Netefaletso Semolao (tlhomamiso) ya dikwalo tsa semmuso

Fa dikwalo tsa gago di tswa mo Aforika Borwa mme di tla dirisiwa kwa nageng e nngwe, di tshwanetse gore pele di "tlhomamisiwe" kgotsa "di netefaletswe semolao." Seno ke tsamaiso e mo go yona go bewang ditempe di le mmalwa mo dikwalong gore di amogelwe jaaka dikwalo tse di mo molaong kwa dinageng tse dingwe.

Karolo ya Molao kwa Lefapheng la Dikamano le Tirisano ya Boditšhatšhaba e ka rebola Setifikeiti se se maleba sa Bopaki kgotsa Setifikeiti sa Tlhomamiso go lebeletswe melawana e e latelang:

  • Dikwalo di sa ntse di dira.
  • O tshwanetse go itsese Karolo ya Molao gore dikwalo di ya go dirisiwa kwa nageng e fe go letla karolo go swetsa gore a go tlhokega Setifikeiti sa Bopaki kgotsa sa Tlhomamiso.
  • Go ya ka mofuta wa makwalo, o ka tlhoka pele gore makwalo a tempiwe/saeniwe ke lefapha gongwe setheo se se maleba; ke Magiseterata, Magiseterata wa tlaleletso gongwe Mothusa Magiseterata; gongwe Mokwadisi gongwe Motlatsa Mokwadisi wa Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa pele ga Karolo ya Molao e ka rebola Setifikeiti sa Bopaki kgotsa sa Tlhomamiso se se maleba.

Makwalo a a latelang ga a amogelesege:

  • Makwalo a a khutshwafaditsweng gongwe dikgatiso tsa khomphiuthara.
  • Dikhophi tse di tlhomamisitsweng tsa ditifikeiti tsa matsalo, loso gongwe tetla ya sepodisi.
  • Dikhopi tse di tlhomamisitsweng tsa Seemo sa Nyalo (go se kgoreletsego epe) gongwe Bosupi jwa Boagi.
  • Dikhopi tse di tlhomamisitsweng tsa makwalo a mosepele gongwe makwaloitshupo.
  • Makwalo a a dirilweng go nna a molao ke Mokomišinara wa Maikano gore e nne a boammaaruri, a ka se ke a amogelwa mme a tshwanetse go isiwa kwa go Raditlamano wa Setšhaba (ramolao yo o kwadisitsweng kwa Kgotlatshekelokgolo).

Buisa go le gontsi ka ga go dirwa mo molaong ga makwalo a semmuso, golagana le Karolo ya Molao kwa nomorong ya mogala ya 012 351 1726 gongwe romela imeile kwa go legalisation@dirco.gov.za.

 

Share this page