Laesense ya thelebiseene

Fa o na le thelebišene, o tshwanetse go nna le lekwalotetla le le mo molaong, le le dueletsweng la thelebišene ka dinako tsotlhe. O ka dira kopo ya lekwalotetla la thelebišene kwa Kantorong ya Poso e e gaufi le wena kgotsa kwa morekising yo a letleletsweng go abelana ka makwalotetla a mašwa a thelebišene. Fa e le lantlha o tsaya lekwalotetla la thelebišene, o tshwanetse go duela tuelo yotlhe ya ngwaga ka botlalo.

Bona dintlha ka botlalo mabapi le lekwalotetla la thelebišene kwa Koporasing ya Botshameka Ditshwantsho ya Aforika Borwa (SABC) kgotsa letsetsa SABC mo go 011 330 9555.

 

Share this page