Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 14 Lwetse 2016

1. Go Tsenngwa Tirisong ga Manaane a Puso a a Botlhokwa

1.1. Kabinete e rotloediwa ke kgolo ya Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) ya bokanaka 3.3% mo kotareng ya bobedi ya 2016; e e rebotsweng ke Lefapha la Dipalopalo tsa Aforika Borwa (Stats SA). Tlhatlhogo ya 8.1% mo tlhagisodikunong le ya 11.8% mo meepong le mo go epeng matlapa a a nang le boleng e bontsha tsetsepelo ya ikonomi mo maemong ano a a boima a ikonomi. GDP e tlhatlogile ka R25 bilione e leng eo e fetang kotara ya ntlha ya 2016 e leng palogotlhe e e ka balelwang go R1 068 bilione.

Re boeletsa boikuelo jwa puso, mekgatlho ya kgwebo le ya baagi ya go tshwaraganela tumelano ya loago mo go tsenyeng tirisong  Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP), ka go dirisa Leano la Dintlharobongwe gore go tswelelwe go samagana le maemo a ga jaanong a ikonomi le go tlhotlhetsa kgolo gore e tshegetse ikonomi le go thusa gore e boloke ditiro.

Seno ke sesupo se se tlhamaletseng sa gore fa botlhe re dira mmogo – puso, kgwebo le mekgatlho ya badiri – re ka fitlhelela kgolo ya ikonomi mme kwa bokhutlhong ra tlhama ditiro tseo di tlhokagalang e le ruri.
1.2. Kabinete e amogetse dikgang tse di reng yuniti ya bobedi ya dimekawate di le 800 mo porojekeng ya kwa Seteišeneng sa Motlakase sa Medupi kwa Limpopo e setse e gokeletswe mo keriting ya motlakase. Yuniti ya bo 5 ya seteišene sa motlakase, e leng e nngwe ya di le thataro tseo di agiwang jaaka karolo ya porojeke ya dimekawate di le 4 800, e tla simolola go tsenngwa tirisong ka Mopitlwe 2018.

Eno ke ya bobedi ya diyuniti di le thataro tsa seteišene sa motlakase go tsenngwa tirisong. Yuniti ya ntlha, kgotsa Yuniti ya bo 6, e simolotse go tsenya motlakase mo keriting ka Mopitlwe 2015 e bile e setse e tsentswe tirisong gore motlakase wa teng o rekisiwe. Diyuniti tsotlhe tsa porojeke ya Medupi di solofelwa di tla konosediwa ka ngwaga wa 2020.

Seno se na le seabe mo go somareleng keriti ya rona e leng seo se natlafatsang tlamelo ya motlakase eo e tshepagalang mo Aforika Borwa.

Kabinete e akgotse Eskom tebang le phitlhelelo ya go golaganya, e leng karolo ya lenaanekago le legolo le le potlakileng, leo le tsamaisiwang ke boeteledipele jo bontšhwa. Seno se na le mosola mo tsamaisong le mo tshomarelong ya matlole tebang le Eskom.

1.3. Kabinete e gatelela maikano a yona mo Lenaaneng la Ditheko la Batlhagisi ba ba Ikemetseng ba Motlakase, e leng leo le tla agang le go tlhagisa kabo e ntsi ya motlakase ka e le karolo e e botlhokwa e e tsamaisanang le kgolo le ditiragalo tsa ikonomi.

Seno se tla nna le seabe mo go abeng ka bobedi tlamelo le tlhokomelo ya tlhagiso ya motlakase. Mo godimo ga go tlisa bokgoni jo bontšhwa le go ngokeleng dipeeletso tse dintšhwa mo intasetering, e tla tlhoma gape tiragatso le ditlhwatlhwa.

Seno se tshegetsa NDP, eo e tlhagisang tlhokego ya gore Aforika Borwa e beeletse mo dintsanantsaneng tse di botlhokwa tsa mafaratlhatlha a ikonomi ao a agetsweng go tshegetsa maitlhomo a ikonomi le a loago a pakakhutshwe le pakatelele.

1.4. Kabinete gape e tsibogetse go saeniwa ga Mmemorantamo wa Ditumelano (MoU) magareng ga Setheo sa Banamedi ba Diterene tsa Aforika Borwa (Prasa) le China Communications Construction Company Limited go utolola matsholo a a farologaneng a tlhagiso ya mafaratlhatlha, go akaretsa le Moloto Rail Development Corridor e e golaganyang Gauteng le Mpumalanga.

MoU o saenilwe kwa Foramong ya bo 2 ya Dipeeletso tsa Aforika eo e neng e tsenetswe ke Moporesitente Jacob Zuma kwa Guangzhou, mo Porofenseng ya Guangdong, kwa China.

Porojeke eno e tla dira jaaka motsereganyi mo matsholong a tlhabololo ya ikonomi ka fa gare le ka kwantle ga lefelo leno go rarabolola dikgwetlho tse di mabapi le tshireletsego, tolamo, tshepego, bokgoni jwa go duelela mmogo le dikgolaganyo ka kakaretso le ditirelo tse dingwe tsa dipalangwa tsa botlhe. Gape e tla tokafatso maemo a botshelo mo baaging ba tikologo ka go fokotsa sekgala sa go tsamaya sebaka ka dipalangwa.

1.5. Kabinete e tlotlomaditswe tebang le pegelo ya dikgatelopele tsa kgweditharo ya ntlha, mo pakeng ya Moranang go fitlha go Seetebosigo 2016, ka ga tsenngotirisong ya Dipoelo. Puso e rekotile kgatelopele e e nang le mosola mo matshelong a batho fa mo letlhakoreng le lengwe e samagana le kaboditirelo.

Go tsenngwatirisong ga Lenaanetiro la Dipoelo ke go tsenya tirisong maitlhomo a NDP, e leng mosupetsatsela wa Aforika Borwa go re atumetsa kwa go Ponelopele ya 2030. Seno se ranola dipeelo tse di beilweng mo Letlhomesong la Togamaano ya Pakagare (MTSF), e leng leano la puso la ntlha la dingwaga di le tlhano la go tsenyatirisong NDP 2030, go akaretsa paka ya go tloga go 2014 go fitlha go 2019.

Go nnile le ditlhabololo mo maemong a boitekanelo tse di tlhagelelang mo ditshupong tse di botlhokwa tsa boitekanelo jwa baagi tse di jaaka pakatshelo e e matlafaditsweng, phokotso ya dintsho tsa bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le tlhano mmogo le phokotso ya dintsho tsa bomme ba masea. Go nnile le tlhabologo mo kabong ya ditirelo tsa motheo, go akaretsa le mo dikgolaganyong tsa motlakase o o tswang mo keriting le o o sa tsweng mo keriting, metsi mo mafelong, kgeleloleswe le kolelo ya ditlakala.

Le fa go le jalo, go santse go na le tshalelomorago mo mafelong a mangwe. Go simolola ka 1994 go ntse go na le kabelothuso ya leruri e e tokafetseng mo loagong mo bathong ba le dimilione di le 16 bao ba ungwetsweng, le bopaki jo bo supang gore seno se na le mosola o montsi mo matshelong a batho ba ba humanegileng.

GCIS e dirisana le le mafapha go ka tshwara ditsiboso tsa Setlhopha sa Bobegakgang go ka tlhalosa dintlhakgolo tse di tswang mo dipegelong tsa kgweditharo.

1.6. Kabinete e amogetse kopano ya Imbizo eo e neng e etilwe pele ke Tona ka fa Kantorong ya Moporesitente e e samaganeng le Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro (DPME) e bile gape e le Monnasetulo wa Komiti ya Togamaano a Naga, Jeff Radebe, ka ditsereganyo tse di dirilweng mo go samaganeng le dituelelo tsa batlamedi ba ditirelo tsa puso (kgotsa bona baabelani ba ditirelo) malebana le puso gore ba duelelwe mo sebakeng seo se sa feteng matsatsi a le 30.

Fa e sale go tlhomiwa Yuniti e e Itlhophileng mo DPME gore le samagane le matsapa a go se duelelwe ga batlamedi ba ditirelo tsa puso mo matsatsing a le 30 a a totobaditsweng, palo ya ditshupatuelo tsa boammaruri tse di duetsweng go tloga ka Seetebosigo 2016 e ne e le mo di le 17 668 e leng boleng jwa madi a le bokanaka R340 milione.

Ba DPME mmogo le ba Matlotlo a Naga ba tsere matsapa a mangwe gape mo go rarabololeng dikgwetlho tsa dituelelo tsa batlamedi ba ditirelo tsa puso. Go fitlha ga jaana go setse go na le tikwatikwe eo e ka etelwang kwa dikantorong tsa Matlotlo a Naga eo e sekegelang tsebe dingongorego tsa batlamedi ba ditirelo tsa puso.

Go sa le jalo, Yuniti e e Itlhophileng mo mo DPME mmogo le balekane ba yone ba ranola lenaane leo le itshegeditseng ka dipeelo go thusana le mafapha a a nopotsweng a a santseng a goga ka boima gore e tlhaloganye le go rarabolola dikgwetlho tse di dirileng gore go fitlhwe moo batlamedi ba ditirelo tsa puso ba sa tlholeng ba duelelwa kgotsa go diegwa go ba duelela.

Mo nakong ya maeto, dikgato tsotlhe tsa dituelo mo go dueleleng ditshupatuelo di tla sekwasekwa, ga tlhagisiwa dikgoreletsi mme mafapha a thusiwe ka go tsennyatirisong dikgato tse di tokafaditsweng.

2. Ditshwetso tse di Botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Aforika Borwa e tla tshwara Kopano ya bo 17 ya Khoferense ya Makoko (COP17) mabapi le Kopanokgothakgothe e e ka ga Bogwebisani jwa Boditšhabatšhaba ka Ditshedi tse di leng mo Kotsing ya go Fedisiwa (CITES) kwa Tikwatikweng ya Dikopanokgothakgothe ya Sandton go tloga ka la bo 24 Lwetse go fitlha ka la bo 5 Phukwi 2016. Ka Mekgatlho e le 181, CITES e tswelela go nna e nngwe ya didirisiwa tse di botlhokwa tsa go somarela Ditshedi tse di Farologaneng ka go ala melawanataolo ya go gwebisana ka ditshedi le dijalo tsa tlhago.

Aforika Borwa ke moeteledipele fa go tla mo ntlheng ya tshomarelo ya diphologolo tsa naga ka ntlha ya go nneng le seabe ga yona go go matlhagatlhaga mo ditumelanong tse di farologaneng tsa tikologo tse di jaaka ya CITES, Tumelano ya Phudugo ya Ditshedi mmogo le Tumelano ya Ditshedi tse di Farologaneng. Thulaganyo ya naga ya rona e e tshwanang e le esi e e ka ga mafelo a a sireletsegileng e na le bokanaka 5% ya lefelo le le tsweletseng ka magetla la naga, Mafelo a le Marataro a Bojanala jwa Lefatshe mmogo le mafelo a a nang le ditshedi.

2.2. Tona ya Lefapha la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso, Ngaka Siyabonga Cwele, o tla etelela pele baromiwa ba Aforika Borwa kwa Kgothakgotheng ya bo 26 ya Diposo tsa Lefatshe ka ga Tshwaragano ya Diposo tsa Lefatshe ka Bophara (UPU) e e tla tshwarelwang kwa Istanbul, Turkey go simolola ka la bo 20 Lwetse go fitlha ka la bo 7 Diphalane 2016. UPU ke setheo se se itlhophileng sa Dinagakopano (UN) seo se tsepamisang mogopolo mo go ntšhwafatseng lekala la poso le go phasalatsa ditlhagisiwa tsa poso go ka somarela tikologo ya diposo lefatshe ka bophara e e tsamaelanang le ditlhokwa tsa ngwagakgolo wa bo 21.

Kgothakgothe eno e botlhokwa thata mo go Aforika Borwa, ka ntlha ya fa Kantoroposo ya Aforika Borwa e na le karolo e e botlhokwa thata mo kaboditirelong tsa puso mme e bile e lepalepanngwa le NDP, ka go dirisa dipuisano le setšhaba le go phasalatsa matlole le ditirelo tsa puso kwa metseselegaeng le kwa baaging bao ba sa iponeleng ditirelo ka botlalo.

2.3. Kabinete e nopoletswe kgatelopele e e setseng e dirilwe fa go tla mo dipaakanyong tsa Metshameko ya Botlhe ya 2022 e e tla tshwarelwang kwa Teropokgolong ya Durban.

Dipeeletso mo mafaratlhatlheng a metshameko ano go solofetswe fa a tla nna le seabe mo dipoelong tsa saruri mo teropokgolong eo e tla bong e amogetse baeng, mme go tla dirisiwa gape le mafaratlhatlha a lefa la Sejana sa Lefatshe sa 2010 FIFA. Go lemogiwa gono ga lefatshe ka bophara go tla re naya gape le tšhono ya go ngokela bajanala le dipeeletso tse di maleba tse di tswang kwa dinageng tse dingwe tse di kwa ntle.

Metshameko ya Botlhe ya 2022 e solofetswe fa e tla tlisa bokanaka R20 bilione mo boleng jwa ikonomi, e leng seo se tla tlisang kgolo e nngwe ya GDP ya bokanaka R11 bilione
Seno se tselela gape go tlhagisa naga jaaka lefelo la metshameko ya bojanala mmogo le go naya Setlhopha sa Aforika Borwa ditšhono.

2.4. Kabinete e nopotse piletsatshekong e e rometsweng ke Mosireletsi wa Setšhaba kwa go Mokwaledi wa Kabinete. Piletsatshekong e ikuela go Mokwaledi wa Kabinete go tlhagisa maina a ditokololo tsa Kabinete mmogo le dintlha tse di ribotsweng ke Kabinete, mo pakeng ya go simolola ka Ngwanaitseele 2015 go fitlha ka Moranang 2016, mo go tlhagisitsweng go thapiwa ga Ditona tsa Namaotshwere fa Ditona di tswile mo nageng.

Kabinete e dumetse gore e tla a tsibogela piletsatsheko eno. Le fa go le jalo, ka ntlha ya fa e le feela Moporesitente wa Aforika Borwa yo a thapang Ditona le Batlatsatona go ya ka karolo ya bo 91 le ya bo 98 ya Molaotheo, dintlha tseo ga di a ke tsa fetisediwa kwa Kabineteng mme direkoto tseo ga di a ke tsa tsenngwa mo lenaneong la kopano jaaka ditshweetso tsa Kabinete.

3. Melaotlhomo

3.1. Go letleletsewe gore go phasaladitswe National Liquor Amendment Bill ya 2016 gore baagi ba dire ditshwaelo. Seno se baakanya National Liquor Act ya 2003 (Molao wa bo 59 wa 2003). Molao ono o ne wa amogelwa mmogo le National Liquor Policy, e e samaganang le dikgwetlho tse di kgoreletsang mosola wa Molao ono le go tsamaisa dintlhatlhomo tsa Molaotlhomo.

Molaotlhomo ono o samagana le ditlamorago tsa matsapa a ikonomi ya loago ao a tlholwang ke notagi, lebelo le le iketlileng fa go tla mo phetolothefosanong, go gokelelwa ga maemo a dintlha tse di botlhokwa tsa molawanataolo mmogo le tirisanommogo e e tokafaditsweng ya melawanataolo, go fedisa tlhagisodikuno le go gweba ka notagi e e seng mo molaong e bile go se mo molaong mmogo le dikgwetlho go latela bokgoni jwa melawanataolo jo bo leng ka fa Bothating jwa Naga jwa Taolo ya Notagi.

Ditsereganyo tseno gape di tsepamisa mogopolo mo go fokotseng ditshenyegelo tsa ikonomi ya loago mmogo le dtshenyegelo tse dingwe tsa tirisobotlhaswa ya notagi, go rulaganya sešwa intaseteri ya notagi le go matlafatsa tirisanommogo magareng ga maphata otlhe a puso.

Molaotlhomo ono o lepalepanngwe le ditlapele tsa NDP tsa go netefatsa gore go nna le bobusi jo bo mosola, tlhokomelo ya loago le tlhanngo ya ditiro. Gareng ga tse dingwe, o tla thibela go rekisiwa ga notagi go go seng mo molaong, ga tsenya seatla mo thutong le mo manaaneng a temososetšhaba, le go thusa mo manaaneng a a matlafaditsweng a a mabapi le go tlogedisa batho bao ba wetseng ka fa nkgong bojalwa.

3.2. Kabinete gape e atlenegisitse letlhomeso la National Gambling Amendment Bill ya 2016 gore baagi ba dire ditshwaelo. Molaotlhomo yono o samagana le dikgwetlho tse di kgoreletsang mosola wa National Gambling Act ya 2004 (Molao wa bo 7 wa 2004).

Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go netefatsa gore ditiro le ditekolo tsa pusotshwaraganelo di a tokafadiwa le gore netefaletso ya melawanataolo mmogo le ditlamorago tsa itekolesego di fokodiwa ka bontsi. Molaotlhomo o tla samagana le go tokafatsa ditiro tse di leng teng ga jaana tsa itekolesego mme ga go sa tla nna le tiro epe eo e tla tsenngwang tirisong.

Molaotlhomo o tla netefatsa gore batho botlhe ba ba leng mo tlalelong ba ba jaaka bana le batho bao ba nang le matsapa a go tsena ka tlhogo fa ba iteka lesego ba a sirelediwa mme ba tla kgona go fitlhelela thuso go tswa kwa ditlhopheng tse di jaaka Molaodi wa Naga wa Itekolesego.

Molaotlhomo ono o lepalepanngwe le go latela togamaano ka go tlhagisa ditlapele mo NDP ka maitlhomo a go netefatsa fa go nna le bobusi jo bo mosola, tlhokomelo ya loago, go tlhodiwa ga ditiro, mmogo le go tlhola mafelo a boitapoloso le boiketlo.

4. Ditiragalo tse di Tlang

4.1. Tona ya Lefapha la Dikamano le Tirisano ya Boditšhaba, Mme Maite Nkoana-Mashabane, o tla etelela pele baromiwa kwa Samiting ya bo 17 ya Mekgatlho eo e sa Amaneng (NAM) ka fa tlase ga moono o o reng “Kagiso, Boipusi le Tshwaragano go nna le tlhabologo” e tla tshwarelwa kwa Venezuela go simolola ka la bo 17 go fitlha ka la bo 18 Lwetse 2016.

NAM ke setlhopha se segolo go gaisa kwa ntle ga UN e bile e letla dinaga tse di tlhabologang go nna le seabe mo mererong ya lefatshe le go netefatsa gore dikgatlhegelo tsa tsone di tseelwa tlhogong.

4.2. Moporesitente Zuma o tla etelela pele baromiwa kwa  Kopanokakaretsong ya bo 71 ya Kokoano ya UN e e tla tshwarelwang kwa Dikantorokgolong tsa UN kwa New York go simolola ka la bo 18 go fitlha ka la bo 22 Lwetse 2016.

Ka la bo 1 Ferikgong 2016, Depeelo tsa Tlhabololo ya Leruri (SDG) di le 17 tsa Lenaneo la 2030 le le mabapi le Tlhabololo ya Leruri, eo e amogetsweng ke baeteledipele ba dinaga ka Lwetse 2015 e tsentswe tirisong semmuso. Mo dingwageng tse di tlang di le 15, dinaga di tla kopanya ditlhogo go fedisa mekgwa yotlhe ya lehuma, di lwantshane le tlhokotekatekano mmogo le go tlhaselana le phetogo ya loapi, fa di ntse di etse tlhoko gore ga go naga epe e e salelang kwa morago.

4.3. Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa o tla etelela pele mokete wa Letsatsi la Ngwaoboswa ya Naga ka la bo 24 Lwetse 2016 kwa Lebaleng la Metshameko la Galeshewe kwa Kapa Bokone. Seno se ketikiwa ka moono yo o reng: “Go Keteka Botaki jwa Bataki ba Ngwaoboswa ya Rona ka go e Babatsa go Supa BoAforika jwa Rona”.

4.4. Khonferense ya Boditšhabatšhaba ka ga Tlhabololo ya Leruri e tla tshwarelwa kwa New York go simolola ka la bo 21 go fitlha ka la bo 22 Lwetse 2016 ka moono yo o reng: “Mmogo re tsweletsa pele: di-SDG tse di Diragadiwang.”

Maitlhomo a khonferense ke go nopola le go abelana ditharabololo tse di diragatsegang ebile di ikaegile ka bopaki tse di tla tshegetsang di-SDG. Khonferense e kopanya bannaleseabe go tswa kwa pusong, barutegi, UN, ditheo tsa boditšhabatšhaba, mekgatlho eo e seng ya puso mmogo le mekgatlho ya batlhagolatsela.

4.5. Kabinete e amogela mokete wa segopotso sa ngwaga wa bo tlhano wa Pulotirisanommogo le Puso (OGP) mabapi le meedi ya UNGA, kwa New York ka la bo 20 Lwetse 2016.

Mo moketeng ono Aforika Borwa e tla tlhongwa go nna Moeteledipele wa OGP. Moketeng ono o tla tsenelwa ke Baeteledipele ba Dinaga le ba Puso, baeteledipele ba mekgatlho ya baagi mmogo le bannaleseabe bao ba nnileng le mosolo mo dikatlegong tsa OGP. Aforika Borwa e tsere maikarabelo a Boeteledipele jwa Tirisanommogo kwa Samiting ya Mexico ka Phukwi 2015.

Fa e sale Baeteledipele ba Dinaga le ba Puso ba le robedi ba dirisana le baeteledipele ba le robongwe ba mekgatlho ya baagi go ralala le lefatshe, ka maikano a a fetang a le 3 000 a a maleba a go godisa botlhokadiphitlhela le maikarabelo a dipuso le go tokafatsa go nneng le seabe mo setšhabeng.

4.6. Tona ya Lefapha la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso, Ngaka Siyabonga Cwele, o tla etelelapele baemedi ba Aforika Borwa kwa kopanong ya UN ya Khomišene ya Porotebente e e tla tshwarelwang kwa New York ka la bo 18 Lwetse 2016.

Maitlhomo a Khomišene ke go sekaseka ditogamaano tsa go golaganya batho ba le dibilione di le nne ba ga jaana ba iseng ba golaganngwe le Porotebente kgotsa yona inthanete e e lobelo, ka mokgwa wa dituelelo tse di kwa tlase. Kopano ya monongwaga e tla tlhatlhoba le go sekaseka ditogamaano tse di leng teng ga jaanong le go tsaya tshweetso ka dikgato tsa kamoso go ka tlotlomatsa tiriso ya porotebente mo tlhabololong ya leruri.
4.7. Tona Cwele o tla etelela pele baromiwa kwa Kgothakgotheng ya Diposo tsa Lefatshe ya bo 26 ya UPU e e tla tshwarelwang kwa Istanbul, Turkey go tloga ka la bo 20 Lwetse go fitlha ka la bo 7 Diphalane 2016. UPU ke

4.8. Kgwedi ya Dipalangwa ka Diphalane 2016 e tla tshwarwa ka moono yo o reng: “Mmogo re tsweletsa pele Aforika Borwa.” Lenaane la kgwedi yotlhe leno le tla tlhagisa diporojeke tsa mafaratlhatlha a dipalangwa, la rotloetsa tiriso ya dipalangwa tsa botlhe le go tokafatsa matsholo a pabalesego mo mebileng.

Puso e beeletsa mo lekaleng la dipalangwa e leng karolo ya Leano la Dintlharobongwe la naga go ka phaphamisa tlhabololo le go tlhola ditiro. Dipeeletso tsa rona mo dipalangweng tsa botlhe ke karolo ya go aga le go tsamaisa letlotlo la dipalangwa tsa botlhe go ralala le naga.

Dipeeletso tsa naga mo dipalangweng di tla thusa go godisa ikonomi le go rarabolola dikgwetlho tsa botlhokatiro, lehuma le tlhokotekatekano. Dipeeletso tsa rona mo dipalangweng ke go dira gore naga ya rona e nne lefelo le le ngokelang dipeeletso.

5. Maemo a Kabinete mo Mererong e e Botlhokwa ya ga jaana

5.1. Kabinete e amogetse dipoelo go tswa mo Samiting ya Baeteledipele ba G20, eo e neng e tsenetswe ke Moporesitente Jacob Zuma, mo dikgatlhegelo tsa dinaga tsa Borwa di tseetsweng tlhogong.

Samiti e e tshwaretsweng ka fa tlase ga moono o o reng: “Go leba kwa Ikonoming ya Lefatshe e e nang le Boitlhamedi, Matlhagatlhaga, Kgolagano e bile e Akaretsa Botlhe” go buisanwe ka ditlapele tse di latelang: i) Go bula Leano le Lentšhwa la Kgolo ya Ikonomi (NGP), ii) Bobusi jwa Matlole jo bo Mosola e bile bo Tsamaya Sentle  iii) Mekgwa e e Matlhagatlhaga ya kgwebisano le Dipeeletso ya Boditšhabatšhaba, iv) Tlhabololo le Kgolagano e e akaretsang botlhe, le  v) Dintlha tse dingwe tse di amang Lefatshe tse di jaaka Ditwantshi tse di Kgatlhanong le Ditwatsi (AMR).

Mo go tsenyeletseng boitshimololedi jaaka selo se se botlhokwa sa kgolo ya ikonomi mo dinageng ka bongwe le mo ikonoming ya lefatshe, G20 e tlotlomaditse Motheotumelano o o ka ga Kgolo yua Boitshimololedi jaaka mogopolo o montšhwa o o tsenyeletsang dipholisi le ditatelo tse di leng teng le tse di ralalang dikgaolo tsa  boitshimololedi, ditikologo tse dintšhwa tsa diintaseteri le ikonomi ya sedijithale. 

Mo godimo ga fao, Leanotiro le Lentšhwa la Tshimolo ya Diintaseteri la G20 le tsaya tšhono eo tshimololo e ntšhwa ya diintaseteri e e tlhagisetsang intaseteri, bogolosegolo mo tlhagisodikunong le mo ditirelong tse dingwe tse di amanang le tseo. Seno se akaretsa tshegetso ya go tlhoma diintaseteri mo dinageng tse di tlhabologang, bogolosegolo tseo di leng mo Aforika mmogo le Dinaga tseo di Iseng di Tlhabologo go le Kalo  (LDC).

Se sengwe gape ke gore go thankgololwa ga Letsholo la G20 le le ka ga Tshegetso ya Diintaseteri mo Aforika le mo di-LDC go natlafatsa bokgoni jwa kgolo le tlhabololo e e akaretsang botlhe ka go dirisa pholisi ya go tlhagisa ditšhono tsa gore batho ba ithaope.

Mo go tsenyeng letsogo mo go agengulaganyo e e senang bofitlha e bile e tsetsepetse go tshegetsa kgolo ya leruri le tlhabololo, tshitshinyo ya Aforika Borwa ya gore tsamaiso e e seng mo molaong ya matlole e e tlhagelelang mo go beeng ditlhwatlhwa tsa bogwebisani tse di fosagetseng go sekasekiwe ke Mokgatlho wa Lefatshe wa Bogwebisani (WTO) e tseetswe tlhogong. Go rarabolola kgwetlho eno go ka bulela matlole a a ka dirisiwang ke dipuso tsa Aforika go di kgontsha go tsenya tirisong Dipeelo tsa Tlhabololo ya Leruri mmogo le manaane a tsone a a ka ga tlhabololo.

5.2. Kabinete e a boeletsa gore ke maikarabelo a maAforika Borwa otlhe go tsaya matsapa a go boloka metsi le go a dirisa ka go a somarela, seno se akaretsa le go baakanya dipompo tse di dutlang le go se senye didirisiwa tsa setšhaba.

Go fokotsega ga metsi kwa matamong a naga go dirile gore go gagamatswe melao ya tiriso ya metsi mo diporofenseng di le mmalwa, go akaretsa le ya Gauteng mo malobeng.

Re tshwanetse go dirisana go tshegetsa ditšhaba tsa rona tse di leng mo tlalelong ka go bega tshenyo ya mafaratlha a puso kwa maphateng a a maleba. Puso e a itse ka khumanego eo batho barona ba itemogelang yone mo mafelong ao a amegang e bile Setlhophatiro sa Ditona tsa fa Gae se  se samaganang le tsa Kakafalo se tlhalositse ka botlalo kgakgamatso ya dikgato tsa go fokotsa komelelo mo mafelong a a leng mo tlalelong.

Ditsereganyo tsa pakakhutshwe le pakatelele di tsenngwatirisong fa dikgato tsa tekolo le tshekatsheko di ntse di tsweletse. Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (Cogta), ka Tikwatikwe ya Ditirelo tsa Botsamaisi jwa Ditiragalo tsa Matlhotlhapelo, le tswelela go samagana le maemo a naga a komelelo le tlhaelo ya metsi ka go dirisana le makala otlhe a a amegang le a poraefete.

5.3. Kabinete e tshwarane le setšhaba mo go akgoleng tiragatso e ntle ya Setlhopha sa Aforika Borwa seo se leng kwa Rio 2016 Paralympics kwa Brazil go simolola ka la bo 7 go fitlha ka la bo 8 Lwetse. Baatleletiki bano ba dira gore naga ya rona e nne motlotlo e bile a tswelele go tsholetsa leina le lentle la naga ya rona la go diragatsa bontle mo metshamekong ya Paralympics.

Kabinete e akgola setlhopha seno ka go ithopela dimetale di le robongwe: e meraro ya gauta, e meraro ya selefera le e mengwe gape e meraro ya poronse. Kabinete e akgotse baatleletiki ba ba latelang ba ba ithopetseng dimetale tsa Gauta: Kevin Paul, Hilton Langenhoven mo motshamekong wa botlolelakgakala le Charl du Toit mo motanogong wa bokgakala jwa dimitara di le 100.

5.4. Kabinete e amogetse thebolo ya dipalopalo tsa 2015/16 tsa bosenyi go tswa go Tirelong ya Sepodising sa Aforika Borwa (SAPS) tseo di supang ka botlalo gore bosenyi ka fa nageng bo fokotsegile.

Le fa kgatelopele e e dirilweng ke SAPS mo go fokotseng mefuta e e rileng ya bosenyi e akgolwa, go na le le ketsaetsego e e leng teng tebang le mo koketsegong ya bosenyi jwa dikgoka, bogolosegolo mo dipolaong.

Go lwantshana le bosenyi ke maikarabelo a batho botlhe. Rotlhe re tlhoka go dirisana le SAPS gore re fitlhele maikaelelo a rona a go nna le setšhaba se se renang kagiso, diteropo tse di nang le kagiso le naga e e nang le kagiso. Seno se tla oketsa tirisanommogo magareng ga maphata a a farologaneng a semolao go fokotsa dipalopalo tsa bosenyi.

5.5. Kabinete e lemosa baduelalekgetho bao ba dirang dipusetso tsa lekgetho ka seatla kgotsa ka poso gore letlha la bofelo la bo 23  Lwetse 2016 la go tsenya dipusetso tsa lekgetho tsa 2016 le atumela ka bonako.

Kabinete e leboga baduelalekgetho bao ba setseng ba tlisitse dipusetso tsa bona tsa lekgetho. Lekgetho leo le kgobokediwang ke Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS) le thusa puso go rebolela ditirelo go baagi ba maAforika Borwa ba le dimilionemilione bao ba di tlhokang thata.

5.6. Kabinete e itse ka ga dikgwetlho tseo bašwa ba tobaneng natso ka ba leka go ikisa sekolong. Kabinete e tswelela ka maikemisetso a yone a go netefatsa fa thuto e duelesega go botlhe. Tlamelo ya dituelelo e e tswang ka Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete ya Baithuti (NSFAS) ga jaana a tsamaela mo R14 582 bilione, le go thusa go netefatsa gore baithuti ba kgona go fitlhelela thuto kwa diyunibesiting tsa setšhaba di le 26 le dikholejeng di le 50 tsa Katiso le Thuto ya Diatla le ya Setegeniki (TVET).

Go ya ka Dipatlisisokakaretso tsa Malapa tsa 2015 tsa Lefapha la Dipalopalo la Aforika Borwa: ‘Phitlhelo ya dipoelo tsa thuto e tswelela go tokafala mo mafelong le mo ditirelong tsa thuto e e tokafalang. Mo bathong ba ba nang le dingwaga di le 20 le go feta, batho ba ba fitlheletseng Mophato wa 12 jaaka thuto e kgolwane e ba nang nayo e oketsegile go tloga mo 21,9% ka 2002 go fitlha mo 28,0% ka 2015.

Palo ya batho bano na ba nang le dithuto tsa kwa ditheong tse di kwa godimo tsa thuto le yona e tokafetse go tloga mo 9,3% go fitlha mo 14,1%. Kabinete e tswelela ka maikemisetso a yona a go fitlhelela thuto e e sa duelelweng mo bathong bao ba humanegileng, ka dituelelo tse di duelesegang tsa matlole.

Ponelopele ya pakatelele ya thuto e kgolwane e tla elediwa ke Khomišene ya Dipatlisiso tse di ka ga Ditlamelotuelelo tsa Thuto le Katiso tse di Kgolwane, e ga jaana e tshwereng kopano mme e solofelwa fa e tla konosetsa tiro ya yone ka la bo 30 Seetebosigo 2017. Re ikuelela mo go bannaleseabe botlhe go naya Khomišene ya Dipatlisiso tse di ka ga Ditlamelotuelelo tsa Thuto le Katiso tse di Kgolwane tšhono ya go konosetsa tiro ya yone. Ka go dira mmogo re ka iponela ditharabololo tse di kgonagala e bile e le tsa leruri.

5.7. Kabinete e tota e gagamaditswe ke tirisodikgoka mo megwantong ya kwa ditheong tse di rileng tsa thuto e kgolwane. Go rutlomololwa ga meago ke bosenyi jo bo ikgatosang dintlha tse di utlwalang.

Didirisiwa tse di rutlomolotsweng di akaretsa laeborari, jaaka lo iponetse jwa Yunibesiting ya KwaZulu-Natal, dibuka le mafaratlhatlha a mangwe e leng seo se ka se amogelesegeng ka se thubakaka letlotlo la kitso ya rona leo le bokeleditsweng mo dinakong tse di fetileng. Tseno ke ditiro tsa bosenyi mme ditheo tsa molao o di tshwanetse go tsibogela seno ka bogale jo bo masisi.

Ditiro tsa mothale o di imetsa didirisiwa tse dinnye tseo re nang le tsone tsa go abela batho ba ba humanegileng thuto. Kabinete e ikuela mo boeteledipeleng jwa baithuti go ikamanya le boikuelo jwa go sireletsa didirisiwa le mafaratlhatlha a a botlhokwa a yunibesiti e leng  seo e leng karolo ya ngwaoboswa e e tshwanang ya naga mo maAforika Borweng otlhe.

Puso e utlwile dingongorego tseo baithuti ba di tlhagisitseng, e leng seo re se tseetseng tlhogong. Re dirisana mmogo le maphata otlhe a a amegang go ka bona tharabololo ye leruri.

5.8. Kabinete e utlwisitswe botlhoko ke go latlhelwa ke matshelo ga baepi ba kwa meepong e e tswaletsweng kwa moepong o o neng o setse o gosometse wa Langlaagte. Dintsho le dikgobalo tsa mothale o di bontsha dikotsi tsa ditiro tsa go epa ka tsela e e seng mo molaong le go baya matshelo a baagi mo kotsing.

Lefapha la Metswedi ya Dimenerale le dirisana le ditheo tsa molao go netefatsa gore badiri ba ditiro tsa mothale ono ba a golegwa, bogolosegolo baeteledipele ba ditiro tseno bao ba tswelelang go gwebisana ka dimenerale tseo di seng mo molaong.

Kabinete e ikuelela mo bannaleseabeng botlhe gore ba dirisane mmogo go fedisa ditiro tsa moepo tseo di seng ka fa molaong mo nageng. Lefapha le dirisana le ditlamo tsa meepo mme le tswaletse meepo e ka feta e le 200 e e sa dirisiweng eo e amanang le ditiragalo tsa meepo e e seng ka fa molaong.

5.9. Kabinete e akgola Lefapha la Thuto ya Motheo ka go fenya kabo ya Mokgatlho wa UN wa Thuto, Saense le Setso (UNESCO) ya Thuto ya Boditšhabatšhaba ya Puisokwalo ka go dirisa Letsholo la yone le Puisokwalo ya Bontsi la Kha Ri Gude. Dikgele tsa Boditšhabatšhaba tsa Puisokwalo tsa UNESCO di akgola tiro e e tswileng diatla le boitshimololedi mo kgaolong ya puisokwalo.

Letsholo la Puisokwalo ya Bontsi la Kha Ri Gude le tsentse tirisong ka maitlhomo a go fokotsa bontsi jwa batho ba ba sa rutegang mo Aforika Borwa, e bile le unngwetse batho ba le 4.7-milione mo baaging ba mafelo ka bobedi a kwa metseselegaeng le a ka metseseteropong. Letsholo leno le gatisitswe ka dipuo tsotlhe tsa semmuso di le 11, go akaretsa le ka mokwalo wa batho ba ba foufetseng wa braille.

5.10. Kabinete e akgola moopedi wa moAforika Borwa wa soprano, Pretty Yende, yo a nanogang go leba kwa dikgatong tsa boditšhabatšhaba a simolotse kwa tlase kwa  Piet Retief jaaka serotloetsi go rona rotlhe. Gareng ga ditiragalo tse dingwe, o ipaakanyetsa go etelela pele setlhopha sa opera sa maItaly sa Lucia di Lammermoor kwa Opéra Bastille kwa Paris mo kgweding e e tlang mme ka Sedimonthole o tla tshameka karolo ya Roméo et Juliette kwa Metropolitan Opera House kwa New York.

5.11. Kabinete e akgola Mme Esther Mahlangu, motaki yo o itsegeng wa lefatshe wa metako ya maNdebele yo gape e leng moamogedi wa tlotla ya Naga ya Aforika Borwa ya Order of Ikhamanga. Mme Mahlangu le BMW ba keteka segopotso sa bo 25 mo kgolaganong ya bona kwa Frieze Art Fair kwa London magareng ga la bo 5 le la bo 9 Diphalane 2016.

5.12. Kabinete e ikgolaganya le maAforika Borwa mo go ketekeng botshelo jwa ga Mme Winnie Madikizela-Mandela mo go ketekeng  letsatsi la gagwe la matsaolo fa a tla bo a tshwara dingwaga di le 80. Jaaka a itsege ka gore ke “Motsadi wa Segatlhamela Masisi sa Kgaratlho”, Mme Winnie ke mogale wa kgaratlho ebile ke setlhotlheletsi mo basading go ralala le lefatshe ka bopharago gore ba tsetsepele mo kgaratlhong.

Kabinete e romela matshediso a yona kwa go:
5.13. Ba losika le ditsala tsa seopedi sa boditšhabatšhaba sa mmino wa opera seo se belegetsweng mo Aforika Borwa, Rre Johan Botha. Rre Botha o tla gopolwa ka lentse la gagwe le le molodi e bile le le legolo leo le neng le utlwelelwa kwa ditheatereng le kwa dintlomahalahaleng a a farologaneng a opera go ralala lefatshe ka bophara go akaretsa la Vienna State Opera e leng leo le mo abetseng tlotlo ya Kammersänger, e leng tlotlo e e abelwang baopedi ba ba itlhophileng ba opera le ba mmino o o fodileng kwa Austria le kwa Germany.

5.14. Ba losika, ditsala le badirimmogo ba mokganni wa diterene waTransnet mmogo le mothusi wa ka fa tereneng ba ba tlhokafetseng fa terene ya dithoto ya Transnet e ne e tswa mo seporong kwa seteišeneng sa diterene sa Delvillewood go latela thoromo ya lefatsh kwa Hillcres kwa bophirima jwa Durban.

5.15. Baagi ba Tanzania go latela thoromo ya lefatshe ya bogolo jwa dimakenetšhute di le 5.7 eo e tlhotseng ditsho di le mmalwa. Malapa a bone a tla dula a le mo megopolong le mo dithapelong tsa rona.

6. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

6.1. Lefapha la Metshameko le Boitapoloso la Aforika Borwa: Rre Alec Moemi Jaaka Mokaedikakaretso mo pakeng ya bobedi ya konteraka ya dingwaga di le tlhano.

Dipotsiso:
Donald Liphoko
Dintlhakgokagano: 082 901 0766

Share this page

Similar categories to explore