Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 1 le la bo 2 Ngwanaitseele 2016

1. Go Tsenngwa Tirisong ga Manaane a Puso a a Botlhokwa

1.1. Kabinete e akgola Tona ya Matlole Pravin Gordhan le setlhopha sa gagwe ka go aba tekanyetsokabo e e tlhotlhomisitsweng. Puo ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Kgweditharo (MTBPS) e naya mekgatlho ya baagi, mekgatlho ya badiri le ya kgwebo tšhono ya go dirisana mmogo le puso go ka fitlhelela dipeelo tsa ikonomi ya naga ya rona.

Kabinete e tshegetsa matsholo a a tlhagisitsweng mo MTBPS a go tshwara ikonomi ka letsogo go e kgabaganya mo dikgwetlhong tseo e tobaneng le tsone, go kgontsha kgolo ya ikonomi ka go akaretsa botlhe mmogo le tiriso e e tshwanetseng ya didirisiwa tsa puso.

1.2. Kabinete e leboga baduelalekgetho ba ba fetang dimilion di le 4,5 bao ba setseng ba tlhatlhetse dipusetso tsa lekgetho mo Pakeng ya Lekgetho ya 2016 mmogo le go gakolola maloko otlhe ao a tshwanetseng go duelela lekgetho mme ba ise ba tlhatlhele dipusetso tsa lekgetho tsa bona gore ba dire jalo ka ntlha ya fa letlha la bofelelo la go tlhatlhela dipusetso tsa lekgetho le atumela ka lebelo.

Baduelalekgetho ba ba ratang naga ya bona ba thusa go tokafatsa matshelo a dimilionemilione tsa maAforika Borwa ka go dirisana mmogo le puso jaaka e jaaka e phasalatsa ditirelo tse e di tlhokang thata mmogo tshegetso ya loago goralala le ditšhaba tsotlhe.

Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng go ikamanya le matsholo a rona a go godisa ikonomi ka go tlhola ditiro tse dintšhwa, le go itlwaetsa go boloka madi. Ka go dirisana mmogo re ka kgona go tshegetsa ikonomi go gola.

Kabinete e tshegetsa boipiletso jwa gore jwa gore go nne le dipatlisiso tsa ka bonako tse di mosola mabapi le go golegwa go go seng mo molaong ga modiredi wa Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS). Ditiragalo tsa mothale o di ntsha seriti sa puso mo matlhong a baagi le go dira gore bothati jwa ditheo tsa molao di se tshepagale mme go tlhoka gore go samaganwe le tsona go sa le gale.

1.3. Go tlamela ditheo tsa thuto e kgolwane ka matlole e tswelela go nna ntlha e e kwa setlhoeng mo pusong mme R17 bilione e e abetsweng diyunibesiti mo dingwageng di feta di le tharo tse di tlang e tla thusa go imolola baithuti ba ba humanegileng le bao ba tswang mo malapeng a a mo magareng. Tlamelo eno ya matlole e tla netefatsa gape le gore baithuti ba bantsi ba kgona go tsenela dithuto tse di kgolwane ka ntlha ya fa R9.2 bilione ya matlole ano e tla abelwa NSFAS.

Tlamelo eno ya matlole ke yona e e tlhokegang, le fa go le jalo, se se botlhokwa ga jaanong ke go simolola ka dithuto. Kabinete e ikuelela mo maAforika Borweng go tshegetsa matsapa otlhe a a diriwang mo go sireletseng lenaane la dithuto la 2016. Nako ya gore go khutlhisiwe ditshupetso, go boelwe kwa diphaposing le go konosetsa nako e e setseng ya ngwaga wa dithuto ntle le go senya nako e gorogile. 

Puso e dumela gore dipuisano mabapi le dintlha tsa baithuti di ka tswelela fa ba ntse ba rutiwa. Re netefaletsa sešwa tshwanelo ya go ka dira ditshupetso fela seno se tshwanetse go diragadiwa go ya ka molao le ka tsela eo e sa gatakakeng ditshwanelo tsa ba bangwe.

Dikgato tsa puso tsa go dira gore thuto e kgolwane e fitlhelesege di tlhagisitswe ke pegelo ya 2015 ya Lefapha la Dipalopalo la Aforika Borwa ya Dipalopalo tsa Matlole tsa Ditheo tsa Thuto e Kgolwane. E bontsha gore baithuti kwa Thutong e Kgolwane ba oketsegile ka 32% fa e sale go tloga ka 2006 go fitlha ka 2015. Godimo ga seno, madithuso a puso ya bosetšhaba mabapi le Thutong e Kgolwane a oketsegile ka 144% mo pakeng ya dingwaga di le 10 tloga ka 2006 go fitlha ka 2015. 

Madithuso a puso mmogo le dituelelo tsa dithuto ke tsona tse di dirang bontsi jwa megolo ya diyunibesiti, moo madi a puso a duelelang 43% ya megolo ya diyunibesiti fa dituelelo tsa thuto tsona di duelela 34% ya megolo. Diphitlhelelo tseno di bontsha maikemisetso a puso ka ga thuto mmogo le go gatelela boikuelelo jwa rona jwa gore botlhe ba ba kgonang go ka duelela dithuto tsa bone gore ba dire jalo, e bile gape seno se bontsha gore dituelelo tsa dithuto e santse e le karolo e e botlhokwa thata mo go thuseng ka matlole.

Go na le kgatelopele e e dirilweng gape ke Setlhophatiro sa Ditona seo se tlhophilweng ke Tona ya  Lefapha la Thuto le Katiso tse di Kgolwane, Blade Nzimande, go ka tlhagisa le go tshegetsa mokgwatirelo wa tlamelo ka matlole go ka thusa baithuti ba ba humanegileng le bao seemo sa bona sa matlole se leng mo magareng. Motheotumelano o o bidiwang Lenaane la Thuso ya Matlole a Baithuti la Ikusasa (ISFAP), o sekasekilwe, mme ga tsenyeletswa ditshitshinyo tse di farologaneng mo go one, mme ga bonwa  ditumelano go ralala le bannaleseabe botlhe ba ba botlhokwa go tobana le bokamoso jwa dikarolo tsa bobusi jwa ISFAP.

ISFAP e dira ditshitshinyo tse di farologaneng tseo ga jaana di santseng di sekasekiwa go ka tsenngwatirisong. Mokgwatirelo mmogo le ditshtshinyo tse di leng ka fa pegelong, di tla nna le mosola thata e seng fela mo go rarabololeng dikgwetlho tsa go tlamela ka matlole baithuti ba ba humanegileng le bao seemo sa bona sa matlole se leng mo magareng, fela le mo go rarabololeng, gareng ga tse dingwe, dikgwetlho tse dingwe tseo naga e tobaneng le tsona, tseo di akaretsang:

  • Go fokotsa seelo se se kwa godimo sa go tlogela sekolo mo lekaleng la thuto le katiso tse di kgolwane ga baithuti ba ba humanegileng le bao seemo sa bona sa matlole se leng mo magareng,
  • Go tokafatsa bonolo jwa go thapega ga baithuti ba ba konoseditseng dithuto tsa bona bao ba tlametsweng ka matlole,
  • Go tokafatsa bokgoni mo nageng,
  • Go tokafatsa tirisanommogo magareng ga puso, lekala la poraefete mmogo le ditheo tsa thuto e kgolwane mo go tshegetseng baithuti ba ba humanegileng le bao seemo sa bona sa matlole se leng mo magareng.

Motheotumelano wa ISFAP o neela baithuti ba ba humanegileng le bao seemo sa bona sa matlole se leng mo magareng thuso ya matlole go ka duelela dituelelo tsa bona ka botlalo.Le fa e tshwaela gore thuto e tshegediwe ka matlole ka botlalo mo baithuting bao ba humanegileng ka mokgwa wa dibasari le wa madithuso, e tshwaela gape gore go fokodiwe ka iketlo mokgwa wa dibasari le wa madithuso mo baithuting bao seemo sa bona sa matlole se leng mo magareng ka ntlha ya fa megolo ya malapa e oketsega mme e bontsha gore seno se ka fitlhelelwa jang ka go ngoka tlamelo ya madi go tswa kwa maphateng ka bobedi e leng la puso le lekala la poraefete.

1.4. Go thankgololwa ga Thuthuso ya Tlhabololo ya Kgwebo ya Bojanala (TEDI) kwa Pilanesberg, mo Bokone Bophirima, ke Tona ya Lefapha la Bojanala Derek Hanekom, go tla tlhola moedi wa go akaretsana mo ikonoming ka go tlhola dikgwebo tsa bojanala tse di gatelang pele. Seno se tsholetsa go nneng le seabe ga lekala la bojanala mo go ageng ikonomi e e akaretsang botlhe.

Thuthuso e e kwa setlhoeng e tla tobana le Dikgwebopotlana, tsa mo Magareng le tse Digolwane (di-SMME) di le 50 tsa mo Kgaolong ya Bojanala mme e tla ditshegetsa sebaka sa dingwaga di le tharo gore di tsetsepele ka botsona. TEDI e naya dikgwebo tsa bojanala tshegetso ya dikgwebo.

1.5. Go thankgololwa ga Tikwatikwe ya Motlakase o o Golaganetsweng wa Ngwaabe (NIEC) ka la bo 4 Ngwanaitseele 2016 ke Lefapha la Eneji, ka tirisanommogo le badirisanimmogo ba ditogamaano ke karolo ya lenaane la go tlhola Ditikwatikwe tsa Motlakase o o Golaganetsweng (di-IEC) mo mafelong a batho ba ba humanegileng. Lefelo leno la ditirelontsi le kgontsha batho go iponela metswedi ya motlakase e e bolokesegileng e bile e duelesega mo malapeng a a humanegileng. Mo godimo ga seo, e neelana ka tshedimosetso e e ka ga tshireletsego, mosola le tiriso e e siametseng tikologo ya metswedi ya motlakase. Gape e tlotlomatsa lekala la SMME le go atisa diphatlhatiro mo dikgwebong tse di amanang le motlakase.

1.6. Khonferense le Dipontsho tsa Windaba tse di tla tshwarwang go tloga ka la bo 2 go fitlha ka la bo 4 Ngwanaitseele 2016 kwa Cape Town International Convention Centre ka fa tlase ga moono yo o reng “Re tobile 100% ya metlakase e e ntšhwafadiwang” di tla thusa puso gape ka matsholo a motlakase wa ntšhwafatso. E golaganya bannaleseabe ba ba amegang mo lethathameng la boleng jwa motlakase o o fetlhiwang ke phefo mo kontinenteng ya Aforika, bogolosegolo mo Aforika Borwa. Mo godimo ga seo, Kopanokgothakgothe ya bo 11 ya Ngwaga le Ngwaga ya Tolamo ya Motlakase wa Dinaga tsa Borwa jwa Aforika e e tla tshwarwang go tloga ka la bo 8 go fitlha ka la bo 9 Ngwanaitseele 2016 kwa  Emperors Palace mo Johannesburg e tla tsepamisa mogopolo mo dikarolong tse di farologaneng tsa motlakase.

Dikarolo tse di tla akarediwang di akaretsa boenjenere jwa motlakase, tokafatso ya tolamo, bolaodi jwa mafelotirelo le meago, motlakase wa ntšhwafatso mmogo le wa tlaleletso, motlakase o o thusiwang ke jenereitara, motlakase o o dirisang jenereitara, ditirelo tsa motlakase mmogo le tshomarelo ya motlakase.

1.7. Gompieno Moporesitente Jacob Zuma o tla nna monnasetulommogo le Moporesitente Robert Mugabe mo Kopanong ya go Tlhoma mo Setulong ya Komiti ya Dinagapedi tsa Zimbabwe-Aforika Borwa.Maitlhomomagolo ke go tsenyeletsa dikamano tsa dinagapedi mmogo le tirisanommogo magareng ga dinaga ka bobedi mmogo le go matlafatsa le go gagamatsa bokgoni jo bo leng teng magareng ga dinaga ka bobedi mo go nneng le botsalano jo bo matla mo kgwebisanong, dipeeletsong, meepong, kabelanong ya metsi, motlakase, go agiwa ga mafaratlhatlha, dipalangwa mmogo le Thekenoloji ya  Ditlhaeletsano tsa Tshedimosetso (ICT), gareng ga tse dingwe

Go fitlha ga jaana, dinaga ka bobedi di setse di saenile Dimemorantamo tsa Ditumelano (di-MoU) di le 38, mme di akaretsa dilo di le dintsi, tseo gareng ga tse dingwe e leng, kgwebisano le dipeeletso, merero ya bofaladi le botshabelo, Tshireletsego ya Sesole, Temothup, Tikologo, Motlakase, Boitekanelo, mmogo le botsweretshi le setso.

1.8. Go tshwarwa ka katlego ga Dipontsho tsa Bodipolomate tsa Ngwaga le Ngwaga ke Lefapha la Dikamano le Tirisano ya Boditšhaba e tshwaragane le setheo sa puso sa Proudly South Africa kwa Union Buildings ka la bo 29 Diphalane 2016 mo Pretoria ke kgato e e botlhokwa go ka ruta baagi ka ga bodipolomate mmogo le maitlhomo a pholisi ya Aforika Borwa ka ga boditšhaba. Mokete yono o kopantse diembesi, ditheo tsa barongwabagolo ba boditšhaba mmogo le mekgatlho ya boditšhabatšhaba e e atlenegisitsweng mo Aforika Borwa go ka bontsha le go tsholetsa kabo dingwao ka go dirisa boitlhamedi jo bo jaaka botsweretshi, mmino, dijo go tswa kwa mafatsheng a a farologaneng. Ditheo tsa borongwa jwa dinaga tsa boditšhaba di feta di le 60 mmogo le dikgwebo di le mmalwa tsa poraefete ba ne ba bontsha ditlhagisiwa le ditšhono tse ba nang natso monongwaga.

2. Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kopano e e Itlhophileng ya Kabinete ka la bo 1 Ngwanaitseele 2016, e neetswe dipegelo tsa kgatelopele ka ga tiro ya Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng ka ga Ntšhwafatso ya Ditlamo tsa Puso (di-SOC), eo Motlatsamoporesitente, Cyril Ramaphosa, e leng monnasetulo.

Seno se tlhagelela go tswa mo ditshitshinyong tse di neseditsweng pula ke Kabinete tse di tlhagelelang mo Khomišeneng ya Ditshekatsheko ya Moporesitenteya 2010 e e ka ga di-SOC. Kabinete e netefaleditse kgato e e tobaneng nayo ya go tsenyatirisong ditshitshinyo tseno.

Kabinete e gatelela gore di-SOC tsotlhe di tshwanetse go tsamaisiwa sentle, le go nna le matlole a a lekaneng.

Mmetela wa dikgato o tserwe go ka latela dipeelo tse di botlhokwa tsa pholisi tsa go matlafatsa di-SOC go ka di kgontsha go fitlhelela dipeelo tsa tsona tse di ka ga tlhabololo.

  • Kabinete e akgotse Letlhomeso la go Tsaya Karolo ga Lekala la Poraefete tebang le go tlhagisa mafaratlhatlha e leng seo se tla supetsang tsela tirisanommogo magareng ga di-SOC le makala a poraefete.
  • Kabinete a amogetse ditshupetso tsela tebang le mekgwatatelo ya merokotso le megolo ya bakaedi ba di-SOC.
  • Kabinete e akgotse mokgwatatelo o mogologadi wa go kaela tsela ya go thapa ditokololo tsa boto mmogo le batlhankedibagolo, mme go latela seno,  ba Lefapha la Bodiredipuso le Tsamaiso (DPSA) ba tla tlhotlhomisa seno mo diporofenseng le mo mebasepaleng pele Kabinete e ka neela tetla.
  • Lekwalotlhomo la ntlha la pholisi ya batsholadišere ba bantšhwa ba puso go ne ga eletswa gore le sekasekwe gape. Seno se tla dira gore go phasaladiwe melao e e tlotlomatsang di-SOC.
  • Ba Matlotlo a Naga ba thadile lekwalotshitshinyo le le tshitshinyang ditshenyegelo tsa matlole mo go tsweletseng maikarabelo a dikgwebo tsa puso, go tsenngweng tirisong ga kgato eno go tla thusa go tlharolola ditiro tsa bogwebi le tseo e seng tsa bogwebi tsa di-SOC.

Seno se baya di-SOC mo maemong a a botoka thata mo go ka tsenyeletseng Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) ka tshwanelo: go ka aga mafaratlhatlha, go ka atolosa ikonomi, go ka atolosa diintaseteri, go ka thusa mo go tlhagiseng bokgoni jwa maemo a a kwa godimo, go ka tlhama ditiro le go ka godisa maitlhomo a mangwe gape a phetolothefosano.

2.2. Kabinete e atlenegisitse Leano la Metswako ya Motlakase (IEP) gore le phasaladiwe gore baagi ba le buisanele le go kgontsha batsholadišere mmogo le bannalekgatlhegelo gore ba le sekaseke. IEP e tlhagisiwa mo Molaong wa Motlakase wa Bosetšhaba wa 2008 (Molao wa bo 34 wa 2008). Maitlhomo a yona ke go supetsa tsela dipeeletso tsa ka moso tsa mafaratlhatlha a motlakase mmogo le go tlhagisa dipholisi e leng seo se tla fetolang bokamoso jwa motlakase mo Aforika Borwa.

Togomaano ya metswako ya motlakase e a tlhokagala go netefatsa gore ditlhokwa tsa gompieno le tsa kamoso tsa motlakase di a fitlhelelwa ka tsela a a tsamaisiwang sentle mme e bile e kgotsofatsa, fa mo letlhakoreng le lengwe go sa senyakakiwe ka matlole, mme e direla ditlapele tsa naga tse di jaaka go fedisa khumanego le go tlhola ditiro mmogo le mo go fokotseng matshosetsimagolo a a amang tikologo.

IEP e na le ponelopele ya pakatelele e e ka ga ka moo Aforika Borwa e ka dirisang motlakase ka botlalo jaaka sedirisiwa sa go ka thusa go ka gaisana, e leng seo se tlhokang gore go fetolwe ditsela tseo metswedi e e farologaneng ya motlakase e ka dirisiwang ka yone.

2.3. Kabinete e fetotse tshwetso ya yone e e e tsereng ka la bo 10 Seetebosigo 2015 e e mabapi le go rwesa Koporasi ya Motlakase wa Nyutlelia ya Aforika Borwa maikarabelo a go tsenya tirisong Lenaane la go Aga Setheo se Sešwa sa Nyutlelia. Tshwetso eno, mo nakong ya fa e ne e tsewa, e kgontshitse Eskom gore e tsepamise mogopolo wa yona mo diporojekeng tsa Medupi, Kusile le Ingula mmogo le mo dikgwetlhong tsa motlakase tseo naga e neng e itemogela tsone.

Kabinete e rwesitse Eskom maikarabelo a go nna Mongdithoto Molaodi le Moreki wa Mafelo a Bodutelo jwa Motlakase wa Nyutlelia go latela Pholisi ya Motlakase wa Nyutlelia ya 2008. Eskom e na le dingwaga di feta di le 30 tsa go tsamaisa sentle Lefelo la Bodutelo jwa Motlakase wa Nyutlelia la Koeberg, e leng lone le le esi fela Lefelo la Bodutelo jwa Motlakase wa Nyutlelia mo Aforika, e bile e ntse e tlhagisa Ditekolo tsa go nna le Seabe mo Tikologong mmogo le Dipegelo tsa Pabalesego ya Mafelo a Nyutlelia tebang le Mafelo a Bodutelo jwa Motlakase wa Nyutlelia ao a ka nnang teng fa e sale ka 2007.

Kabinete gape e letleletse gore Koporasi ya Motlakase wa Nyutlelia ya Aforika Borwa e rweswe maikarabelo a go nna Mongdithoto Molaodi le Moreki wa Mafelo a Bodutelo jwa Peterole ya Nyutlelia mmogo le Metšhini ya Ditirontsi.

Lefapha la Eneji le tla tswelela go diragatsa maikarabelo a lona jaaka moaladipholisi mmogo le go tsamaisa lefapha ka Lenaane la Kago ya Nyutlelia.

2.4. Kabinete e tsibositswe ka ga kgatelopele e e dirilweng mo go tsenyeng dinakong Leano la Metswedi ya Metswako ya Motlakase (IRP) mme e letleletse gore go nne le dipuisano ka ga kgato ya motheo le ka ga maikarabelo.

Fa e sale go nna le IRP 2010-30 go nnile le dilo tse di amang lekala la motlakase. Ditsibosopeonakong tsa IRP di tshegetsa dipeelo di le mmalwa go netefatsa fa go nna le kabelo e e tsetsepetseng gore go fokodiwe ditshenyegelo tsa motlakase, go rotloetsa go tlhamiwa ga ditiro le go reka ditlhagisiwa tsa fa gae, go fokotsa seabe se se sa itumediseng mo tikologong, go fokotsa tirisobotlhaswa ya metsi mmogo le go abelana ka metswedi ya tlamelometsi.

Peelo ya ntlha eo e leng ka ga magatwe e e tla dirisiwang mo IRP e konoseditswe, mme go setse gore batho ba dire ditshwaelo ka yone. Peelo ya bobedi eo e leng ka ga tsamaiso ya ditshenyegelo tsa madi e konoseditswe.Peelo ya boraro eo e leng ka ga tshekatsheko ya ditiragalo ka fao di diragalang ka yona e santse e tla diriwa. Mme peelo ya bone e ka ga go baakanngwa ga dipholisi.

2.5. Kabinete e amogetse ditsibosopeonakong ka ga dipoelo tsa dipuisanelo tsa maemo mo Mokgatlong wa Dikgwebo tsa Lefatshwe (WTO) mme ya dumela fa go na le tlhoko ya go tobana le Lenaane la kwa Morago ga Tiro la Nairobi mmogo le mo go ipaakanyetseng Khonferense ya Ditona ya bo 11 (MC11) e e tla tshwarelwang kwa Argentina ka Sedimonthole 2017.

Seno se tsamaisana le dipeelo tsa NDP tsa go tlhagisa ditsibogelo tsa pholisi tse di maleba mo tikologong ya lefatshe e e fetofetogang.

2.6. Kabinete e tsibositswe ka ga Maikano a a tserweng tsa kopano ya Lekgotla la Botsamaisi jwa Kantoro ya Moporesitente e e tshwerweng ka la bo 11 Mopitlwe 2016. Leno ke lekgotla le le theilweng semolao go latela Molao wa Letlhomeso la Ditirisano tsa Ditheo tsa Puso wa 2005 (Molao wa bo 13 wa 2005), o o kopanyang makala otlhe a le mararo a puso ka merero e e tshwanang le ka merero e e kwa setlhoeng mo nageng ka maitlhomo a go matlafatsa pusotshwaraganelo.

Dintlha tse di sekasekilweng di akaretsa: Lenaane la Go Boela kwa Tshimologong, dipegelo tsa kgatelopele tsa mebasepala e e sa tswang go tlhomiwa; ditsibogelo tsa puso mabapi le komelelo le tlhaelo ya metsi; mmogo le tshekatsheko e e mabapi le Melawanataolo ya Bofaladi mo Aforika Borwa, 2014.

2.7. Kabinete e atlenegisitse gore go gololwe lekwalotlhomo la Lokwalotemoso lwa lefapha la puso lo lo Mabapi le Ditirelo tsa Botimamolelo, gore baagi ba dire ditshwaelo. E tlhagisa ditshwaelo le ditšhono tse di botlhokwa tsa pholisi tseo e leng motheo wa molao wa tshekatsheko ya ditireko tsa go tima molelo o o tla tsenang mo legatong la Molao wa Ditirelo tsa Batimamolelo wa 1987 (Molao wa bo 99 wa 1987). 

Seno se tsamaelana le Lenaane la Go Boela kwa Tshimologong, ka go rwesa ditirelo tsa go tima molelo maikarabelo a go buisanana gangwe le gape le baagi bao di ba direlang gore ba dirisane mmogo go ka fokotsa matshosetsi a molelo le go netefatsa fa go nna le ditogomaano mmogo le dithulaganyo tse di maleba tsa go tsibogela matlhotlhapelo a molelo le a mangwe a a jaaka ao ka go tsibogela ka bonako le ka tshwanelo.

Lokwalotemoso lwa lefapha la puso lo fetola ditirelo tsa go tima molelo go tloga mo ditirelo tsa molelo tseo di tsibogelang fa go na le molelo go ka di dira gore e nne tseo di fokotsang matshosetsi a molelo. Seno se na le mosola mo ditirelong tse di golaganeng e leng tsa molelo le tsa botsamaisi jwa ditiragalo tsa matlhotlhapelo, ka go baya kwa setlhoeng sa kaboditirelo, ditirelo tsa go tima molelo, mekgwa ya pabalesego le kefogo ya molelo, bogolosegolo mo phokotsong ya matshosetsi a molelo mo baaging, e leng seo se tla nnang le mosola mo go nneng le ditšhaba tse di bolokesegileng jaaka NDP e tlholositse.

3. Melaotlhomo

3.1. Kabinete e atlenegisitse go tsenngwatirisong ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Dituelelo tsa Dikotsi tsa mo Ditseleng wa 2016 gore o isiwe kwa Palamenteng. Molaotlhomo ono o baakanya Molao wa Dituelelo tsa Dikotsi tsa mo Ditseleng wa 1996 (Molao wa bo 56 wa 1996) o o letlelelang gore go nne le dituelelo tsa ditshenyegelo kgotsa ditatlhegelo tseo di tlhodilweng ke go kganna botlhaswa ga dijanaga.

Molaotlhomo ono o lepalepanngwe le NDP mmogo le Poelo ya bo 13 e e buang ka thulaganyo ya poloko ya loago e e akaretsang botlhe e bile e tsibogela thulaganyo ya tlhokomelo ya loago ka go netefatsa fa go nna le kabo ya ditirelo e e tsamayang sentle mmogo le tsereganyo ya go sa le gale ya melemo go ka thusa mo go itharabologelweng le gore motho a boele kwa tirong, mmogo le dituelelo tsa go duelelela diphoso go ka fokoletsa bokete jwa go rwala matsapa a ditšhelete mo go bao ba humanegileng.

4. Ditiragalo tse di Tlang

4.1. Ditokololo tsa Khuduthamaga go ralala le puso di tla buisana le maAforika Borwa go ralala le naga mo nakong ya National Imbizo Focus Week magareng ga la bo 7 le la bo 11 Ngwanaitseele 2016, go latela moono yo o reng, “Mmogo re tsweletsa pele Aforika Borwa: “Bokamoso jwa rona – dira gore bo re direle”. Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa otlhe go nna le seabe mo meketeng eno mmogo le go buisana le baemedi ba sepolotiki, ka ntlha ya fa go le botlhokwa gore baagi ba ba nang le tshedimosetso e bile ba le matlhagatlhaga ba tlhokega mo go fitlheleleng Ponelopele ya 2030 ya NDP.Lenaane la Imbizo Focus Week le tla tsenngwa mo go www.gov.za

4.2. Aforika Borwa e nopola Kgwedi ya Bosetšhaba ya Ditemoso tsa Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogole go latela moono yo o reng, “Batho ba ba nang e bogole - go tsaya karolo ka go lekalekana mo go ageng bokamoso jwa leruri” go tloga ka la bo 3 Ngwanaitseele mme go konosele ka Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Batho ba ba nang le Bogole ka la bo 3 Sedimonthole 2016. 

Lenaane leno la kgwedi yotlhe le tla dirisediwa go tshwaraganya setšhaba go nna seopo se le sengwe mmogo le go dira gore batsayaditshweetso ba jare maikarabelo go netefatsa gore batho ba ba nang le bogole ba nne le tetlaphitlhelelo e e lekanang le ya ba bangwe. Manaane gape a tla oketsa temoso mo go tseeng karolo ga batho ba ba nang le bogole mo go ageng ditšhaba tsa leruri e bile di tshwaragane. Tshedimosetso e e ka ga ditshwanelo tsa batho ba ba nang le bogole le yona e tla diriwa gore e fitlhelesege mo go tshegetseng matlafatso ya bona.

Kabinete e ikuelela mo go maAforika Borwa otlhe go atolosa ditshwanelo le boleng jwa matshelo a batho ba ba nang le bogole go latela maitlhomo a rona a a leng mo go NDP a go oketsa phitlhelelo ya ditirelo, bogolosegolo mo thutong e e boleng mmogo le mo go thapiweng ga batho ba ba nang le bogole.

4.3. Kabinete e ikuelela mo go maAforika Borwa otlhe go tshegetsa letsholo la Matsatsi a le 16 a Bolweladitshwanelo Kgatlhanong le Tiririsodikgoka mo Basading le mo Baneng. Aforika Borwa e ikamantse le letsholo leno ka 1998 jaaka togamaano ya tse dingwe tsa ditsereganyo tsa go tlhama setšhaba se se sa diriseng dikgoka go rarabolola mathata a sone.

Letsholo la Matsatsi a le 16 ke letsholo la boditšhabatšhaba le le diragadiwang ngwaga yo mongwe le yo mongwe go tloga ka la bo 25 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 10 Sedimonthole. Letsholo leno maitlhomo a lona ke go go lemosa maAforika Borwa ka ga ditlamorago tse di sa jeseng diwelang tsa tirisodikgoka mo basading le mo baneng. Letsholo leno gape le ikuelela mo go motho mang le mang go ema kgatlhanong le tirisodikgoka mo basading le mo baneng.

4.4. Kabinete e atlenegisitse maikarabelo a Aforika Borwa a dipusiano go nna motheo wa dipuisano mo Kopanong ya bo 22 ya Khonferense ya Makoko a a Tsayang Karolo mo Kopanokgothakgotheng ya Letlhomeso la Dinaga mabapi le Phetogoloapi (COP22), mmogo le mo Kopanong ya bo 12 ya Khonferense ya Makoko a a Tsayang Karolo mo Kopanong ya Makoko a Porotokhole ya Kyoto (CMP12), e e tla tshwarwang ka la bo 7 go fitlha ka la bo 18 Ngwanaitseele 2016 kwa Bab Ighli, Marrakech, Morocco.

Kgato ya dipuisano e lepalepanngwe le NDP e leng eo e tlotlomatsang tshomarelo ya tikologo mmogo le Molaotheo, e leng seo se tlhagisang gore tikologo e tshwanetswe go somarelelwa baaigi ba gompieno le ba ba ka moso.

 

5. Maemo a Kabinete mo Mererong e e Botlhokwa ya jaanong

5.1. Tshwetso ya Bothati jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NPA) ya go busetsa morago ditatofatso tsa bonweenwee kgatlhanong le Tona ya Matlole Pravin Gordhan e khutlisa kgang eno mmogo le go kgontsha naga go lepisa dikgato tsotlhe go ka matlafatsa ikonomi ya naga, go dira gore babeeletsi ba nne le tshepo mo nageng ya roana mmogo le go faposa naga ya rona mo goreng e balelwe mo dinageng tseo di retelelwang ke go mekamekana le dikoloto tsa yona mo maemong a boditšhabatšhaba.

5.2. Kabinete e nopoletswe seabe seo komelelo mo go tlameleng metsi e nang le sone mo Aforika Borwa bogolosegolo mo Gauteng moo metsi a yona a tlamelwang ke Thulaganyo e e Golaganngweng ya Noka ya Vaal.

Aforika Borwa e itemogetse pula e nnye thata fa e sale ka 1904 (dingwaga di le 114) mme ya iponela mogote o o kwa godimo tota ka Diphalane le Ngwanaitseele 2015. Seno se nnile le seabe se se golo thata mo metsing a rona ka matamo a naga a fokotsegile go fitlha go 48.4% fa go bapisiwa le mo ngwageng yo o fetileng ka yona nako e ka go ema mo 66.6%.

Re santse re le mo seemong se se mo magareng mme go na le kgonagalo ya gore go ka re tsaya nako e telele gore re boele mo maemong a setlwaedi. Go ka re tsaya nako e e kanaka dingwaga di le pedi go ya go di le tharo gore re itharabologelwe mo matamong a rona e bile seno se ka fitlha go dingwaga di le tlhano. Ka ntlha ya seno re santse re le kgakala go ka itharabologelwa.

Mo ntlheng ya Thulaganyo e e Golaganngweng ya Noka ya Vaal e e nang le matamo a le 14 a a tlamelang Gauteng ka metsi, thulaganyo eno ga jaana e mo maemong a 49.1% fa go bapisiwa le 67.9% ya mo ngwageng o o fetileng ka yona nako e. Thulaganyo eno gape e tlamela ka metsi a mantsi mo diteišeneng tsa malatlha di le dintsi tsa Eskom, Sasol, banosetsing ba ditshimo mmogo le mo diintasetering tsa meepong ya kwa botlhaba jwa Mpumalanga, Bokone Bophirima, Foreisetata mmogo le kwa Kapa Bokone, e leng seo se tshegetsang bokanaka 45% ya ikonomi ya naga mmogo le 35% ya baagi ba naga. Metsi a le 80% a a tswang kwa Thulaganyong e e Golaganngweng ya Noka ya Vaal e dirisediwa kwa malapeng.

Eno ke beke ya boraro thulaganyo ya metsi e le kwa tlase ga 50% mo pakeng eno ya komelelo. Letamo la Vaal ga jaana le eme ka 26.4%, Letamo la Katse le eme ka 38.4%, Letamo la Sterkfontein le eme ka 91.5% fa Letamo la Grootdraai  le eme ka 66.3%. Melaokiletso ya 15% go dirisiwa mo metseseteropong le 20% ya metsi a go nosetsa e tsentswe tirisong jaaka e tlhagisitswe mo Kaseteng ya Puso e e phasaladitsweng ka la bo 12 Phatwe. Melaokiletso eno e ama mang le mang.

Setlhophatiro sa Botegeniki se tlhomilwe go elatlhoko go tsenngwa tirisong ga melaokiletso eno. Rand Water ke motlamedimogolo wa metsi a go nwewa mo Gauteng mme dipeelo ke go fokotsa tlamelo ya metsi go tswa go Rand Water dilitara di le dimilione di le 687 ka letsatsi. Dimasepala tsotlhe tseo di tlamelwang ka metsi di neilwe dipeelo tse di sa etsaetsegeng gore ba di fitlhelele mo go fokotseng tiriso ya metsi. Kgato ya ntlha e ne e le e kgologadi moo tlamelo ya metsi e fokotsegileng ka iketlo, go simolola ka 5% go ya go 15% ka go bulela konopi e kgolo ya metsi. Go simolola ka la bo 3 Diphalane re ne ra sutela go melaokiletso e e ikaegileng ka bontsi jwa metsi.

Go botlhokwa gore badirisi botlhe ba metsi ba obamele melaokiletso eno go netefatsa gore re kgona go atolosa tlamelo e e leng teng ga jaana ya metsi. Porofense ya Gauteng e tlhomile Tikwatikwe ya Ditirelo tse di Kopanetsweng (JOC) go ela tlhoko maemo le go netefatsa fa go nna le kobamelo ya melaokiletso. Mebasepala yotlhe le yone e laetswe gore e tlhome ditikwatikwe tsa tirelo ka bonako le go netefatsa gore ditlhaeletsano le badirisi ba metsi di a tokafadiwa.

Letamo la Vaal le tla emisiwa mo maemong a 25% mme seno se tla kgonagala ka go tsaya metsi a kwa Letamong la Sterkfontein. Seno se botlhokwa mo go sireletseng botlhokwa jwa ESKOM, Rand Water le SASOL. Thebolelo eno ya metsi e tla simolola ka la bo 7 Ngwanaitseele mme e tswelele mo matsatsing a le 54 go fitlha ka la bo 30 Sedimonthole. Bonnye jwa thebolelo ya metsi e e lebeletsweng ga jaana ke dikhubik mitara di le dimilione di le 190 tsa metsi mme seno se tla fokotsa metsi a kwa letamong la Sterkfontein ka palo e e kanaka 7%. Thebolelo eno ya metsi ka iketle ke ka ntlha ya gore ba batla go efoga dikotsi tse di ka tlhagelang batho ba ba agileng gaufi le letamo la Sterkfontein ka go a bulela ka bontsi mmogo le go efoga gore metsi a se senye mo dintshing tsa noka ka ntlha ya fa di omeletsa ka ntlha ya pula e e sa neng mo pakeng e telele.

Kabinete e ikuelela mo maAforika Borweng go dirisa metsi ka tshwanelo le go a somarela. Badirisi botlhe ba metsi ba tshwanetse go obamela melaokiletso ya metsi moo e tsentsweng tirisong, mmogo le go tswelela go boloka metsi, ka go dirisana le mebasepala. Puso e dira tsotlhe tseo e ka di kgonang go samagana le maemo a ga jaanong e bile e dirisana le bannaleseabe botlhe mo mafelong ao a amilweng ke komelelo.

5.3. Monnasetulo wa Komiti ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU), Ngaka Nkosazana Dlamini-Zuma o tshwere dipuisano le African Editors le Press Officers go tswa mo Dinageng tsotlhe di le 54 tsa AU, ka moono o o reng, “Go Tsenyeletsa Naane le Bokgoni go Kgontsha go Fitlhelela Lenaane la 2063”. Lenaane la 2063 le ipiletsa go dikarolo tsotlhe tsa setšhaba sa Aforika mmogo le maAforika ao a sa Nneng ka mo Nageng gore ba dirisane mo go ageng Aforika e e humileng e bile e tshwaragane go latela boleng jo ba bo abelanang mmogo le pono e e tshwanang.

Batsayakarolo ba sekasekile dipeelo tsa AU mo dingwageng di feta di le nne tse di fetileng, ba tlhaloganya Lenaane la 2063 botoka mmogo le ka fao bobegakgang jwa Aforika bo ka etelang pele le go kganna maitlhomo a go dira gore le itsege. Maikarabelo a go bega sentle a tla bopa naane ya Aforika mme gape go buisanetswe ntlha ya maAforika ya go nna beng ba ditlamo tsa bobegakgang.

5.4. Kabinete e ikamanya le tlotlomatso ya botshelo le ya dinako tsa botshelo jwa ga OR Tambo e le go bontsha tlotlo le go leboga seabe seo a nnileng le sone mo go tsamaiseng lenaane la go fedisa tlhaolele go ya ka mmala, bong, mme le rena temokerasi le khumo ya Aforika Borwa.  Lefapha la Botsweretshi le Setso ga le a bolo go ipaakanyetsa Mokete wa Ngwagakgolo wa OR Tambo ka 2017.

Kabinete e Akgola ba ba Latelang:

5.5. Setlhopha sa Mamelodi Sundowns seo ga jaana e leng diganka tse dintšhwa tsa kgwele ya dinao mo Kontinenteng ya Aforika. Kabinete e leboga batshegetsi botlhe mmogo le maAforika Borwa otlhe mo go tshegetseng setlhopha seno, seo se dirileng gore Aforika Borwa e nne motlotlo thata. Sundowns e setse morago setlhopha sa Orlando Pirates seo se fentseng le go nna setlhopha sa diganka ka 1995 moo naga e neng ya iponele naledi ya yona ya ntlha ya dikgaisano tseno.

5.6. Bafenyi ba Dikabo tsa Boitshimololedi tsa Lekala la Puso tsa Tikwatikwe ya Ngwaga le Ngwaga tsa bo 14 mo Boitshimololeding jwa Lekala la Puso ba tla tswelela go ya go gaisanela Dikabo tsa Ngwaga le Ngwaga tsa Moitshimololedi wa Lekala la Puso. Dikabo di rotloetsa gore go nne le tirelo e e gaisang mo boitshimololeding jwa lekala la puso mmogo le go keteka dikatlego tsa batho le ditlhopha mo maphateng otlhe a puso. E dirisiwa jaaka sedirisiwa sa go atolosa boitshimololedi le go rotloetsa batho ba bangwe gore ba itshimololele gore kaboditirelo e tokafale.

Kabinete e lebisa matshediso a yona kwa go ba ba latelang:

5.7. Ba lelapa le ditsala tsa ga Motlatsatona wa Maloba wa Tlhabololo ya Loago, Mme Bongi Maria Ntuli yo e neng e le modiredipuso wa batho e bile a ineetse mo ntweng ya merero ya bong.

5.8. Ba lelapa le ditsala tsa ga Raditshwantsho wa Mobegakgang, Rre Juda Ngwenya yoo setshwantsho sa gagwe se se itsegeng thata se se bontshang hisitori ya rona e bile e le sone seo se neng sa gapeletsa gore re buisanele boitekanelo jwa naga le kontinente ya rona.

5.9. Ba lelapa le ditsala tsa ga Abram Thuri Phago yo a tlhokafetseng fa diterene di le pedi di ne di thulana mo maparogong a seporo gaufi le Tembisa kwa  Johannesburg mme e eletsa gore bao ba iponetseng dikgobalo ba itharabologelwe ka bonako. Lefapha la Dipalangwa le tla dirisana le Setheo sa Banamedi ba Diterene sa Aforika Borwa (Prasa) mmogo le Motlhokomedi wa Pabalesego mo Ditereneng go sala morago Boto ya Dipatlisiso mo ntlheng ya dipatlisiso ka botlalo go ka bontsha seo se bakileng kotsi eno gore seo se sa tlhole se ipoeletsa.

5.10. Ba lelapa le ditsala tsa ga moeteledipele wa baithuti ba Tshwane University of Technology Lesego Benjamin Phehla yo a thutsweng ke sejanaga kwa Soshanguve.

5.11. Baagi ba kwa Cameroon go latela matlhotlhapelo a kotsi ya terene magareng ga Yaoundé le Douala moo batho ba le 79 ba tlhokafetseng. Kabinete gape e eletsa gore makgolokgolo a bao ba iponetseng dikgobalo ba itharabologelwe ka bonako.

6. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

6.1. Go atolosiwa ga konteraka ya Ngaka Sam Makhudu Gulube jaaka Mokwaledi wa Sesole.

6.2. Rre ZU Dangor jaaka Mokaedikakaretso (DG) wa Lefapha la Tlhabololo ya Loago.

6.3. Rre Robert D Nkuna mo maemong a Mokaedikakaretso (DG) mo Lefapheng la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso.

6.4. Ngaka Thulani Dlamini jaaka Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Lekgotla la Dipatlisiso tsa Saense le Intaseteri (CSIR).

6.5. Khomišene ya Setheo sa Diphasalatso tsa Botsweretshi, Setso le Ngwaobošwa ya Naga ya Dilwana tsa Hisetori, Tlhago, Setso le Meago sa Boto ya Dilotho tsa Naga:

a) Mme Marjorie MM Letoaba (Monnasetulo);
b) Rre Thendo Resnic Ramagoma (Motlatsamonnasetulo);
c) Rre Thanduxolo Lungile; le
d) Rre Sershan Theeyaagaraj Naidoo.

6.6. Boto ya Bajalefa ba Sekgwama sa Tlhabololo se se Ikemetseng:

a) Moporofesara Somadoda Fikeni (Monnasetulo);
b) Mme Nomvula Rakolote (Motlatsamonnasetulo);
c) Rre Theo Charl Adam;
d) Rre Siyaduma Biniza;
e) Mme Phelisa Nkomo;
f) Mme Andani Amandaline Makhado;
g) Mme Octavia Matshidiso Matloa;
h) RreTlhotse Enoch Motswaledi;
i) Rre Rashid Amod Sadeck Patel;
j) Ngaka Lulama Zitha;
k) Rre Zakhele Alex Tummy Zitha; le
l) Ngaka Gcwalisile Cynthia Zulu-Kabanyane.

Dipotsiso:
Donald Liphoko
Dintlhakgokagano: 082 901 0766

Share this page

Similar categories to explore