Pegelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 16 Mopitlwe 2016

1. Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

1.1. Kabinete e sekasekile Dipegelo tsa Dipoelo tsa Dikgatelopele tsa Kotara ya Boraro tsa paka ya Diphalane go fitlha Sedimonthole 2015. Dipegelo di bontsha kgatelopele e e utlwalang malebana le go tsenngwa tirisong ga manaane a puso a a amang ka tlhamalalo tokafatso ya matshelo a maAforika Borwa.

Dipegelo tsa Dipoelo tsa Dikgatelopele di naya bosupi jwa gore puso e dirile kgatelopele go fitlhelela diphitlhelelo tse di neng di tlhagisitswe mo Letlhomesong la Togamaano ya Pakagare la 2014-2019. Gape di re atametsa le go fitlhelela Ponelopele ya 2030 jaaka e tlhagisitswe mo Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP), le maitlhomo a lona e leng go samagana le lehuma, botlhokatiro le go tlhoka tekatekano.

Kabinete e lemogile tswelelopele e e amogelesegang e e dirilweng go fitlhelela diphitlhelelo le ditlhagiso tsa botlhokwa. Kabinete e lemogile gore le fa go nnile le tswelelopele e e bonalang malebana le bontsi jwa disupi, go sa ntse go na le dikarolo tse di tlhokang tsereganyo e e gokaganeng ya puso.

2. Go tsenngwa tirisong ga manaane a botlhokwa a puso

2.1. Kabinete e tlhagisitse Ditebogo tsa yona go maAforika Borwa a a tsibogetseng boikuelo jwa Khomišene ya Ditlhopho e e Ikemetseng (IEC) jwa gore batho ba ikwadise, ba tlhole seemo sa bone sa ikwadiso mmogo le go ntšhwafatsa dintlha tsa bona mo lenaneng la batlhopi ka mafelo a beke a la bo 5 le la bo 6 Mopitlwe 2016. Batho ba ka nna dimilione di le tharo ba etetse diteišene tsa ditlhopho naga ka bophara mme baikwadisi ba bantšhwa ba le 544 552 (78%) ba ne ba le dingwaga tse di ka fa tlase ga 30, e leng sesupo sa keletso ya maAforika Borwa go nna le seabe mo go ageng temokerasi ya rona.

Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng go diragatsa tshwanelo ya bona ya molaotheo ka go ikwadisa mme e rotloetsa ba ba ikwadisitseng mo nakong e e fetileng go tlhomamisa dintlha tsa bona tsa ikwadiso ya ditlhopho ka ntlha ya fa go na le mabaka a le mmalwa a a bakileng diphetogo mo lenaneng la batlhopi.

2.2. Beke ya bofelo ya ikwadiso e tla nna ka la bo 9 le la bo 10 Moranang 2016 fa diteišene tsa ditlhopho di tla bo di butswe gape go tloga ka ura ya bo 8:00 mo mosong go fitlha ka ura ya bo 17:00 mo maetsiboeng. Seno e tla bo e le tšhono ya bofelo ya gore batlhophi ba ikwadise le go ntšhwafatsa dintlha tsa bona tsa ikwadiso kwa diteišene tsa ditlhopho. Le fa go le jalo, go ikwadisa go tswelela pele kwa dikantorong tsa selegae tsa IEC ka dinako tsa tiro go tloga Mosupologo go fitlha ka Labotlhano, go fitlha lenane la batlhophi la Ditlhopho tsa Makgotlatoropo tsa 2016 le tswalelwa ka letsatsi le go tla bong go itsesiwe letlha la ditlhopho ka lona.

Kabinete e kgalema ka bogale tirisodikgoka e e neng e aparetse mafelo a beke ya ikwadiso fa gautshwane kwa mafelong mangwe mme e boeletsa gore ga gona motho ope yo o tshwanetseng go thibela moAforika Borwa ope go diragatsa tshwanelo ya gagwe ya tmolaotheo ya go ikwadisetsa go tlhopha. Kabinete e ikuela gape mo go botlhe ba ba rweleng maikarabelo go tila dikgato tseo tsa bosenyi le gore ba ba amegang ba bege ditiragalo tseo kwa ditheong tsa tiragatso ya molao. Kabinete e ikuela mo ditheong tsotlhe tsa tiragatso ya molao go tsaya dikgato tse di bogale kgatlhanong le batlolamolao.

2.3. Moporesitente Jacob Zuma o tla etela Port Elizabeth ka la bo 8 Moranang 2016 go tlhatlhoba kgatelopele e e dirilweng tebang le go tlhabolola mafaratlhatlha a dipalangwa tsa mo lewatleng jaaka karolo ya maiteko a naga a Ikonomi ya Lewatle. Ikonomi ya Lewatle ke nngwe ya maphata a le mararo a Operation Phakisa mme e atametsa naga gaufi le go bula bokgoni jwa mawatle a Aforika Borwa, a a nang le bokgoni jwa go nna le seabe sa bokana ka R177 bilione mo ikonoming ya naga le go tlhama ditiro tse dintšhwa di feta milione.

2.4. Kabinete e amogela go konosediwa ka katlego ga Leeto la Semmuso la ga Moporesitente Zuma kwa Rephaboliking ya Bofeterale ya Nigeria go tloga ka la bo 8 go fitlha ka la bo 9 Mopitlwe 2016, e e tokafaditseng dikgolagano tse di leng gona tsa sebedi tsa sepolotiki, ikonomi le loago. Nngwe ya dintlhakgolo tsa diphitlhelelo tsa leeto e nnile go godisiwa ga Khomišene ya Dinagapedi go ya kwa seemong sa Tlhogo ya Mmuso, e leng se se bayang tlhabololo ya ikonomi magareng ga dinaga tse pedi go nna setlapele.

Kabinete e amogela go bulelwa ga ikonomi ya Nigeria ditlamo tsa Aforika Borwa mo maphateng a a farologaneng a tshwana le a boenjiniri, ditlhaeletsano tsa megala, dikago, diphofo, bobegakgang, bojanala, dibanka, boitumediso, dithoto, kgwebo, mmogo le ditirelo tsa go phuruphutsha oli le gase. Kabinete e letetse kgolo ya palo ya dipeeletso tsa Nigeria mo Aforika Borwa e leng se se tla tsweletsang kgwebisano ya maphatamabedi magareng ga dinaga tse pedi tse.

Dipoelo tsa puisano eno magareng ga diikonomi tse pedi tse dikgolo go gaisa mo kontinenteng di tla gokaganya diikonomi tsa kgaolo, mme ka go rialo di oketse mmaraka o o tlhakanetsweng le go godisa maiteko a a leng teng a kgolo ya ikonomi mmogo le ditiro mo Aforika. Seno se supa gore Aforika Borwa e sa ntse e le boyo jo bo gaisanang jwa dipeeletso le fa ikonomi ya lefatshe e ntse e le mo mathateng, mme se tla lebisa kwa ditšhonong tsa ditiro mmogo le tlhabololo ya bokgoni jwa maAforika Borwa otlhe.

2.5. Kabinete e tsibogetse gore Aforika Borwa e tla nna le seabe mo Kopanong ya bo 60 ya Khomišene ya Seemo sa Basadi ya Ditšhabakopano (UN) (CSW60) e e diragalang kwa New York, Amerika go tloga ka la bo 14 go fitlha ka la bo 24 Mopitlwe 2016 ka fa tlase ga moono wa: “Maatlafatso ya basadi le kgolagano ya yona le tlhabololo e e nnelang leruri.” Kopano e diragala mo ngwageng wa botlhokwa wa Aforika Borwa ka ntlha ya fa o na le diphitlhelelo tse tharo tsa botlhokwa, e leng, Segopotso sa bo 20 sa Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996, Segopotso sa bo 40 sa Dikhuduego tsa kwa Soweto le Segopotso sa bo 60 sa mogwanto wa basadi wa 1956.

