Ntšhwafatsa laesense ya gago ya TV

O ka ntšhwafatsa laesense ya gago ya TV mo inthaneteng, kwa Kantorong ya Poso e e gaufi nao gongwe kwa dikantorong dingwe le dingwe tsa kgaolo tsa SABC le kwa mafelong a tuelo. Laesense ya TV e ntšhwafadiwa gangwe ngwaga mongwe le mongwe. Ditheo, go akaretsa le dikgwebo, di tlhoka laesense ya TV ya thelebišene nngwe le nngwe e di nang nayo. Magae a tlhoka laesense e le nngwe fela ya dithelebišene tsotlhe tse di mo ntlong, fa fela e le tsa motho a le nosi.

Matlha a go ntšhwafatsa a anamisiwa le dikgwedi di le 12. Kgwedi ya go ntšhwafatsa e laolwa ke tlhaka ya ntlha ya sefane sa gago gongwe, go seng jalo, ke kgwedi e o rekileng thelebišene ya gago ka yona.

Bona tshedimosetso ka botlalo tebang le go ntšhwafatsa laesense ya thelebišene go tswa kwa Tirelokgasong ya Aforika Borwa (SABC) gongwe ikgolaganye le SABC kwa 011 330 9555.

E-mail: tvlic.info@sabc.co.za 

 

Share this page