Phimolo ya laesense ya thelebišene

Fa e le gore o rekisitse, o latlhile kgotsa o utsweditswe thelebišene ya gago ga go tlhokege gore o dirise lekwalotetla la gago la thelebišene.

O tshwanetse go tsibosa ba Koporasi ya Botshameka Ditshwantsho ya Aforika Borwa (SABC) ka seemo sa gago se se fetogileng ka go ba kwalela mo foromong ya lokwalong lwa netefaletsong la bone leo o ka le fitlhelang kwa dikantorong tse di gaufi le wena tsa SABC kgotsa ka go tsenya polelwana e e maleba kwa Mokhomišenareng mongwe le mongwe wa Boikanyiso.

Bona dintlha ka botlalo mabapi le lekwalotetla la thelebišene kwa Koporasing ya Botshameka Ditshwantsho ya Aforika Borwa (SABC) kgotsa letsetsa SABC mo go 011 330 9555.

 

Share this page