Aforika Borwa e tlhagisitse pegelo kwa UN CSW60 mme seno se re naya tšhono ya go lekanyetsa kgatelopele e re e dirileng fa e sale re bona temokerasi. Go botlhokwa go lemoga gore fa e sale ka puso ya temokerasi, Aforika Borwa, gareng ga tse dingwe, e nnile le seabe kwa Khonferenseng ya bo 4 ya Lefatshe ya Basadi ka 1995, mme ya saena Sekwalwa sa Beijing sa Maikano le Dirala tsa go tsaya Dikgato gone mo ngwageng oo.

Go lepalepana le tshwetso ya E/RES/2013/18 ya Lekgotla la UN la Ikonomi le Loago, Aforika Borwa e itlamile go tswelela go diragatsa Sekwalwa sa Beijing sa Maikano le Dirala tsa go tsaya Dikgato, e leng leano la maatlafatso le tsweletso ya basadi.

3. Melaotlhomo

3.1. Kabinete e amogetse go tlhagisiwa ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Dipopegotheo tsa Makgotlatoropo wa 2016 wa Pusoselegae kwa Palamenteng. Go dirwa dipaakanyo mo Molaong wa Dipopegotheo tsa Makgotlatoropo,1998 (Molao wa bo 117 wa 1998) wa Pusoselegae o o fetisitsweng pele ga ditlhopho tsa ntlha tsa temokerasi tsa pusoselegae tse di diragetseng ka la bo 5 Sedimonthole 2000.

Dipaakanyo di tla tokafatsa tsamaiso ya ditlhopho tsa pusoselegae mme gareng ga diphetogo tse dingwe, o batla go:
a) baakanya seemo sa makgotlatoropo a Karolo ya A;
b) tlosa go kaiwa ga dikarolo tsa tsamaiso ya dikgaolo;
c) tlhamalatsa letlha la go simolola tiro ga molekgotla;
d) letla Moporesitente go tlhoma le go itsise letlha la ditlhopho tsa makgotlatoropo;
e) letla gore go nne le katoloso ya kitsiso ya dipholo tsa ditlhopho;
f) gore motsamaisi wa lekgotlatoropo a itsese IEC ka diphatlhatiro tse di mo otong;
g) swetsa gore Mokhuduthamaga a itsise le go tlhoma letlha la ditlhopho tsa tlaleletso;
h) tlhamalatsa ditlhokego tsa maloko a setlhophatshwetso tsa kopano ya lekgotla;
i) tlhamalatsa mabaka a go tlhopha ga molekgotla yo e leng modulasetilo ka nako ya kopano ya lekgotla;
j) oketsa pharologano ya palo ya batlhophi mo otong nngwe le nngwe ka nako ya kopano ya lekgotla; le
k) oketsa pharologano ya palo ya batlhophi mo otong nngwe le nngwe ka nako ya go aroganngwa ga melelwane go tlhalosa kabo ya ditilo tse di fetang tekano mo makgotlatoropong a selegae.

4. Ditiragalo tse di tlang

4.1. Moporesitente Zuma - jaaka modulasetilommogo le Moporesitente wa Fora François Hollande wa Khomišene ya Maemo a a Kwa Godimo ya Ditiro tsa Boitekanelo le Kgolo ya Ikonomi - o tla tsenela go tlhomiwa ga yona semmuso kwa Lyon, Fora ka Laboraro, 23 Mopitlwe 2016. Khomišene e totile tlhokego ya baporofešenale ba boitekanelo mo dinageng tsa lotseno lo lo magareng le lo lo kwa tlase. Go solofetswe gore maiteko ano a UN a oketse go nna teng ga boitekanelo lefatshe ka bophara le go tsweletsa kgolo ya ikonomi e e akaretsang, e e nang le seabe mo tiragatsong ya Lenaane la 2030 la Tlhabololo e e nnelang Leruri.

4.2. Moporesident Zuma o tla tsaya Leeto la Semmuso go ya kwa Nagabogosing ya Saudi Arabia go tloga ka la bo 27 go fitlha ka la bo 28 Mopitlwe 2016, le le tla maatlafatsang botsalano jo bo leng teng magareng ga dinaga tse pedi.

4.3. Moporesitente o tla tsenela Samiti ya bo 4 ya Tshireletsego ya Nyutlilea kwa Washington, Amerika go tloga ka la bo 31 Mopitlwe go fitlha ka la bo 1 Moranang 2016. Samiti e tla bua ka matshosetsi a a golang a borukhutli jwa nyutlilea le go sedimosa dikgato tse di ka tsewang ke baagi ba boditšhabatšhaba go fokotsa tiriso ya yuraniamo e e humileng thata, go sireletsa dimateriale tse di mo matshosetsing, go tsibogela go utswiwa ga nyutlilea le go thibela, batlisisa le go kgoreletsa maiteko a borukhutli jwa nyutlilea.

4.4. Moporesitente Zuma o tla etelela pele meletlo ya Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho kwa Setediamo sa Moses Mabhida kwa KwaZulu-Natal ka Mosupologo, 21 Mopitlwe ka fa tlase ga moono wa: "Aforika Borwa e kopane kgatlhanong le bosemorafe." Jaaka go itsisitswe ka Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ya 2016, Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho la monongwaga le tla tlhoma motheo wa lenaane la pakatelele la go aga setšhaba se se sa tlhaoleng go ya ka morafe. Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng otlhe go kopana kgatlhanong le, le go nyatsa bosemorafe - e ka nna kwa magaeng a rona, mo baaging, mo dikopanong tsa loago, kwa ditirong gongwe mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano tsa loago. Re tshwanetse go dira mmogo go fitlhelela temokerasi e e kopaneng, e e sa tlhaoleng go ya ka bosemorafe le fa e le go tlhaola go ya ka bong.

4.5. Bakhuduthamaga ba tla buisana le maAforika Borwa go ralala naga ka nako ya Beke ya Bosetšhaba ya Imbizo magareng ga la bo 4 le la bo 10 Moranang 2016, ka fa tlase ga moono wa: Mmogo re tsweletsa pele Aforika Borwa: Godisa Aforika Borwa." Beke eo e tsamaelana le Beke ya Palamente ya Dikgaolotlhopho le meletlo ya Kgwedi ya Kgololesego.

Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go nna le seabe se se tlhaga mo ditiragalong tseno le go buisana le baeteledipele ba sepolotiki. Beke ya Imbizo e tla tlhagisa go tsenngwa tirisong ga Leano la Dintlharobongwe le maikaelelo a lona e leng go susumetsa kgolo ya ikonomi le go tlhama ditiro tse di tlhokegang thata. E tla bontsha gape dikatlego tsa pusoselegae, go akarediwa diphitlhelelo tse di fitlheletsweng ka ntlha ya leano la tsosoloso ya pusoselegae - dikgato tsa Re boela kwa Tshimologong.

Gape beke eo e tla tsamaelana le mafelo a beke a ikwadiso ya bofelo pele ga Ditlhopho tsa Makgotlatoropo tsa 2016, e naya gape baeteledipele tšhono ya go susumetsa le go rotloetsa maAforika Borwa ka thuto ya ditlhopho go ikwadisa le go tlhomamisa dintlha tsa bona tsa go tlhopha.

4.6. Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa o tla bula Samiti ya bo 2 ya Lekgotla la Tlhabololo ya Badiri e e tla diragalang kwa Gallagher Convention Centre kwa Midrand ka la bo 29 le la bo 30 Mopitlwe 2016, ka fa tlase ga moono wa: "Tirisanommogo go lebeletswe bokgoni - Boikuelo jwa go tsaya Dikgato". Samiti e kgobokanya baamegi go tswa kwa lephateng la thuto e kgolwane go thusa mo tlhabololong ya lona le go tlhama tirisanommogo e e tla bopang ditheo tsa thuto e e kgolwane tse di maatla e bile di siametse indaseteri.

4.7. Beke ya Bosetšhaba ya Metsi ya 2016 e tla ketekiwa go tloga ka la bo 14 go fitlha ka la bo 22 Mopitlwe ka moono wa: "Metsi a batho, metsi ka batho". Beke e tla tlhagisa metsi jaaka tshwanelo ya botho ka go godisa temogo ya mathata a batho ba ba sa kgoneng go fitlhelela metsi a a phepa, a a nwegang.

Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le sa ntse le tsweletse ka go fedisa thulaganyo ya matlwana a dikgamelo mme ga jaana le setse le fedisitse 78% ya thulaganyo ya matlwana a dikgamelo kwa mafelong a baipei mo Aforika Borwa. Diporofense di le supa di dirile bontle tota ka palogare ya phediso ya 90%. Tse di kgonneng go fedisa gotlhelele kwa mafelong a baipei ke KwaZulu-Natal, Bokone Bophirima, Mpumalanga le Gauteng. Kapa Bophirima e fitlheletse 99.8%. Go tswa mo diphitlhelelong tse di neng di beilwe tsa 26 120 kwa Kapa Bokone, Kapa Botlhaba, Bokone Bophirima le Foreisetata, go konoseditswe dithulaganyo di le 11 650 go fitlha ga jaana.

Le fa pula ya fa gautshwane e thusitse, ditlamorago tsa komelelo di tsweletse go utlwala mo dikarolong dingwe tsa naga. MaAforika Borwa a tshwanetse go tswelela go somarela metsi le go diragatsa maiteko a go a boloka. Puso e tlametse ka R1 bilione go samagana le mathata a komelelo.

Kabinete e amogela tswelelopele e e dirilweng ke lenaane la Ntwa kgatlhanong le go dutla ga dipeipi tsa metsi ka fa tlase ga moono wa: "Lerothodi lengwe le lengwe le botlhokwa". Lenaane le ikaelela go ngoka, katisa le go phasalatsa bašwa ba le 15 000 ba ba nang le dithuto tse dinnye tsa Mophato wa 12 gongwe N3 jaaka dipolamara, diathisene gongwe baemedi ba metsi.

5. Maemo a Kabinete mo Mererong e e Botlhokwa ya ga jaana

5.1. Kabinete e ikuela go badiraditshupetso go itshwara le go tlhagisa dingongorego tsa bona ka tsela e e obamelang molao le Molaotheo. Go thuba le go senya dithoto ga e tlhole e le tshwanelo ya go dira ditshupetso mme ke tiro ya disenyi tse di senang taolo. Ditheo tsa tiragatso ya molao di tla diragatsa molao ka go tshwara le go pega molato ba ba senyang dithoto kwa diyunibesithi, ditheong tse dingwe tsa thuto e kgolwane, le mo baaging ka nako ya ditshupetso.

5.2. Tona ya Ditšhelete o begetse Kabinete ka letsholo la fa gautshwane le a le tsereng go ya Amerika le Borithane le baamegi ba ba farologaneng, go akarediwa baeteledipele ba kgwebo. Kabinete e itlamile go netefatsa gore naga e dira mmogo go netefatsa gore maemo a rona ga a fokodiwe.

Leeto leno le naya puso tšhono ya go tlhalosa ka maiteko a le mmalwa a a diragadiwang go samagana le dikgwetlho. Ona a akaretsa dikgato tse di tshwaraganetsweng go akofisa kgolo e e akaretsang botlhe, dikgato tsa go akofisa tsolotanyo ya ditšhelete, go akofisa go tsenngwa tirisong ga Lenaane la Dipeeletso tsa Mafaratlhatlha la R870 bilione mmogo le tswelelopele e e dirilweng go rarabolola mathata a motlakase, go akarediwa motlakase o o ntšhwafadiwang.

Kabinete e ikuela mo maphateng otlhe go buisanela manaane le ditsereganyo tse di tserweng go sireletsa ikonomi ya rona. Go botlhokwa gore maphata otlhe a netefatse gore ikonomi ya naga e kgona go emelana le dikgwetlho. Mo ntlheng eno, Kabinete e laetse gape Komiti ya Ditona ya Dipeeletso go akofisa ditshwetso tsotlhe tsa botlhokwa tse di amanang le ikonomi. Kabinete e boeletsa gore go emelana le dikgwetlho ga ikonomi ya Aforika Borwa go agilwe mo dintlhatheong tse di tsepameng tsa ikonomi mmogo le dipholisi tse di dirisegang.

