Moporesitente Jacob Zuma: Puo ya Maemo a Setšhaba 2017

Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ka Motlotlegi Jacob G Zuma, Moporesitente wa Rephaboliki ya Aforika Borwa ka tiragalo ya kopanotshwaraganelo ya Palamente, kwa Motsekapa

Mmusakgotla wa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba (NA),
Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP),
Motlatsammusakgotla wa NA le Motlatsamodulasetulo wa NCOP, Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa,
Moporesitente wa mo malobeng Thabo Mbeki, Moatlhodimogolo Mogoeng Mogoeng le ditokololo tsotlhe tse di tlotlegang tsa bosiamisi,
Ditona le Batlatsatona,
Ditona le Babusakgotla ba Dikgotlatheomolao tsa Diporofense, Monnasetulo wa Mokgatlho wa Dipusoselegae wa Aforika Borwa (Salga), Ditlhogo tsa Ditheo tsa Puso tse di Tshegetsang Temokerasi ya Molaotheo, Monnasetulo wa Ntlo ya Bosetšhaba ya Dikgosi,
Moporesitente wa Lekgotla la tsa Melao ya Mamoseleme mmogo le baeteledipele botlhe ba ditheo tsa bodumedi,
Mmusakgotla wa maloba wa NA, Ngaka Frene Ginwala,
Bagale ba kgaratlhelo ya tokololo,
Ditokololo tsa ditheo tsa sedipolomate,
MaAforika Borwa ka nna,

Dumelang, sanibonani, molweni, riperile, good evening, goeie naand, lotjhani, riperile, ndi madekwana,

Ke a leboga Mme Mmusakgotla le Mme Monnasetulo go bo lo nkadimile tsebe ka go nnaya tšhono eno ya go ka ema ditokololo tsa Palamente ka lefoko.

Morwa wa letsopa la naga ya rona yo e leng sekai, Moporesitente Oliver Reginald Tambo, o ne a ka bo a tshwara dingwaga di le 100 monongwaga fa a ne a ka bo a santse a tshela.

Morata naga yaabo yono yo a neng a sa inaganele a le esi o ineetse botshelo jwa gagwe jotlhe go tloga e sale lekau go kgaratlhela kgololesego ya naga le baagi ba yona. O tlogeletse maAforika Borwa otlhe lefa la go ya go ile, ga a le tlogelela fela mokgatlo wa gagwe, e leng wa ANC.

Mo go mo supetseng tlotlo, re rebotse ngwaga wa 2017, go nna Ngwaga wa Oliver Reginald Tambo. Ke ngwaga wa go tshwaragana mo go tseyeng dikgato jaaka maAforika Borwa mo go tsweletseng pele Aforika Borwa mmogo.

Re motlotlo go bo re na le ba lelapa la ga Tambo mo maitsiboeng ano, Rre Dali Tambo mmogo le mosadi wa gagwe Rachel, le morwa wa bona, Oliver Tambo Junior.

Re gopola gape ka lerato Mama Africa, Miriam Makeba, yo a neng a dira hisetori fa a ne a eme ba Dinagakopano ka lefoko ka ngwaga wa 1963, a ikuela gore go tsewe dikgato kgatlhanong le puso ya tlhaolele.

Re amogela ka diatla tsoopedi setlogolo sa gagwe sa mosetsana, Zenzile Makeba Lee, mmogo le setlogolwana sa gagwe Lindelani.

Bakaulengwe,

Mo ngwageng ono wa bo 23 wa kgololesego, maikaelelo a rona a santse a le a Aforika Borwa o o tshwaraganeng, wa temokerasi, o o sa tlhaoleng go ya ka bong, lotso e bile o humile.

Jaaka re kaelwa ke Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP), re aga Aforika Borwa yo a tshwanetseng go tlhoka lehuma, go se lekalekane le botlhokatiro.

Le fa maemo a ikonomi ya lefatshe a santse a tlhobaetsa, go na le matshwao a a bontshang gore re setse re le mo pakeng ya itharabologelo. Re solofela re tla nna le palo ya kgolo ya ikonomi ya bokanaka 1.3% mo ngwageng wa 2017 mme e latelwa ke ya 0.5% ya mo ngwageng wa 2016.

Le fa go le jalo, ikonomi e santse e gola fela e seng ka lebelo le le kalo go ka tlhama ditiro tseo re di tlhokang. Go na le ba batho ba bangwe ba borona, bao ba akaretsang le bašwa, bao ba iseng ba ipone ba dira fa e sale e nna bona.

Ke ka ntlha ya seno re tsereng tshweetso ya go tsepamisa mogopolo mo dikgaolong di le mmalwa tse di botlhokwa tseo di tseewang jaaka Leano la Dintlharobongwe go ka tsosolosa kgolo gore ikonomi e kgone go ka tlhama ditiro tseo di tlhokagalang.

Dikarolo tseo go tsepamisitsweng mogopolo mo go tsona di akaretsa diintaseteri, meepo le le dikungwelo, temothuo le tlhagiso ya dijo, motlakase, Dikgwebopotlana, tsa mo Magareng le tse Digolwane (di-SMME), ditharabololo tsa dikgotlang tsa kwa madirelong, ngokelo ya dipeeletso, kgodiso ya ikonomi ya kwa mawatleng mmogo le ya bojanala.

Re akareditse gape le dikarolo tse di diphatsa tse di jaaka saentshe le thekenoloji, mafaratlhatlha a metsi le kgeleloleswe, mafaratlhatlha a dipalangwa mmogo le go phasaladiwa ga porotebente.

Ke kopa go le begela ka tiro eo e dirilweng mo go tse dingwe tsa dikarolo tseno mo ngwageng yo o fetileng.

Puisano eo re e simolotseng mo ngwageng yo o fetileng magareng ga puso le bagwebi le badiri, eo e itsegeng jaaka Dikgato tsa CEO, e nnile mosola tota. Re kgona go rarabolola dikgwetlho tse dingwe tsa fa gae mmogo.

Re kgonne go efoga ka katlego kwelotlase ya dipalotekanyetso tsa dikoloto, e leng seo se ka bong se nnile le seabe seo se sa jeseng monate mo ikonoming ya rona.

Tikologo ya maraka wa badiri le yona yona e tlhagisa matshwao a tsetsepelo, seno ke ka ntlha ya tirisanommogo le balekane ba loago. Maitsholo ao makoko a nnileng le one mo go tsamaiseng dipuisanelo tsa meputso bogolosegolo mo lekaleng la polatinamo, a tshwanetswe go rolelwa hutshe.

Go tshwaragana mo go tseyeng dikgato go iponagaditse gape le mo bekeng eno ka go konosediwa ga dikutlwanelo tsa mogolo o o kwa tlase wa bosetšhaba mmogo le tseo di leng mabapi le dikgato tsa go ka tlhokomela dikamano tsa merero ya badiri.

Seno se latela boikuelo jo ke bo dirileng mo go SoNA ya la bo 14 Seetebosigo 2014.

Re rolela Motlatsamoporesitente hutshe mmogo le setlhopha sa Lekgotla la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Ikonomi le Ditiro (NEDLAC) go bo ba fitlheletse peelo eno mme e bile re ba lakaletsa masego mabapi le tiro eo e santseng e tlhoka go ka diragadiwa.

Bakaulengwe,

Katolosetso ya ditirelo tsa motheo go ya kwa bathong e tsweletse go diragadiwa jaaka re semeletse go ka tokafatsa matshelo a batho botlhe. Go fitlha jaanong ke malapa a ka nna dimilione di le supa ao a setseng a gokeletswe mo kiriting mme ga jaanong a na le motlakase.

Tiragatso e e atlegileng ya lenaane la Kago le Tlhokomelo la Eskom e thusitse mo go netefatseng gore ga go nne le kgaogo mme go khutlisiwa kgaolo ya motlakase.

Tiro e tswelela pele go netefatsa gore motlakase o nna o le teng. Ntšhwafatso ya motlakase ke karolo e e botlhokwa ya motswako wa rona wa motlakase, o o akaretsang tlhagiso ya motlakase go tswa mo gaseng, nyutlileeng, motlakaseng wa letsatsi, o o fitlhiwang ke phefo, o o fetlhiwang ke metsi mmogo le o o tlhotlhiwang ka malatlha.

Puso e ikemiseditse ka Lenaane la Batlhagisi ba ba Ikemetseg ba Tlhagiso ya Motlakase mme e bile re atolosetsa lenaane leno kwa metsweding e mengwe ya motlakase go akaretsa malatlha le gase, mo godimo ga motlakase o o ntšhwafadiwang.

Eskom e tla saena tumelano e e setseng ya go reka motlakase e e mabapi le motlakase o o ntšhwafadiwang go ya ka dipalo tseo di sekegetsweng go rekiwa.

Puso e dira ka natla go netefatsa fa go nna le tlamelo ya metsi ka bontsi e e tshepagalang mo dikgaolong tse di farologaneng tsa naga go tshegetsa kgolo ya ikonomi fa mo letlhakoreng le lengwe go tla kgontsha bao ba leng mo tlalelong mmogo le dimasepala tsa metseselegae go ka a fitlhelela.

Mo matsapeng a go fokotsa tatlhegelo ya metsi a le mantsi, ao kwa dimasepaleng tse dingwe a fetang seelo sa bosetšhaba, seo ga jaanong se leng sa 37%; bašwa ba le 10 000 ba ba senang ditiro ba katisiwa go nna ddipholambara, badiri ka diatla le badiri ba merero ya metsi. Ba bangwe gape ba tla thapiwa monongwaga go ka fitlhelela palogotlhe ya bokanaka 15 000.

Re ikuela mo dimasepaleng go tshegetsa lenaane la Ntwa Kgatlhanong le Metsi a a Dutlang.

Re tswelela go aga dikolo tsa segompieno, re fedisa meago e e agilweng ka mmu mmogo le meago e mengwe e e sa siamang ka Letsholo le le Potlakisitsweng la go Tlisa Mafaratlhatlha a Sekolo (ASIDI). Seno se naya bana ba rona seriti.

Palogotlhe ya meago e le 173 e e sa siamang e phutlhamisitswe fa e sale ka 2011. Mme palogotlhe ya dikolo tse dintšhwa di le 895 ga jaanong di na le mafelo a a bolokesegileng a go ithuta tebang le bana ba rona.

Mo go tlhotlheletseng dipeeletso, puso e tlhamile InvestSA, e leng lefelo la merero yotlhe e e mabapi le dipeeletso mo nageng mme e tla bula ditikwatikwe tsa yona mo diporofenseng tsa KwaZulu-Natal, Gauteng le Kapa Bophirima.

Molaetsa ga o okaoke mo mafapheng a a amegang a puso. Ga go a tshwanela go nna le ditiegiso tse di senang tlhaloganyo le dikgoreletsi tse di senang mosola. Go tloga ka go rebola dilaesentshe le go akaretsa le mo go reboleng di-visa, re tshwanetse re dire gore go nne bonolo go tlhama kgwebo mo Aforika Borwa.

Bakaulengwe,

Moporesitente Oliver Reginald Tambo e ne e le morutabana wa dipalo le saentshe. Mmuso ka jalo monongwaga o tla tsholetsa kwa setlhoeng dithuto tsa dipalo le saentshe go feta mo malobeng, e leng segopotso sa gagwe.

Re rotloediwa ke dipoelo tsa mo malobeng tsa diteko.

Dipoelo go tswa mo Seelong sa Boditšhabatšhaba sa Dithuto tsa Dipalo le Saentshe mmogo le Khonsotiamo ya Borwa le Botlhaba jwa Aforika ya Ditekolo tsa Boleng jwa Thuto di supa gore tiragatso ya baithuti ba maAforika Borwa e a tokafala.

Gareng ga dinaga tse di tsayang karolo, Aforika Borwa e bontshitse e tokafaditse thata go gaisa ka maduo a le 87 mo dipalong le a le 90 mo saentsheng.

Seno se a itumedisa thata, ka ntlha ya fa re sa batle gore bana ba rona ba salele kwa morago.

Dipeeletso tsa rona mo saentsheng le mo thekenolojing di tlhagisa dipoelo.

Fa e sale Aforika Borwa, e tshegediwa ke balekane ba yona ba Aforika ba le robedi, e fenya tšhono ya go nna beng gae ba thelesekoupu ya Arei ya Sekwere kilometara (SKA), go setse go dirilwe kgatelopele e ntsi tota mo go ageng porojekekgolo eno ya saentshe mmogo le go unngwelwa merokotso ya yona.

Yona mmogo le ba thelesekoupu ya ntlha ya MeerKAT, porojeke ya SKA e tswelela go dira kgatelopele e e botlhokwa mo tlhabololong ya ikonomi ya loago mo Aforika Borwa.

Ka go dirisana mmogo le intaseteri, Lefapha la Saense le Thekenoloji le tsenyatirisong togamaano ya thekenoloji ya fa gae. Seno se kgontshitse gore go agiwe thelesekoupu ya MeerKAT ka R2bilione ka diteng tsa fa gae.

Seno se dirile gore go tlhamiwe ditiro kwa Kapa Bokone mmogo le go phasalatsa kabelanoditšhono mo ikonoming ka go tlhama ditiro tsa badiri ka diatla le tsa dipaakanyo, mmogo le thotloetso ya saentshe jaaka tiro ya boitlhophelo.

Fa go tla mo mafaratlhatlheng a ditsela, Setlamo sa Setheo sa Ditsela tsa Bosetšhaba sa Aforika Borwa (SANRAL) se setse se simolotse ka kgato ya go dira maano a porojeke ya go atolosa mmila wa ga jaanong wa Moloto ya R4.5 bilione.

Mmila wa Moloto le seporo ga jaanong di a agiwa ka maitlhomo a go netefatsa gore badirisi ba mmila ono ba a bolokega mmogo le go fedisa dikotsi tseo di tsereng matshelo a mantsi.

Ka 2016, Aforika Borwa gape e saenile tumelano ya dikoporasi le People’s Republic of China (PRC) go ka aga Moloto Rail Development Corridor.

Ka 2014, re thankgolotse Mokgwatiriso wa Operation Phakisa wa Dipoelo tse Dikgolo tsa ka Bonako mo ikonoming ya mawatle, boitekanelo, thuto le makala a meepo. Maitlhomo e ne e le go ka iponela diporojeke di le mmalwa tse di botlhokwa moo re ka kgonang go ka bulela kgolo mo go tsenyeng tirisong NDP.

Diporojeke tsotlhe di tsamaya ka tshwanelo.

Sesole sa kwa Metsing sa Aforika Borwa gape se tsaya karolo mo porojekeng ya Operation Phakisa mme gape se ipaakanyetsa le go nna motlhokomedi wa karatšhe ya puso ya dikepe tsotlhe tsa puso kwa Simon’s Town, go akaretsa le tlhokomelo le paakanyo ya dikepe tsotlhe tsa puso ka tirisanommogo e ntšhwa ya jaanong e e magareng ga Sesole sa kwa Metsing sa Aforika Borwa, ARMSCOR le Denel.

Re nopotse lekala la bojanala jaaka motlhodi yo o botlhokwa wa ditiro. Ka jalo re itumetse go bo palo ya bagorogi ba bajanala mo pakeng ya Ferikgong go fitlha ka Ngwanaitseele 2016 e oketsegile go ka nna dimilione di le robongwe, koketsego e e ka dirang milione o le mongwe ya bagorogi ba bajanala go tloga ka 2015. Seno se emetse kgolo ya maeto a bojanala ka 13%.

Puso e tsamaisa manaane a a mosola a go fedisa lehuma a a jaaka Lenaanekatoloso la Ditiro tsa Setšhaba (EPWP). Mo godimo ga foo, madithuso a puso jaanong a setse a fitlhelela batho ba le 17 milione, bontsi jwa bone ke batsofe le bana. Batho ba le bantsi ba ne ba ka se kgone go ka fepa malapa a bone fa e ne e se ka madithuso a puso.

EPWP fa e sale ka 2014, e setse e tlhodile ditšhono tsa ditiro di feta dimilione di le pedi e leng palo e e lebisang kwa peelong ya dimilione di le thataro tsa ditšhono tsa ditiro kwa bokhutlhong jwa Mopitlwe 2019. Mo ditšhono tsa ditiro tse di tlhodilweng, palo e feta milione ya tsona di okangwe ke bašwa.

Mo ngwageng wa 2015/16, ditšhono tsa ditiro di feta 61 000 di ne tsa tlhamiwa ka manaane a tikologo a a jaaka go Direla Merero ya Metsi, go Direla Merero ya Metswedi, go direla Merero ya tsa Molelo mmogo le go direla Merero ya tsa Kamano ya Ditshedi le Tikologo. Bajalefa ba feta 60% e ne e le ba bašwa.

Puso, ka tirisanommogo le setšhaba, ba lwantshana le maitshwaro a a bodileng ao a tlhoboganyang baagi, a a jaaka diritibatsi mmogo le tirisobotlhaswa ya tsona. Go tswa kwa Soshanguve go leba kwa Rosettenville kgotsa kwa KwaMashu go fitlha kwa Cape Flats, baagi ba faraferwe ke matlhotlhapelo a diritibatsi.

Ntle le ditirelo tsa molao, ditirelo tsa kalafo le thibelaketegelo le tsone di botlhokwa.

Lefapha la Tlhabololo ya Loago le aga ditikwatikwe tse dintšhwa tsa puso tse di mabapi le kalafi mo diporofenseng tseo go senang mafelo ano kwa Kapa Bokone,Bokone Bophirima, Limpopo, Foreistata le kwa Kapa Botlhaba.

Ka go dirisanommogo re tla ntsha bašwa ba rona mo diritibatsing.

Mo mererong ya boitekanelo, Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo (NHI) ke porojeke ya rona e e botlhokwa eo e ikaeletseng go dira gore Aforika Borwa e Akaretse Batho Botlhe mo Boitekanelong.

NHI e tla tsenngwatirisong sebaka sa dingwaga di le 14 ka dikgato di le tharo.

Ga jaanong re mo kgatong ya ntlha, e leng ya dipaakanyo, eo e simolotseng mo ngwageng wa 2012.

Bakaulengwe,

Re tota re hupetse mowa e le ruri ka dintsho tsa balwetse ba bantsi ba malwetse a tlhaloganyo kwa Gauteng.

Balwetse ba ba lwalang mo tlhaloganyong ke ba bangwe ba ditokololo tsa setšhaba tse di leng mo tlalelong, bao ba tlhokang go ka sirelediwa kgatlhanong le puso ka boyona. Ke laetse Tona ya Boitekanelo go netefatsa gore ditshtshinyo tsa Moombate wa Boitekanelo di tsibogelwa tsotlhe e bile ka bonako ntle le go diega.

Re amogela ditshtshinyo tsa Moombate wa Boitekanelo tse di reng go na le tlhokego e e potlakileng ya go ka sekaseka Molao wa Naga wa Boitekanelo (Molao wa bo 61 wa 2003) mmogo le Molao wa Tlhokomelo ya Boitekanelo jwa Tlhaloganyo (Molao wa bo 17 wa 2002) ka maitlhomo a gore maatla a mangwe a tshwanetse go busediwa kwa go Tona ya Boitekanelo.

Jaaka gale, re lebisa matshediso a rona kwa go ba malapa le ba masika a bao ba tlhokafaletsweng.

Puso e tla tshegetsa malapa ao gore a se jare matsapa ano a le esi. Tonakgolo ya Gauteng mmogo le Tona ya Boitekanelo ba setse ba solofeditse seno.

Tiro e ntsi e setse e dirilwe mo ngwageng yo o fetileng mo go tsenyeng tirisong Leano la Dintlharobongwe mmogo le manaane otlhe a rona. Ditona di tla rebola dipegelo tse di tseneletseng ka ga maanaane ao fa ba rebola Dipuo tsa Thebolo Tekanyetsokabo.

Ditokololo tse di tlotlegang,

Jaanong ke kopa go ka tlhalosa dintlha tse di kwa setlhoeng tsa mo ngwageng o re o lebileng.

Kgololesego ya sepolotiki e le esi ga e a felela fa go sena kgololesego ya ikonomi.

Oliver Tambo o ne a sa inanathe ka kgato eno kwa kopanong ya segopotso sa Mokgatlho wa Makomonisi a Aforika Borwa kwa London ka 1981.

O rile:

“Maitlhomo a kgaratlho ya rona kwa Aforika Borwa, jaaka a tlhagelela mo Lokwalotumelanong lwa Kgololesego, a akaretsa kgololesego ya ikonomi. Ga gona tlhaloganyo gore kgololesego e nne le bokao fa e sena dikungwelo tsa khumo ya naga mo bathong botlhe. “Maitlhomo a kgaratlho ya rona kwa Aforika Borwa, jaaka a tlhagelela mo Lokwalotumelanong lwa Kgololesego, a akaretsa kgololesego ya ikonomi. Ga gona tlhaloganyo gore kgololesego e nne le bokao fa e sena dikungwelo tsa khumo ya naga mo bathong botlhe.

“Go letlelela gore bao ba tshwereng ikonomi mo diatleng tsa bone ga jaana ba tswelele go e huparela ke fa re tla bo re fepa tlhaolele le go ja ntsoma, e bile ga e kae ka gotlhe le fa e le le ka lerothodi la kgololesego.

“Ka jalo go botlhokwa thata gore phenyo e tshwanetse go tlotlomatsa e seng fela temokerasi e e lolameng ya sepolotiki; e bile dikgato tsa rona go leba kwa kgololesegong ya naga di tshwanetse go akaretsa le kgololesego ya ikonomi.”

Re kaya eng fa re bua ka phetolothefosano e e phetang ka pejana ya ikonomi ya loago?

Re kaya diphetogo tse di botlhokwa mo mekgatlhong, dithulaganyong, ditheong le mo dintlheng tsa bengdithoto, botsamaising le mo bolaoding jwa ikonomi go tshwanela maAforika Borwa otlhe, bogolosegolo ao a humanegileng, bao bontsi jwa bone e leng maAforika mmogo le basadi, jaaka go tlholositswe ke lekoko le le busang, leo le tlhamelang puso ya temokerasi dipholisi.

Dingwaga di le 22 mo kgololesegong le mo temokerasing, batho bantsho ba le bantsintsi ba santse ba sa matlafadiwe mo mererong ya ikonomi. Ga ba kgotsofadiwe ke dipoelo tsa ikonomi tseo ba di unngwetsweng ke kgololesego.

Sekgala sa ngwaga le ngwaga se se leng teng magareng ga malapa a a tlhokometsweng ke maAforika le ao a tlhokometsweng ke basweu se santse e le se segolo thata.

Malapa ao a tlhokometsweng ke basweu a unngwelwa ga tlhano go feta ao a tlhokometsweng ke bathobatsho, go ya ka Lefapha la Dipalopalo tsa Aforika Borwa (Stats SA).

Seemo se se mabapi le bengdithoto ba ikonomi le sone se supa sa megolo ya malapa.

Ke fela 10% ya ditlamo di le 100 tse di kwa setlhoeng mo Johannesburg Stock Exchange (JSE) tseo di leng mo diatleng tsa maAforika Borwa a bathobatsho, tseo di atlegileng ka ntlha ya melawana ya go matlafatsa bathobatsho, go ya ka Letlole la Matlafatso la Bosetšhaba (NEF).

Lebelo la phetolothefosano mo mafelotirelong, tsenngotirisong ya dipholisis tsa tolamisokemo jaaka go tlhokagala go ya ka Molao wa Tekatekano mo go Thapeng, 1998 (Molao wa bo 55 wa 1998) le santse le le tsamaya ka iketlo.

Go ya ka tshedimosetso ya 2015/16 e e abetsweng Khomišene ya Tekatekano mo go Thapeng, kemedi ya basweu mo maemong a botsamaisibogolong e eme mo 72% fa ya bathobatsho e le 10%.

Kemedi ya makhalate e eme mo 4.5% fa ya ma Intiya e le mo 8.7%.

Pegelo gape e tlhalosa gore basweu ba maAforika Borwa, bogolosegolo banna, ba neelwa ditšhono tse di kwa godimo tsa go thapiwa, go tlhatlosiwa mo ditirong le go katisiwa fa ba bapisiwa le ba bangwe.

Mo maemong a bong mo maemong a botsamaisibogolo, banna ba tswelela go nna ba bantsi ka 67.6% fa basadi ba le mo 32.4%.

Setlwaedi se se sokameng seno sa bengdithoto le boeteledipele se tshwanetse go baakanngwa. Ga go kitla go nna le tlhokomelo e e lolameng mo ikonoming fa bontsi jwa baagi bo kgaphetswe kwa thoko jaaka go le ka teng ga jaana. Fa ke buisana le badikgwebo, ba dumelana le dintlha tseno tse di botlhokwa tsa phetolothefosano.

Gompieno re simolotse dikgato tse dintšhwa tse di mabapi le phetolothefosano ya phetakapejana ya ikonomi ya loago. Re a re ga re a tshwanela go bua fela ka molomo, mme re tshwanetse go simolola go tsenya manaane tirisong.

Puso e tla nna le seabe mo ikonoming go ka kganna phetolothefosano eo. Mo ntlheng eno, puso e tla diragatsa ka bojotlhe, ditogamaano tseo puso e nang natso.

Tsone di akaretsa ditheomolao, melawana, go ntsha dilaesense, tekanyetsokabo le ditheko go akaretsa le melao ya Tshegetso e e Atolositsweng ya Bantsho mo Ikonoming (BBBEE) go ka fetola megopolo ya makala a poraefete go ka ikamanya le phetolothefosano.

Puso e dirisa R500 bilione ka ngwaga go ka reka ditlhagisiwa le ditirelo. Mo godimo ga yona, ke R900 bilione ya tekanyetsokabo ya mafaratlhatlha. Ditekanyetsokabo tseno di tshwantse go dirisiwa go ka fitlhelela phetolothefosano mo ikonoming.

Go bontsha gore re simolotse, melawana e mentšhwa e e dirang gore ditlamo tsotlhe tse dikgolo di neele dikgwebo tsa bathobatsho 30% ya ditšhono tsa kgwebo e konoseditswe mme e kasetilwe ka la bo 20 Ferikgong.

Ka melawana le manaane a a jaaka ano, puso e tla kgona go ka diragatsa maatla a yona a go reka go matlafatsa dikgwebopotlana, dikgwebopotlana tsa kwa metsemagaeng le tsa kwa makeišeneng, go matlafatsa ditlhotshwana tse di itlhokelang le go tsholetsa tlhabololo ya diintaseteri tsa selegae.

Dikgwetlho di le pedi tse di botlhokwa tse re tobanang le tsona ke palo e ntsi ya bao ba leng mo ikonoming mmogo le bogwenegwene jwa dikhamphani jwa go utlwanela ditlhwatlhwathekiso le borukhutlhi jwa go tlhatlosa ditlhwatlhwa, e leng bao ba ragelang kwa thoko bagwebipotlana le go kgoreletsa bagwebipotlana le beng ba diintaseteri ba bathobatsho.

Bothati jwa Dikgaisano bo dirile tiro e ntle e le ruri go ka supula barukhutlhi jwa go utlwanela ditlhwatlhwathekiso le borukhutlhi jwa go tlhatlosa ditlhwatlhwa ka maitlhomo a go ragela kgotsa go kgoreletsa bagwebipotlana ba bantšhwa mmogo le go ba otlhaela go tshela melao.

Mo ngwageng yo o fetileng ke saenile molawana wa go dira gore barukhutlhi jwa go utlwanela ditlhwatlhwathekiso le borukhutlhi jwa go tlhatlosa ditlhwatlhwa ka maitlhomo a go ragela kgotsa go kgoreletsa bagwebipotlana ba bantšhwa e nne tlolo ya molao mme o tsentswe tirisong ka la bo 1 Motsheganong. O na le katlholelokgolegelong ya dingwaga di le 10.

Jaanong re tokafatsa dikgato tsa go samagana le kgwetlho e nngwe, e leng palo e ntsi ya bao ba leng mo ikonoming, moo ditlhotshwana di leng mmalwa di laolang maraka o mogolo.

Mo ngwageng ono, Lefapha la Tlhabololo ya Ikonomi le tla rebolela Kabinete Molao o o senkang go tokafatsa Molao wa Dikgaisano, 1998 (Molao wa bo 89 wa 1998). Gareng ga tse dingwe, o tla samagana le tlhokego ya go nna le ikonomi e e akaretsang le go fokotsa bontsi jwa bengdithoto le balaodi ba ikonomi jaaka re bona mo makaleng a mantsi. Go tloga foo re tla thaya molao o o tla sekasekiwang ke Palamente.

Mo ntlheng eno re senka go bulela dikgoto tsa ikonomi go batshameki ba bantšhwa, go neela maAforika Borwa a bathobatsho ditšhono mo ikonoming le go kgontsha gore re dire ikonomi gore e nne le batshameki ba ba farologaneng, e nne le dikgaisano e bile e akaretse botlhe. Eno ke ponelopele ya rona fa re bua ka phetolothefosano ya phetakapejana ya ikonomi.

Bakaulengwe,

Puso e na le seabe mo lekaleng la dintlo, mme e setse e abelane ka dintlo di feta dimilione di le nne fa e sale ka 1994.

Lekala leno mo nageng ya rona le na le boleng jo bo balelwang go R7 trilione, ka lekala le le tshegeditsweng ka matlole le balelwa mo boleng jwa R1.5 trilione.

Le fa go le jalo, palo e e ka fa tlase ga 5% ya lekala leno e mo diatleng kgotsa e mo bolaoding jwa bathobatsho, bogolosegolo maAforika. Molaotlhomo wa Batsamais ba Dintlo o tla phasaladiwa ke Lefapha la Bonno jwa Batho gore baagi ba dire ditshwaelo ka maitlhomo a gore go agiwe lekala le le akaretsang e bile le emelang botlhe, go fitlhelela phetolothefosano ya phetakapejana ya ikonomi.

Mo dintlheng tse di leng kwa setlhoeng monongwaga, puso e tla rarabolola ditiego le ditshalelomorago mo go kwadiseng le mo go reboleng makwalobopaki jwa madulo a bajalefa ba diporojeke tsa dintlo tse di tlametsweng ka matlole ke thuso ya ditšhelete.

Bakaulengwe,

Re boeletsa mafoko a rona gore phetolothefosano ya phetakapejana ya ikonomi ga e a tshwanela go kaya fela dikema tsa go rekisa dišere.

Re batla go bona bathobatsho ba nna le seabe mo kgwebong, e le beng ba difeme. Go tlhagisiwa ga Lenaane la Beng ba Diintaseteri ba Bathobatsho ka jalo le botlhokwa thata.

Lenaane leno go tloga kwa tshimologong le tshegeditse bagwebi ba feta ba le 22.

Puso gape e na le ditšhono tse dingwe mo diporojekeng tsa tlhokomelo ya meago tsa Lefapha la Ditiro tsa Puso.

Lefapha le tla beeletsa bokanaka R100 milione monongwaga mo manaaneng a matlole le a tlhokomelo ya meago a a botlhokwa go ka dira gore maemelo a dikepe e nne a segompieno. Go tla tswelelwa go hirisa meago ya puso ya kwa maemelakepeng le kwa mawatleng, e leng eo e tla unngwelang di-SMME tsa bathobatsho.

Puso e tla tswelela gape go sala morago dipholisi tseo maitlhomo a tsona e leng go atolosa seabe sa bathobatsho le sa di-SMME, go akaretsa tseo di tsamaisiwang ke basadi le bašwa, mo lekaleng la Thekenoloji ya Ditlhaeletsano le Tshedimosetso (ICT).

Re solofetsa bašwa gore go fokodiwa ga ditlhwatlhwa tsa data go kwa setlhoeng mo maanong le dipholising tsa rona.

Bakaulengwe,

Meepo go tloga loe e ntse e le seikokotlelo sa ikonomi ya rona e bile ke mogwebisani wa dinaga tsa kwa ntle yo o botlhokwa yo o tlisang dikungwelo.

Re amogetse itharabologelo ya tlhwatlhwa ya dithoto, e leng seo se dirileng gore ditlhagisiwa tsa meepo di rekiwe ka bontsi. Seno se itumedisa intaseteri eno.

Lokwalotshwanelo lwa Moepo le santse le sekasekiwa. Lokwalotshwanelo lono lo senka go amogela ditshwanelo tse di amogetsweng mo maemong a boditšhabatšhaba tsa gore puso nne molaodi wa diminerale tsotlhe tsa peteroleamo mo nageng ya rephaboliki.

Gape lo ikemiseditse go thusa naga go fedisa mekgwa ya go nna beng ba dithoto mo intasetering ya meepo ka mokgwa wa tlhaolele. Seno se tla thusa go dira gore intaseteri eno e nne ya leruri.

Re tshepa gore dipuisano magareng ga puso le badikgwebo mabapi le lokwalotshwanelo di tla tlhagisa dipoelo gore thulaganyo eno e konosediwe.

Re tla tswelela go sala morago ntlha ya puso ya go nnal e seabe mo moepong. Molaotlhomo wa Ditlamo tsa Moepo tsa Aforika Borwa o tla tlhagisiwa kwa Kabineteng le kwa Palamenteng mo tsamaong ya ngwaga.

Molaotlhomo wa Dipaakanyo tsa Tlhabololo ya Metswedi ya Peteroleamo lle Dimenerale o ne wa busediwa kwa Palamenteng gore dinbtlha tse di amanang le thulaganyo ya tshenko naikutlo a setšhaba eo e diragaditsweng ke Dikgotlatheomolao tsa Diporofense di kgone go ka rarabololwa.

Re solofela gore tsotlhe di tla fetisiwa le go busediwa morago gore di tle go konosediwa ntle le go diega gore matshwenyego ao a amanang le go etsaetsega ao a tlhagisitsweng ke ba kgwebo a kgone go rarabololwa.

Puso e tsweletse go dirisana le bannaleseabe ba bangwe mo go lwantsheng ditiragalo tsa meepo eo e seng mo molaong go ka boloka matshelo mmogo le go ka thibela go ntshiweng ka fa nageng ga tshipi e ntle le taemane.

Re tswelela go baya kwa setlhoeng kgatelelo ya ntlha ya boitekanelo le pabalesego ya badiredi ba meepo, e leng se se botlhokwa thata mo go somareleng lekala la meepo. Ka go dirisana le ditlamo tsa meepo re ka netefatsa gore matshelo a babalesegile.

Kotsi e e setlhogo e e diragetseng kwa Moepong wa Lily kwa Mpumalanga go sale gale ka ngwaga wa 2016 ke ya ntlha e e tshwanang e le esi eo re setseng re itemogetse yona fa e sale re iponela temokerasi.

Malapa a bao ba amegileng a mo kutlobotlhokong e e seng kana ka sepe.

Bakaulengwe,

Ga go kitla go kgonagala, mme fa e le gore go tla kgonagala go tla kgonagalela thateng go ka iponela poelano ya mmatota go fitlhelela ntlha ya lefatshe e rarabololwa.

Ke fela dihekethara di le dimilione di le robedi tsa motlhaba o o lemegang tseo di neetsweng bathobatsho, e leng fela 9.8% ya dihekethara di le 82 milione tsa motlhaba o o lemegang.

Go nnile gape le kwelotlase ya 19% mo malapeng a a samaganeng le temothuo go tloga go 2.9 milione ka 2011 go fitlha go malapa a le 2.3 milione ka 2016.

Re setse re simolotse go tsweletsa maitlhomo a rona a go dirisa Molaotlhomo wa Thopo ya Dithoto ke Puso, 1975 (Molao wa bo 63 wa 1975) go ka samagana le pusetso ya dinaga mmogo le kabosešwa ya naga, go ya ka Molaotheo. Jaanong ke tsere tshweetso ya go busetsa Molaotlhomo ono kwa Palamenteng gore o sekasekiwa ka maitlhomo a gore go na le kgonagalo ya gore o ka retelelwa ke go falola botlhogoputswa ba molaotheo. Seno ke ka ntlha ya fa go sa nna le tshenko maikutlo e e kolobetsang sefuba fa o diriwa.

Re tshepa gore Palamente e tla kgona go gata ka bonako mo go obameleng ditlhokwa gore molao ono o kgone go konosediwa gore o simololo go diragatsa phetolothefosano.

Go bulwasešwa ga ditopotuelo tsa mafatshe le gone go santse go emisitswe ka ntlha ya fa Molao wa Dipaakanyo tsa Ditshwanelo tsa Pusetso ya Naga, 2014 (Molao wa bo 15 wa 2014) o tlhalositswe o se mo molaong ke Kgotlatshekelokgolo ya Molaotheo.

Kgotlatshekelo ya Molaotheo e rebotse gore thulaganyo ya tshenko maikutlo a setšhaba eo e tsamaisitsweng ke NCOP mmogo le Dikgotlatheomolao tsa Diporofense tse dingwe, ga di a obamela maemo a mangwe a a beilweng ke Molaotheo.

Fa re gatela pele, puso e tla tswelela go tsenya tirisong manaane a mangwe a a jaaka manaane a Matlafatso ya Ditshwanelo tse di Amanang le Batho ba ba Dirang ka Merero ya Lefatshe, ao a itsegeng gape jaaka manaane a 50-50.

Mo lenaaneng leno, badiredi ba kwa dipolaseng ba imataganya go nna ngatana e le nngwe ya setheo sa molao mme bona mmogo le mong wa polasa, ba tlhama setlamo se sentšhwa mme badiredi mmogo le mong wa polasa e nna beng ba polasa.

Go fitlha ga jaana ke ditshitshinyo di le 13 fela tseo di amogetsweng, mme di unngwetse malaba a baagi ba kwa dipolaseng ba le 921 ka boleng jwa R631 milione. Re rolela hutshe borapolasi mmogo le badiredi ba dipolase ka boitshimololedi jono.

Se se botlhokwa, re ikuela go bao ba tsenyang ditopotuelo go ipatlela naga boemong jwa go duelelwa. Ga jaanong go setse go dirilwe ditopotuelo di feta 90% tseo di dueletsweng ka madi, mme seno se dira gore thulaganyo eno e se nne le mosola. Kgato eno e santse e rotletsa botlhoki jwa dithoto. Gape e nyefola matlafatso ya ikonomi.

Puso e ikanne go tshegetsa balemirui ba bathobatsho bao ba nang le dipolasa tse dinnye.

Ke amogetse memorantamo go tswa kwa Mokgatlhong wa Aforika Borwa wa Balemirui ba maAforika bao ba reng ngwaga wa 2017 e tshwanetse go nna ngwaga wa kgwebisano ya balemirui ba bathobatsho bao ba nang le dipolasa tse dinnye.

Go jalo, puso e tla tsenya tirisong Lenaane la Tshegetso ya Kgwebisano go tshegetsa balemirui ba bathobatsho bao ba nang le dipolasa tse dinnye ba le 450.

Re rotloetsa basadi ba bangwe gape go ka akanya ka go tsenela temothuo. Ke na le moeng yo a itlhophileng gompieno, Molemirui wa Mosadi wa Ngwaga wa 2016, Vanecia Janse go tswa kwa masepaleng wa Koukamma kwa Kapa Botlhaba.

Bakaulengwe,

Balemirui ba rona mo ngwaga yo o fetileng o ne o ba ketefaletse ka ntlha ya komelelo.

Go fitlha ga jaana, palo e le kanaka R2.5 bilione e dirilwe go ka thusa ka go fepa leruo, go tlhoma mafaratlhatlha a metsi, go boriwa ga metsi, go tlamela ka didirisiwa le go ntšhwafadiwa ga metsi a a borilweng, dithekiso tsa kwa difantising le ditsereganyo tse dingwe.

Mo godimo ga seo, Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri (IDC) mmogo le Banka ya Lefatshe e tlhomile tlamelo ya matlole a a kanaka R500 milione go thusa balemirui ba ba leng mo tlalelong gore ba kgone go samagana le dikoloto tsa bona le tshegetso ya madikadimo a ba tla a duelelang ba se ka fa tlase ga kgatelelo ya dinamane.

Bakaulengwe,

Moporesitente Oliver Reginald Tambo e ne e le mofenyi mo ditshwanelong tsa basadi.

Re tla tswelela go baya kwa pele matlafatso ya basadi mo manaaneng otlhe a puso.

Puso e tla tswelela go baya kwa setlhoeng phitlhelelo ya basadi mo ditšhonong tsa ikonomi mme, bogolosegolo, mo tlamelong ka madi le dikoloto mo dikgwebong.

Eno ke yona kgololesego eo bagalegadi ba kgaratlho ba ba jaaka moswi Dora Tamana wa kwa Gugulethu, gone fano mo Motsekapa, a e lwetseng. Ke a leboga gobo morwa wa gagwe a bo a le fano, Mongezi Tamana, jaaka moeng wa rona gompieno.

Bakaulengwe,

Ka Sedimonthole 2015, baithuti ba kwa diyunibesiting ba tlhagisitse matshwenyego a bona mabapi le dithuto tse dikgolwane.

Ba ne ba nepile fa ba tljalosa gore dikoloto tsa bone tse di oketsegang mmogo le dituelelo tsa dithuto tsa bona tse di oketsegang ka lebelo di ketefaletsa bao ba tswang kwa malapeng a a sa itsholelang go le kalo gore ba ka tswelela go ithuta go fitlhela ba konosetsa dithuto tsa bona.

Ke ka ntlha ya seno fa baithuti ba diyunibesiti ba ne ba tlhagisa matsapa a bona a boammaruri mabapi le go kgapelwa kwa ntle kwa diyunibesiting, puso ya rona e e kgathalelang batho e neng ya tsibogela ntlha eno ka tshwanelo ka go rwala maikarabelo a go duelela koketsego ya dituelelo tsa dithuto mo ngwageng wa dithuto wa 2016.

Puso gape e tswaletse dikoloto tsotlhe tsa baithuti ba Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete ya Baithuti (NSFAS) le go dira go tlala seatla ka go thusa palo e e kwa godimo ya baithuti go feta mo malobeng.

Mo nakong ya go tlhagisa Puo ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Kgweditharo (MTBPS) ya 2016, puso ya rona e ne ya tlhagisa dikgato tse dingwe gape tseo maitlhomo a tsona e leng go dira gore thuto e kgolwane e fitlhelesege bonolo mo baithuting ba bangwe bao ba tswang mo malapeng ao batlhokomedi ba bona ba dirang.

Puso e rebotse letlole le le tla netefatsang gore ga go moithuti ope yoo megolo e e kopantsweng ya batlhokomedi ba gagwe e fitlhang go R600 000 ka ngwaga a tla duelelang dikoketsego tsa madi a thuto kwa diyunibesiting le kwa dikholejeng tsa Thuto le Katiso ya Tiro ya Setegeniki (TVET) mo ngwageng wa 2017.

Baithuti botlhe ba ba nang le matshwanedi a go ka iponela NSFAS mme e bile ba amogetswe ke diyunibesiti le dikholeje tsa TVET, ba tla tlamelwa ka matlole. Sekoloto sa baithuti ba diyunibesiti sa NSFAS sa ngwaga wa dithuto wa 2013, 2014 le 2015 se dueletswe. Ka gotlhe, puso e beile sešwa kwa setlhoeng R32 bilione mo mading a puso go ka tshegetsa thuto e kgolwane.

Re netefatsa gore baithuti ba rona ba ba nang le matshwanedi ba kgona go ithuta ntle le poifo ya sekoloto sa ngwaga yo o fetileng gore se tla ba kgoreletsa go ka konosetsa dithuto tsa bona.

Mo dingwageng tse di setseng tsa bobusi jono, dipholisi tsa rona di tla tsibogela ka namana dintlha tse di latelang tseo baithuti ba di tlhagisitseng ba sa okaoke mo tafoleng:

Sa ntlha, baithuti ba tlhagisitse maikutlo a bona gore seelong se se rileng sa NSFAS

R122 000 e kwa tlase thata. Re tla tshwanelwa ke go lebisisa ntlha eno ka maitlhomo a go oketsa seelo mo dikgatong tse go tobanweng le tsona mo pakeng e e tlang.

Sa bobedi, baithuti ba tlhagisitse gore dituelelo ka botlalo kwa diyunibesiting tse dingwe di kwa godimo go feta madi a NSFAS e tlamelang ka one.

Ka ntlha ya seno, baithuti ba ba dirisang NSFAS kwa diyunibesiting tseo di duedisang madi a mantsi ba iphitlhela ba nna le dikoloto. Dithulaganyo tsa rona tseo di simolotsweng ke puso di setse di samagane le seno.

Ditokololo tse di tlotlegang mmogo le maAforika Borwa ka nna, baithuti mmogo le batsadi ba bone ba tshwanetse go tlhaloganya gore tlhokego ya ditirelo tse di jaaka metsi, kgeleloleswe, Thuto ya Bana ya go sa le Gale (ECD) mmogo le dipalangwa tse di siametseng le tsone di tlhoka go tsibogelwa, go tshwana fela le phitlhelelo ya thuto le katiso e kgolwane ya boleng.

Fela maitlhomo a rona a go iponela ditharabololo tsa leruri mo go tlameleng megolo ya loago ka gotlhe, bogolosegolo le mo thutong, ga a fele bogale.

Jaaka dithulaganyo tse re di simolotseng di atumela go ka konosediwa, jaaka ya Khomišene ya Heher, Setlhophatiro sa Ditona se nnile le dipuisano tse di tseneletseng le baithuti, boeteledipele jwa diyunibesiti le ba di-TVET le ditlhopha tsa baagi, re tla batla didirisiwa tse di ka tlhalosang dipholisi tsa rona.

Ke laletsa bannaleseabe botlhe go tsaya karolo mo dithulaganyong tse di tlang gore go se nne le kakanyo epe e e sa tseelwang tlhogong.

Ga go kakanyo epe e e namagadi e e tla tswalelwang kwa ntle ga lesaka. Gang fela fa bontsi jwa sešhaba sa rona se sena go swetsa gore se dire eng, puso ya rona e tla tsaya dikgato go ka bayasešwa kwa setlhoeng didirisiwa tseo di tla tsenngwang tirisong mo dikgatong tsa ntlha.

Tla re buisaneng gore re kgone go samagana le ditlhokwa tse di tlhokegang ka bonako mme re kgaoganye didirisiwa tsa rona ka tshwanelo. Tla re ikanyegeng mme re kgone go gatela pele re le ngatana e le esi.

Bakaulengwe,

Ntwa kgatlhanong le bosenyi ke ntlha e e kwa setlhoeng. Mapodisi a tla iponagatsa, e le go agelela mo dikgatong tse di atlegileng tsa go phasaladiwa tseo di dirisitsweng mo Matsholong a Pabalesego mo Pakeng ya Dikeresemose.

Ba tla dirisa gape le bokgoni jo bo itlhophileng, jo bo jaaka ditlhotshwana tsa tirisomaano a tsibogelo ya bosenyi mmogo le diyuniti tsa tsereganyo tsa naga, go ka thusa go rarabolola bosenyi mo mafelong ao a renang ka bosenyi.

Re amogetse molaetsa go tswa kwa Soshanguve mo bekeng e e fetileng gore bosenyi bo ineile maatla kwa Block L le gore go utswiwa ga dijanaga le go thubelwa go tswile mo taolong. Ke baagi ba ba jaaka bano ba ba tshwanetseng go nna le tirisanommogo e e lolameng le mapodisi go netefatsa gore magodu ga a tlhasele baagi.

Dikgato tse dingwe tsa go lwantsha bosenyi mo nageng di tla akaretsa go tlhomiwa ga diyuniti tse di itlhophileng, tseo di tla tsepamisang mogopolo mo bosenying jo bo amanang le diritibatsi, dintwa tsa boradithekisi le le dithunya mmogo le tiriso e e tlhabolotsweng ya dithuso tsa dipatlisiso tse di jaaka metswedi ya bopaki jwa diforensiki.

Mapodisi gape a tla tokafatsa tiriso ya sefalanatshedimoso sa DNA mo go supeng babelaelwa.

Re ikuela mo baaging go ka dirisana le mapodisi go netefatsa fa re nna le ditšhaba tse di bolokesegileng.

Bakaulengwe,

Re amogetse kwelotlase ya ditiragalo tsa go bolawa ga ditshukudu go tloga ka Diphalane 2015, e leng lekgetlho lwantlha seno se diragala mo dingwageng di le lesome. Seno se diragatse ka ntlha ya tirisanommogo e e gagametseng ya ditheo tsa kgakgamatso ya molao.

Bakaulengwe,

E nngwe ya ditogamaano tsa go lwantsha bosenyi ke go netefatsa gore bao ba gololwang kwa dikgolegelong ga ba dire bosenyi gape.

Lefapha la Ditirelo tsa Kgopololo le tswelela go dira ka natla go dira gore dikgolegelo e nne ditikwatikwe tsa kgopololo ka go abelana ka ditirelo tse di farologaneng. Ka ntlha ya seo, maemo a kobamelomelao le a parola a tokafetse go fitlhelela maduo a ntlha mo hisetoring a 98%.

Naga gape e nnile le kgatelopele e e itumedisang mo go fokotseng palo ya bana ba ba golegweng kwa ditikwatikweng tsa kgopololo.

Bakaulengwe,

Thotloetso ya go fitlhelela bosiamisi e neilwe bokao bo bongwe gape mo ngwageng yo o fetileng fa Kgaolo ya Kgotlatshekelokgolo ya Limpopo e ne e bulwa ka Ngwanaitseele.

Kgotlatshekelokgolo ya Mpumalanga e tla konosediwa mo ngwageng ono wa matlole. Go tsenngwatirisong ga dikgotlatshekelo tseno ka bobedi go raya gore jaanong re fitlheletse maikaelelo a kgotlatshekelokgolo mo porofenseng e nngwe le e nngwe mo nageng.

Bakaulengwe,

Ntwa kgatlhanong le bobodu e tsweletse. Ka fa Bothating jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NPA), Yuniti ya Thopo ya Dithoto e konoseditse dikgetse di le 389 tsa thopo ya dithoto tsa boleng jwa R349 milione.

Ba iponetse ditetlelelo tsa kgotlatshekelo di le 326 tsa go ka tswalela diakhanto tsa dibanka tsa bao ba belaelwang ba dira bogwenegwene tsa boleng jwa R779 milione.

Palogotlhe ya R13 milione e bonwe mo dikgetseng tseo batlhankedipuso ba neng ba amega mo bobodung le mo ditlolomolaong tse dingwe mo ngwageng yo o fetileng.

Bakaulengwe,

Oliver Tambo o tlhagisitse moano wa go tlhama pholisi ya naga ya dikamano tsa le dinaga tsa kwa ntle ka 1977 fa a ne a bua kwa Kgothakgotheng ya ntlha ya mokgatlho o o busang wa Angola MPLA fa a re:

“Re ipatlela go tshela ka kagiso le baagisani ba rona mmogo le batho mo lefatsheng ka maitlhomo a tekatekano, go tlotlana ka go lekalekana mmogo le ka ditšhono tse di lekalekanang”.

Aforika Borwa e motlotlo gobo e le monnasetulo wa Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) go simolola ka Phatwe 2017. Re tla dirisa maemo a rona go potlakisa tsenngotirisong ya Togamaano ya Diintaseteri ya SADC.

Re potlakisa lenaneo la go kopanotshwaraganelo ka go tsenya tirisong SADC-COMESA e leng Lefelo la Kgwebisano ya Mahala mo Ditšhabeng tsa Botlhaba jwa Aforika.

Re tla tswelela ka go nna le seabe ga rona mo ditsereganyong tsa rona, mo dithulaganyong tsa go dira kagiso, mmogo le mo matsholong a go tlisa kagiso kwa Lesotho, Democratic Republic of Congo, Burundi, Mozambique, South Sudan, Somalia le kwa Libya. Sesole sa Tshireletso ya Naga ya Aforika Borwa (SANDF) se emela naga sentle mo matsholong a go tlisa kagiso.

Mo godimo ga foo, kgwebisano le balekane ba rona ba ka metlha kwa bophirima e tswelela go nna le seabe se segolo mo ikonoming ya rona.

Re tla tswelela go nna balekane le Amerika le go dirisana mmogo mo dintlheng tsa dikgatlhegelo tse di tshwanang tse di jaaka ntšwafatso ya Molao wa Ditšhono tsa Kgolo ya Ikonomi ya Aforika (AGOA).

Re tseela kwa godimo dikamano tsa rona le tsa China. China ke e nngwe ya dinaga tsa balekane ba ditogamaano ba ba botlhokwa tota. Re itse China e le 'puso ka nosi e bile e le bothati jo bo emetseng china yo yotlhe'.

Aforika Borwa ka jalo e gagamatsa seemo sa yona mmogo le maitlhomo a yona a 'Go Dirisana le Naga ya China jaaka Moemedi wa Dinaga tsa China' mme e tsaya Taiwan jaakaka kgaolo e e botlhokwa eo e leng karolo ya China.

Mo maemong a botsalano jwa dikontinente, Togamaano ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika-Yuropa (EU) e tswelela go nna letlhomeso le le botlhokwa la pakatelele mabapi le tirisanommogo e e tswelela.

Tumelano ya Botsalano mo go tsa Ikonomi mabapi le EU e simolotse go tsenngwatirisong ka Lwetse 2016, mme seo se tla neela mebaraka e mentšhwa ditšhono tsa ditlhagisiwa tsa Aforika Borwa.

Ditlhagisiwa tse di batlileng go ka atumela go tsotlhe tsa Aforika Borwa, palo e ka nna 99% e tla beelwa kwa godimo mo mebarakeng ya EU.

Palo e ka nna 96% ya ditlhagisiwa di tla tsena mo mebarakeng ya EU ntle le go obamela dituediso tsa lekgeto la dithoto kgotsa dikganetso tse di ikaegileng ka bontsi jwa ditlhagisiwa.

Tumelano ya Bogwebisani jo bo Amogelesegang jwa Mokgatlhotshwaraganelo wa Mercosur wa Lekgetho la Dithoto la Aforika Borwa le yona e tsentse tirisong, ka go abela bao e ba ratang phitlhelelo ya go nna le megala ya dituediso. Seno ke tumelano e e rotloetsang kgwebisano ya dinaga tsa kwa Borwa le tsa kwa Borwa.

Tirisano mmogo ya botsalano jwa rona le dinaga tse dingwe e tlhagisa maungo. Banka e Ntšhwa ya Tlhabololo ya BRICS e tlhagisitse kgatelopele e e rotloetsang.

Re amogela tshwetso ya Ditlhogo Dinaga tsa tsa Mebuso ya BRICS ya go tlhama Setheo sa Maemo a Ikonomi gore re kgone go thusana mo go sekasekeng mmila wa naga ya rona wa ikonomi.

Re amogetse gape le ditumelano tse re di utlwanetseng le balekane ba rona ba BRICS mo lephateng la temothuo. Re tla tsenyatirisong ditumelano tsa tshimologo mo go romeleng kwa dinageng tsa kwantle dinawa tsa pulse, dimango, le nama ya kolobe kwa India.

Re tla romela gape le ditone di le 20 000 tsa nama ya kgomo kwa China ka ngwaga sebaka sa dingwaga di le 10.

Re tla tswelela go sala morago phetogothefosano ya thulaganyo ya boditšhabatšhaba go nne tsamaiso ya ga jaana e thatafatsaa bokgoni jwa dinaga tse di tlhabologang gore di nne le seabe le go unngwelwa ka tshwanelo.

Monongwaga o tshwaya segopotso sa bo 50 fa e sale Palestina e tlhaselwa ke Israele.

Katoloso ya melelwane ya Israele ke go nyatsa matsapa a lefatshe ka bophara ao maitlhomo e leng go ka bona ditharabololo tsa dinaga tseno di le pedi mmogo le tumelano ya Oslo. Re lakatsa go ka gatelela tshegetso ya rona tebang le seo Palestina e se lwelang.

Go le jalo, re solofela gore go akarediwa sešwa ga Morocco mo Mokgatlhotshwaraganelong wa Aforika go tshwanetswe go diragadiwa jaaka tsereganyo ya go rarabolola matsapa a kwa Bophirima jwa Sahara.

Nte ke tlaleletse ka gore Aforika Borwa e tla dirisa Letsatsi la Sesole se se Tlhometseng ka la bo 21 Tlhakole 2017 go Keteka Ngwagakgolo wa Masetlapelo fa e sale Sekepe sa SS Mendi se Nwetse, mme sa bolaya masole a le 646 ka ngwaga wa 1917.

Bakaulengwe,

Molaotheo o naya ditshwanelo le seriti se se lekalekanang go maAforika Borwa otlhe. Dinagakopano di tshwaile la bo 13 Seetebosigo jaaka Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Ditemoso ka Batho ba ba nang le Boalbino. Re tshwanetse go dirisa letsatsi leno go lemosa batho le go fedisa tlhaolele kgotsa kutlwisobotlhoko eo bakaulengwe bano bao ba nang le boalbino ba tshwerweng ka yona mo mafelong a mangwe.

Re gatelela gape le gore batho ba ba nang le boalbino le bona ke batho jaaka nna le wena. Go ba bogisa go tshwanetswe go fedisiwa. Maaka a go buiwang ka batho ba ba nang le boalbino le one a tshwanetswe go fedisiwa.

Ke motlotlo go ka lo itsise Mme Nomasonto Mazibuko, Molaodikhutduthamaga wa Mokgatlho wa Batho ba ba nang le Boalbino wa Aforika Borwa, yo e leng yo mongwe wa baeng ba me ba ba itlhophileng.

Mokgatlho wa metshameko ka maswabi o latlhegetswe ke yo mongwe wa ditokololo tsa yona, Joost van der Westhuizen go sa le gale mo bekeng eno. Intaseteri ya mmino yona e latlhegetswe ke seopedi sa mmino wa sedumedi, Sifiso Ncwane le Lundi Tyamara, mmogo le seopedi sa maskandi, Nganeziyamfisa.

Re romela matshediso a rona kwa dinaleding tseno tsa setšhaba tseo di nnileng le seabe mo motshamekong le mo botsweretshing jwa naga.

Bakaulengwe,

Tla re tshwaraganeng mo go kkganneng phetolothefosano ya phetakapejana ya ikonomi go ka tswela naga ya rona molemo.

Ka mafoko a Moporesitente Tambo;

“Fa re dirisana mmogo jaaka maAforika Borwa, re na le matla a go ka fetola naga eno go ka nna lefatshe la mašwi le dinotshe go botlhe, moo megopolo e e roromisang mmele ya tlhaolele e tla nnang fela tlhase ya segopotso sa koo re tswang.”

Ke lebogetse tšhono eno ka diatla tsoopedi.

Share this page

Similar categories to explore