Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 13 Moranang 2016

1. Go tsenngwa tirisong ga manaane a botlhokwa a puso

1.1. Kabinete e amogela diphitlhelelo tse di tlhagisitsweng ke Moporesitente Jacob Zuma ka nako ya ketelo ya setsha kwa Boemelakepeng jwa Port Elizabeth kwa Kapa Botlhaba, go sekaseka kgatelopele e e leng teng malebana le go tsenngwa tirisong ga Operation Phakisa: e leng maiteko a Ikonomi ya Mawatle. Puso e golotse dipeeletso tse di ka nnang bokana ka R17 bilione mo Ikonoming ya Mawatle. Fa e sale e tlhomiwa, go tlhamilwe ditiro di feta 4 500 mo maphateng a a farologaneng.

Mekoro e e gogang e le mebedi mo go e e robongwe e e agiwang ke Southern African Shipyards ba e agela Bothati Jwa Bosetšhaba jwa Maemelakepe jwa Transnet (TNPA) kwa Boemelakepeng jwa Durban di lebile kwa Boemelakepeng jwa Port Elizabeth. Moporesitente Zuma o tlhomile mokoro wa ntlha o o gogang kwa Port Elizabeth, o o teilweng leina la Mvezo, o teelelwa lefelo le Moporesitente Nelson Mandela a belegetsweng kwa go lona.

TNPA e abile madi a feta R7 bilione go tokafatsa maemelakepe a rona. Moporesitente o ne a lebelela mafelo a dikepe di emelang mo go ona a a ntšhwafaditsweng mo Boemelakepeng jwa Port Elizabeth a a tla kgonang go amogela dikepe tse dingwe di le 12 fa a bapisiwa le a ga jaana a a amogelang di le pedi.

1.2. Kabinete e leboga baduelalekgetho botlhe ba ba tshwaraganeng le puso mo ngwageng wa ditšhelete wa 2015/16 go tsholetsa kokoanyo ya rona ya lotseno go ya go R1 trilione la ntlha. Seno ke sesupo se se tlhamaletseng se se ka ga maatla a ikonomi ya rona e e tsweletseng pele le fa go le thata jaana.

Ke fela ka tuelo ya lekgetho ya maAforika Borwa a a obamelang melao mmogo le kokoanya e e matlhagatlhaga ya letseno ka Tirelo ya Lekgetho ya Aforika Borwa (SARS) moo puso e kgonang go tlamela ka botlalo ditirelo tse di tlhokegang tse di nang le seabe mo tokafatsong ya matshelo a maAforika Borwa.

1.3. Kabinete e amogela kitsiso ya ga Moporesitente Zuma ya gore la bo 3 Phatwe 2016 ke letlha la Ditlhopho tsa Pusoselegae tsa 2016. Puso e kgotsofaditswe ke gore mafelo a beke a mabedi a ikwadiso a la bo 5-6 Mopitlwe le la bo 9-10 Moranang a ne a na le palo e e kwa godimo ya ba ba ka tlhophang ba ba neng ba etetse diteišene tsa ditlhopho, bogolo segolo ba ba tla bong ba tlhopha la ntlha mmogo le bašwa.

Kabinete e leboga botlhe ba ba tsibogetseng boikuelo jwa go ikwadisa le go tlhola dintlha tsa bona mo lenaneng la batlhopi. Ke fela ka seabe sa rona mmogo re ka bonang temokerasi ya rona e gola.

Kabinete e ikuela mo baaging botlhe ba ba iseng ba ikwadise gongwe go tlhola dintlha tsa bona go etela dikantoro tsa Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho kwa makgotlatoropong a bona le go ntšhwafatsa dintlha tsa bona mo lenaneng la batlhophi (ba tlamele ka diaterese) le go ikwadisetsa go tlhopha ka ditlhopho tsa la bo 3 Phatwe. Gape batlhophi ba ka romela dinomoroitshupo tsa bona ka SMS mo go 32810 gongwe go letsetsa tikwatikwe ya kgolagano kwa 0800 11 8000 go tlhomamisa seemo sa bona.

Ikwadiso e netefatsa gore leina la gago le teng mo lenaneng la batlhophi gore o kgone go tlhopha. Kabinete e ikuela mo baaging botlhe go diragatsa tshwanelo ya bona ya temokerasi e e lwetsweng ka thata ya go tlhopha mo Ditlhophong tsa Dipusoselegae tsa 2016 ka la bo 3 Phatwe 2016.

1.4. Kabinete e amogela go tlhomiwa semmuso ga Porojeke ya Tekeletso ya eChannel ya Lefapha la Merero ya Selegae (DHA) ke Moporesitente Zuma. Thulaganyo eno e ntšhwa ya boitlhamedi e letla baagi go dira dikopo tsa dikarata tsa boitshupo mo inthaneteng go tila mela e meleele.

Tirisanommogo eno le dibanka tse dikgolo di le nne - Dibanka tsa ABSA, FNB, Nedbank le Standard - go tsenyatirisog serala sa go dira dikopo ka inthanete tsa dikarata tsa boitshupo le makwalo a mosepele go kgontsha badirisi go etela dikioseke tsa Lefapha la Merero ya Selegae go isa fela dikgatiso tsa menwana le ditshwantsho morago ga go dira peelano le tuelo mo inthaneteng.

eChannel ke karolo ya togamaano ya tlhabololo ka kakaretso ya lefapha go tlosa ditirelo kwa mokgweng wa pampiri go ya go wa dijitale, e leng tsamaiso e e tla akaretsang go phepafatsa rejisetara ya baagi.

1.5. Kabinete e amogela katlego ya Beke ya Imbizo e e neng e tshwerwe fa gautshwane ka moono wa 'Mmogo re tswetsa pele Aforika Borwa', e mo go yona batlhankedi ba puso ba neng ba kopana le baagi go ralala naga.

Kabinete e akgola maAforika Borwa a a nnileng le seabe mo manaaneng a feta 36 go ralala naga, a a netefaditseng gore puso e tsibogela ditlhokego tsa baagi tse di supilweng. Beke ya Imbizo e maatlafaditse baagi ka tshedimosetso e e ka ga manaane a puso.

1.6. Lefapha la Manno a Batho le ne le amogetse khonferese e e atlegileng tota ya Ditšhabakopano (UN) e e dirang ka mafelo a baipei, e gatelela seelo se se kwa godimo sa phudugelo mo metsesetoropong mmogo le go gola ga mafelo a baipei. Ga jaana batho ba le bilione mo lefatsheng ba nna mo mafelong a baipei. Fa e sale ka 1994, Aforika Borwa e agile matlo a le dimilione e le karolo ya go netefatsa gore go nna le botshelo jo bo botoka go botlhe.

2. Melaotlhomo

Kabinete e amogetse Melaotlhomo e e latelang:

2.1. Molaotlhomo wa Tshireletso ya Dikago tsa Botlhokwa wa 2016 o o tla phasaladiwang mo Kaseteng ya Puso gore baagi ba tshwaele mo go ona.

Molaotlhomo o phimola Molao wa Dintlha tsa Botlhokwa tsa Bosetšhaba, wa 1980 (Molao wa bo 102 wa 1980), mme o ikaelela go lepalepanya thulaganyo ya go supa le go goeletsa dikago tsa botlhokwa ka tsela e e seng bofitlha mme e le maikarabelo. Gape o tla netefatsa gore dikago tsotlhe tsa botlhokwa tsa tshireletsego ya setšhaba mo nageng di a supiwa mme di sirelediwa ka tsela e e maleba.

Molaotlhomo o dira tlamelo ya gore go tlhomiwe letlhomeso la setheo go tlhokomela le go tsamaisa tshireletso ya dikago tsotlhe tsa botlhokwa. Gape o tlhalosa tiro ya bothati jo bo tla gakololang Tona ya Sepodisi ka kgoeletso ya dikago tsa botlhokwa.

2.2. Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Mekgatlho ya Dithoto tse di Tlhakanetsweng wa 2016 o o tla phasaladiwang gore baagi ba tshwaele mo go ona. Molaotlhomo ono o baakanya Molao wa ga jaanong wa Mekgatlho ya Dithoto tse di Tlhakanetsweng, wa 1996 (Molao wa bo 28 wa 1996).