5.3. Kabinete e lemogile kgetse ya kgotlatshekelo e e  tlhatlhetsweng ke Mokgatlho wa Meepo ya gore Tumelano ya Meepo e se e e mo molaotheong mme e tseewe jaaka e e seng mosola. Kabinete e boeletsa gore dintlhatheo tsa Tumelano ya Meepo di ikaeletse go fetola indaseteri ya meepo le go samagana le go tlhoka tekatekano ga maloba go go tlhotlheleditsweng ke tlhaolele gore indaseteri e lepalepane le diphetogo tsa go fetolwa ka kakaretso ga seemo sa Aforika Borwa sa loago, polotiki mmogo le ikonomi. Kgodiso ya baagi ke ntlha e nngwe ya botlhokwa go netefatsa gore tlhabololo ya meepo ga e kgaphele thoko baagi ba ba maleba.

5.4. Kabinete e ikuela mo badirising botlhe ba tsela, bogolo segolo ba ba tla bong ba le mo maetong ka paka ya malatsi a boikhutso, go diragatsa seabe sa bona ka go rwala maikarabelo a pabalesego ya bona le ya badirisi ba bangwe ba tsela. Go fedisa matlhotlhapelo a mo tseleng e sa ntse e le setlapele sa bosetšhaba. Bakgweetsi ba tshwanetse go nna ba butse matlho, ba obamele melawana ya tsela, ba seke ba nwa mme ba kgweetsa, ba obamele tekanyetso ya lebelo mmogo le go netefatsa gore dijanaga tsa bona di siametse tsela.

5.5. Kabinete e akgola bafenyi botlhe ba Dikgele tsa Bosetšhaba tsa Ditshwanelo tsa Bogole tse di neng di tshwerwe ka la bo 11 Mopitlwe 2016. Dikgele tseno di lemogile batho ba ba nang le bogole le balweladitshwanelo ba ditshwanelo tsa bogole ba ba itshupileng ka 2015.

5.6. Kabinete e akgola bafenyi botlhe ba Dikgele tsa bo 3 tsa Bosetšhaba tsa Botswerere tsa Ngwaga le Ngwaga tsa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS), tse di akgolang botswerere jwa ditokololo tsa SAPS, maresefe mmogo le ditokololo tsa diforamo tsa baagi tsa sepodisi.

5.7. Kabinete e akgola bakwadimmogo Mandla Dube le Leon Otto ba Pambili Media ka baesekopo ya bona ya Kalushi: The Story of Solomon Mahlangu. MaAforika Borwa a rotloediwa go bogela baesekopo eno ya sepolotiki e e kgatlhisang e e ka ga go fetoga ga mosimanyana wa dingwaga di le 19 wa kwa Mamelodi, kwa botlhaba jwa Pretoria, go nna mogaka wa Kgaratlho. Kabinete e boeleditse gore puso, ka Lefapha la Kgwebisano le Indaseteri le la Botsweretshi le Setso, e tla tswelela go tshegetsa kgolo ya indaseteri ya botsweretshi ka go keteka le go anela dikgang tsa Aforika Borwa.

5.8. Kabinete e akgola molweladitshwanelo tsa bosiamisi jwa loago Moruti Michael Lapsey ka go amogela Sekgele sa Kagiso ya Setšhaba sa boditšhabatšhaba sa 2016 mo karolong ya 'Kagiso ya Lefatshe le Poelano - Modirakagiso yo o Itsegeng Boditšhabatšhaba'.

5.9. Kabinete e akgola Pieter du Preez jaaka a tlhophetswe Sekgele sa Motshameki wa Lefatshe wa Ngwaga yo o nang le Bogole sa Laureus, go latela tiragatso ya gagwe e e gaisitseng ka 2015.

5.10. Kabinete e akgola Wayde van Niekerk yo o dirileng hisetori ya lebelo ka go nna monna wa ntlha mo hisetoring go taboga mabelo otlhe a le mararo: 100m ka fa tlase ga metsotswana e le 10, 200m ka fa tlase ga metsotswana e le 20 le 400m ka fa tlase ga metsotswana e le 44, jaaka go tlhomamisitswe ke Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Difetereišene tsa Mabelo.

6. Go thapiwa

6.1. Ga go a itsesewe go thapiwa kwa kopanong eno ya Kabinete.

Dipotsiso:
Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa Namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore