Pegelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 02 Mopitlwe 2016

1. Go tsenngwa tirisong ga manaaneo a botlhokwa a puso

1.1. Kabinete e amogetse Puo ya Tekanyetsokabo ya 2016 e e dirilweng ke Tona ya Ditšhelete Pravin Gordhan ka la bo 24 Tlhakole 2016. Tekanyetsokabo eno e bontsha go tsetsepela ga rona, maitlamo a rona mmogo le mosola wa rona fa re ntse re samagane le paka eno e e maswe go gaisa ya ikonomi mo ya mo malobeng.

Tekanyetsokabo e tsibogela se naga e se tlhokang mme e dira gore go nne le boikanyego mo ikonoming ka go baya naga mo tseleng e e ikanyegang, ya leruri le e e ka diregang mme e akaretsa ya kgolo ya ikonomi.

Gape kabinete e amogela dikgato tsa botlhokwa tsa go fokotsa ditshenyegelo mme e itlama go dira mmogo le maphata otlhe go tshwaela mo maitekong a a tlhakanetsweng a bosetšhaba a go diragatsa kgato eno e e tlhomilweng ke tekanyetsokabo.

1.2. Kabinete e amogela go tlhomiwa ga Setlhopha sa Bobegakgang sa Moporesitente (PPC) ke Moporesitente Jacob Zuma. PPC e tla akaretsa batseleganyi ba dikgang tsa sepolotiki, bakwaladikgang ba sepolotiki, babegakgang ba dipolotiki mmogo le babegakgang ba ikonomi ba ba tlhomamisitsweng go bega dikgang tsa Kantoro ya Moporesitente ka dinako tsotlhe.

Maitlhomo a PPC ke go tlamela bobegakgang ka phitlhelesego e e tokafaditsweng ya tshedimosetso. Gape e tla tokafatsa go fitlhelesega ga Moporesitente le Kantoro ya Moporesitente mo bobegakgannyeng go netefatsa gore babegakgang ba amogela tshedimosetso ya lemorago le dithulaganyo go tokafatsa go tlhaloganya le go bega ga bona. Ditokololo tsa setlhopha sa bobegakgang di tla amogela dipego go tswa go Motlatsamoporesitente le Tona nngwe le nngwe e Moporesitente a e laletsang go arogana manaane a botlhokwa a bosetšhaba.

1.3. Kabinete e tlhagisitse ditebogo ka ntlha ya karolo eo Aforika Borwa e nnileng le yona malebana le go busetsa kagiso kwa Burundi, go lepalepana le maitlamo a rona a dipholisi tsa dinaga di sele go netefatsa gore go nna le kontinente e e renang kagiso e bile e tsepame.

Gape e amogetse dipoelo tsa Puisano e e akaretsang ya ka fa gare ga Burundi e e neng e tshwerwe ka nako ya leeto la kemedi ya maemo a a kwa godimo ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU), e e neng e eteletswe pele ke Moporesitente Zuma.

1.4. Kabinete e amogela go thapiwa ga Moporesitente Zuma ke Mokwaledikakaretso wa Ditšhabakopano (UN) Ban Ki-moon, go tlhakanela bodulasetilo jwa Khomišene ya Maemo a a kwa Godimo ya Boitekanelo, Ditiro le Kgolo ya Ikonomi le Moporesitente François Hollande wa Rephaboliki ya France. Ga se la ntlha Moporesitente Zuma a thapiwa ke setheo sa lefatshe go dira tiro mo seraleng sa lefatshe. Go thapiwa gono ke ka ntlha ya go lemoga boeteledipele jo bo gaisang jo bo bontshitsweng ke Moporesitente wa rona mo seraleng sa lefatshe.

Khomišene e tla susumetsa go tlhamiwa ga ditšhono tsa ditiro tse dintšhwa mo lephateng la boitekanelo go ralala dinaga tsotlhe, bogolo segolo tse di sa tlhabologang mo go kalo. Gape seno se maatlafatsa go diragadiwa ga Lenaane la 2030 la Tlhabololo e e nnelang leruri, e leng se se tla thusang go samagana le dikgwetlho tse di maphata mararo a botlhokatiro, lehuma le go tlhoka tekatekano.

1.5. Kabinete e amogela go tlhomiwa ga Tshekatsheko ya Bosetšhaba ya Baagi ya 2016 kwa Mamelodi, Pretoria ke Tona mo Kantorong ya Moporesitente Jeff Radebe le Radipalopalokakaretso Pali Lehohla. Tshekatsheko ya monongwaga e dirwa ka fa tlase ga moono wa: "MoAforika Borwa yo ke mo itseng, legae le ke le tlhaloganyang" mme go totilwe magae a feta 1,5 milione - e leng palo e kgolo go gaisa fa e bapisiwa le e e neng e totilwe mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng mo go neng go dirilwe tshekatsheko ya magae a le 300 000 fela. Tshekatsheko e tla dirwa ka Moranang mme dipholo di tla itsesewe kwa bokhutlong jwa Seetebosigo 2016.

1.6. Kabinete e nopotse ke go tshwenngwa ke pegelo e e tlhagisitsweng ke Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo (WHO) le Mokgatlho wa Tirisanommogo ya Ikonomi le Tlhabololo mo Patlisisong ya Mmaraka wa Boitekanelo e e eteletsweng pele ke Moatlhodi Sandile Ngcobo. Pegelo e supa gore Aforika Borwa e tlamela ka ditirelo tsa kalafi tse di tlhotlhwagodimo go gaisa fa e bapisiwa le dinaga tse dingwe. Kabinete e tla emela go konosediwa ga patlisiso pele ga go dira kgoeletso ka morero ono.

2. Ditshwetso tsa botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Togamaanotlhomo ya go Samagana le Kgotlhelego ya Mowa mo Baaging ba Lotseno lo lo kwa tlase ba ba nnang mo go kitlaneng gona mo Aforika Borwa gore go dirwe ditshwaelo. Maikaelelo a togamaano ke go tlamela ka tsela e e tsepameng go samagana le seelo se se kwa godimo sa kgotlhelego mo baaging bangwe ba ba bonang lotseno lo lo kwa tlase mme ba nna mo go kitlaneng gona. E tlamela ka tsela e e gokaganeng ya go tsenngwa tirisong ga maiteko a go fokotsa go fisa dituki mo magaeng. Tsereganyo eno e ikaelela go netefatsa gore dikarolo tseno di obamela Seemo sa Bosetšhaba sa Boleng jwa Mowa wa Tikologo. Togamaano eno e e tsepameng e tla tshegetsa togamaano e e leng teng ya bosetšhaba ya go samagana le kgotlhelego ya mowa mo nageng.

2.2. Kabinete e amogetse go amogelwa ga Khonferense ya bo 21 ya Boditšhabatšhaba ya AIDS (AIDS 2016) ke puso le Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa AIDS kwa International Convention Centre (ICC) kwa Durban go tloga ka la bo 18 go fitlha ka la bo 22 Phukwi 2016. Go amogela khonferense go tla tokafatsa tsibogo ya naga ya rona ya HIV le TB fa go ntse go ama nngwe ya dikgwetlho tsa botlhokwa tota mo Aforika Borwa, mo kgaolong le mo lefatsheng.

Khonferense eno e tla naya babatlisisi go tswa lefatsheng ka bophara serala sa go arogana dikgatelopele tsa ga jaana tsa saense mo lephateng, go ithuta mo boitseanapeng jwa ba bangwe mmogo le go tlhama maano a go tsweletsa dikarolo tsotlhe tsa maiteko a re a tlhakanetseng a go alafa le go thibela HIV.

3. Molaotlhomo

3.1. Kabinete e amogetse tlhagiso ya Molaotlhomo o o Baakantsweng wa 2015 wa Dipalangwa tsa Bosetšhaba tsa mo Lefatsheng, o o baakanyang Molao wa Bosetšhaba wa Dipalangwa tsa mo Lefatsheng, 2009 (Molao wa bo 5 wa 2009). Dipaakanyo tsa Molao wa Bosetšhaba wa Dipalangwa tsa mo Lefatsheng wa 2009 di tla tsweletsa thulaganyo ya go fetola le go aga sešwa thulaganyo ya bosetšhaba ya dipalangwa tsa mo lefatsheng. Seno se tla tshwaela mo tirelong ya dipalangwa tsa botlhe e e babalesegileng, e e fitlhelesegang mme e le bokgoni.

Molaotlhomo o dira tlamelo ya ditlhabololo tse dintšhwa mo lephateng la dipalangwa tsa botlhe. Molaotlhomo o tlamela ka kaedi ya, magareng ga tse dingwe, dipalangwa tse di senang dienjene, ditirelo tsa dipalangwa tse di bidiwang ka tiriso ya diselefounu gongwe dikhomphiutara mmogo le go tshwaya dipalangwa tsa botlhe. Gape o sedimosa ntlha ya tsamaiso malebana le dithata tse di roletsweng mmogo le melawana malebana le go rebolwa ga dilaesense tsa go dira tsa dipalangwa tsa botlhe.

Gape molaotlhomo ono o tla kgontsha go anamisiwa ga Mafaratlhatlha a a Lotaneng a Dipalangwa tsa Botlhe mme ke karolo ya Leano la Bosetšhaba la Mafaratlhatlha le Porojeke ya Togamaano e e Lotaneng ya 7 e e totileng go dirisa tlhabololo e e gokaganeng ya mafaratlhatlha a a lotaneng a dipalangwa go dira gore ditoropokgolo e nne madutelo a kgolo ya ikonomi.

4. Ditiragalo tse di tlang

4.1. Moporesitente Zuma o tla tsaya Leeto la Semmuso go ya kwa Rephaboliking ya Bofederale ya Nigeria go tloga ka la bo 8 go fitlha ka la bo 9 Mopitlwe 2016. Leeto la Semmuso le tla tokafatsa dikamano tsa ga jaana tsa sebedi le go tsweletsa gape kgwebisano ya mo kgaolong.

4.2. Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Botho ka Mopitlwe 2016 e tla ketekwa ka fa tlase ga moono wa: "Aforika Borwa e kopane kgatlhanong le tlhaolele ya bosemorafe." Lefapha la Botsweretshi le Setso le rulagantse leano la kgwedi le le akaretsang metseletsele ya dipuisano tse di ka ga go dira mmogo go aga setšhaba se se sa tlhaoleng go ya ka bosemorafe, bong, se se nang le tekatekano le sa temokerasi.

Kabinete e laletsa maAforika Borwa go tshwaela mo Leanotirong la Bosetšhaba la go lwantsha Bosemorafe, Tlhaolo go ya ka Bosemorafe, Letlhoo la Batswakwantle mmogo le Go tlhoka itshokelano go go Amanang le tseo (2016-2021) pele ga la bo 30 Seetebosigo 2016. Leano le tlamela ka motheo wa pholisi ya botlhe e e kgatlhanong le go tlhaola go ya ka bosemorafe e e tla thusang go diragatsa maitlamo a rona a boditšhabatšhaba a ditshwanelo tsa botho.

4.3. Puisano ya Russia-Aforika e e Kgatlhanong le Diritibatsi kwa ICC kwa Durban go tloga ka la bo 8 go fitlha ka la bo 9 Mopitlwe 2016 e tlamela ka serala sa go tokafatsa Leanolegolo la Bosetšhaba la Diritibatsi (2013-2017)

Ntwa kgatlhanong le diritibatsi tse di seng mo molaong go lepalepana le Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) mme puisano e ka fa tlase ga bookamedi jwa AU go latelelwa maitlamo go ya ka Ditumelano tse di maleba tsa UN tsa Bosenyi jo bo Rulagantsweng go ralala Dinaga, Leano la Tiragatso la AU la Taolo ya Diritibatsi (2013-2017) le ditshwetso tsa BRICS (Brazil, Russia, India, China le Aforika Borwa).

Khonferense ke kopano e e latelang Puisano ya Russia-Aforika e e Kgatlhanong le Diritibatsi, e maikaelelo a yona e leng go tlhagisa seemo se se gokaganeng malebana le gore baeteledipele ba lefatshe ba ikaelela go samagana jang le bothata jwa boditšhabatšhaba jwa diritibatsi. Seno se tla tlhagisiwa kwa Kopanong e e Kgethegileng ya Kokoanokakaretso ya UN ka Moranang 2016.

4.4. Puso - ka tirisanommogo le Bokwaledi jwa Kgweranoditšhaba, Yunibesithi ya Aforika Borwa (UNISA) mmogo le Setheo sa Bosetšhaba sa Tlhabololo ya Bašwa - e amogela Khonferense ya bo 2 ya Kgweranoditšhaba e e ka ga Tiro ya Bašwa kwa khamphaseng ya Unisa kwa Pretoria go tloga ka la bo 8 go fitlha ka la bo 10 Mopitlwe 2016. Khonferense e tshwarwa ka fa tlase ga moono wa: "Go akaretsa Bašwa mo Kagong ya Setšhaba: Seabe sa Modiri wa Mošwa" mme e tla sekaseka gape seabe sa badiri ba tiro ya bašwa mmogo le barutegi ba ba akaretsang bašwa mo tlhabololong ya dinaga tsa bona.

5. Maemo a Kabinete mo Mererong e e Botlhokwa ya ga jaana

5.1. Kabinete e boeletsa molaetsa wa ga Moporesitente Zuma wa botlhokwa jwa go tlotla ditheo le ditsamaiso tse di tlhamilweng go ya ka Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 le molao. Moporesitente Zuma o samagane le morero wa Mokhomišinara wa Tirelo ya Lekgetho ya Aforika Borwa le Tona ya Ditšhelete ka tsela e e siameng a dirisa ditsela tse di siameng tsa molao.

Moporesitente o baakanya dikgato tsa go samagana le dintlha tseno ka maikarabelo le ka tsela e e siameng gore botlhe ba bone molemo. Kabinete e ikuela mo maphateng otlhe a a nang le dikgatlhego go diga makgwafo le go itshwara mme ba neele sebaka sa gore morero ono o rarabololwe ka go dirisiwa ga ditsela tse di siameng.

5.2. Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng otlhe go ikwadisetsa Ditlhopho tsa Pusoselegae tsa 2016 ka la bo 5 le la bo 6 Mopitlwe 2016. Ditlhopho tsa pusoselegae di farologane le ditlhopho tsa bosetšhaba mme di tlhoka gore o ikwadise mo otong e o nnang mo go yona.

Go botlhokwa gore o nne le Lekwaloitshupo (ID) - go tla amogelwa ID e e tala e e nang le bar-code mmogo le karata ya Boitshupo - le go tlhola seemo sa gago sa ikwadiso, nomoro ya oto kwa diteišeneng tse di farologaneng tsa ditlhopho. Dikantoro tsotlhe tsa Merero ya Selegae di tla bo di butswe go tloga ka 08:00 go fitlha ka 17:00 ka la bo 5 le la bo 6 Mopitlwe 2016, mme seo ke go lepalepana le diura tsa tiro tsa Khomišene ya Ditlhopho e e Ikemetseng (IEC)  mo matsatsing a mabedi ao.

Kabinete e ikuela mo batlhophing botlhe ba bašwa mmogo le ba ba tla bong ba tlhopha la ntlha go ikwadisetsa go tlhopha. Ka go tlhopha o tsaya kgato ya go dira gore lentswe la gago le utlwale mo ditshwetsong tse di go amang le tse di amang baagi ba gaeno. Pusoselegae e mo diatleng tsa gago!

5.3. Kabinete e nyefola ditshupetso tse di tletseng tirisodikgoka tsa baithuti, tse di kgoreleditseng dithuto kwa diyunibesithi tse dingweng mme di lebisitse kwa tshenyong ya dithoto. Ditshupetso tseno di lomeletsa baithuti ba ba nang le tshiamelo tšhono ya go tsweletsa dithuto mme gape di ama tshwanelo ya bone ya go iponela thuto e kgolwane. Puso e buletse dipuisano le baamegi botlhe ba thuto e kgolwane go buisana le go ganetsana. Seno se buseditse maemo sekeng le tsweletso ya kgolagano ya loago kwa diyunibesithing tse di batlang go bona ditharabololo tsa dikgwetlho tsa pakagare le pakatelele tse di amanang le go fetolwa ga lephata jaaka go tlhalositswe mo ditshwetsong tsa Samiti ya 2015 ya Diphetogo mo Thutong e Kgolwane.

Kabinete e tshegetsa maiteko a ditheo tsa tiragatso ya molao go netefatsa gore go busediwa setso sa go ithuta, le gore go sirelediwa dithoto le ditshwanelo tsa batho. Molao o botlhokwa mme o tshwanetse go tlotlwa ka dinako tsotlhe. Go tshwanetse ga busediwa maemo sekeng kwa diyunibesithing tsa rona gore manaane a thuto a tswelele pele fa go ntse go samaganwe le dikgwetlho tsa pakagare le pakatelele.

Kabinete e akgotse baithuti ba ba emeng mmogo kgatlhanong le bosemorafe le letlhoo la basweu, e leng sekai sa gore re ka dira mmogo go agelela mo tswelelopeleng le diphitlhelelong tse di dirilweng mo lephateng la thuto e kgolwane go baakanyetsa ngwaga ono wa dithuto. Re tshwanetse go sireletsa tswelelopele eo le go letla gore go busediwe le go somarela taolo kwa diyunibesithing tsotlhe tsa rona.

Gape kabinete e ikuela mo baameging botlhe go dira mmogo gore diyunibesithi tsa rona e nne baeteledipele ba puisano e e akaretsang le diphetogo.

5.4. Kabinete e nopotse kgolagano e e tshitshintsweng ya ditheo tse tharo tsa mabotlolo tsa Setlamo sa Coca Cola mo Aforika Borwa. Kabinete e lemoga gore morero o tla reediwa kwa Lekgotleng la Dikgaisano. Kabinete e tlhagisa matshwenyego a yona ka tatlhegelo ya ditiro e e tshitshintsweng mmogo le phokotso ya ditiro mo dikgatong tsa kgolagano eno. Ka ntlha ya botlhokatiro jo bo kwa godimo, Kabinete e ikuela mo ditlamong go netefatsa gore ga go nne le ditiro tse di latlhegang mme go tsholwa seemo sa ditiro.

5.5. Kabinete e akgola Moambasadara wa Aforika Borwa wa Mokgatlho wa Lefatshe wa Kgwebisano (WTO), Rre Xavier Carim, yo o tlhophilweng modulasetilo wa Setheo sa Tharabololo ya Dikgotlhang sa Lekgotlakakaretso la WTO. Lekgotlakakaretso ke setheo se se tsayang ditshwetso tse di kwa godimo sa WTO magareng ga Dikhonferense tsa Ditona. Go thapiwa ga Moambasadara Carim go lemosa seabe sa botlhokwa sa Aforika Borwa mo WTO mme gape ke sesupo sa maitshwaro a ga Moambasadara Carim.

5.6. Kabinete e lemogile kitsiso ya Barclays PLC ya maikaelelo a yona go fokotsa 62.3% ya botsholadišere jwa yona mo Barclays Africa Group Limited (BAGL) mo dingwageng tse di latelang di le pedi go ya go di le tharo. Barclays PLC, bogolosegolo Motlhankedikhuduthamagamogolo, o buisane le Matlotlo a Bosetšhaba le Bankakgolo ya Aforika Borwa mme re amogela maitlamo a setlamo a go diragatsa togamaano e ntšhwa ka tsela e e tla fokotsang ditlamorago mo ikonoming e BAGL e dirang mo go yona. Bankakgolo ya Aforika Borwa e tla dira le Barclays PLC le BAGL go netefatsa gore go fokodiwa matshosetsi otlhe a a ka nnang teng mo tiragatsong eo le gore go tsewa dikgato tse di maleba go samagana le motsamao wa ditšhelete o o tla bakwang ke tiragatso eo.

5.7. Kabinete e akgola botlhe ba ba fitlheletseng makgaolakgang mmogo le bafenyi ba Dikgele tsa Bosetšhaba tsa Barutabana tse di neng di tshwerwe ka la bo 27 Tlhakole 2016. Barutabana bano ba ba ititeileng sehuba ba tsweletsa naga ya rona pele ka go netefatsa gore diphaposiborutelo di tlhagisa barutwana ba ba rotloetsegileng ba ba tla tshwaelang mo tlhabololong ya Aforika Borwa.

5.8. Kabinete e akgola Market Theatre kwa Johannesburg ka go keteka ngwaga wa bo 40 e ntse e le teng. Ka paka ya tlhaolele teatere e nnile sekao sa Kgaratlho ka go anela dikgang tsa boammaaruri tsa Aforika Borwa.

5.9. Kabinete e akgola morutabana wa mmino, Rre Chad Hendricks, go tswa kwa Retreat kwa Cape Flats ka ntlha ya go fenya Kgaisano ya maemo ya Batshwaratakata ya Len van Zyl kwa Motsekapa. Dimpho tsa gagwe di akaretsa sekolašipi sa dikgwedi di le tharo kwa Amerika koo Rre Hendricks a tla ithutang kwa Philadelphia Orchestra mme a katisiwa ke Moporofesara Victor Yampolsky kwa Chicago.

5.10. Kabinete e akgola motlhagisi wa difilimi, Rre Anant Singh, ka ntlha ya go abelwa maemo a boraro ka filimi ya Shepherds and Butchers kwa Panorama Audience Award for Fiction Film kwa Moletlong wa Boditšhabatšhaba wa Difilimi wa Berlin. Seno ke phitlhelelo e kgolo ka ntlha ya fa filimi e ne e gaisana le difilimi di le 51 go tswa kwa dinageng di le 33.

6. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi:

6.1. Katoloso ya konteraka ya ga Rre Lionel October jaaka Mokaedikakaretso (DG) mo Lefapheng la Kgwebisano le Indaseteri, sebaka sa dingwaga di le tlhano.

6.2. Go thapiwa ga Ngaka Mantlhake J Maboya jaaka Motlatsamokaedikakaretso (DDG): Pholisi ya Kharikhulamo le Tekolo mo Lefapheng la Thuto ya Motheo.

6.3. Go thapiwa ga Mme Shamilla Chettiar jaaka DDG: Ditirelo tsa Pholisi le Kitso kwa Lefapheng la Bojanala.

6.4. Go thapiwa ga Rre Mbulelo Tshangana jaaka DG mo Lefapheng la Manno a Batho.

6.5. Go thapiwa gape ga Rre Kutoane Obed Kutoane jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo wa Export Credit Insurance Corporation of South Africa SOC Limited.

6.6. Go thapiwa ga Vuyo Mafata jaaka Mokhomišinara wa Dituelelo tsa Dikgobalo tsa kwa Tirong: Letlole la Dituelelo tsa Dikgobalo tsa kwa Tirong mo Lefapheng la Badiri.

6.7. Go thapiwa mo Phaneleng ya Taolo ya Go tsewa paka ya dingwaga tse tlhano:

a) Mme Neo Phakama Dongwana (Modulasetilo);
b) Moporofesara Stephanie Marie Luiz (Motlatsamodulasetilo);
c) Moporofesara Shirley Zinn (tokololo ya phanele);
d) Moatefokate Rory Voller (tokololo e e tlhophilweng);
e) Mme Wendy Ndlovu (tokololo e e tlhophilweng);
f) Mme Annalie de Bruyn (tokololo e e tlhophilweng); le
g) Rre Nano Abram Matlala (tokololo ya phanele).

6.8. Go thapiwa mo Botong ya Koporasi ya Aforika Borwa ya Maatla a Nyutlilia sebaka sa dingwaga di le tharo:

a) Rre Nqaba Ngcobo;
b) Ngaka Namane Magau;
c) Ngaka Xolani Mkhwanazi;
d) Ngaka Alex Smanga Tsela;
e) Mme Rosemary Mosia;
f) Ngaka Kelvin Kemm (Modulasetilo);
g) Rre Zibusise Comfort Ngidi;
h) Mme Pamela Bosman; le
i) Morwakgosi Kennedy Tshivhase.

Dipotsiso:
Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa Namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore