Pogelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 11 Motsheganong 2016

1. Go tsenngwa tirisong ga Manaane a Botlhokwa a Puso

1.1. Kabinete e lemogile pegelo ya Tona ya Ditšhelete e a e neileng Moporesitente malebana le tswelelopele mo Patlomaikutlong ya Puso mo lephateng la poraefete le bodiri malebana le ikonomi. Moporesitente o romile Tona go etelela pele dipuisano le balekane bano ba loago go tlhama togamaano le go tla ka dikgato tsa go godisa ikonomi le go somarela tekanyetso ya molato ya naga.

Kabinete e itumeletse gore tiro eno e lebitse kwa maitekong a a tsepameng a a tla tokafatsang selebo sa ikonomi ya naga. Moporesitente o itsisitse maiteko a le mmalwa a ditlapele ka Mosupologo, a a akaretsang: (1) letlole le le kopanetsweng ke lephata la poraefete le la setšhaba la Tshegetso ya Dikgwebopotlana, (2) go samagana le dikgoreletsi tsa go okediwa ga dipeeletso gore go akofisiwe kgolo e e akaretsang, (3) go beeletsa mmogo ga puso le lephata la poraefete mo mafaratlhatlheng go dirisiwa maitemogelo a Lenaane le le Ikemetseng la Tlhagiso ya Maatla le le atlegileng le (4) go maatlafatsa Dikgwebo tsa Puso go netefatsa gore di nnela le ditšhelete leruri le go maatlafatsa seabe sa tsona mo go tsamaiseng tlhabololo.

Dikitsiso tseno ke sesupo sa se puso e ka se fitlhelelang fa balekane botlhe ba loago ba tla mmogo go direla go fitlhelela phitlhelelo e le nngwe.

1.2  Kabinete e sa ntse e dumela gore tsolotanyo e e bogale ya matlotlo ya puso, kokoanyo ya hisetori ya R1 triilione ke Tirelo ya Lekgetho ya Aforika Borwa  le ditsereganyo tse tlhano tse di itsisitsweng fa gautshwane tsa pakakhutshwane, tsotlhe fela di tshegetsa leano la Dintlha tse Robongwe gore go netefadiwe gore go fetolwa lewa mo mererong ya ikonomi. Koketsego ya kokoanyo ya lekgetho ke SARS e tla kgontsha Puso go tlamela ka ditirelo tse di tla tokafatsang boleng jwa matshelo a baagi botlhe ba yona.

1.3 Kabinete e amogela kitsiso ya setheo sa tekanyetso sa, Ditirelo tsa Peeletso tsa Moody, e mo bekeng e e fetileng e tlhomamisitseng tekanyetso ya molato ya naga go nna dinoko tse pedi fa godingwaga ga tekanyetso e e kwa tlase ga e e lekanetseng dipeeletso. 

Ka go tlhomamisa tekanyetso, Moody e lemogile gore Aforika Borwa  o mo tseleng ya diphetogo morago ga dingwaga tsa kgolo e e bokowa mme dikgato tse di bogale tsa tsolotanyo mo tekanyetsokabong ya 2016 di tla tsepamisa molato wa puso mo GDP mo ngwageng ono. Maphata otlhe a dumelane gore go tlhokega gore go maatlafadiwe maiteko a a tlhakanetsweng go tlhotlheletsa pusetso ya ikonomi. Re lemoga gape gore tiro ya Tona ya Ditšhelete le balekane ba loago e akaretsa tiro ya tekanyetso ya molato e e tla supang diphetogo le ditsereganyo tse di ka nnang gona go somarela mebaraka e e maatla ya ditšhelete ya Aforika Borwa  le tekanyetso ya molato ya peeletso.

1.4  Moporesitente o lebogela Ditekanyetsokabo tsa Ditona tse di farologaneng tse di samaganang le ditlhokego tsa maAforika Borwa  otlhe. Dipegelo tsa tswelelopele le maano a a tswang mo Ditekanyetsokabong tsa Mafapha di supa gore Aforika Borwa ke setšhaba se se semeletseng, puso e eteletse pele, go akarediwa le botshelo jo bo botoka go botlhe.

Go beilwe ditsamaiso tse di tsepameng go fokotsa ditlamorago tse di sa siamang tsa kwelotlase ya ikonomi ya lefatshe mo ikonoming ya rona, le go baakanyetsa kgolo e e itekanetseng fa ikonomi e tokafala. Re dira ka natla gape go tlosa dikgoreletsi tsa kgolo tsa selegae.

Ditekanyetsokabo gape di bontsha gore puso, badiri le kgwebo ba dira mmogo, go feta mo dinakong tsotlhe, go bona ditsela tsa go tsosolosa kgolo le go agela botlhe botshelo jo bo botoka. Seno se akaretsa go diragadiwa ga Leano la Dintlha tse Robongwe, le le itsisitsweng ke Moporesitente Jacob Zuma ka Puo ya gagwe ya Seemo sa Setšhaba ya 2015 gammogo le Operation Phakisa, e e diretsweng go akofisa go diragadiwa ga ditharabololo mo mefameng ya botlhokwa ya tlhabololo. Manaane ano a samagana le dintlha tsa botlhokwa go tswa mo Leanong la Bosetšhaba la Tlhabololo , go tshwana le go fokotsa lehuma le botlhokatiro.

1.5  Kabinete e netefaletsa maAforika Borwa  gape gore go samaganwe le seemo sa botlhokatiro sa naga ka go diragadiwa ga Leano la Bosetšhaba la Tlhabololo (NDP) la naga ka tsereganyo ya ikonomi ya Leano la Dintlha tse Robongwe le maikaelelo a lona e leng go tlhosetsa kgolo le go susumetsa ditiro mo maphateng a botlhokwa a ikonomi ya rona. 

Tirisanommogo le lephata la poraefete e botlhokwa gore go nne le dipoelo tsa katlego.
Puso e dirisa maiteko otlhe a a gona go akarediwa le Leano la yona la Dikgato tsa Pholisi ya Indaseteri (IPAP) go tlhama maphata a mangwe a a monyelang badiri le ditirelo go samagana le botlhokatiro jo gape bo amiwang ke seemo se se boima sa ikonomi mo lefatsheng le mo gae.

Tona ya Kgwebisano le Indaseteri, Rob Davies o tlhomile poeletso ya borobedi ya ngwaga le ngwaga ya IPAP 2016/17 go ya go 2018-19 ka la bo 9 Motsheganong 2016 kwa bodirelong jo bo gakolosang tshipi e e leng ya bantsho 100% kwa Gauteng. Puso e gatelela botlhokwa jwa go nna le tirisanommogo le ditlamo tsa madirelo a selegae a a boitlhamedi a seabe sa ona e seng fela mo tlhabololong ya mafarathatlha, dipalangwa le go rora dithoto, fela se ralala maphata a a farologaneng a a dirisang thekenoloji e e marara, a a siametseng thomelontle mme a dirisa badiri thata mo ikonoming ya Aforika Borwa  yotlhe.

Le fa Tshekatsheko ya Kotara ya Bodiri ya kotara ya ntlha ya 2016 e bontshitse koketsego ya botlhokatiro go ya go diperesente di le 26.7 kotara nngwe le nngwe, seelo sa go thapiwa sa 2016 se kwa godingwana ka batho ba ba thapilweng ba le 204 000 fa go bapisiwa le kotara ya ntlha ya 2015.

1.6  Kabinete e amogela go neelwa ga  Setheo sa Bašwa sa Beaufort West, kwa Kapa Bophirima ke Moporesitente Jacob Zuma, se se tlamelang ka bašwa ka ditlamelo tse ba ka di dirisang go imaatlafatsa.  Setheo se na le ditlamelo tse di farologaneng tse di nang le tlamelo tsa tlhabololo ya bašwa le baagi ka kakaretso. Ditlamelo tse di gona mo setheong seno sa bašwa di tla tlamela bašwa ba ba tswang mo mafelong a a humanegileng ka ditšhono tsa go nna le seabe se se botoka le go tshwaela ka tsela e e siameng mo mafelong a bona mmogo le mo nageng.

Tikwatikwe ya Bokgoni e e nang le ditlamelo tsotlhe e e tsamaisiwang ke Kholetšhe ya Kapaborwa e tla tlamela ka katiso ya tsamaiso ya kgwebo, tiriso ya dikhomphiutara mmogo le tlhabololo ya bana ba bannye go bannileseabe ba le 200 ba Ditlhopha tsa Bosetšhaba tsa Tirelo ya Bašwa ba Metsemagae (NARYSEC) NARYSEC ke lenaane la pakatelele le le totileng fela bašwa ba metsemagae, le le ba ngokang mme le ba naya konteraka ya dingwaga tse pedi.

Go ngokiwa le go kwadisiwa bašwa ba ba bogolo jo bo magareng ga dingwaga tse 18 le 25 mo bokgoning jo bo farologaneng jwa kitso ya tiori le ya go dira, gore ba kgone go tlhama ditiro tsa bona le ba bangwe mo mafelong a gaabo. Setheo seno sa Bašwa ke porojeke ya Tekeletso le ya ntlha ya mofuta wa yona, mme e tla atolosediwa kw diporofenseng tse dingwe.

1.7  Kabinete e amogela Kopano ya Kgaolo ya Aforika ya Selekane sa Puso e e seng Bofitlha (OGP)  ya 2016 e e neng e tshwerwe fa gautshwane, e e neng e amogetswe ke Aforika Borwa  ka moono wa  "Puso e e seng Bofitlha go ya kwa Tlhabololong e e nnelang Leruri mo Aforika" go tloga ka la bo 5 go fitlha ka la bo 6 Motsheganong 2016.

Kokoano eno e tla dikgwedi di le supa morago ga gore Aforika Borwa  e nne Moeteledipele wa Selekane sa Puso e e seng Bofitlha. Dintlhatheo tsa puso e e seng bofitlha di botlhokwa gore go fitlhelelwe diphitlhelelo tse di farolgoaneng tsa tlhabololo e e nnelang leruri, go golaganya go sa fitlhe sepe le taolo gore go tokafadiwe ba ba mo matshosetsing le ba ba humanegileng mo lefatsheng jaaka le ikadile.

Selekane sa Puso e e seng Bofitlha le Puso e e seng Bofitlha ke sekgontshi sa botlhokwa se se tla thusang baagi ba lefatshe go fitlhelela Lenaane la 2030 la Tlhabololo e e nnelang Leruri.

Samiti eno ya Kgaolo e ne e le samiti e kgolo go gaisa ya Kgaolo ya Selekane sa Puso e e seng Bofitlha (OGP) e e kileng ya rulaganngwa ke OGP mme e na le dipoelo tse di bonalang go tswa mo kopanong nngwe le nngwe mo khonferenseng.

Go lepalepana le maitlamo a dipuso a selekane le taolo e e siameng, samiti e ngokile bannileseabe go tswa kwa Mekgatlhong e e farologaneng ya Baagi (CSO) go tswa lefatsheng ka bophara, e e tswang mo baaging go ralala maphata a a farologaneng e seng fela diCSO tse di tlwaelegileng tse di sa bolong go nna karolo ya selekane.

1.8  Kabinete e lemoga go amogelwa ga kgolagano ya dipolante tse tharo tsa mabotlolo go dira polante e kgolo go gaisa ya kontinente, Coca-Cola Beverages Africa. Kabinete e amogela tumelano ya dipeelo tsa dikgatlhego tsa setšhaba tsa kgolagano magareng ga puso le maphata a kgolagano a Coca-Cola Beverages Africa tse di ka tshegetsang maiteko a rona a gore go nne le kgolo ya indaseteri mo ikonoming ya Aforika Borwa.

Tumelano e sireletsa seelo sa go thapiwa mo setlamong sebaka sa dingwaga tse tharo, e sireletsa badiri mo yuniting ya dipuisanong mo diphokotsong tsa badiri tse di amanang le kgolagano, e tshegetsa go dirisiwa ga ditlamo tsa selegae mo dithekong mme e dira maitlamo a go tlhabolola balemirui le batlamedi ba ditirelo ba ba sa bolong go tlhoka ditšhono mo setlamong.

Go feta moo, go tlamilwe R400 milione go tlamela ka matlole a tlhabololo ya dikgwebo mo thulaganyong ya tlhagiso ya temothuo le R400 milione e nngwe ya peeletso e e okediwang go tlhabolola go phasaladiwa le bokgoni jwa mabentlele ka tlhabololo e e maleba ya bokgoni le katiso. Letshwaokgwebo le legolo la Appletiser le tla tswelela go tlhagisiwa mo Aforika Borwa.

Tumelano e bula sebaka sa ditsidifatsi tse e leng tsa gongwe tse di tlamelwang ke Coca-Cola kwa bagwebing ba bannye: go tla nna le sebaka sa setsidifatsi sa diperesente tse lesome go dirisiwa ke ditlhagiswa tsa batlhagisi ba bangwe ba bannye mo mabentleleng a a nang fela le ditsidifatsi tse di tlametsweng ke Coca-Cola. Seno se bulela ba bantšhwa le batlhagisi ba bannye ba mabotlolo, mme se thusa go tila ditiragatso tsa kgwebo tse di lekanyetsang tse di dirang gore dikgwebo tse dipotlana le tse di magareng di seke tsa tsena mo mebarakeng.

Go tlaleletsa foo, peeletso ya setlamo ya pakatelele mo tlhabololong ya naga ya ikonomi le loago e tla tokafadiwa ka go tlhomiwa ga ntlokgolo ya setheo se se golaganeng mo Aforika Borwa. Tumelano e latela tumelano e e tshwanang le eo ya fa gautshwane magareng ga Annhauser Beush InBev e e amanang le go rekwa ga SAB Miller.

Tota, mo go gateleleng ntlha ya go thapa, go dirisa dikgwebo tsa selegae mmogo le tlhabololo ya dikgwebopotlana, ditumelano tseno di supa botlhokwa jwa go lekalekanya dikgolagano tsa ditheo le dintlha tsa kgatlhego ya setšhaba mme gape di beela ditlamo tse di akanyang ka dikgolagano tse di tshwanang le tseo seemo.

1.9 Kabinete e lemogile go tlhomiwa ga polante ya R350 milione ya bottle-to-bottle ya Mpact Polymers ka tirisanommogo le Coca-Cola. Maiteko ano a tsibogela letlhomeso la semolao la Puso a dira ka phitlhelelo ya Togamaano ya Bosetšhaba ya Tsamaiso ya Leswe ya Merero ya Tikologo go tsweletsa dikgwebo tsa tirisopoeletso. Polante eno ke ya ntlha ya mofuta wa yona mo kontinenteng ya Aforika, e e faposetsang ditone (polyethylene terephthalate) PET di le 29 000 tsa mabotlolo a a leswe mme a boloka sebaka se se fopholediwang go dikhubiki metara di le 186 000 tsa dithothobolo mme e tla tshwaela mo phokotsong ya tlhagiso ya khabone taeokosaete (CO2) ka ditone tse di fopholediwang go 53 000 ka ngwaga. Koporasitlhabololo ya Indaseteri (IDC) e tlametse ka tlamelo ya kadimo ya R210 milione gammogo le R30m mo karolong ya yona ya dišere mme Lefapha la Kgwebisano le Indaseteri e abile ka tshiamelo ya lekgetho la karolo ya 12 (I). Polante eno ya tirisopoeletso e tlamela badiri ba le 80 ka ditiro mme gape e tlamela bakokoanyi ba matlakala ka ditiro di le 1 000.

Dilekane tse di tshwanang le tseno ke enjene ya botlhokwa ya kgolo ya ikonomi, mme di tlhama ditiro di le diketekete mo ikonoming ya tirisopoeletso ya boleng jwa R50 bilione.

Ga jaana, tirisopoeletso ya dipolasitiki e le nosi e tlamela batho ba ba selang matlakala ba feta 60 000 ka ditšhono. Mpact Polymers, polante ya maemo ya recycling e obamela ditlhokego tsa EU tsa go nna teng ga dijo mme ke feme ya ntlha ya mofuta wa yona mo Aforika e gape e fitlhelelang porotokholo ya tlhomamiso ya Coca-Cola ya mabotlolo a PET.

1.10 Kabinete e amogela pegelo ya Botsamaisi jwa Togamaano ya Ditshukudu jo bo Golaganeng e e bontshitseng gore Aforika Borwa  e fetotse lewa mo bogodung jwa manaka a ditshukudu. Fa e sale kwa tshimologong ya monongwaga fela, go tshwerwe babelwaelwa ba bogodu jwa manaka a ditshukudu ba le 206.

Botsamaisi jwa Togamaano ya Ditshukudu jo bo Golaganeng bo amogetswe ke Kabinete ka Phatwe 2014, mme jwa dira gore Lephata la Tshireletso le diragatse tsereganyo ya makalamantsi, maphatamantsi go sireletsa ditshukudu mo Aforika Borwa .

1.11 Kabinete e akgola naga ka go amogela ka katlego Tourism Indaba ya 2016 kwa Durban KwaZulu-Natal, e e khutlileng ka Mosupologo, la bo 9 Motsheganong 2016 ka dikgokagano di le mmalwa tse di atlegileng magareng ga babontshi ba ba magareng ga 1 047 go tswa kwa dinageng tse 18 tsa Aforika le bareki ba le 1 856 go tswa lefatsheng ka bophara.  

Monongwanga, INDABA e amogetse dikopano di feta 3000 go feta ngogola. Gotlhegotlhe, go nnile le dikopano di le 14 000 mo malatsing a le mararo a INDABA, di tlhagisa bokgoni jwa ditshiamelo tsa ikonomi tse di bonalang. Tiragalo e ne e tsenetswe ke babegadikgang ba le 575 ba bosetšhaba le boditšhabatšhaba.

INDABA e ne e totile dikgwebopotlana  (SMME) tsa indaseteri tse di neng di bontsha ditlhagiswa le ditirelo go tswa kwa dikgwebopotlaneng tsa bojanala tse di solofetsang.  Dikgwebo di le 70 di ungwetswe go tswa kwa diworskhopong tse di malebana le gore di ka fitlhelela jang mebaraka - gore di gole.

DiSMME di na le bokgoni jwa go ka nna dikgwebo tse dikgolo. INDABA  e maatlafaditse seabe se diSMME di nang naso mo tlhabololong ya ikonomi ya dinaga tse di tlhabologileng le tse di tlhabologang, go godisa lephata la bojanala. Go golola bokgoni jwa diSMME ke nngwe ya ditsamaisi tsa tiro tse di botlhokwa mo Leanong la Dintlha tse Robongwe tse di tla godisang le go fetola ikonomile go tlhama ditiro.

2. Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e buisanetse go tsenngwa tirisong ga Dikatlenegiso tsa Khomišene ya Nnete le Poelano (TRC) mme ya tshitshinya ka moo Diporojeke tsa Baagi tsa Tsosoloso di ka diragadiwang ka gona.
Go fitlhelelwa ga Diporojeke tsa Baagi tsa Tsosoloso go baakanya go tlhoka tshiamo ga maloba ka go tsosolosa baagi ba le 128 ba ba neng ba lebanwe ke ditiro tsa tirisodikgoka le tshenyo ka paka ya kgotlhang (1 Mopitlwe 1960- 10 Motsheganong 1994).

Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo le tla batla ditshwaelo go tswa kwa baameging ba ba maleba (ba setšhaba le ba poraefete) gore go bonwe ditlamelo tse di lekaneng go dira gore go nne le tsereganyo e e akaretsang mo baaging bano ba ba 128, ba ba supilweng ke TRC go lebeletswe kgetsi nngwe le nngwe go ya ka ditlhokego tsa yona mme seo se ka farologana ka boleng fela e ka nna boleng jwa R30 milione. Seno se tla netefatsa gore Diporojeke di a kgonagala le gore di nnela ruri gore go fitlhelelwe dikeletso tsa baagi.

Seno se tshwaela mo go fitlhelelweng ga Leano la Bosetšhaba la Tlhabololo ka go atolosa tirisanommogo le kopano ya loago, go baakanya go tlhoka tekatekano ga maloba le go fitlhelela mmuso o o tlhabololang, o le bokgoni mme o dira ka tolamo e bile o tshola baagi ba ona ka seriti.

2.2 Kabinete e itsisitswe ka dipoelo tsa Khonferense ya Lefatshe ya Tlhaeletsano ya Diradio (WRC-15) e e neng e tshwerwe go tloga ka la bo 2 go fitlha ka la bo 27 Ngwanaitsele kwa Geneva, Switzerland. Aforika Borwa  e eteletse pele dipuisano tse di lebisitseng kwa goreng kgaolo e bone bante e nngwe ya broadband mme Aforika ya kgona go sireletsa bante e e kwa tlase ya UHF ya thelebišene ya dijitale ya lefatshe. Go abetswe ditirelo tsa mawatle, tsa phofo le sebaka bante ya tlaleletso.

Leano la Bosetšhaba la Makhubu a Radio (NRFP) le tla ntšhwafadiwa go bontsha ditshwetso tsa WRC-15, tse di tla diragadiwang go tloga ka di01 Firikgong 2017. Go abiwa ga bante mo NRFP go tla gokaganya maano a kabo a ditirelo tse di farologaneng tse di botlhokwa mo go fitlheleleng maungo a ikonomi, setso le loago ka tiriso ya bante jaaka tlamelo ya tlhago.

Go tshegetsa diphitlhelelo tsa Leano la Bosetšhaba la Tlhabololo, bante e tla dirisediwa go anamisiwa ga broadband bosetšhaba, thelebišene ya dijitale ya lefatshe, tlhaeletsano ya sathalaete mmogo le tshireletso ya setšhaba mmogo le namolo ya matlhotlhapelo, gammogo le ditirelo tse dingwe.

2.3  Kabinete e itsisitswe ka Ditshwetso tse di tserweng ke Kokoano ya Ditlhogo tsa Mebuso ya Kopano ya Aforika (AU) le Puso kwa Johannesburg ka Seetebosigo 2015 go sekaseka ditshwaelo tsa ngwaga le ngwaga tse di sekasekilweng tsa Mebuso e e leng Ditokololo go tloga ka 2016, gore go tokafadiwe bokgoni jwa yona go tsweletsa manaane a yona.

Kabinete e amogetse go diragadiwa ga tshwaelo ya Aforika Borwa  e ntšhwa e e sekasekilweng kwa AU go lepalepana le Tshwetso ya Kokoano ya Seelo se sentšhwa sa Tshekatsheko. Seno se ikaegile ka ntlhatheo ya kemommogo, tuelo ka tekatekano gammogo le bokgoni jwa go duela, ka tsela e e netefatsang gore ga gona naga e e tsholang karolo e e sa lekalekaneng ya tekanyetsokabo.

3. Ditiragalo tse di tlang

3.1. Moporesitente o tla tsaya Leeto la Semmuso go ya Doha, Qatar ka la bo 19 Motsheganong 2016 go maatlafatsa dikamano tsa sepolotiki le ikonomi magareng ga dinaga tse pedi.

3.2. Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa, jaaka Moemedi yo o Kgethegileng wa ga Moporesitente Jacob Zuma kwa Sudan Borwa, o tla etela Juba ka la bo 16 Motsheganong 2016. Letsatsi leno le botlhokwa mo baaging ba Sudan Borwa ka ntlha ya fa ba tla bo ba keteka  Letsatsi la Sudan People's Liberation Army.

Ka nako ya leeto la gagwe, Motlatsamoporesitente o tla tlhokomela go diragadiwa ga tumelano ya kagiso. Sudan Borwa e nnile le phitlhelelo kwa bokhutlhong jwa Moranang 2016 fa go ne go ikanisiwa pusokgabaganyo ya kitlano ya bosetšhaba.

3.3. Moporesitente Jacob Zuma o tla etelela pele meletlo ya bosetšhaba le ya Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) ya Ngwagakgolo wa Yunibesithi ya Fort Hare ka la bo 20 Motsheganong 2016. Tshwaelo ya yunibesithi mo go tlhagiseng baithuti ba ba itsegeng mo nageng le mo Borwa jwa Aforika e maatlafatsa meletlo ya Kgwedi ya Aforika.

3.4. Kabinete e rotloetsa batho go nna le seabe mo lenaaneng la makalamantsi la Kgwedi ya Aforika le le akaretsang ditshika tse di farologaneng le botsweretshi jo bo farologaneng ka moono wa "Go aga Aforika e e Botoka le Lefatshe le le Botoka".  Ditiragalo tsotlhe di gatelela botlhokwa jwa baagi ba selegae mme di akaretsa dikarolo tse di farologaneng go akarediwa: mmino, poko, motantsho, dibaesekopo, dijo, fešene, tiro ya diatla le thadiso, dipuisano tsa matlhale mmogo le tiro e e tlhakanetsweng go tswa mo batsweretshing ba Aforika Borwa  le bang ka bona mo kontinenteng le Diaspora.

3.5. Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Malapa le tla ketikiwa ka la bo 15 Motsheganong 2016 ka moono wa boditšhabatšhaba wa "Malapa, matshelo a a itekanetseng le Isago e e nnelang Leruri" o o amamang le Lenaane la 2030 la Tlhabololo e e nnelang Leruri ( le le amogetsweng ka 2015). Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Malapa le goeleditswe ke Kokoanokakaretso ya Ditšhabakopano mme le totile Malapa: boitekanelo le go siama ga bana le bašwa; tekatekano ya tiro le malapa le dipoelo tsa boitekanelo; mmogo le boleng jo bo botoka jwa botshelo jwa bagodi.

3.6. Go tloga ka la bo 16 go fitlha ka la bo 20 Motsheganong 2016, Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le tla etelela pele Beke ya Sanitasi le Boitekanelo ka moono wa: "Ga se ka go folaša" Letsholo le tla oketsa temoso ya botlhokwa jwa sanitasi le go tsweletsa ditiriso tse di dirang go gaisa tsa sanitasi.

Lenaane la botlhokwa ke Lenaane la go Fedisa tiriso ya Dikgamelo; tswelelopele e akaretsa go fedisiwa gotlhelele ga matlwana a dikgamelo kwa mafelong a baipei kwa KwaZulu-Natal, Bokone Bophirima, Mpumalanga le Gauteng. Kapa Bophirima e fitlheletse diperesente di le 99.8 kwa bokhutlong. Tswelelopele kwa diporofenseng tse dingwe e akaretsa go fedisiwa ga matlwana a dikgamelo a le 20 560. Foreisetata (4 056), Kapa Botlhaba (2 672); Kapa Bokone (2 421) le Bokone Bophirima (398).

Tona ya Metsi le Sanitasi, Nomvula Mokonyane o tla nna le seabe kwa Komiting ya Boditšhabatšhaba ya bo84 ya Matamo a Magolo (ICOLD) kwa Sandton Convention Centre go tloga ka la bo 15 go fitlha ka la bo 20 Motsheganong 2016. Go tla aroganwa kitso ya thadiso, kago, tlhokomelo le ka moo matamo a magolo a amegang ka gona. Gape go tla akarediwa go etelwa ga matamo a magolo mo Borwa jwa Aforika mme go tla tshwaelwa mo maitekong a rona a tshomarelo ya metsi.

3.7. Jaaka karolo ya Togamaano e e Golaganeng ya Bosetšhaba ya Kitso ya go buisa le go kwala le Dipalo, Lefapha la Thuto ya Motheo le amogela 2016 Spelling Bee go tokafatsa tiragatso ya barutwana mo dipuong.
Kabinete e ikuela mo dikolong tsotlhe, barutabana le batsadi go rotloetsa barutwana ba dikolo tsa poraemari go tsenela 2016 Spelling Bee pele ga go tswalelwa ikwadiso ka la bo 31 Motsheganong 2016. Go bona tshedimosetso e nngwe, etela www.education.gov.za

4. Maemo a Kabinete mo Mererong e e Botlhokwa ya ga jaana

4.1. Kabinete e kgala thata bosemorafe jo bo mo pepeneneng jo bo bontshitsweng ke batho bangwe mo nageng ya rona, bogolo segolo mo mafaratlhatlheng a loago. Maitsholo a a jalo a kgatlhanong le dintlhatheo tsa Molaotheo wa rona, tse di fitlhelwang mo maikarabelong le mekgwa, mme a gataka ditshwanelo tsa batho ba rona.

Seno ga se na bonno mo temokerasing ya rona. Bogolosegolo, Kabinete e lela ka ditshwaelo tsa bosemorafe tse di dirilweng ke tokololo e kgolwane ya Boatlhodi, e leng Moatlhodi wa Kgotlatshekelokgolo, Mabel Jansen.

Dipuo tseo, bogolo segolo di tswa mo tokololong e e tlotlegang ya boatlhodi, ga di lepalepane le se baagi ba se solofetseng go tswa mo ditokololong tsa boatlhodi. Boatlhodi bo tshwanetse ka gale go bontsha gore ga bo tseye letlhakore le ka tsela e e se nang molato.

Itshokelano le tlotlo e ntse motheo wa kgaratlho ya rona ya kgololesego mme di sala go nna karolo ya botlhokwa ya motheo wa temokerasi ya Aforika Borwa. Tlaya re kopaneng gape gore mmogo re fenye karoganyo ya bosemorafe mo baaging ba rona.

Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo le rulaganya go samagana le dintlha tseo ka go itsise melao e e samaganang le bosemorafe, bogolo segolo puo e e tletseng letlhoo.

Gape kabinete e ikuela mo maAforika Borweng otlhe go tlotlana jaaka go tlhagisitswe mo Lekwalong la Ditshwanelo.

4.2. Kabinete e boeletsa go kgala go go dirilweng ke Moporesitente Jacob Zuma malebana le go senngwa ga dikolo di le 24 ke batho ba go tweng ke baagi ba kwa kgaolong ya Vhembe kwa Limpopo. Go senngwa ga dikago tsa thuto go tlhokisa bana ba rona ditšhono mme go nyatsa maiteko a naga a go tlamela ka thuto ya boleng.

Kabinete e amogela kopano ya ga Moporesitente Jacob Zuma le Kgosi ya maVenda, Kgosikgolo Thovhele Toni Mphephu Ramabulana, e le ka kopo ya ga kgosi ka la bo 8 Motsheganong 2016 go rarabolola mathata a kwa Vuwani.

Moporesitente Jacob Zuma o tlhomile setlhophatiro se se eteletsweng pele ke Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso go etelelapele thulaganyo ya go tla ka diporojeke tsa mafaratlhatlha a loago mo Lekgotlatoropong la Selegae la Makhado. Kabinete e leboga Setlhophatiro sa Ditona se se eteletsweng pele ke Tona Desmond van Rooyen ka kgatelopele e e dirilweng go rarabolola morero ono mme e lebogela seabe sa Kantoro ya Tonakgolo Stanley Mathabatha, le Ratoropomogolo wa Vhembe, Tshitereke Matibe; Mmatoropomogolo wa Thulamela, Grace Mahosi le Ratoropomogolo wa Makhado, David Mutavhatsindi.

Ka nako ya dikopano tsa Setlhophatiro, baeteledipele ba setso ba ba neng ba le gona ba itlamile go dira le puso go rarabolola mathata mme ba nyatsa tshenyo ya dithoto le tirisodikgoka mme gape ba ikuela gore seemo se rarabololwe ka bonako. Kwa dikopanong tseno, baeteledipele ba setso le Setlhophatiro ba tlhomamisitse gape dipoelo tsa kopano ya ga Moporesitente mme ba swetsa go begela Moporesitente ka tswelelopele.

Fa re bua jaana, Setlhophatiro sa ditona se buisana le baamegi botlhe e le maiteko a a tswelelang pele a puso go lolamisa seemo kwa Vuwani le metse e e mabapi.

Kabinete e leboga ditokololo tsa baagi le baeteledipele ba setso ba ba tseregantseng go sireletsa dikolo tse di setseng le go dira gore go nne le seemo sa puisano e e tswelelang pele.
Go ka seke ga bo ga nna le lebaka lepe le le utlwalang la go buelela tshenyo e e senang tlhaloganyo ya dikago tsa botlhokwa tsa setšhaba di tshwana le dikolo. Baagi ba ba tla bonwang molato wa go fisa mafaratlhatlha a rona a setšhaba ba tla lebagana le bogale jwa molao.

Kabinete e gakolola maAforika Borwa gore temokerasi ya rona e naya baagi botlhe dibaka di le mmalwa go tlhagisa matshwenyego a bona le go nna le dipuisano tse di agang tse di lebisang kwa tharabololong e e amogelesegang. Baagi ba kgaolo eno ba rotloediwa go beela thoko batho bape ba ba eteletseng pele mme ba senya isago ya bana ba rona mme ba ba bege kwa ditheong tsa tiragatso ya molao.

Mo tiragalong e e kwa thoko fela e amana, Kabinete e tshwentswe ke tirisodikgoka e e tswelelang pele, kgoreletso ya dikolo mmogo le go fisiwa ga ditlamelo tsa lefapha la pharakano kwa tikologong ya Grabouw ya Kapa Bophirima. Kabinete e boeletsa gore go tla dirisiwa maatla a molao mo go ba ba fitlhelwang ba le molato wa ditiro tsa bosenyi.

4.3. Kabinete e romela matshidiso go bamalapa le ditsala tsa ba ba latlhegetsweng ke matshelo ka ntlha ya merwalela kwa dikarolong tsa KwaZulu-Natal. Puso e tlamela ka ditirelo tsa tsamaiso ya matlhotlhapelo le namolo go batswasetlhabelo.

4.4. Kabinete e gakolola maAforika Borwa go tswelela go dirisa metsi ka tshomarelo go netefatsa gore go nna le tlamelo e e lekaneng go ka dirisiwa mo isagong, ka ntlha ya fa go sa ntse go na le dikarolo tsa naga tse di itemogelang komelelo.

Tshegetso ya puso e tswelela go fokotsa ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tsa komelelo ka kabelo ya tekanyetsokabo ya pakakhutshwane, pakagare mmogo le pakatelele go tlamela manaane a mo mafapheng a a tsibogelang ditlhokego tse di kgethegileng tsa dikarolo tse di amilweng ke komelelo le tlhokego ya go samagana le tatlhegelo ya metsi mo mafaratlhatlheng a botlhokwa a tlamelo.

Puso e tlhamile Setlhophatiro sa Ditona sa Tlamelo ya Ditirelo, mme se na le kemedi go tswa kwa maphateng a a farologaneng. Jaaka karolo ya dikgato tsa phokotso tse di tserweng go nolofatsa ditlamorago tsa komelelo, go dirisitswe melawana ya tiriso ya matamo mo matamong a le 35 le dithulaganyo di le 4 mo ga jaana go dirisiwang ditekanyetso malebana le ditlamelo tsa metsi (ditekanyetso tse di beilweng tsa tiriso ya mo magaeng le mo temothuong).

Go fokotsa ditlamorago tsa komelelo mo badirising ba metsi, Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le dirisitse go feta R500 milione mo ditsereganyong tsa tshoganyetso le tsa pakakhutshwane kwa KwaZulu-Natal, Foreisetata, Bokone Bophirima, Kapa Botlhaba, Mpumalanga, Limpopo, Kapa Bophirima le Kapa Bokone. Ditsereganyo tsa pakagare le pakatelele di ikaeletse go netefatsa gore re kgona go emelela phetogo ya tlelaemete go gaisa, mme seo se fokotsa matshosetsi a tlhokego ya phokotso ya komelelo mo isagong.

Mokgwa o o dirisiwang ke puso go samagana le bothata jwa komelelo le go onala ga lefatshe, o gokaganya ditsibogo tse di tsamaelanang le tse di golaganeng tsa mo gare ga puso, e leng, manaane a Tlhokomelo ya lefatshe, Working for Water, Working on Fire le Working for Wetlands, a a tshwaelang mo go tlhameng ditiro, go nna teng ga dijo, tlhabololo ya bokgoni, tshomarelo, tsosoloso ya lefatshe le pusetso gammogo le tlhabololo ya metsemagae. Tshimologo ya komelelo ya ga jaana e dira gore go tlhokege gore go dirisiwe dithekenoloji tse di tsweletsang bokgoni jwa go emelana le komelelo.

Ka jalo, ka 2015 Aforika Borwa  e amogetse tiriso ya mmidi o o fetotsweng o o emelelang komelelo go samagana le ntlha ya go nna teng ga dijo. Gape re tokafatsa boitlhamedi le dithekenoloji tse di tlhokegang go baakanya dikarolo tse di amegileng go thibela go onala ga mmu le go dira gore go tlhagisa ga lefatshe go nnele ruri.

Jaaka karolo ya mokgwa o o golaganeng, Aforika Borwa e itlamile go nna le selekane, le go nna moamogelatshiamelo wa lenaane la tshegetso le le totileng Lefatshe la Tumelano ya Ditšhabakopano ya go Lwantsha go Fetoga Dikaka (UNCCD). 

Ka ditsereganyo tseno, re golagana mo tiragatsong ya lefatshe ya diphitlhelelo tsa bosetšhaba ya boithaopi jaaka karolo ya go fitlhelela Diphitlhelelo tsa Tlhabololo tse di nnelang Leruri. Ntlhatheo e kgolo ya Land Degradation Neutrality e tlhomamisa seabe sa batho ba selegae mo go thaleng le go diragatsa dikgato tsa go emisa le go busetsa morago go onala ga lefatshe.

Togamaano e e sa tswang go konosediwa fa gautshwane ya Tlwaetso ya Phetogo ya Tlelaemete e supa ditsereganyo tsa ditlapele mme e golaganya maano a tlwaetso a maphata a Metsi, Temothuo, Biodiversity, Boitekanelo, Manno a Batho le Phokotso ya Matshosetsi a Matlhotlhapelo go nna Leano la Bosetšhaba la Tlwaetso le le akaretsang. Go tlosiwa ga Mefuta e e seng a Tshimologo (Alien Species) ka lenaane la Working for Water go tswa mo madutelong a a amegileng thata le mo metsing go tshwaela mo goreng go nne le metsi a boleng le bontsi jo bo tokafetseng.

4.5. Kabinete e lemogile e bile e tshwentswe ke dikgato tsa seteraeke kwa Kantorong ya Poso ya Aforika Borwa , se ditlamorago tsa sona di amileng go ithulaganya sešwa ga yona go direla maAforika Borwa  botoka.
Puso, ka Lefapha la Ditlhaeletsano tsa megala le Ditirelo tsa Poso e tsweletse go samagana le merero ya kwa Kantorong ya Poso go tlisa tsepamo le go fetola seemo. Ka Phatwe o o fetileng, Lefapha le tlhomile boto e ntšhwa, Motlhankedikhuduthamaga yo montšhwa mme la maatlafatsa botsamaisi go kaela ditiro le go tlisa tsepamo kwa SAPO. Tsepamo ya matlole a SAPO e sa ntse e le setlapele se se kwa godimo.

Kantoro ya Poso ya Aforika Borwa  e sa ntse e le setheo sa togamaano ya go atolosetsa ditirelo tsa puso, e-commerce le ditšhelete go maAforika Borwa  ka dikantoro tsa yona tse di fopholediwang go 2 448. Re rotloediwa ke gore botsamaisi le baeteledipele ba badiri ba ba rulaganeng ba itlamile go tsweletsa dipuisano jaaka tsela ya go rarabolola dipharologano tsa bona.

4.6. Kabinete e akgola setlhopha sa barutwana ba Aforika Borwa  (Liam Baker, Dylan Nelson, SangEun Lee, Ralph McDougall, Timothy Schlesinger, Hannah Clayton, Rauseenah Upadhey, and Mpho Nkwana) ka go fenya kgaisano ya bo24 ya Pan African Mathematics Olympiad kwa Senegal. Lee, wa dingwaga tse 17 o ne a tlhomiwa jaaka Kgosigadi ya Aforika ya Dipalo (African Queen of Mathematics) mo kgaisanong ya basetsana, ngwaga wa bobedi ka tatelano.

Dipotsiso:
Donald Liphoko
Dintlhakgolagano: 082 901 0766

Share this page

Similar categories to explore