Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la 1 March 2017

 1. Go Tsenngwa Tirisong ga Mananeo a Puso

1.1. Kabinete e tshegetsa maikano a a diriweng mo Tekanyetsokaboong ya Bosetšhaba ya 2017 go tsweletsa tlhabololo e e tseneletseng ya ikonomi le go dira gore maAforika Borwa a mantsi a nne le seabe mo ikonoming e e isang kgolong e e akaretsang. Tekanyetsokabo e supa fa kgolo e e senang phetogo e tla tswelela go gatelela go tlhoka tekatekano ga mo malobeng.

Kabosešwa ya tshegetso ya thuto, ditirelo tsa boitekanelo le ditiro tsa bommasepala kwa mafelong a magae e tswelela go nna mooko wa mananeo a rona a tiriso ya matlole. Phetolo mo go tsa theko e tswelela go tokafatsa nonofo ya tiriso ya matlole a setšhaba le go bula ditšhono tsa gore dikgwebopotlana di nne le seabe.

Kabo ya tekanyetsokabo go tshegetsa kgolo le tlhabololo ya ikonomi: R3.9 bilione ya dikgwebopotlana, tse di magareng le tse dikgolwane (di-SMME) mmogo le dikoporasi; R4.2 bilione ya mafaratlhatlha a madirelo mo mafelong a a kgethegileng a ikonomi le diphaka tsa madirelo; R1.9 bilione ya go tsenngwa tirisong ga marang a porotebente, R3.9 bilione ya Lekgotla la Ditlhotlhomiso tsa Saense le Intaseteri, R494 milione e nngwe go rotloetsa Bojanala, R266 milione e nngwe go tshegetsa lekala la mawatle le go fitlhelela maitlhomo a Letsholo la Ikonomi ya Mawatle la Operation Phakisa, le tiriso ya matlole mo temothuong, tlhabololo ya metseselegae le tlhabololo ya mafatshe tse di tla fitlhang go R30 bilione ka 2019/20.

Tekanyetsokabo e na le seabe se segolo mo tlhabololo le go rotloetseng kabosešwa ya metswedithuso e e tla bakang dipeeletso mo bathong le mo didirisweng.

1.2. Ka ntlha ya fa re lemoga gore re tlhoka go beeletsa mo isagong ya bašwa ba rona, tekanyetsokabo e netefatsa gore baithuti ba ba dikobo dikhutshwane ba ka fitlhelela thuto e kgolwane. Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete ya Baithuti (NSFAS) se tlametse matlole go baithuti ba feta 300 000 ba bašwa le ba ba boelelang kwa diyunibesithing le kwa dikholejing tsa Thuto le Katiso ya Tiro ya Setegeniki (TVET) go ralala naga ka 2017.

Letlole le le solofela go thusa baithuti ba bangwe gape ba le 100 000 monongwaga. Madi a a kana ka R15 bilione a a abetsweng NSFAS ke puso a tla thusa thata mo go fokotseng mokgweleo wa matlole o o lebaneng baithuti ba ba tlhokang le ba mo magareng.

1.3. Morago ga go thankgololwa ga Operation Phakisa ka katlego mo makaleng a a jaaka Ikonomi ya Mawatle, Boitekanelo, Thuto ya Motheo, Moporesitente Jacob Zuma o thankgololetse Operation Phakisa mo makaleng a Temothuo, Kagosešwa ya Mafatshe le Tlhabololo ya Metseselegae ka la bo 24 Tlhakole 2017. Operation Phakisa e tserwe go tswa mo mekgweng ya Malaysia ya Dipoelo tse Dikgolo ka Bonako o Malaysia o o dirisitseng ka katlego go fitlhelela tlhabololo e e bonako ya ikonomi; mme ka ntlha ya fa le tsentswe tirisong ka katlego mo Aforika Borwa, ga jaana ke karolo ya lenaneo la go Tsenngwa Tirisong ga Leano la Dintlharobongwe.

Operation Phakisa ya Temothuo, Ntšhwafatso ya Naga le Tlhabololo ya Metseselegae maitlhomo a yona ke go fitlhelela kgolo e e akaretsang, jaaka go tlhalositswe ke ponelopele ya Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP), mme e ikaelela go nna le seabe mo kgolong ya ikonomi, mo go tlholeng ditiro, le mo go tlhabololeng lekala la temothuo. E tswelela gape go batla go netefatsa phitlhelelo e e lekalekanang ya lefatshe, go lebilwe bobedi tlhabololo ya ikonomi le phetogothefosano mo mererong ya temothuo.

Lenaneo le le tla sekaseka dithulaganyo tse di leng teng ga jaana tsa tshegetso ya batlhagisi mme le tlhagisi dithulaganyo tsa matlole tseo maitlhomo a tsona e leng go itlhaganedisa ntšhwafatso ya naga, ka ntlha ya tlhokego e e masisi ya gore puso e nne le tswelopele mo ntlheng ya tlamelo ka dijo e e sa tlhaeleng. Godimo ga moo, lenaneo le le ikaelela go samagana le dikgoreletsi go netefatsa fa batho ba nna le lefatshe ka go lekalekana mo tlhabololong ya ikonomi le mo phetolothefosanong ya temothuo. Tsona di akaretsa ntšhwafatso ya naga, tlhabololo ya metseselegae, ditiro, dithoro, leruo, bolemi le tshegetso ya batlhagisi.

1.4. Ka 2016, go kwadisitswe bajanala ba feta dimilione di le 10 mo Aforika Borwa, e leng koketsego ya 13% fa go bapisiwa le ya 2015. Intaseteri ya rona ya bojanala e e tsabakelang ke bopaki ba tirisanommogo magareng ga puso, mekgatlo ya badiri le kgwebo e e eteletsweng pele ke Lefapha la Bojanala le Bojanala ba Aforika Borwa go ribolola dipoelo tse di tletseng tsa ikonomi ya dithoto tsa rona tsa Bojanala. Re ikuela go balekane botlhe ba intaseteri e go tswelela go tlhabolola le go rotloetsa bojanala gore bo tswele mosola baagi ba selegae ka ditiro le le ka tlhabololo ya mafaratlhatlha.

1.5. Jaaka karolo ya maikaelelo a Puso a go ribolola bokgoni jwa di-SMME le dikgwebo tsa kwa makeišene, Aforika Borwa e tla nna moamogelabaeng wa Lekgotla la Lefatshe la Kgwebo magareng ga la bo 13 le la bo 16 Mopitlwe 2017 kwa Johannesburg. Lekgotla le ke kopano ya makala a a farologaneng a bagaka ba ba simololang mme le ngokela baeng ba le 4 000 go tswa kwa dinageng di feta 150. Ditlhalefi, borakgwebo, babeeletsi, batlhotlhomisi, badiradipholisi ba e leng karolo ya mokgatlo o wa lefatshe o o tsweletsang bogwebi jaaka tsela ya go bopa diikonomi le go tokafatsa matshelo a batho ba tla tsenela kopano e.

E tla bo e le lantlha lekgotla le le tshwarelwa mo Aforika mme se se neela Aforika Borwa le kontinente yotlhe tšhono ya go tlhotlhetsa lerato la yona la kgwebo.

1.6. Aforika Borwa e ketekile tshimololo ya Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Botho ka la bo 1 Mopitlwe 2017 ka fa tlase ga setlhogo: “Ngwaga wa OR Tambo: Ke ngwaga wa go tshwaragana mo go Tsweletseng Ditshwanelo tsa Botho” go lemosa batho le go ba rotloetsa go tlotla ditshwanelo tsa botho tsa motheo.

Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Botho e tla ketekiwa go ralala naga e le matlhagolatsela a keteko ya bosetšhaba ka Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho ka la bo 21 Mopitlwe kwa Ginsberg, King William’s Town kwa Kapa Botlhaba.

Ka letsatsi leo, Moporesitente Jacob Zuma o tla neela semmuso lebitla la segopotso la ga Steve Biko go ba lelapa la ga Biko. Se ke karolo ya go keteka le go rotloetsa tshwaragano go tsamaisana le ponelopele ya ga OR Tambo.

1.7. Kabinete e amogetse gape le dipoelo tsa dipatlisiso tsa Khomišene ya Dikgaisano e e ka ga thefosano ya madi e e utlwanetsweng mme e letile go konosediwa ga ditsamaiso tsa Lekgotla la Dikgaisano, go akaretsa diphitlhelelo tsa lona le tshwetso tebang le kotlhao e e maleba.

1.8. Jaaka re keteka Kgwedi ya Bosetšhaba ya Metsi ka Mopitlwe 2017 ka fa tlase ga setlhogo: “Ditshwanelo tsa Botho tsa Metsi le Kgelelaleswe”¸ maAforika Borwa otlhe a gakololwa go somarela metsi go netefatsa tlamelo e e tswelelang mo isagong.

Kabinete e ne ya itsisiwe ka ga tshitshinyo ya Mokgatlo wa Ditšhabakopano (UN) wa Thuto, Saense le Setso (UNESCO) go tshwarela Letsatsi la Metsi la Lefatshe mo Aforika Borwa ka la 22 Mopitlwe 2017 ka fa tlase ga setlhogo: “Metsi a a dirisitsweng, motswedi o o iseng o lekiwe”.

Moporesitente Jacob Zuma yo e leng tokololo ya Maemo a a kwa Godimo mo Phaneleng ya UN e e mabapi le Leanotiro la Metsi o tla bula tiragalo e, ka go thankgolola Pegelo ya Tlhabololo ya Metsi a Lefatshe ya 2017 ka ga metsi a a dirisitsweng le ditiragalo tse di amanang le seno.

1.9. Kabinete e amogela tswelopele e e leng teng mo go abeng dijo tsa diruiwa go tshegetsa balemi mo mafelong a a amilweng ke komelelo mo nageng. Maiteko a ke karolo ya R212 milione ya tshegetso, e puso e e rebotseng mo ngwageng wa matlole wa 2016/17 go thusa balemi ba ba amegileng go ralala naga.

Diporofense di tlhagisitse gape R198 milione ka lenaneo la tlamelo ka matlole ka go lekalekana, mme matlole a a tswang mo lenaneong la Thibelo le Twantsho ya Matlhotlhapelo a diriseditswe go epa metswedi le go aga dithibelamelelo.

1.10. Go kgona go thusa mo mathateng a a amanang le metsi kwa Kapa Bophirima, go tshwanetse ga nna le dikgato tsa go tlamela ka namatshego e e tletseng ka mokgwa wa metswedi e mengwe ya tlamelo ya metsi e e tshwanetseng go nna e siamisitswe gore fa go ka nna le tlhaelo ya metsi mo setlheng se.

Go tswelela go thibela tiriso e e feteletseng ya metsi, Lefapha la Metsi le Kgelelaleswe le itsisitse lekala la temothuo ka ga dithibelo tse dingwe tsa metsi tsa 10%. Dithibelo tseno tsa metsi di tla tswelela go fitlha mothamo wa matamo a tlalang go fitlhelela 85% ya metsi.

1.11. Jaaka naga e amogela dipula tse di ntseng di tsorotla tseo di tlhokegang mo go fokotseng komelelo mo nageng, matamo le dinoko di tswelela go bontsha tlhatlogo ya methamo. Go sa ntse go na le kgonego e e kwa godimo ya merwalela. Re ikuela go baagi go nna ba tsibogile ka ntlha ya merwalela e e ka bakang dintsho, tshenyo ya dithoto le mafaratlhatlha. Puso le ditheo tsa yona e tswelela go nna malala a laotswe mme e ipaakanyeditse go ka tsaya dikgato fa go tlhokega.

1.12. Moporesitente Jacob Zuma o tla ala puo ya gagwe ya ngwaga go Ntlo ya Bosetšhaba ya Baeteledipele ba Setso ka la bo 3 Mopitlwe 2017.

Morago ga Puo ya gagwe, Lenaneotiro le tla tlhongwa le go tsenngwa tirisong ke Ntlo e le Lefapha la Merero ya Setso. Pulosemmuso ya ntlo e e tla bo gape e keteka dingwaga di le 20 e ntse e tlhomilwe.

1.13. Moporesitente Jacob Zuma o tla etelela pele kemedi ya puso ya Aforika Borwa kwa Samiting e e Kgethegileng ya Dinagatlhabololo tsa Borwa jwa Aforika (SADC) ka la bo 18 Mopitlwe 2017, kwa Pusong ya Bogosi ya Swaziland. SADC e tswelela go dira jaaka sedirisiwa sa pholisi ya boditšhaba ya Aforika Borwa go fitlhelela tlhabololo ya kgaolo le momagano mo kgaolong ya rona.

Go solofelwa gore Samiti e e tla buisana ka, gareng ga tse dingwe, maemo a kagiso le tshireletso mo kgaolong, go lebilwe ditiragalo tsa kwa Pusong ya Bogosi ya Lesotho le kwa Rephaboliking ya Temokerasi ya Congo mmogo le go tsenngwa tirisong ga Togamaano e e Tlhabolotsweng ya Tshupane ya Kgaolo.

Aforika Borwa jaaka Monnasetilo yo o tla tsayang marapo wa SADC e tla nna moamogelabaeng wa Samiti e e Tlwaelegileng ya SADC ka Phatwe 2017.

1.14. Ka la bo 8 Mopitlwe Moporesitente Jacob Zuma o tla tsaya leeto la semmuso go ya kwa Indonesia. Aforika Borwa le Indonesia ke dingwe tsa diikonomi tse dikgolo mo dikgaolong tsa tsona tse di humileng ka dikumo tsa tlhago le tsa mawatle.

1.15. Leeto le le tla etelelwa pele ke Samiti ya Baeteledipele ba Mokgatlo wa Indian Ocean Rim (IORA) go tloga ka la bo 6 go fitlha ka la bo 7 Mopitlwe 2017, e e tla ketekang gape le segopotso sa bo 20 sa IORA. Kwa Samiting, Moporesitente Joko Widodo o tla neela Aforika Borwa bonnasetilo ba IORA.

Aforika Borwa le Indonesia bobedi ke ditokololo tse di theileng IORA, e e nang le dinaga tsa mabopo a Lewatle la India di le 21. Aforika Borwa e ne e le Motlatsa Monnasetilo go tloga ka 2015 go fitlha kwa tshimologong ya 2017 mme e tla nna monnasetilo go simolola ka 2017 go fitlha ka 2019.

2. Ditshwetso tsa botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga seralwa sa Pholisi ya Tsamaiso ya Metsi a Meepo mo kuranteng ya puso gore baagi ba tshwaele. Taolo ya Metsi a Meepo go akaretsa le Motlhotlho wa Asiti ya Dimmaene e tswelela go nna kgwetlho mo tikologong.

Pholisi e e tlamela ka motheo wa go rwesa maikarabelo maphata a a amegang mo dilabeng le ditshenyo tse di bakiwang ke Motlhotlho wa Asiti ya Dimmaene tse di amanang le kgotlelo le mathata a mangwe a a amanang nayo. Pholisi e e batla gape go tshitshinya ditsela tse meepo e tshwanetseng go di tsaya tsia go laola metsi a yona botoka.

2.2. Kabinete e ne ya itsisiwe ka go tsenngwa tirisong ga diphitlhelelo tse di maleba tsa pegelo ya tswelopele ya Komiti ya Ditona ya Tsosoloso ya Baagi ba ba Tshwenyegileng ba Mafelo a Meepo go tswa kwa leetong la Ditlhotlhomiso tsa Papiso ya Intaseteri ya Meepo ya Australia ka la bo 24 go fitlha ka la bo 28 Phatwe 2015.

Leeto le la ditlhotlhomiso le ne le ikaegile ka Kamogelo e e Bonako ya Pholisi le Mekgwataolo e e Laolang Lekala la Meepo e e neng e bapisa pholisi le letlhomeso la melao e e laolang lekala la meepo mmogo le ditiro tsa ditlamo tsa meepo kwa Australia, Chile, Aforika Borwa le Zambia.

Dintlhakgolo tsa tswelopele e di akaretsa semphato magareng ga puso le ditlamo tsa meepo mo go neeleng badiri ba meepo le baagi dintlo tse di nang le seriti le maemo a a amogelegang a botshelo. Go dirwa tshekatsheko ya dipolante tsa phepafatso ya metsi go lekola kgonego ya tirisanommogo. Go tlhabololwa ga maano a boalo a ditoropo tsa meepo go konoseditswe tebang le bommasepala ba le batlhano. Diporojeke tse di botlhokwa tsa tlhabololo ya ikonomi di tsengwa tirisong kwa mafelong a a romelang badiri go lebilwe thata tsweletso ya lekala la temothuo mo mafelong a meepo; tekolo e bonako ya phitlhelelo ya ditshekatsheko tsa kalafi go ba ba neng ba dira meepong, baagi le ba ba dirang meepong ga jaana.

Kabinete e amogetse gore Lefapha la Badiri le la Diminerale a batlisise dikai tsa go dira kwa meepong e e farologaneng ya Australia kwa badiri ba tswang kgakala le meepo go thusa badiri ba meepong mo Aforika Borwa ba ba tswang kwa mafelong a a kgakala go kgona go nna ba etela gae gangwe le gape.

Kabinete e amogetse gape gore Lefapha la Boitekanelo le dire le Lefapha la Diminerale le balekane ba bangwe go tlamela ka ditirelo tsa tshegetso go ba ba neng ba dira meepong go samagana le malwetse a a bakiwang ke tiro ka maitlhomo a go fokotsa le go thibela dikgwetlho tse dingwe tse di amanang le boitekanelo mo tirong.

Go ne ga kopiwa gore Lefapha la Mafelobonno a Batho le itlhaganedise go tsenngwa tirisong ga diporojeke tsa mafelobonno a batho a a momaganeng ka tirisano le ditlamo tsa meepo.

2.3. Kabinete e amogetse leanotlhabololo go ikaegilwe ka diphitlhelelo le dikatlenegiso tsa tshekatsheko ya tekano ya gore a ditlamelo tsa dintlo tseo beng ba thusiwang ke puso ka matlole di rarabolotse botlhoki ba dithoto mo malapeng le kwa bommasepaleng ba selegae.

Dintlo di feta dimilione di le tharo di rebotswe ka lenaneo la dintlo la puso. Mme dintlo di le 2.8 milione tsa tsona di rebotswe ka thuso ya matlole e leng e e neelang batho ba ba iponelang letseno le le ka fa tlase ga R3 500 ka kgwedi dintlo tseo e leng tsa bona. Bopaki bo supa gore ntlo ke ntlha e e botlhokwa mo meputsong ya loago le mo tshomarelong ya madi ka fa malapeng.

2.4. Kabinete e amogetse pegelo ka ga Go tsenngwa Tirisong ga Lenaneo la Basari la Funza Lushaka mmogo le Tsibogo le Tokafatso ya Bolaodi go tswa kwa Lefapheng la Thuto ya Motheo (DBE). Se e ne e le karolo ya Leano la Bosetšhaba la Tshekatsheko la 2014/15.

Kabinete e dumetse gore DBE e tswele pele ka lenaneo leno le le tlhamilweng ka 2007 go oketsa palo ya barutabana ba ba nang le bokgoni mo Makaleng a botlhokwa. Lefapha le ka leba gape ntlha ya go oketsa le go anamisa Lenaneo le.

Bopaki bo supa gore popego ya Lenaneo le e maleba mo bokaelong jwa sepolotiki, ikonomi le loago. Gape le maleba thata go ya ka tikologo e e marara e le tsenngwang tirisong mo go yona. Lenaneo le le tsweletse go tsenya tirisong ditlhabololo di le mmalwa mo togamaanong ya lona, go akaretsa go tlhagisiwa ga go thapa go ya ka didika ka 2012. Le nnile le seabe sa botlhokwa mo go oketseng palo ya batho ba ba ikwadisetsang thuto ya borutabana.

2.5. Kabinete e ne ya itsisiwe ka ga Letlhomeso la Tshupane ya Bogole mme ya amogela go lekelelwa ga Tshupane ya go tlhoka Tekatekano ga Bogole. Kabinete e tshegetsa gape le go se kopanngwe ga disete tsa tshedimosetso yotlhe go ya ka bong, bogole le dingwaga go ralala puso.

Tshupane ya go tlhoka Tekatekano ga Bogole ke sedirisiwa sa botlhokwa mo go eleng tlhokoo go tlhoka tekatekano mo gare ga batho ba ba nang le bogole ba ba senang bogole, mme e tlamela ka tshekatsheko ya maemo a a kwa godimo a go lekanyetsa mokhino wa go tlhoka tekatekano. Se se thusa mo go tsepamiseng mananeo a puso gore e nne a a karetsang botlhe.

Tsamaiso ya go se kopanye e tla kgontsha tsibogo e e bonako go tswa mo pusong tebang le maitemogelo a makoa a a maphatamantsi. Ditolamiso le ditlhabololo tsa pholisi ka botsona di le esi di ka se fokotse go tlhoka tekatekano ntle le tekanyetso e e rulaganeng e bile e tswelela ya mokhino wa go tlhoka tekatekano.

2.6. Kabinete e amogetse Pholisi ya Batlhankedi ba Tireloloago, 2016. Poelo e e botlhokwa e ke thebolo ya ditirelo tsa loago tse di tsibogang e bile di na le boleng, ka taolo ya batlhankedi ba tireloloago. Se se tlhola maemo a a kgontsha a a tla anamisang tebego ya badiri ba lekala la tlhabololo ya loago, ka maikaelelo a go tokafatsa ditirelo tsa tlhokomelo le tshireletso tse di rebolelwang ditlhopha tse di bokoa.

Go na le tlhokego ya badiri ba ba farologaneng ba ditirelo tsa loago go akaretsa motlhankedi wa tlhabololo ya setšhaba, batlhokomedi, batlhankedi ba Dikolo tsa Thuto ya Bana ba Kheretšhe (ECD); go tsibogela diphetogo tsa melao, ditlhoko tse di fetogang tsa baagi le maemo a ikonomi le a loago mo lekaleng la ditirelo tsa katlaatlelo loago.

2.7. Kabinete e amogetse Taelo e e ka ga Tshekatsheko ya Mefuta e mengwe ya Badiri ba go Tlhokegang gore ba Senole Dikgatlhegelo tsa Bona tsa Matlole, e e tla tsenngwang tirisong go simolola ka 1 Moranang 2017.

Dikotsi tsa bobusi jo bo siameng tse di tlhagelelang ka ntlha ya kgotlhang ya dikgatlhegelo tsa matlole ga di a lebana fela badiri ba maemo a bolaodi jo bo kwa godimo. Tsamaiso ya eDisclosure e a siamisiwa go kgontsha ditlhopha tse dingwe tsa badiri go senola dikgatlhegelo tsa bona tsa matlole ka inthanete le gore tsamaiso ya netefaletso e diragadiwe kwa maemong a lefapha.

2.8. Kabinete e amogetse Pegelo ya Kgato ya Boraro ya Naga ya Aforika Borwa tebang le go tsenngwa tirisong ga Tumelano ya OECD ka ga go Samagana le Bonweenwee le Badiredipuso ba Dinaga Disele mo Diphetisetsong tsa Dikgwebo tsa Boditšhaba (Tumelano Kgatlhanong le Bonweenwee).

Pegelo e e ala maiteko a a tseneletse a puso a go dupa, go tlhotlhomisa le go sekisa dikgetse tsa pipamolomo ya boditšhaba. Tumelano eno e lebile tiriso ya molao wa selegae go tsaya pipamolomo ya boditšhaba e le bosenyi. E ama pipamolomo e e mo pepeneneng le e e sa bonaleng, mme ga e akaretse pipamolomo e e leng ya selegae le pipamolomo e moamogedi wa pipamolomo ka tlhamalalo kgotsa e se ka tlhamalalo e seng modiredipuso.

Kgato 1 e ne e lebile go supa ga melawana le ditsela tse dinaga di di dirisang go samagana le pipamolomo ya boditšhaba. Kgato 2 e lebile tiriso le nonofo ya didirisiwa le mekgwa e. Kgato 3 e samagana le go leba seabe seo naga e tla nnang le sona ka go amogela tumelano e. Kgato 4, e e simolotseng go dira ka 2016, e ka ga dintlha tse di amang ditlhopha tse di farologaneng tse di amanang le maiteko le diphetogo mo melaong ya selegae kgotsa letlhomeso la ditheo tsa Maphata a.

2.9. Kabinete e amogetse ditsela tse di tshitshintsweng tse di tlhagelelang mo Thulaganyong ya Matlole ya go tokafatsa Lefapha la Merero ya Selegae. Lefapha le tshwanetse go bewa mo teng ga tsamaiso ya tshireletso ya gore le nne le seabe mo tshireletsong ya bosešhaba le go kgona go sireletsa batho ba lona, ditsamaiso le tshedimosetso.

Se se tla kgontsha lefapha go diragatsa morero wa lona ka botlalo go kgontsha tlhabololo e e akaretsang ya ikonomi, tshireletso ya bosetšhaba, thebolo ya ditirelo e e nonofileng le tsamaiso e e nonofileng.

2.10. Kabinete e amogetse go rebolwa ga dipalopalo tsa bosetšhaba tsa kgweditharo ya 2016/17 ka Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS). Fela jaaka go dirwa ka pegelo ya ngwaga ya bosenyi, pegelo e e tla akaretsa ditiragalo tsa bosenyi tsa diporofense le tsa bosetšhaba. Dipalopalo tsa bosenyi di tsewa mo tshedimosetsong ya bosenyi e e rekotilweng kwa diteišeneng tsa sepodisi.

Dipego tsa dikgweditharo di kgontsha puso go ela tlhoko maitlhomo a botlhokwa, segolo mo go fokotseng dikgetse tsa bosenyi jo bo masisi tse di begilweng, jaaka go tlhagelela mo teng ga Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) mme e ka dirisiwa gape go nna tsiboso ya go sa le gale go matlafatsa ditiro tsa thibelo ya bosenyi le maano a Puso.

2.11. Kabinete e ne ya itsisiwe ka ga maikaelelo a ga Tona ya Sepodisi a go goeletsa boitshwarelo go ya ka Molao wa Taolo ya Ditlhobolo, 2000 (Molao wa bo 60 wa 2000), sebaka sa dikgwedi di le thataro go oketsa go nna le seabe ga baagi, mme paka e e tla simolola ka la bo 1 Moranang 2017 go fitlha ka la bo 30 Lwetse 2017.

Boitshwarelo jo bo tla fokotsa go tlalatlala ga ditlhobolo tse di seng molaong e leng se se tla bakang kwelotlase ya bosenyi jwa go ama batho.

Boitshwarelo bo tsepa batho ba ba latelang ba ba tshotseng ditlhobolo le/kgotsa dikolo mo Aforika Borwa:

a) Batho ba ba tshotseng ditlhobolo tse di seng molaong le/kgotsa dikolo tse di ntseng di dirisiwa, go akaretsa le tse di amegileng mo ditiragalong tsa bosenyi; le

b) Batho ba ba neetsweng boswa jwa ditlhobolo le/kgotsa dikolo mme ba reteletswe ke go ikobela ditlamelo tsa Molao wa Taolo ya Ditlhobolo.

2.12. Kabinete e amogetse Togamaano ya Bosetšhaba Kgatlhanong le Digongwana go samagana le digongwana ka ditsela tsotlhe tse di tlhagelelang ka tsona ka mokgwa o o akaretsang puso yotlhe. Se se tsamaelana le NDP go netefatsa gore batho ba ba tshelang mo Aforika Borwa ba ikutlwa ba babalesegile kwa gae, kwa dikolong le kwa ditirong, mme ba itumelela go tshela ba sena poifo. Ntlha e e lemoga le gore bosenyi le tirisodikgoka ga se fela ntlha ya tshireletso, mme e na le medi le ditlamorago tse di boteng tsa loago le ikonomi.

2.13. Kabinete e amogetse pegelo ya naga ya Aforika Borwa ya Tikologo ya bo 3 ya Tshekatsheko ya Nakwana ya Lefatshe, e e tla alwang go sekasekwa ke Setlhopha sa Tiro sa Tshekatsheko ya Nakwana ya Lefatshe, kwa Lekgotleng la Ditshwanelo tsa Botho la UN ka Motsheganong 2017.

Pegelo e e supa tswelopele e Aforika Borwa e e fitlheletseng ka go fitlhelela ditshwanelo tsa botho le dikgololosego tsa motheo tse di leng mo teng ga Molaotheo.

Tshekatsheko ya Nakwana ya Lefatshe ke tsamaiso e e kgethegileng e e akaretsa go sekasekwa ga direkoto tsa ditshwanelo tsa botho tsa Dinaga tsotlhe di le 193 tse e leng Ditokololo tsa UN gangwe mo dingwageng di le nne. E tlamela ka tšhono ya gore Dinaga tsotlhe di senole gore ke dikgato dife tse di di tsereng go tokafatsa maemo a ditshwanelo tsa botho mo dinageng tsa tsona le go fenya dikgwetlho gore batho ba itumelele ditshwanelo tsa botho. E akaretsa gape le go abelana tshedimosetso e e ka ga tsamaiso e e gaisang ya ditshwanelo tsa botho go ralala lefatshe.

2.14. Kabinete e amogetse go romelwa ga Pegelo ya ntlha ya Dingwaganne ka ga Tumelano ya Tshireletso le Thotloetso ya Mefutafuta ya Tlhagiso ya Setso, go UNESCO.

Tumelano e e dumela gore dithoto le ditirelo tsa setso di supa sebele, boleng le bokao. Setso se na le bokgoni jwa go nna le seabe se se maatla mo ikonoming, momaganong ya loago le mo phedisong ya botlhoki.

Ditshupetso tsa katlego ke go amogela ditogamaano di le nne tse di golaganeng: Leano la Mzansi Golden Economy; Togamaano ya Momagano ya Loago; NDP le Togamaano ya Tselana ya Kgolo e Ntšhwa; mmogo le ditheo tse di tlhomilweng ka botlalo tsa Lefapha la Botsweretshi le Setso di nang gape le Diboto. Aforika Borwa e nnile gape le tswelopele e e bonalang mo go lemogeng botlhokwa jwa dipuo tsa setho mo dipholising le mo melaong.

3. Melaotlhomo

3.1. Kabinete e amogetse go alwa ga Molaotlhomo wa Ditheo tsa Bosetšhaba tsa Boitekanelo tsa Aforika Borwa kwa Palamenteng. O tlamela ka go tlhongwa ga Ditheo tsa Bosetšhaba tsa Boitekanelo tsa Aforika Borwa (NAPHISA), mesola, maatla le ditiro tsa tsona.

NAPHISA e ikaelela go tlamela ka tekolo e e momaganeng ya malwetse le dikgobalo, ditlhotlhomiso, go ela tlhoko le tshekatsheko ya ditirelo le ditsereganyo tse di lebileng mathata a boitekanelo a a amang batho mo Aforika Borwa. Seno se tla oketsa bokgoni jwa go ela tlhoko malwetse a a tshelanwang le a a sa feteleng le dikgobalo, tse di tla thusang mo go lemogeng ka bonako, thibelo le go tsibogela maemo a. Seno kwa bokhutlhong se tla nna le seabe mo go laoleng malwetse le mo go fokotseng makoa le dintsho.

NAPHISA e tla nna sedirisiwa sa bosetšhaba se se dirang mo dikgatlhegelong tsa boitekanelo mo ditheong tsa puso mme maikaelelo a yona ke go tlamela ka tsamaiso ya tshireletso ya boitekanelo e e ka ga phitlhelelo, tekano, nonofo le boleng.

3.2. Kabinete e amogetse go alwa ga Molaotlhomo Tlhabololo wa Bosetšhaba wa Tirelo ya Laboratori ya Boitekanelo kwa Palamenteng. O tlhabolola Molao wa Bosetšhaba wa Tirelo ya Laboratori ya Boitekanelo, 2000 (Molao wa bo37 wa 2000).

Ditlhabololo tse di tshitshinngwang di batla go tokafatsa bobusi, maikarabelo le tsweletso ua matlole ya Tirelo ya Laboratori ya Boitekanelo ya Bosetšhaba. Se se tla kgontsha tirelo ya bosetšhaba go tlamela ka ditirelo tsa phekolo tsa laboratori ya boitekanelo ka tlhwatlhwa e e kwa tlase le nonofo e kgolo, go oketsa boleng ba tlhokomelo mo balwetseng ka tsamaiso e e mo nakong e bile e nonofile ya kalafi.

3.3. Kabinete e amogetse gore go phasaladiwa Molaotlhomotlhabololo wa Batsofe, 2016 gore setšhaba se dire ditshwaelo ka ona. Molaotlhomo o o tlhabolola Molao wa Batsofe wa bo 13 wa 2006. Ditlhabololo di ka ga tshireletso le dikgato tse di tshwanetsweng go obamelwa e leng seo se tla nnang le seabe mo go tlameleng ka tikologo e e babalesegileng e bile e sireletsegile mo batsofeng.

Molaotlhomo o o ikaelela go matlafatsa go elwa tlhoko le mekgwa ya tshekatsheko e e ka ga ditirelo go bagolo ka go tlhoma ditsela tse di nonofileng e bile di dira mo mabakeng a go se obamele dikgato tse di tla akaretsang dikotlhao. Se se tla netefatsa gore batsofe ba fitlhelela ditirelo tse di nang le boleng tsa loago, boitekanelo, tsa setšhaba le tlhokomelo ya selegae.

3.4. Kabinete e amogetse gore go phasaladiwa Molaotlhomotlhabololo wa Kokoanyo ya Matlole, 2016 gore setšhaba se dire ditshwaelo ka ona. Gape, Kabinete e amogetse go phimolwa ga matlole a a leng teng le go kopanngwa ga dithoto le dikoloto tsa ona go nna Letlole le le lengwe. Molaotlhomo o o tlhabolola Molao wa Kokoanyo ya Matlole, wa 1978 o o sa tlholeng o le mo dinakong.

Molao o o tlhalosa ka lenaneo ditsibogelo tsa matlhotlhapelo le go letla go tsenngwa tirisong ga ditogamaano tsa thibelo ya dikotsi le ditogamaano tse di mabapi le tlhabololo ka go momaganya matlole a a leng teng go akaretsa dithoto le dikoloto tsa ona go nna Letlole la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Loago le Namolo. Bokgoni jwa go kokoanya matlole ga Molao o bo tla busediwa mme letlole le le ka se tsibogele fela namolo ya loago, mme le tla tsaya dikgato go thibela dikotsi le go tlhabolola setšhaba.

3.5. Kabinete e amogetse gore go romelwa Molaotlhomotlhabololo wa Melao ya Bosetšhaba ya Taolo ya Tikologo, 2016 kwa Palamenteng. Ona o tlhabololo Molao wa Bosetšhaba wa Tikologo wa 1998 (Molao wa bo 107 wa 1998) gammogo le Melao e mengwe e e Rileng ya Taolo ya Tikologo.

Seno se tla matlafatsa: taolo e e momaganeng ya tikologo; thulaganyo e le nngwe ya taolo ya tikologo; dikgato tse di mabapi le kobamelo le tsa go gapeletsa kobamelo; tshomarelo ya ditshedi tse di farologaneng; taolo ya boleng jwa mowa; taolo ya merero ya leswe; mmogo le taolo e e momaganeng ya mabopo.

3.6. Kabinete e amogetse gore go phasaladiwa Seralwa wa Melawana ya Molaotlhomo wa Botshodi ba Mafatshe a Temothuo, 2017 gore setšhaba se dire ditshwaelo ka ona. Ntšhwafatso ya Naga e botlhokwa mo go ribololeng lekala la temothuo le bokgoni, le le golang e bile le tlhola ditiro.

Gareng ga tse dingwe, Molaotlhomo o o tlamela ka go tlhongwa ga Khomišene ya Lefatshe e e tla netefatsang tikololo ya taolo e e sa gobeleleng mme e dira sentle go tlhola le go dirisa tshedimosetso e e siametseng pholisi e e ka ga go nna mong wa lefatshe la temothuo le go le dirisa.

Seno se tla tokafatsa bokgoni jwa puso jwa go ela tlhoko kobamelo ya yona ya taelo ya Molaotheo go netefatsa pusetso ya lefatshe le diphetolo tse di maleba, ka maitlhomo a go tsaya dikgato go samagana le ditlamorago tsa tlhaolele go ya ka mmala mo malobeng.

Seno se na le seabe mo ponelopeleng ya tsosoloso ya metseselegae, kgolo ya ikonomi e e akaretsang, phokotso ya botlhoki e gape e leng ka ga go tlhola phitlhelelo e e lekanang go lefatshe le tshireletso ya bomong go maAforika Borwa otlhe, go ya ka NDP.

3.7. Kabinete e amogetse gore go phasaladiwa Molaotlhomo wa Batlhankedi ba ba Dirang ka Dintlo mo teng ga Kuranta ya Puso gore setšhaba se dire ditshwaelo ka ona. Molaotlhomo o o phimola Molao wa Ditheo tsa Merero ya Thekiso ya Dintlo, 1976 (Molao wa bo 112 wa 1976).

Molaotlhomo o o tsibogela maemo a a fetogang a mebaraka le merero e mengwe, mme o ikaelela go tlhola tikologo e e kgontshang go tokafatsa tiragalo ya ikonomi mo teng ga mmaraka wa thekiso ya dintlo.

O samagana gape le tlhokego ya go matlafatsa kobamelo le tsa go gapeletsa kobamelo, mmogo le go netefatsa phetogothefosano mo lekaleng le mmogo le go laola maitsholo le mekgwa ya batlhankedi ba ba dirang ka thekiso ya dintlo.

Se se tsamaelana le NDP e e ikuelang gore go nne le phetogothefosano ya mafelobonno a batho le sekgala sa ikonomi ya bosetšhaba ka go dirisa, gareng ga tse dingwe, tshekatsheko ya dipholisi tsa dintlo le matlhomeso a melao go fitlhelela ditshwanelo tsa Molaotheo botoka. Seno se tla netefatsa gore thebolo ya dintlo e dirisiwa go aga sešwa ditoropo le ditoropokgolo go matlafatsa boleng jwa matshelo a malapa.

3.8. Kabinete e amogetse gore go phasaladiwa Molaotlhomo wa Tshenolo ya Dikadimo tsa Theko ya Dintlo, wa 2016 gore setšhaba se dire ditshwaelo ka ona. Molaotlhomo o o tlhabolola Molao wa Tshenolo ya Dikadimo tsa Theko ya Dintlo, wa 2000 (Molao wa bo 63 wa 2000).

Molao o samagana le dikgwetlho tsa mafelobonno a batho tse di supilweng ke NDP. Tsona di akaretsa mafelobonno a a sa direng sentle go ralala naga; dikgwetlho tse di lebaneng le ditoropo le ditoropokgolo; maano a a bokoa a boalo le bokgoni jwa bolaodi.

Molaotlhomo o o batla go tlamela ka matlole a bonno go nyalana le karolo 26 ya Molaotheo, e e tlhagisang gore “mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya lefelobonno le le lekaneng”. O tswelela gape go matlafatsa Kantoro ya Tshenolo go amogela le go tlhotlhomisa dingongorego tebang le dikadimo tsa theko ya dintlo. Seno se tla rotloetsa kobamelo melao ga ditheo tsa matlole tebang le dikadimo tsa theko ya dintlo.

3.9. Kabinete e amogetse gore go phasaladiwa Molaotlhomotlhabololo wa Letlhomeso la Boeteledipele jwa Setso le Bobusi, 2016, mo Kuranteng ya Puso gore setšhaba se dire ditshwaelo ka ona. Ona o tlhabolola Molao wa Letlhomeso la Boeteledipele jwa Setso le Bobusi, wa 2003 (Molao wa bo 41 wa 2003).

Ditlhabololo di samagana le dikgwetlho tse di itemogelwang ke popego le poposešwa ya ditheo tsa boeteledipele jwa setso, le fa go leng maleba, go fedisiwa ga ditheo tse di rileng.

Maikaelelo ke go netefatsa poposešwa ya bothati jwa merafe jaaka makgotla a setso; go tlhongwa ga makgotla a dikgosi le dikgosigadi; le go fedisiwa ga bothati jwa baagi.

3.10. Kabinete e amogetse go tlhagisiwa ga Molaotlhomo wa Tsereganyo wa Boditšhaba kwa Palamenteng. Maikaelelo a Molaotlhomo ke go tokafatsa phitlhelelo ya bosiamisi le go netefatsa phitlhelelo ya maitlhomo a NDP ya go atolosa kgwebisano le peeletso le go baya Aforika Borwa mo mmapeng wa lefatshe.

Molaotlhomo o o akaretsa Setshwano sa Molao ka ga Tsereganya ya Dikgwebo tsa Bosetšhaba, jaaka o amogetswe ke Khomišene ya UN ka ga Molao wa Kgwebisano wa Boditšhaba. Se se ka dirisiwa ke kgwebo go rarabolola dikgotlhang tsa bona tsa boditšhabatšhaba tse di mabapi le kgwebisano mme go tswa foo maphata a ka iponela dikabelo tsa tsereganyo tse di ka tsenngwang tirisong semolao. Kgato ya mothale o e ka nna le seabe mo go godiseng kgolo ya ikonomi le peeletso mmogo le go netefatso gore Aforika Borwa ke lefelo le le ngokelang maphata a a farologaneng go ralala le lefatshe go rarabolola dikgotlhang tsa ona tsa dikgwebo.

4. Maemo a dintlha tsa jaanong

4.1. Kabinete e ikamanya le Moporesitente Jacob Zuma mo boikuelong jwa gore go nne le kgaotso ya dikgotlhang magareng ga maAforika Borwa a mangwe le baagi ba boditšhaba. Tirisodikgoka e e neng ya latelwa ke boipelatso kwa Pretoria ga e amogelesege mme e bile ga go foo e beiwang mo temokerasing ya rona. SAPS e malalaalaotswe go tsibogela ka bonako ditiragalo tsa tirisodikgoka le bogodu jwa dithoto.

Bosenyi ke mmaba wa rona rotlhe mme ka go dirisana mmogo re ka samagana le merero e e amang baagi ba rona. Le fa go le jalo, ditiragalo tsa bosenyi le matshosetsi ga di amogelesege. Ga go ngongorego epe e e ka dirang gore baagi ba itseele molao mo diatleng.

Ka go latela molao, re ka dira gore mafelo a rona a sireletsege e bile a babalesege. Baagi ba tshwanetse go dirisana mmogo le SAPS le ditheo tse dingwe tsa semolao go kumola bosenyi mo mafelong a rona.

4.2. Puso e lemogile matshwenyego a batsamaisi ba dikonteraka ba malatlha tebang le seabe se diporojeke tsa motlakase o o ntšhwafatsegang di ka nnang naso mo tlamelong ya malatlha kwa Eskom, e leng se se ka amang ditiro tse dintsi mo intasetering ya bona. Puso e ikemiseditse go nna le seabe mo ditherisanong tse di nang le boleng le baeteledipele ba semolao ba intaseteri e e tsamaisang malatlha go rarabolola mathata a.

Puso e tshwanetse go tsaya kgato ka maikarabelo go rulaganyetsa maatla go netefatsa tlamelo ya motlakase e e tswelelang e bile e le tlhwatlhwatlase. Tsamaiso e e ikaegile ka mothamo wa motheo (malatlha le nyutlilea) le tlamelo e e tlaleletsang ya motlase (o o ntšhwafatsegang le gase). Go tlhamaletse mo sekwalwatlhomong sa Leano la Metswedithuso gore Aforika Borwa e tla tswelela go dirisa malatlha mo tlamelong ya motlakase.

4.3. Kabinete e amogetse katlholo ya Kgotlatshekelokgolo ya Gauteng Bokone ka ga tshwetso ya Aforika Borwa ya go ikgogela morago go tswa mo Kgotlatshekelong ya Boditšhaba ya Bosenyi (ICC). Kabinete e a itse gore Palamente e leka go batla kgato e e maleba e e ka tsewang.

Kabinete e obamela katlholo eno mme e tlhomile setlhophatiro sa setegeniki go rala tsela ya go obamela katlholo eno.

4.4. Molaodi Mogolo wa Matsholotshireletso a Bosetšhaba a Aforika Borwa Moporesitente Jacob Zuma o ne a eteletse pele diketeko tsa bo 5 tsa Letsatsi la Matsholotshireletso tse di neng di tshwaretswe kwa Durban go nyalana le dingwaga di le 100 tsa segopotso sa go nwela ga sekepe sa SS Mendi se se neng se tshwaretswe kwa United Kingdom. Kabinete e tlotla le go gopola Masole a Aforika Borwa a Bathobatsho a a neng a latlhegelwa ke matsheo mo kotsing e e masisi go gaisa ya sekepe mo metsing mo hisetoring ya Aforika Borwa. Ba e ne e le banna ba digatlhamelamasisi ba ba neng ba tsibogela boikuelo jwa puso ya boimpheriale ya nako eo ya gore ba direle naga.

4.5. Go latela temogo e e tseneletseng ka ga leuba la Diboko tsa Letlhabula, puso e eteletswe pele ke Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi e tswelela go tlhatlhoba ditshenyegelo tse di dirilweng, mmogo le matsholo a tsiboso go tlamela balemi ka tshedimosetso e e nepagetseng ya setegeniki le mekgwa ya taolo mmogo le go netefatsa kwadiso ya tshoganyetso e e maikarabelo ya dikhemikhale tsa temothuo.

Lefapha le tlhomile gape le setlhopha se se samaganang le ditshenekegi, se se kopanang gangwe le gape go sekaseka tswelopele le dipoelo kwa mafapheng otlhe a temothuo a diporofense, ditokololo tsa intaseteri le mekgatlo ya ditlhotlhomiso. Leano la Taolo ya Ditshenekegi la Tshoganyetso la Aforika Borwa, le le ka ga go go ribolola ditshenekegi tse di sa tlwaelegang, le setse le tsweletse go lwantsha Diboko tsa Letlhabula. Puso e tla tswelela go dira le SADC go netefatsa gore ditsiboso tsa ntlha tsa matshosetsi a botshelo di a dirwa.

4.6. Kabinete e eleletsa bapalami ba ba neng ba gobala fa ditimela di le pedi di thulana kwa seteišeneng sa Rosslyn kwa bokone jwa Pretoria pholo e e bonako mme e romela ditebogo go ba ditirelo tsa tshoganyetso ka tsibogo e e bonako mo go thuseng ba ba gobetseng.

Tiro ya boto ya dipatlisiso mo go direng ditlhotlhomiso tse di tletseng tebang le se se bakileng kotsi eo e tshwanetse go potlakisiwa go thibela dikotsi tse di jaaka eno mo isagong.

5. Melaetsa ya Matshediso le ya Kutlobotlhoko

5.1. Kabinete e ikamanya le Moporesitente Jacob Zuma mo go lebiseng matshediso go ba lelapa la Moatlhodi Essa Moosa, yo e neng e le naledi e e phatsimang ya boatlhodi yo o diretseng Aforika Borwa ka manontlhotlho pele a ka rola tiro jaaka moatlhodi wa Kgotlatshekelokgolo ya Kapa Bophirima ka 2011. O tla gopolwa ka boineelo jwa gagwe mo go rotloetseng le mo go sireletseng ditshwanelo tsa botho, mmogo le mo go ineeleng mo tsamaisong ya molao. Pele e nna moatlhodi, o dirile jaaka mmueledi wa ditshwanelo tsa botho mme o ne a le kwa pele mo go gwetlheng dikgatako tsa tlhaolele tse di jaaka go golegwa ntle le go sekisiwa. O ne gape e le yo mongwe wa batlhami ba Mokgatlo wa Bosetšhaba wa Babueledi ba Temokerasi.

5.2. Moporesitente Jacob Zuma o goeleditse Phitlho e e Kgethegileng ya Semmuso ya Porofense ya ga molwela kgololesego yo gape e neng e le mogolegwa kwa Robben Island, Rre Collen Monde Mkunqwana yo a tlhokafetseng mo bekeng e e fetileng ka la bo 21 Tlhakole 2017. Rre Mkunqwana e ne e le wa losika lwa ga Rre Makhanda Nxele, segatlhamelamasisi se se neng se eteletse pele ntwa kgatlhanong le Borithane kwa Grahamstown, mmasepala o ga jaanong o teeletsweng ka Makana.

Dintlha tsa phitlho di tla begiwa ke Puso ya Porofense ya Kapa Botlhaba.

5.3. Kabinete e fetisitse gape melaetsa ya matshediso go ba lelapa la ga Mirriam Tladi, mme wa dikwalo wa Aforika Borwa yo e bileng e leng mosadi wa ntlha go kwala padi. Mme Tladi yo a netsweng tlotlo ya Ikhamanga o ne a sutlhelela mo dikwalong le fa a ne a kganelwa kwa Yunibesithing ya Witwatersrand ka ntlha ya tlhaolele.

5.4. Kabinete e ikamanya le Moporesitente Jacob Zuma mo go lebiseng matshediso go malapa a ditokololo di le tharo tsa Sesole sa Metsi le badiri ba bararo ba Lefapha la Ditiro tsa Puso ba ba neng ba tlhokafala fa ba ne ba dira mo mosimeng wa kgelelaleswe kwa Setheong sa Sesole kwa Durban. Masole a mararo a a ne a leka go thusa badiri ba Lefapha la Ditiro tsa Puso ba ba neng ba retelelwa ke go hema ka fa tlase ga lefatshe.

5.5. Kabinete e fetisetsa melaetsa ya matshediso go ba malapa a batho ba le supa ba ba tlhokafetseng mo kotsing ya dirori di le mmalwa mo tseleng ya R34 fa gare ga Vryheid le Dundee fa llori le dijanaga di le pedi tse di botlhofo di ne di thulana.

5.6. Dikgopolo le dithapelo tsa naga di ya go ba lelapa la ga Richard Thole yo go tweng o wetse mo šafoteng ya moepo o o sa tlholeng o dira kwa Boksburg, ka Lamatlhatso. Kabinete e leboga setlhopha sa phaloso se se lekang ka natla go netefatsa gore Richard o busediwa kwa go mmaagwe.

5.7. Kabinete e romela matshediso go ba malapa le ditsala ba ba latlhegetsweng ke ba ba ba ratang ka nako ya merwalela kwa Bokone Bophirima, mo tikologong ya Rustenburg.

6. Melaetsa ya go akgolwa

6.1. Kabinete e akgola Moambasatara Xawier Carrim ka go tsena mo kantorong jaaka Monnasetilo wa Lekgotlakakaretso la Mokgatlo wa Kgwebisano ya Lefatshe ka la bo 28 Tlhakole 2017. Ke lekgetlho la ntlha moAforika Borwa a tlhophiwa mo maemong a, e bile ke lekgetlho la bone maemo a a tshwarwa ke moAforika.

6.2. Kabinete e akgola Setlamo sa Maemafofane sa Aforika Borwa ka go nna se sengwe sa ditlamo tse lesome tse di laolang maemafofane a a tshwarang nako go gaisa mo lefatsheng, go ya ka OAG Aviation Worldwide.

Boemafofane jwa Boditšhaba jwa OR Tambo bo fitlheletse maemo a bo 8 mo karolong ya maemafofane a magolo, Boemafofane jwa Boditšhaba jwa Cape Town bo mo maemong a bo 6 mo karolong ya maemafofane a a magareng fa Boemafofane jwa Boditšhaba jwa King Shaka bo le mo maemong a bo 10 mo karolong ya maemafofane a mannye.

6.3. Kabinete e akgola Mamelodi Sundowns ka go fenya Sejana sa Mokgatlho wa Kgwele ya Dinao wa Aforika (CAF). Sundowns e itshupile gore ke setlhopha se se gaisang mo kontinenteng morago ga go fenya TP Mazembe ka 1-0. Re solofela fa phenyo eno e tla tswelela go rotloetsa ditlhopha tse dingwe go gata fa Mamelodi Sundowns e gatileng teng.

7. Ba ba thapilweng

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

7.1. Mme Zanele Monnakgotla jaaka Tokololo e e Seng ya Khuduthamaga mo Botong ya Biro ya Peo ya Maemo a Ditlhagisiwa tsa Aforika Borwa (SABS).

7.2. Bakaedi ba e Seng ba Khuduthamaga ba Mokgatlo wa Dikotsi tse di Kgethegileng tsa Inšorense wa Aforika Borwa e leng Setlamo sa Puso (SOC):

a) Mme Tando Mbatsha (o thapilwe gape); le
b) Mme Tshwarelo Moutlane (o thapilwe gape).

7.3. Bakaedi ba e Seng ba Khuduthamaga ba Boto ya Banka ya Tlhabololo ya Lefatshe le Temothuo:

a) Mme Dumo Motau (o thapilwe gape);
b) Mme Thembekile Thelma Ngcobo (o thapilwe gape); le
c) Mme Gugu Mtetwa.
7.4. Rre TS Mokoena jaaka Mokaedikakaretso wa Lefapha la Diminerale.

Dipotsiso:
Donald Liphoko
Mogala: 082 901 0766

 

Share this page

Similar categories to explore