Molaotlhomo o tla maatlafatsa thulaganyo ya bolaodi jwa temokerasi jwa Mekgatlho e e leng teng ga jaana ya Dithoto tse di Tlhakanetsweng gongwe ditheo tsa Dikgwama tse di okameng mafatshe a a tlhakanetsweng ke baagi. Molaotlhomo ono o o baakantsweng o dira tlamelo ya gore go tlhomiwe Mokwadisi mo Lefapheng la Tlhabololo ya Metseselegae le Ntšhwafatso ya Naga, mme o tlhalosa tiro ya kantoro eno. Fa Molaotlhomo o setse o fetisitswe jaaka molao, o tla maatlafatsa taolo ya ditheo tsa bolaodi le go tokafatsa tshegetso ya Mmuso mo go tsona.
O tla kgontsha baagi go bona, go tshola le go tsamaisa dithoto ka ditheo tsa tsamaiso tse di bokgoni tse di tshegediwang ke puso.

2.3. Go itsisewe ga Molaotlhomo wa Boditšhabatšhaba wa Tsereganyo wa 2016 kwa Palamenteng. Thulaganyo ya tsereganyo ya boditšhabatšhaba ke sediriswa sa botlhokwa sa go gweba go ralala melelwane ya naga. E tla tokafatsa phitlhelesego ya ditirelo tsa bosiamisi mo ditlamong tse di gwebang kwa ntle ga naga le ditlamo tsa kwa ntle tse di mo Aforika Borwa. Molaotlhomo o phimola Molao wa Temogo le Tiragatso ya Dikabo tsa Tsereganyo ya Dinaga di sele, wa 1977 (Molao wa bo 4 wa 1977) mme gape o baakanya Molao wa ga jaana wa Tshireletso ya Kgwebo, wa 1978 (Molao wa bo 99 wa 1978). Molaotlhomo o o tshitshinngwang o lepalepana le Sekao sa Molao wa Tsereganyo ya Kgwebo ya Boditšhabatšhaba, se se amogetsweng ke Khomišene ya UN ya Molao wa Kgwebisano ya Boditšhabatšhaba.

2.4. Go phasaladiwa ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Setheo sa bosetšhaba sa Dipatlisiso wa 2016 mo Kaseteng ya Puso gore batho ba tshwaele mo go ona. Molaotlhomo o baakanya Molao wa Setheo sa Bosetšhaba sa Dipatlisiso, wa 1998 (Molao wa bo 23 wa 1998).

Molaotlhomo o tla tokafatsa bokgoni jwa Aforika Borwa jwa go gaisana mo tlhabololong ya dipatlisiso le boitlhamedi ka tsamaiso ya kgolagano le setšhaba ka tsela e e bokgoni, e e lekaneng mme e gokagane ya saense, mmogo le tlamelo le phitlhelesego e e tokafetseng ya ditlamelo tsa dipatlisiso. Gape o tla tokafatsa tsibogo le bokgoni jwa tlhabololo ya dipatlisiso le tlamelo ya boitlhamedi, go tokafatsa boleng jwa botshelo jwa maAforika Borwa ka go lepalepanya ditlapele tsa puso botoka.

3. Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

3.1. Kabinete e amogetse lekwalotlhomo la mabudusatsela la Sepodisi. Lekwalotlhomo la mabudusatsela le phasaladitswe la ntlha gore baagi ba tshwaele mo go lona ka Mopitlwe 2015. Lekwalo le dira tlamelo ya tirelo ya sepodisi e e ikamanyang le boagi jo bo tlhaga mme e tsibogela tikologo ya ga jaana ya sepodisi. Gape le dira tlamelo ya Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa le sepodisi sa metro se se maikarabelo e bile se le porofešenale. Gape Lekwalotlhomo la mabudusatsela le ikuela gore go tlhamiwe Boto ya Bosetšhaba ya Sepodisi e, gareng ga tse dingwe, e tla rwalang maikarabelo a go tlhoma ditlhokego tsa go ngoka badiri, go tlhopha le go thapa bangokiwa ba bantšhwa mo tirelong ya sepodisi.

3.2. Kabinete e amogetse Lekwalotlhomo la mabudusatsela la Tshireletsego le Pabalesego. Lekwalotlhomo la Mabudusatsela le le setseng le ntsheditswe go batla maikutlo a batho ka Tlhakole 2015, le totile mokgwa o o lotaneng wa tlhabololo wa pabalesego e e sa feleleng fela mo sepodising. Le ikaelela go kaela mo dikgatong tse di tla thusang baagi ka thibelo mo mererong ya tshireletsego. Lekwalotlhomo la Mabudusatsela le supa mafapha otlhe a a maleba mmogo le mekgatlho ya baagi e e tshwaelang mo pabalesegong ya baagi.

3.3. Kabinete e rebotse Pholisitlhomo ya Tiragatso ya Setso ya Thupiso mo Aforika Borwa mme e rebotse gore Lefapha la Merero ya setso le simolole go kwala molao wa bosetšhaba wa thupiso. Pholisi e setse e fetile mo thulaganyong ya patlomaikutlo a baamegi ba ba maleba.

Pholisi e tlamela ka kaedi e e netefatsang tshireletso ya meetlo ya setso ya thupiso ya basimane ya ngwaga le ngwaga kwa ntle ga go ba baya mo kotsing. Seno ke karolo ya dikgato tse puso e di tsayang go maatlafatsa meetlo e e maleba e bile e amogelesega. E busetsa seelo se se amogelesegang sa maikarabelo go botlhe ba ba tsamaisang dikolo tsa thupiso le batsadi ba ba romelang bana kwa dikolong tseno.

3.4. Kabinete e amogetse dikatlegeniso tse di dirilweng ke Komiti ya Dipatlisiso malebana le kgonagalo ya go gweba ka manaka a ditshukudu jaaka boitlhophelo jwa go ka somarela ditshukudu tsa naga. Dikatlenegiso di tshegeditswe ke Komiti ya Setegeniki ya Bogakolodi ya Mafapha le Komiti ya Ditona e e thapetsweng go batlisisa kgonagalo ya go dira gore go nne le kgwebisano ya semolao ya boditšhabatšhaba ya manaka a tshukudu.

Dikatlenegiso di tshegetsa mokgwa wa tsamaiso ya togamaano ya Aforika Borwa wa go rarabolola mathata a bogodu jwa ditshukudu mmogo le kgwebisano e e seng mo molaong ka ditshukudu. Komiti e atlenegisa gore mokgwa wa ga jaana wa go tshola seelo sa naga o tswelediwe go na le gore go gwebisanwe ka manaka a ditshukudu. Togamaano ya naga e akaretsa tshireletso; maatlafatso ya baagi;  tsamaiso ya diphologolo; ditlamelo tsa molao tse di diragadiwang le go dirisiwa sentle; le tsamaiso ya tlhokego.

3.5. Kabinete e amogetse dithadiso tse di latelang tsa madi a segopotso tsa 2016:

a) Motseletsele wa ledi la National Geographic Coin - Maiteko a Dikatse tse Dikgolo:  'Lengau'

b) Motseletsele wa korone ya selefera le ledi la tiki  'boitlhamedi jwa Aforika Borwa - ‘Dolosse’.

Dithadiso tsa madi, mmogo le dikgoeletso tsa tsona, di tla gatisiwa mo Kaseteng ya Puso, mme di tla tlhagisiwa le go rekisiwa ka ditsela tsa setlwaedi.

4. Ditiragalo tse di tlang

4.1. Magareng ga la bo 18 le la bo 22 Moranang 2016, Moporesitente Zuma o tla tsaya maeto a tiro kwa mebusong e e leng ditokololo tsa Mokgatlhotshwaraganelo wa Ditso tsa Borwa jwa Aforika (SACU) e e akaretsang wa Namibia, Botswana, Lesotho le wa Swaziland. Maeto a tla tokafatsa seabe sa botlhokwa se SACU e nang naso go tsweletsa kgolagano ya kgaolo le tlhabololo ya ikonomi ya ditokololo tsotlhe tsa yona.

4.2. Moporesitente o tla tsaya Leeto la Semmuso go ya kwa Rephaboliking ya Islamo ya Iran ka la bo 23 le la bo 24 Moranang 2016 go maatlafatsa dipuisano tsa sepolotiki le tsa ikonomi magareng ga dinaga ka bobedi.

4.3. Moporesitente o tla etelela pele meletlo ya Bosetšhaba ya Letsatsi la Kgololesego ka la bo 27 Moranang 2016 kwa Limpopo, kwa Lebaleng la Metshameko la Giyani ka moono wa:  "Mmogo re aga baagi ba ba botoka - Pusoselegae e ama mongwe le mongwe".
Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng otlhe le maphata otlhe go bontsha boikanyego jwa bona ka go nna le seabe mo ditiragalong tse di farologaneng tsa segopotso sa Kgwedi ya Kgololesego.

4.4. Mo dibekeng tse di tlang, Palamente e tla tshwara Ditekanyetsokabo tsa mafapha. Bakhuduthamaga ba ba farologaneng ba mafapha ba tla ala maano a bona a tiro a ngwaga wa ditšhelete wa 2016/17. Baagi ba tla itsisewe ka manaane a tlamelo ya ditirelo a puso.

5. Maemo a Kabinete mo Mererong e e Botlhokwa ya ga jaana

5.1. Kabinete e amogetse tsibogo le kopo ya boitshwarelo ya ga Moporesitente Zuma malebana le katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo malebana le go obamela dikgato tsa paakanyo tse di tlhagelelang mo pegelong ya Mosireletsi wa Setšhaba.

Kabinete e buisa katlholo go bona gore a go na le dikgato dingwe gape tse di tshwanetseng go tsewa go maatlafatsa seabe sa Tirelo ya Setšhaba.

Katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo e tlhomamisa temokerasi ya Aforika Borwa ya molaotheo.

5.2. Kabinete e lemogile dikgato tse di tserweng ke dibanka di le nne tse di ntshitseng kitsiso ya go tswala akhaonto ya banka ya setlamo. Le fa Kabinete e amogela melawana le dipeelo tsa dibanka, dikgato tseo di ka tshosa babeeletsi ba isago ba ba ka batlang go dira kgwebo mo Aforika Borwa. Kabinete e tlhomamisitse gore Ditona tsa Ditšhelete, Bodiri le Ditlamelo tsa Diminerale di tshwanetse go bula dipuisano tse di agang le dibanka go bona tharabololo ya leruri ya morero ono.

5.3. Kabinete e akgotse Tona ya Boitekanelo, Ngaka Aaron Motsoaledi, yo o amogetseng sekgele sa boditšhabatšhaba sa USAID-TB ka ntlha ya boeteledipele jwa gagwe mo ntweng ya lefatshe kgatlhanong le bolwetsi jwa lehuba (TB) gammogo le go etelela pele maiteko a Aforika Borwa le a kgaolo
a go tlhatlhoba, go alafa le go thibela TB; tshwaetso ya TB/HIV mmogo le TB e e dipelang melemo.

5.4. Kabinete e amogela go supiwa ga Aforika Borwa jaaka moamogedi wa 2016 wa Sekgele sa Tirelo e e Kgethegileng ya Sedipolomate (Distinguisned Diplomatic Service Award) ke Lekgotla la Merero ya Lefatshe kwa Washington DC. Jaaka naga ya ntlha ya Aforika go amogela sekgele seno, se lemoga maitlamo a naga a thuto ya lefatshe, merero ya boditšhabatšhaba mmogo le tlhaeletsano ya lefatshe go tsweletsa dikgatlhego tsa setšhaba.

Kabinete e akgola Tona ya Dikamano tsa Boditšhabatšhaba le Tirisanommogo, Mme Maite Nkoana-Mashabane, ka ntlha ya tshwaelo ya gagwe mo dipuisanong tsa Aforika Borwa tsa boditšhabatšhaba, tse di tsamaisiwang ke ponelopele ya "kontinente ya Aforika e e kopaneng mme e na le kagiso, temokerasi, e sa tlhaole go ya ka bosemorafe, e sa tlhaole go ya ka bong mme e humile, le e e tshwaelang mo lefatsheng le le nang le tshiamo le tekatekano."

5.5. Kabinete e amogela go thapiwa ke Moporesitente Zuma ga Moatefokate Jan Lekhoa Mothibi jaaka Tlhogo ya Yuniti ya Dipatlisiso tse di Kgethegileng, mme e rata go mo eletsa masego mo maikarabelong a gagwe a mantšhwa a go lwantsha bobodu le tsamaiso e e sokameng.

