se Segolwane sa Bosetšhaba tse di tla simololang semmuso ka la bo 24 Diphalane 2016 mme di konosediwe ka la bo 29 Ngwanaitseele 2016.

1.2. Kabinete e rata gape go tswelela ka boipiletso jwa yona jwa gore setšhaba se tshegetse maiteko otlhe a go boloka ngwaga wa dithuto wa 2016. Maiteko a, a a eteletsweng pele ke puso ka Setlhopha sa Tiro sa Ditona se se dirang mmogo le baithuti, batsadi, diyunibesithi le bannaleseabe ke sesupo sa boineelo jwa rona jo bo kopanetsweng go bona tharabololo le go busetsa maemo setlwaeding mo lekaleng la rona la thuto e kgolwane.

Kabinete e dumalana le maikutlo a baithuti tebang le dikgwetlho tse ba samaganang natso ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa dithuto, manno, dibuka, dipalangwa le ditshenyegelo tse dingwe tsa go itshedisa.

Fa ngwaga o wa dithuto o ka senyega diyunibesithi le dikholeje di sa fitlhelele tharabololo monongwaga, baithuti ba materiki ba ka nna milione ba monongwaga ba ka se amogelwe kwa ditheong tsa thuto e kgolwane ka 2017. Ditlamorago ke gore baithuti botlhe go simolola ka ba ngwaga wa ntlha go fitlha go ba ngwaga wa bofelo, ba tla amega gammogo le ikonomi ya rona ka ntlha ya gore go tla bo go se na dialogane tse dišwa tse di nonofileng go tsena mo mebarakeng ya ditiro.

Kwa bofelong ba ba tla bong ba ne ba alogile go nna dingaka, dienjeneri, babalamatlotlo, barutisi le dithutego tse di farologaneng ba tla bo ba sa siamela go ka nna le seabe mo ikonoming.

Kabinete e tshegetsa ka botlalo ditshwanelo tsa thuto jaaka di tlhagelela mo teng ga Tumalano ya Kgololosego le Molaotheo, le mo teng ga Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP). Re tswelela gape le go tshegetsa tshwanelo ya go fitlhelela thuto e kgolwane, segolo mo bathong ba ba humanegileng.

Tumalano ya Kgololosego ya re, “thuto e kgolwane le katiso ya setegeniki di tla bulelwa botlhe ka dithuso le dibasari tsa puso tse di tla rebolelwang ba ba dirang sentle thata mo dithutong tsa bone.”

Molaotheo le ona o tlhalosa gape gore, “Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya thuto e kgolwane e puso, ka mekgwa e e diregang, e tshwanetseng go dira gore e nne teng e bile e fitlhelesege.”

Go lebilwe bogolo jwa dikgwetlho mo thutong e kgolwane, Moporesitente Jacob Zuma o atolositse Setlhopha sa Tiro sa Ditona ka go akaretsa le Tona ya Tlhaeletsano, ya Bonno jwa Batho, ya Matlotlo le ya Tlhabololo ya Loago.

Puso e amogetse ditshitshinyo di le mmalwa tse di tlhagisitsweng ke ditlhpha le bannaleseabe ba ba farologaneng. Setlhopha sa setegeniki se tsweletse go di sekaseka mme fa tiro e e sena go konosediwa, go tla newa dikatlenegiso tse di tla samaganang le dikgwetlho tsa ga jaana.

Puso e tla tswelela go tsaya dikgato go dira gore matlole a lekane baithuti botlhe ba ba tshwanelwang ke NSFAS go duelela ditshenyegelo tsotlhe tsa thuto kwa diyunibesithi le dikholeje tsa Thuto le Katiso ya Tiro ya Setegeniki (TVET) mo pakeng e telele. Puso e tla tlhoma gape le mekgwa ya go samagana le dikgwetlho tse di lebaneng le baithuti “ba ba mo magareng” ba ba senang matshwanedi a go ka bona tlamelo ya matlole a thuto go ya ka melao ya ga jaana ya NSFAS mme ba tlhoka thuso e e rileng go duelela dithuto tsa bona ka botlalo. Tsotlhe tse di tla tsenngwa ka dikgato ka seelo le selekano se se ikaegileng ka kgolo ya ikwadiso le matlole a a leng teng.

Khomišene ya Ditlhotlhomiso ya Moporesitente e e ka ga Thuto e Kgolwane le Katiso e tswelela ka tiro ya yona mme e tla thusa puso go tla ka tharabololo ya pakatelele ya go phitlhelelo ya thuto e kgolwane segolo mo bathong ba ba humanegileng.

Tona ya Matlole o tla ala Pegelo ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Pakagare ka la bo 26 Diphalane 2016 e e tla tlhomang letlhomeso la matlole le le anameng mo pakagareng.

Mo ngwageng wa ditšhelete wa 2016/17, puso e abetse thuto e kgolwane matlole a a bonalang e leng se se dirileng gore Lefapha la Thuto e Kgolwane le Katiso le amogele kabelo ya tekanyetsokabo ya R49.2 bilione.

Kabinete e dumela gore ke ka dipeeletso tsa rona mo thutong jaaka naga mo re ka nnang le tswelopele e e bonalang go samagana le mathata a botlhokatiro, botlhoki le go tlhoka tekatekano. Puso e tsibogetse boikuelo jwa baithuti mme e tla thusa ka matlole a koketso ya dituelelo ya go fitlha go 8%, go duela koketso ya dituelelo ka thebolelo ya tlamelo ka matlole mo boemong jwa baithuti ba ba humanegileng, ba badiri le ba ba itsegeng jaaka “ba mo magareng”, go raya gore. baithuti bao letseno la malapa a bona le sa feteng R600 000 ka ngwaga. Se se kaya gore baithuti ba ba tshwanelwang ke NSFAS le “ba ba magareng” ga ba ne ba okelediwa dituelelo, ka ntlha ya fa puso e tla duelela koketso eo. Thuso e e tla fitlha go R2.5 bilione, mme e tla thusa baithuti ba ba iseng ba aloge ba feta 70%.

Bannaleseabe botlhe ba tshwanetse go dira go tlhola maemo le tikologo e e siametseng gore go simololwe ka lenaneo la dithuto ntle le tshenyo ya nako. Go netefatsa phitlhelelo ya tshwanelo ya thuto e kgolwane, puso e tla tla ka leano, ka tirisano le bannaleseabe ba ba maleba, la phetolo ya diyunibesithi le di-TVET go tlhola ditšhono tsa phitlhelelo, katlego, matlole le tshegetso go baithuti le ditheo. Bannaleseabe ba le mmalwa go akaretsa baithuti, dibanka le kgwebo, ba tlhagisitse ditshitshinyo tse di farologaneng tsa gore re ka tlamela jang thuto ka matlole segolo go batho ba ba humanegileng. Ka jalo, Setlhopha sa Tiro sa Ditona se tla kopanya bannaleseabe botlhe go rala leano le le tla lereng tharabololo.

Kabinete e amogela go simololwa ga dithuto kwa dingweng tsa diyunibesithi tsa rona, mme e ikuela go baithuti botlhe go boela kwa diphaposing. E ke paka e e botlhokwa thata ya lenaneo la dithuto ka ntlha ya fa ditlhatlhobo di le gaufi. Puso e dumela gore dingongorego tsa baithuti di ka rarabololwa ka ditherisano fa lenaneo la dithuto le ntse le tsweletse pele.

Kabinete e tswelela go tlhobaediwa ke go runya ga ditshupetso tsa baithuti tse di nang le tirisodikgoka mo dikhamphaseng tsa diyunibesithi tse dingwe go ralala naga. Le fa tshwanelo ya go ipelaetsa e sirelediwa ke Molaotheo, ga go a tshwanela go nna le tirisodikgoka, matshosetsi le tshenyo ya dithoto.

Bannaleseabe botlhe ba tshwanetse go dira sengwe le sengwe se ba se kgonang le go tsaya dikgato tse di maleba go sireletsa lenaneo la dithuto ka ntlha ya fa ditlamorago tse di ka tlhagelelang di tla nna maswe thata mo ikonoming, mo baithuting le ba ba mo mophatong wa materiki. Thuto ke maikarabelo a mongwe le mongwe, tla re dire mmogo go busetsa maemo sekeng kwa ditheong tsa thuto e kgolwane re lebile isago ya bana ba rona le isago ya naga ya rona.

1.3. Kabinete e amogetse peeletso ya R3 bilione ka Marriot International e e bakang gore setlhopha se segolo sa dihotele mo lefatsheng se konosetse dihotele di le tlhano tse dišwa. Pego e e supa tshepo ya babeeletsi mo nageng e, le isago e e tsabakelang ya ikonomi ya selegae.

1.4. Aforika Borwa o supilwe e le naga e e gaisang ya taolo ya disuga le thebolo ya dibonto tsa boipusi mo borwa jwa Aforika ke Lekwalodikgang la Mebaraka e e Tlhagelelang, e leng monnaleseabe mo Dikopanong tsa IMF/Banka ya Lefatshe. Kabo e e tla morago ga gore Banka ya Lefatshe e lemoge maatlametlo a naga e mo mererong ya disuga. Dikgele tse ke bopaki jwa katlego e naga e e tswelelang go e itumelela mo mebarakeng ya matlole ya lefatshe le tsela e e manontlhotlho e ikonomi eno e laolwang ka teng.

1.5. Leeto la Semmuso la Kenya la ntlha ka tlhogo ya naga ya Aforika Borwa, Moporesitente Jacob Zuma, fa e sale temokerasi, le ne le akaretsa setlhopha sa kgwebo go ya kwa Foramong ya Kgwebo ya Kenya-Aforika Borwa, e e neng e sekaseka ditšhono tsa peeletso le kgwebisano. Go saenilwe Dimemorantamo tse di latelang tsa Tumalano: tirisano ya sepodisi, tshomarelo le taolo ya mefutafuta ya botshelo le Lamu-Port Southern Sudan-Ethiopia Transport Corridor.

1.6. Kopano ya Bobedi ya Khomišene ya Dinagapedi magareng ga Aforika Borwa le Rephaboleki ya Namibia e gateletse boineelo jwa rona jo bo kopanetsweng ka go sekasekiwa ga dintlha tse di farologaneng tsa dinaga ka bobedi, kgaolo le tsa boditšhaba. Memorantamo wa Tumalano wa Thuto e Kgolwane o konoseditswe, go akaretsa go saeniwa ga Dintlha tsa Tumalano tsa Komiti e e Kopanetsweng ya Baitseanape ka ga Molelwane wa Noka ya Orange.

1.7. Leeto la tiro kwa Vietnam le Singapore la ga Motlatsa Moporesitente Cyril Ramaphosa le dirisitswe go senola makala a kgwebisano le peeletso a isago, le go ngoka Dikgwebo tsa Puso ya Singapore go beeletsa mo Aforika Borwa ka Dimphato tsa Puso-Poraefete, go ya ka Leano la Dintlharobongwe la Aforika Borwa. Go nnile gape le boineelo go tswa go Singapore jwa go thusa Aforika Borwa ka tlhabololo ya dinonofo le go oketsa palo ya dikhoso tsa katiso tsa baithuti ba Aforika Borwa tse di rebolwang ka fa tlase ga Lenaneo la Tirisano le Singapore.

1.8. Moporesitente Jacob Zuma o eme ka lefoko Khonferense ya Ditlhogo tsa Borongwa tsa Aforika Borwa e e nnileng serala sa ditlhogo tsotlhe tsa borongwa tsa rona go ka abelana maele ka ga dintlha le maitlhomo a a di kgontshang go tswelela go emela naga ya rona ka manontlhotlho. Jaaka e le baemedi ba rona kwa dinageng tse dingwe, ba na le maikarabelo a go aga botsalano le dikamano tse di tla re thusang go fitlhelela maitlhomo a rona a a mo teng ga NDP, e leng a kgolo e e akaretsang, ditiro le botshelo jo bo botoka go batho ba rona.

1.9. Fa a tsibogela ditlhokego tsa baagi le dikgwebo, Tona ya Metsi le Kgeleloleswe Nomvula Mokonyane o tla ribolola lekwete kwa go tla agiwang Kgato ya Ntlha ya Porojeke ya R18 bilione ya Vaal Gamagara, ka Labotlhano ono wa la bo 21 Diphalane 2016. Fa Kgato ya Ntlha e konosediwa, batswelwamosola ba tla akaretsa dipolase tsa leruo di le 14, meepo e le 12, diphaka tsa maatla a letsatsi, le baagi ba Olifantshoek, le Hotazel, e leng batho ba ka nna 23 499.

1.10. Go thankgololwa ga kgato ya ntlha ya R49 milione ya Phaka ya Madirelo ya Isithebe kwa Mandeni, KwaZulu-Natal, ke karolo ya Lenaneo la Tsosoloso ya Diphaka tsa Madirelo la Lefapha la Kgwebisano le Madirelo, mme e supilwe go ka ntšhwafadiwa.

Maikaelelo ke go ntšhwafatsa diphaka tsa puso go ralala naga go rotloetsa madirelo le go oketsa seabe sa bona mo go tlholeng ditiro le mo kgolong ya ikonomi ya naga. Madirelo a a dirang go tswa kwa Isithebe a na le seabe se segolo mo ikonoming ya lefelo leo, ka go tlamela ka ditiro di feta 20 000. Mo lenaneong la ntšhwafatso, dikgwebopotlana, tse di mo magareng le tse dikgolwana (di-SMME) di le 15 di tlhophetswe porojeke e ka boleng jwa R6.3 milione mme go thapilwe batho ba le 162.

1.11. Pego ya gore Aforika Borwa e tla tswelwa mosola mo tumalanong e ntšhwa ya kgwebo le Mokgatlhotshwaraganelo wa Yuropa (EU), e tla baka tokafalo mo go fitlheleleng ditlhagiswa tsa Aforika Borwa kwa mebarakeng ya EU. Tumalano ya Semphato sa Ikonomi (EPA) ka fa tlase ga letlhomeso la SADC-EU EPA e emela ditlamelo tsa tumalano e e leng teng ya kgwebisano magareng ga Aforika Borwa le EU, e e itsegeng jaaka Tumalano ya Kgwebisano, Tlhabololo le Tirisanommogo (TDCA). EPA e tlamela ka mebaraka e mešwa ya go fitlhelela sukiri le ethanolo ga mmogo le phitlhelelo e e botoka ya mebaraka ya veine, mabolomo, ditlhagiswa tsa mašwi le maungo.

1.12. Khomišene ya Tshomarelo ya Tuna ya Bluefin e okeditse kabelo ya Palogotlhe ya Aforika Borwa ya go Tshwarwa ga Tuna ya Bluefin ya Borwa go tloga go ditone di le 150 go ya go di le 450 mo dipakeng tsa go tshwara ditlhapi tsa 2018-2020. Se se botlhokwa mo maitlhomong a Aforika Borwa a go tlhola ditiro tsa leruri mo lekaleng la bodirelatlhapi mme se tla tlisa letseno le le tlhokegang la diromelwantle mo nageng e.

1.13. Go thapiwa ga badirakopo ba ba atlegileng ke Lefapha la Maatla mo Lenaneong la ntlha la Batlhagisi ba ba Ikemetseng ba Motlakase (IPP) ka malatlha ke karolo e e botlhokwa ya maiteko a puso a go sireletsa tlamelo ya motlakase mo nageng. Badirakopo ba babedi ba ba atlegileng ba tla oketsa motlakase wa 863.3MW mo mothamong wa bosetšhaba mo dingwageng di le tlhano tse di latelang.

Go thapiwa go, go ngoka dipeeletso tse di fetang R40 bilione tse di tla dirisiwang go ribolola mafaratlhatlha mo lekaleng la maatla, go godisa theko ya selegae le go tlhola ditiro di le 6 613 fa go agiwa mafaratlhatlha mmogo le di le 13 524 mo tiragatsong.

Le fa leano la kago ya maatla mo Aforika Borwa le akaretsa tlhabololo ya metswedi ya tlhago ya lookwane, naga e ikemiseditse mo ntlheng ya go fetogela kwa ikonoming ya khabono e e kwa tlase, go lebilwe segolo metswedi ya maatla e e phepa. Ka IPP ya Maatla a a Ntšhwafatsegang, 6 376 MW ya motlakase e rekilwe go tswa go Batlhagisi ba ba Ikemetseng ba Motlakase ba le 102 mo ditikologong di le thataro tsa thekiso. Mo go tsona, 2 200 MW ya mothamo wa tlhagiso ya maatla go tswa mo diporojekeng di le 44 tsa IPP di tsentswe mo mothamong wa bosetšhaba.

1.14. Jaaka Kgwedi ya Dipalangwa e tswelela, diporojeke le maiteko a le mmalwa a mafaratlhatlha a dipalangwa a botlhokwa a a tswelediwa go golaganya batho le mafelo botoka, e leng se se tlholang ditiro tse dišwa le go fetola tsela e maAforika Borwa a tsayang maeto ka yona.

Mo ntlheng e, Kabinete e amogela peeletso ya R24 milione ka Lefapha la Ditsela le Dipalangwa la Gauteng go baakanya tsela ya D904, e e itsegeng gape ka Tsela ya Evaton ya maloba. Go tsosoloswa ga tsela e e leng teng go tla tokafatsa nako ya maeto, le go netefatsa gore bakgweetsi, boradibaesekele le batsamayakadinao ba babalesegile botoka mo tseleng.

1.15. Go tsholwa ka katlego ga Foramo ya Botlhano ya Bobusi jwa Inthanete ya Aforika kwa Durban go bakile go konosediwa ga maemo a kontinente, a a tshegetsang go fitlhelelwa ga maitlhomo a Agenda 2063, pele ga Foramo ya Bobusi jwa Inthanete e e tla tshwarelwang kwa Mexico ka Sedimonthole 2016. Aforika Borwa o saenile Tumalano ya Makokomantsi ya Tirelo ya Motsamaisi le DONA Foundation.

1.16. Ditsereganyo tsa puso go samagana le bonweenwee, tsietso le go rwesa diintaseteri maikarabelo di dirile gore go nne le tumalano le ditlamo di le supa tsa kago tse di kwadisitsweng mo lenaneong la maiteko, le le tla itlhaganedisang diphetogo mo intasetering e. Tumalano e e na le dintlha di le mmalwa, tse di akaretsang: Kabelo ya matlole go diporojeke tsa tlhabololo; Boineelo jwa go dira diphetogo mo lekaleng le; Letlhomeso la go diragatsa ditopotuelo ka lekala la puso, Maikano a Tshiamo ka Batlhankedikhuduthamagamogolo (di-CEO).

Metheo ya botlhokwa ya tumalano e e akaretsang faene ya R1,4 bilione e e tlhomilweng ke bothati jwa dikgaisano tse di tla duelwang ke ditlamo mo Letloleng la Bosetšhaba la Letseno. Madi a mangwe a a kana ka R1,5 bilione a tla abelwa letlole go tshegetsa maiteko a peeletso mo leagong go lebilwe bogolo baagi ba ba neng ba sena ditšhono mo malobeng.

Maikano a diphetogo a tla diragadiwa ke setlamo sengwe le sengwe sa di le supa tse, mme a ka diragadiwa ka ‘sekao sa tekano’ mo e leng gore bonnye 40% ya dišere mo setlamong seo e tla rekisediwa maAforika Borwa a bantsho; kgotsa ‘sekao sa molekane’ mo setlamo se tla dirang le ditlamo tse di ka fitlhang go di le tharo tsa kago tsa bantsho go di thusa go dira letseno le le lekanang le 25% ya letseno la sona. Maikano a, a lekanyeditswe go R9 bilione ya letseno la ngwaga go ya kwa bokhutlong jwa paka ya tumalano.

Maikano a tshiamo a tla saeniwa ke CEO mongwe le mongwe yo o ineelang go tsaya dikgato tse di bonalang go netefatsa gore setlamo ga se utlwanele ditlhwatlhwa le se sengwe kgotsa go nna bonweenwee, fa se dira le ditlamo tse se gaisanang natso, puso kgotsa bareki ba bangwe ba lekala la poraefete.

Tumalano ya tuelo e tlamela ka ditirego tse di tlhomameng tse di tshwanetseng go konosediwa mo dibekeng di le mmalwa tse di latelang mme di a sekasekwa le go diragadiwa e bile pego e tla rebolwa tebang le bokhutlo jwa ditiragalo tse.

1.17. MaAforika Borwa a rotloediwa go sekaseka tshedimosetso e ba e begelwang go tswa mo Pegelong ya Ngwaga le Ngwaga ya 2015/16 kwa Palamenteng. Tshedimosetso e e supa go tsenngwa tirisong ga Lenaneotiro la Puso, gammogo le katlego ka ga Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) le go tsenngwa tirisong ga NDP.

1.18. Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go abelana maikutlo a bona ka ikonomi le dintlha tse dingwe tse ba ka ratang puso e di tlhagisa mo Pegelong ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Pakagare (MTPBS), e e tla alwang ke Tona ya Matlotlo Pravin Gordhan ka la bo 26 Diphalane 2016. Ditshwaelo di ka romelwa ka Facebook mo go: National Treasury South Africa, Twitter @TreasuryRSA, ka go bua kgotsa ka webosaete ya Matlotlo a Bosetšhaba.

2. Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e amogetse Pegelo ya Tshosobanyo ka ga dintlha tse di anameng tsa Leanolegolo la Bosetšhaba la Dipalangwa la 2050 (NATMAP), le le golagantsweng le NDP mme le na le maitlhomo a a latelang ka dipalangwa: thulaganyetso ya pakatelele le go baya dintlha ka mananeo, pabalesego, go ikanyega le go nna tlhwatlhwatlase ga dipalangwa; go leba ka kwa ga dipalangwa gonne makoa le dilabe tse dintsi e le ka ntlha ya tiriso e e bokoa ya lefatshe le thulaganyo; go rotloetsa phetogo ya maitsholo ka go fetola tsela e batho ba tsayang dipalangwa tsa botlhe ka teng; le leanothulaganyo le le akaretsang tlhabololo le loago.

2.2. Kabinete e amogetse go romelwa ga Melawana ya Boditšhaba ya Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano (di-ITR), Dubai 2012, kwa Palamenteng go mametlelelwa.

Di-ITR ke tumalano ya boditšhaba, e bile ke karolo ya Melawana ya Tsamaiso ya Mokgatlo wa Boditšhaba wa Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano. Di-ITR di nyalana le NDP, segolo thotloetso ya kgolo ya ikonomi le kakaretso e e anameng ka go tlhongwa ga mafaratlhatlha a a anameng a a maatla a marang a kgaso le Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le ditlhwatlhwa tse di kwa tlase.

2.3. Kabinete e amogetse go romelwa ga Dikgato tsa Bofelo tsa Khonferense ya Tlhaeletsano ya Radio ya Lefatshe (WRC-15), kwa Palamenteng go mametlelelwa, go ya ka Karolo 231(2) ya Molaotheo.

Dintlha tsa botlhokwa tse di amogetsweng kwa WRC-15 di akaretsa go rebolwa ga marang a kgaso a botlhe, go rebolwa ga kgaso, ditirelo tsa tlhaeletsano ka sathalaete, ditirelo tsa difofane, mananeo a mawatle le ikonomi ya mawatle, ditirelo tsa namolo ya matlhotlhapelo le maemo a tshoganyetso, gammogo le mananeo a isago go tshegetsa tlhabololo ya ikonomi. Dipoelo tsa WRC-15 le tsona di tlamela gape le ka maemo a a edileng a tirelokgaso ka go sireletsa marang a Digital Terrestrial Television (DTT).

2.4. Kabinete e amogetse go romelwa ga Dikgato tsa Bofelo tsa Khonferense ya Mokgatlo wa Bosetšhaba wa Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano (ITU) ya Bothati jwa Puso ya Guadalajara 2010, kwa Palamenteng go mametlelelwa go ya ka Karolo ya bo  231(2) ya Molaotheo.

Khonferense ya Bothati jwa Puso ke setheo se se kwa godimo se se tsayang ditshwetso sa ITU, e leng setheo sa Ditšhabakopano se maikarabelo a sona e leng go laola tsamaiso ya lefatshe ya ditlhaeletsano tsa ileketeroniki.

Tiro ya ITU e nyalana le NDP ka ntlha ya fa le tsepame mo tlhabololong ya Mafaratlhatlha a Ikonomi mo lekaleng la tsa thekenoloji ya ditlhaeletsano tsa tshedimosetso (ICT).

2.5. Kabinete e begetswe ka tswelopele e e dirilweng go tsenya tirisong Lefelotiro la Maano a Marang. Ka Phatwe 2016 Lekgotla la Kabinete le sweditse gore Lefelotiro la Maano a Marang le tshwanetse go tlhongwa go itlhaganedisa go tsenngwa tirisong ga SA Connect, e leng pholisi ya bosetšhaba ya marang a tlhaeletsano.

Jaaka karolo ya Dintlha tsa Tiragatso tsa lefelotiro la maano, dintlha di le mmalwa tsa botlhokwa di ne tsa supiwa tse di tla nnang le seabe ka tlhamalalo mo go rebolweng ga inthanete e e rekegang, e le bonako, e e ikanyegang e bile e sireletsegile. Tsona di akaretsa go samagana le ditiego mo go abeng marang a topo e e kwa godimo, kgokaganyo ya marang a tlhaeletsano, thebolo le kabelomatlole; go samagana le ditheo tse di nonofileng tsa mebaraka; go itlhaganedisa go fetogela kwa kgasong ya dijithale; go tlhongwa ga leano la e-government; tolamiso ya Ditheo tsa Puso tsa ICT; le go tlamela setheo sa Bolaodi ka metswedithuso le go samagana le tsietso mo tsamaisong ya lekala la ICT.

2.6. Kabinete e amogetse gore Tumalano ya Paris ka ga Phetogo ya Tlelaemete e romelwe kwa Palamenteng go mametlelelwa. Tumalano ya Paris ke sediriswa sa molao se se tla tswelelang go kaela tsamaiso ya kgato ya lefatshe lotlhe ka ga phetogo ya tlelaemete. E tlisa ditšhaba tsotlhe mo maemong a a tshwanang a go dira go tsibogela mmogo matshosetsi a phetogo ya tlelaemete mo bokaelong jwa tlhabololo e e tswelelang le maiteko a go fedisa botlhoki. E tlhoma maitlhomo a go tshola palogare ya maemo a bosa a lefatshe go nna kwa tlase ga digerata di le 2.

Tumalano ya Paris e tla tsena tirisong ka la bo 4 Ngwanaitseele 2016, matsatsi a le 30 morago ga letlha le Maphata a Tumalano e a ka nna 55 e leng bonnye 55% ya khuetso e e sa kgotleleng loapi a tlhagisitse didiriswa tsa ona tsa mametlelelo.

Mametlelelo ya Aforika Borwa ya Tumalano ya Paris ke sesupo se se siameng sa boineelo jwa rona jo bo tswelelang jwa go nna le seabe mo maitekong a lefatshe lotlhe a go samagana le kgwetlho ya phetogo ya tlelaemete.

2.7. Kabinete e amogetse Seralwa sa Pholisi ya bosetšhaba ya Ditirelo tsa Katoloso le Dikgakololo gammogo le Leano la go e tsenya tirisong. Pholisi e e ikaelela go tlhoma letlhomeso la taolo go tsweletsa nonofo, tlhagiso, tekano tswelelo ya tikologo le ikonomi, makala a dikgwa le bodirelatlhapi. Se se tla netefatsa gore makala otlhe mo tlhagisong (go tswa go batlhagisi go ya go badiragatsi) a temothuo, dikgwa le bodirelatlhapi a kgona go dirisa ditšhono tsa go tsweletsa dikgwebo le matshelo a ona.

2.8. Kabinete e amogetse seralwa sa makgaolakgang sa MTSF 2014-19 sa Poelo 2 “Botshelo jo Boleele e bile bo Itekanetse go maAforika Borwa Otlhe”. Se ke nngwe ya dintlha tse di tla tsenyang tirisong Kgaolo ya bo 10 ya NDP 2030.

MTSF 2014-19 e tlhabolotswe go akaretsa bopaki jwa sešweng jwa tiragatso ya tota ya makala a boitekanelo kgatlhanong le maitlhomo a a mo teng ga MTSF 2014-19; go amogelwa ga Maikaelelo a Tlhabololo e e Tswelelang a 2030 ka Aforika Borwa, le go fokotsa ditshupane tsa tirego.

2.9. Go latela go amogelwa ke Kabinete, Tona mo Kantorong ya Moporesitente yo o nang le maikarabelo a Tiromaano, Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro, Jeff Radebe o tla senola diphitlhelelo tsa gagwe tsa Sediriswa sa Tlhatlhobo ya Tiragatso ya Bolaodi (MPAT). Pegelo e e tlamela ka thuto e e momaganeng ya ditlhatlhobo tsa MPAT le tshekatsheko ya dikgetse go tloga ka 2011 go fitlha ka 2015.

MPAT e tsentswe tirisong go tsweletsa diphetogo mo ditirong tsa bolaodi mo mafapheng a puso. Se se nyalana le NDP e e kayang gore magareng ga ga jaana le 2030, Aforika Borwa o tlhoka go bo a tlhomile puso e e bokgoni, e nonofileng e bile e tsibogela ditlhoko tsa baagi.

Dipholo tsa 2015 di supa gore MPAT e atlegile mo go diragatseng ditlhabololo tse di tswelelang mo tirong ya bolaodi; le fa go le jalo, go farologana go ya ka mafapha le diporofense. Go na le dikarolwana tsa manontlhotlho tebang le ditiro tsa bolaodi go ralala puso fela ditiro tse di bokoa tsa boeteledipele jwa bolaodi e sa ntse e le kgwetlho e kgolo e e nang le seabe mo makoeng a botsamaisi.

Kabinete e tshegetsa mokgwa o o momaganeng wa go tshegetsa ditokafatso, o o eteletsweng pele ke Lefapha la Tiromaano, Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro.

3. Melaotlhomo

3.1. Kabinete e amogetse gore Molaotlhomo wa Thibelo le go Samagana le Bosenyi jwa Letlhoo le Puo ya Letlhoo o phasaladiwe go ngoka ditshwaelo tsa baagi. Molaotlhomo o o batla go tlhoma ditlolomolao tsa bosenyi jwa letlhoo le puo ya letlhoo le go tlhoma mekgwa ya go thibela le go samagana le ditlolomolao tse. Maikaelelo ke go samagana le ditiragalo tse di oketsegang tsa bosemorafe le mefuta e mengwe ya bosenyi e e tlhotlhelediwang ke go gobelela, lenyatso kgotsa go se itshokelane, ka mokgwa wa bosenyi jwa letlhoo le puo ya letlhoo, tse di diragetseng mo nakong e e fetileng.

Se se nyalana le NDP e e tlhagisang tlhokego ya matsholo a leruri kgatlhanong le bosemorafe, kgethololo ka bong, letlhoo la baratani ba bong jo bo tshwanang, letlhoo la batswantle le gore batho botlhe ba babalesegile e bile ba ikutlwa jalo.

4. Ditiragalo tse di tlang

4.1. Kgwedi ya Tsiboso ka Kankere ya Matsele ka Diphalane, e supa maiteko a bosetšhaba ka tlhokomelo ya boitekanelo ya botlhe le ya poraefete go tsibosa ka ga bolwetse bo. Go lemogwa ka bonako ga maemo a go thusa mo go boneng kalafi e e nonofileng. Basadi le banna botlhe ba tshwanetse go nna ba itlhatlhoba ka gale le go ya go lekolwa kwa tikwatikweng ya boitekanelo e e gaufi nabo.

4.2. Lefapha la Boitekanelo le tla nna moamogelabaeng wa Kopano ya bo 40 ya Maokelo a Lefatshe ya Mokgatlo wa Maokelo a Boditšhaba (IHF) ka fa tlase ga setlhogo, "Go Rarabolola Kgwetlho ya Tlhokomelo le Pabalesego ya Molwetse”, kwa Durban go tloga ka la bo 31 Diphalane go fitlha ka la bo 3 Ngwanaitseele 2016.

Kopano e tlamela ka foramo e e kgethegileng ya lefatshe e e tsamaisang thefosano ya kitso ya makala a a farologaneng, boitseanape le maitemogelo mo taolong ya lekala la boitekanelo le thebolo ya ditirelo.

5. Maemo a Kabinete mo Mererong ya jaanong

5.1. Kabinete e tiiseditse tshegetso ya yona go Tona ya Matlotlo, Pravin Gordhan yo go ya ka Karolo 35 ya Molaotheo a senang molato go fitlha a ka bonwa molato ke kgotlatshekelo ya molao.

Kabinete e tswelela go nna le tshepo mo tsamaisong ya bosiamisi mo nageng le ditiragalo tse di lolameng tse di sa gobeleleng tse di tlhalosang paka ya rona ya temokerasi. Ditiragalo tse di tshwanetse go letlwa go tswelela.

5.2. Dioelo tsa Samiti ya bo 8 ya BRICS, e e neng e tshwerwe go tloga ka la bo 15 go fitlha ka la bo 16 Diphalane ka fa tlase ga setlhogo “Go Tlhoma Ditharabololo tse di Tsibogang, Di Akaretsa, di Kopanetswe (BRICS)” kwa Goa, India, e bone baeteledipele ba BRICS ba tshwere ditherisano ka ga go matlafatsa tirisanommogo ya mo teng ga BRICS le go leba merero ya lefatshe jaaka dikgotlhang tsa boditšhaba, ntwa kgatlhanong le borukhutlhi, le poposešwa ya tsamaiso ya lefatshe ya bobusi, segolo go dira Ditšhabakopano go nna ya temokerasi le Ditheo tsa Bretton Woods.

Go amogelwa ga Kgoeletso ya Goa le Leanotiro, go supile motheo o o tsepameng o BRICS e o dirileng ka go tlhoma mekgwa ya setheo ya tirisanommogo. Kgonagalo ya go tlhoma Setheo sa Dielo sa BRICS se se ikaegileng ka melawana ya mebaraka, go tswelela go matlafatsa bokgoni jwa bobusi jwa lefatshe, le yona e amogetswe.

Fa baeteledipele ba Cipla Pharmaceuticals Company le Dube Industrial Development ba ne ba etetse kwa Goa, ba ne ba saena tumalano e e tlhomang lefelo la tiriso ya dijini tsa batho. Peeletso e ya R1.3 bilione e tla baka polante ya ntlha mo kontinenteng ya Aforika, le go tlhagisa melemo e e kgatlhanong le kankere e rekega e bile e ikaegile ka ditiragalo tsa thekenoloji ya botshelo.

5.3. Kabinete leboga batho ba Mozambique ka momagano ya bona le boineelo moo kgaratlhong ya rona go bona kgololosego. Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa le Tona ya Botsweretshi le Setso, Nathi Mthethwa, ba ne ba tsenela segopotso sa tirelo ya bo 30 ya moswi Samora Machel, mothei le Moporesitente wa Mozambique, yo o tlhokafetseng ka fa tlase ga maemo a a belaetsag kwa Mbuzini. Go tlotla segopotso sa baeteledipele ba bagaka ba Aforika jaaka Samora Machel, Julius Nyerere, Oliver Tambo le Nelson Mandela, re gakologelwa gore go ya ka bona boeteledipele e ne e le tirelo ya boineelo go Aforika go tsweletsa dikgatlhegelo tsa batho ba Aforika.

Re agelela mo hisetoring ya rona e e tshwanang le go itumelela dikamano tse di maatla tsa sedipolomate le tsa ikonomi go tsweletsa kgolo ya ikonomi, go tlhola ditiro le go fokotsa go se lekalekane. Go tlhongwa ga Maputo Development Corridor, e e golaganyang boemakepe jwa Maputo le mooko wa madirelo wa naga ya rona, ke karolo e e botlhokwa ya maiteko a rona a go rotloetsa kgwebisano le peeletso go tlhola momagano ya kgaolo.

5.4. Kabinete e eleletsa Advocate Busisiwe Joyce Mkhwebane masego ka go thapiwa ga gagwe jaaka Mosireletsi wa Setšhaba wa Rephaboliki ya Aforika Borwa mo nakong ya dingwaga di le supa go simolola ka la bo 15 Diphalane 2016. Kabinete e dumela gore Advocate Mkhwebane o tla direla setšhaba ka botswapelo le go tswelela go dira se se tshwametseng go sireletsa dikgatlhegelo tsa maAforika Borwa otlhe.

5.5. Kabinete e leboga Advocate Thuli Madonsela ka go direla naga le go tlhoma kantoro ya Mosireletsi wa Setšhaba kwa godimo mo megopolong ya baagi.

5.6. Kabinete e inyalanya le bobegakgang jwa Aforika Borwa mo segopotsong sa Letsatsi la Kgololosego ya Bobegakgang le le itsegeng ka "Laboraro o Montsho" le go akgola intaseteri ya bobegakgang ka seabe sa yona mo go matlafatseng temokerasi ya naga e. Ka la bo 19 Diphalane 1977, puso ya tlhaolele e ne ya laela makwalodikgang a The World le Weekend World go se tlhole a gatisa mme se sa baka go tshwarwa le go ilediwa ga babegakgang.

Molaotheo wa temokerasi ya rona o sireletsa kgololosego ya bobegakgang ka ntlha ya fa e tsewa e na le seabe sa botlhokwa mo go tsweletseng tshwaraganelo ya bosetšhaba le tekatekano ya botlhe.

Jaaka re leba tswelopele e Aforika Borwa a e dirileng mo go tshegetseng kgololosego ya bobegakgang, Kabinete e akgola SANEF ka segopotso sa yona sa bo 20 se se tla bong se ketekiwa mo bekeng e e tlang.

5.7. Kabinete e otlolola seatla sa kgolagano le batho ba Nigeria le malapa a basetsana ba ba santseng ba thopilwe, morago ga dikgang tsa gore basetsana ba le 21 go tswa go ba le 2019 ba ba thopilweng ka dikgoka ke dingangele tsa Boko Haram ba golotswe. Kabinete e ikuela go dinaga tsa boditšhaba go ntšhwafatsa maiteko a tsona a go thusa gore basetsana ba gololwe; segolo dinaga tsotlhe tsa Aforika le Kitlano ya Aforika go tshegetsa Nigeria go senka bana ba ba nyeletseng.

5.8. Kabinete e inyalanya le Moporesitente Jacob Zuma mo go romeleng melaetsa ya matshidiso kwa Pusong le kwa bathong ba Rephaboleki ya Haiti le dinaga tse dingwe tsa Caribbean morago ga gore Dintelo tsa Matthew di bolae batho ba le makgolokgolo le go senya mafaratlhatlha.

5.9. Kabinete e inyalanya le Moporesitente Zuma go romela melaetsa ya matshidiso kwa pusong le kwA bathong ba Puso ya Thailand morago ga go tlhokafala ga Kgosi Bhumibol Adulyadej.

5.10. Kabinete e romela gape melaetsa ya matshidiso go ba lelapa le ditsala tsa molwela kgololosego Mewa Ramgobin. O theile Komiti ya Aforika Borwa ya go gololwa ga Batshwarwa ba Sepolotiki, mme e nnile mongwe wa batshegetsi ba ntlha ba letsholo la Kgololo ya Mandela. Mewa Ramgobin o ne gape e le Moporesitente wa ntlha wa Natal Indian Congress le Monnasetilo wa Phoenix Settlement Trust, e e theilweng ke Mahatma Gandhi ka 1904.

5.11. Kabinete e lemogile gore Moporesitente Jacob Zuma o neetswe le go amogela go leboga tiro ga ga Rre Krish Naidoo le Rre Vusi Mavuso jaaka ditokololo tsa Boto ya Lekgotlakgaso la Aforika Borwa (SABC).

Komiti ya Ditlhaeletsano ya Palamente a tlhomile dikgato tsa go simolola ka ditlhotlhomiso tsa Boto ya SABC, tebang le gore a ba siametse go tswelela ka tiro, go ya ka karolo 15A ya Molao wa Kgaso wa 1999.

Kabinete e akgotse ba ba latelang:

5.12. Moambasatara wa Aforika Borwa kwa Vienna, Tebogo Seokolo, ka go thapiwa ga gagwe jaaka Monnasetilo wa Boto ya Babusi ya Setheo sa Boditšhaba sa Maatla a Athomiki (IAEA). Boto ya Babusi ke setheo se segolo se se dirang ditshwetso sa IAEA.

5.13. Parks Tau ka go tlhophiwa ga gagwe go nna Moporesitente wa mokgatlo wa Ditoropokgolo tse di Kopaneng le Pusoselegae, e leng setheo sa Dipusoselegae mo Lefatsheng, ka la bo 15 Diphalane 2016, kwa Colombia.

5.14. Antonio Guterres, ka go tlhophiwa ga gagwe mo maemong a Mokwaledikakaretso wa Ditšhabakopano (UN) go tloga ka la bo 1 Ferikgong 2017 go fitlha ka la bo 31 Sedimonthole 2021. O tla ka maitemogelo a magolo ka ntlha ya fa a dirile jaaka Tonakgolo ya Portugal go tloga ka 1995 go fitlha ka 2002 le Mokhomišenara wa Batshabi wa UN go tloga ka Seetebosigo 2005 go fitlha ka Sedimonthole 2015.

5.15. Babegadikgang ba Aforika Borwa, ba ba supilweng kwa Dikabong tsa CNN Multichoice tsa Mmegadikgang wa Aforika. Ancillar Mangena wa Forbes Africa o fentse Kabo ya Maggie Eales Wales ya Mmegadikgang wa Mošwa. Jay Caboz, yo le ena e leng wa Forbes Africa, o fentse Kabo ya Maatla le Mafaratlhatlha, fa Kabo ya Ikonomi le Kgwebo e e tlhakanetsweng e fentswe ke Diana Neille, Richard Poplak, Shaun Swingler le Sumeya Gasa ba Daily Maverick Chronicle. Mia Malan wa Mail & Guardian o fentse Setlhopha sa Kabo ya Dikanegelo, fa raditshwatsho wa Sunday Times James Oatway a fentse Kabo ya Botsayaditshwantsho ya Mohammed Amin.

5.16. Mamelodi Sundowns go fenya ka 3-0 kgatlhanong le setlhopha sa Egepeto, Zamalek, mo leotong la ntlha la Makgaolakgang a Liga ya Bommampodi jwa Aforika. Kabinete e ikuela go maAforika Borwa otlhe go tshegetsa Sundowns gore ba tle le naledi eo mo gae.

6. Ba ba thapilweng

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

6.1. Rre Siphamandla Kenneth Mthethwa jaaka Motlhankedimogolo wa Matlole wa Sentech.

6.2. Boto ya Aforika Borwa ya Molaodi wa Diteemane le Dimetale tse di Mabono:

a) Ngaka Sipho David Manese (Monnasetilo)
b) Mme Ntombifuthi Monedi-Noko
c) Mme Mpho Mosing
d) Mme Mamodupi Mohlala-Mulaudzi
e) Rre Bernard Stern
f) Mme Maletlatsa Monica Ledingwane
g) Rre Mochele Noge
h) Rre Tembani Ngqeza
i) Majorokakaretso Peter Jacob Arendse (Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS)
j) Rre Bothwell Deka (Matlotlo a Bosetšhaba)
k) Rre Tsumbedzo Charles Nevhutanda (Bankakgolo ya Aforika Borwa)
l) Rre Senna Mokoena (Mokgatlo wa Bosetšhaba wa Badirameepong)
m) Rre Leon Peter Grobler (Mokgatlo o o Kopaneng wa Aforika Borwa)
n) Rre Kagiso John Menoe (Lefapha la Diminerale)
o) Mme Mmapoulo Lindah Nkhumise (CEO wa Namaotshwere)

Ditokololo tse di refosanang:

p) Moborekadiri Ntombizodwa Hazel Mokoena (SAPS)
q) Rre Raymond James Paola (Bankakgolo ya Aforika Borwa)

6.3. Ditokololo tse e seng tsa Khuduthamaga tsa Boto Sekgwama sa Dikotsi tsa Ditsela (RAF):

a) Ngaka Ntuthuko M Bhengu (Monnasetilo, o thapilwe gape);
b) Rre Dawood Coovadia (Motlatsamonnasetilo, o thapilwe gape);
c) Mme Mala Somaru (o emetse Lefapha la Dipalangwa);
d) Rre Patrick Masobe (o thapilwe gape);
e) Mme Refilwe Mokoena (o thapilwe gape);
f) Ngaka Lungelwa Linda (o thapilwe gape);
g) Rre Ahmed Pandor (o thapilwe gape);
h) Ngaka Terrence Omdutt Kommal;
i) Ngaka Maria Claudina Du Toit;
j) Rre Khotso Monko Mothobi; le
k) Mme Lusanda Unathi Zisiwe Rataemane.

6.4. Molefotenentekakaretso (Mme) Yolisa Matakata jaaka Motlatsa Tlhogo ya Bosetšhaba mo Bokaeding jwa Ditlhotlhomiso tsa Bosenyi jo bo kwa Godimo.

6.5. Ditlhogo tsa Diporofense mo Bokaeding jwa Matlhale a Bosenyi jo bo kwa Godimo:

a) Gauteng: Majorokakaretso (Rre) Prince Nkitsing Mokotedi
b) Kapa Bophirima: Majorokakaretso (Mme) Nombuso Portia Khoza
c) Kapa Botlhaba: Majorokakaretso (Rre) Meshack Nyameko Nogwanya
d) Bokone Bophirima: Majorokakaretso (Mme) Linda Mbana
e) Kapa Bokone: Majorokakaretso (Rre) Kholekile Derick Galawe
f) Limpopo: Majorokakaretso (Mme) Thobeka Hepercia Jozi;
g) Mpumalanga: Majorokakaretso (Mme) Ntombizodwa Hazel Mokoena;
h) KwaZulu Natal: Majorokakaretso (Rre) Isaiah Jabulani Zikhali;
i) Foreisetata: Majorokakaretso (Mme) Liziwe Evelyn Ntshinga

Dipotso:
Donald Liphoko
Mogala: 082 901 0766

Share this page

Similar categories to explore