5.6. Kabinete e romela matshediso a a tswang kwa botennye jwa dipelo kwa lelapeng la ga Makwetu le Pan Africanist Congress ka go tlhokafala ga Rre Clarence Makwetu. Rre Makwetu o tla gakologelwa ka ntlha ya tshwaelo ya gagwe e e boitshegang le go intsha setlhabelo mo mokgatlhong o o neng o lwela kgololesego mmogo le go tlhamiwa ga Aforika Borwa e ntšhwa ya temokerasi. Moporesitente o goeleditse gore phitlho ya mogaka ono wa kgaratlho ya kgololesego e nne Phitlho e e Kgethegileng ya Semmuso ya Porofense.

5.7. Kabinete e romela matshediso a a tswang kwa botennye jwa dipelo kwa lelapeng la ga Naidoo ka go tlhokafala ga Rre Kumarana Naidoo. Rre Naidoo e ne e le Mokaedikakaretso wa Namaotshwere wa Lefapha la Tlhabololo ya Ikonomi. O kile a dira jaaka Motlhankedimogolo wa Ditšhelete wa Lefapha la Kgwebisano le Indaseteri. Rre Naidoo o tshwaetse go utlwala mo tsamaisong ya ditšhelete mo Tirelong ya Setšhaba.

5.8. Kabinete e tlhagisitse malebo ka tshwaelo e e dirilweng ke Rre William Smith, yo o dirileng jaaka Mokwaledi wa Kabinete. Rre Smith o rotse tiro ka bogodi kwa bokhutlong jwa Mopitlwe morago ga go direla Tirelo Setšhaba dingwaga di le 27. Kabinete e mo eletsa molemo mo pakeng ya gagwe ya phenšene.

6. Kabinete e lotlegetswe ka ga Pegelo ya Khomišene ya Dipatlisiso malebana le Magatwe a Tsietso, Bobodu, Tsamaiso e e sa siamang mo Thulaganyong ya Theko ya tsa Phemelo (Khomišene ya Theko ya Dibetsa) e e golotsweng ke Moporesitente mosong ono.

Pegelo e fitlhetse go sena bosupi jwa molato, pipamolomo, tsietso gongwe bobodu mo thulaganyong ya theko ya dibetsa. Jaaka Puso re amogela diphitlhelelo tsa Khomišene. Re tlhatswitswe maina jaaka re sa bolo go bua mo dingwageng tse dintsintsi gore ga gona phoso epe le gore theko e dirilwe ka tshwanelo.

Re solofela gore diphitlhelelo di tla tswalela morero ono o o sa bolong go rerwa.

Re golagana le Moporesitente Zuma go leboga Moatlhodi Willie Seriti le Moatlhodi Thekiso Musi, dipaki tsotlhe, go akarediwa le Moporesitente wa maloba Thabo Mbeki, batsamaisi ba bosupi, ditlhopha tsa molao, badiri le botlhe ba ba tshwaetseng go atlegisa tiro ya Khomišene.

7. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi:

7.1.    Rre Siyabonga Gama jaaka Mokhuduthamaga wa Setlhopha le Rre Garry Pita jaaka Motlhankedimogolo wa Ditšhelete wa Transnet.

7.2.    Rre Lufuno  Leslie  Nevhutalu  jaaka tokololo le Modulasetilo wa Boto ya Tlhabololo ya Indaseteri ya Dikonteraka.

7.3.    Rre Andile Nongogo jaaka Mokhuduthamaga wa Bothati jwa Katiso ya Thuto ya Lephata la Ditirelo.

7.4.    Ditokololo tse e seng tsa khuduthamaga tsa Boto ya Setheo sa Dipalangwa tsa Tsela sa go Kgabaganya Melelwane:

a)    Rre Raymond Dennis Baloyi;

b)    Mme Keitumetse Mahlangu;

c)    Mme Ignatia Dikeledi Sekonyela;

d)    Rre Mosoenyane Ramathe;

e)    Moporofesara Jan Havenga; le

f)    Rre Lucky Lempiditse Thekisho.

Dipotsiso:
Liezil Cerf
Mogala: 076 778 2380

 

Share this page

Similar categories to explore