Tshegetso go wa losika ka loso lwa kwa dinageng disele

Lefapha la Dikamano le Tirisano ya Boditšhatšhaba ka tirisanommogo le matlo a sedipolomate kgotsa matloboemedi a lona kwa moseja, le tlamela balosika ka thuso ya didiriswa le kgakololo fa moAforika Borwa a tlhokafaletse kwa ntle ga naga.

Thuso e akaretsa go:

  • bona tetla ya go tlisa setopo gae go tswa kwa Lefapheng la Boitekanelo
  • thusa ditokololo tsa lelapa go golagana le boraditirelo tsa poloko ba ba ikanyegang kwa nageng eo loso lo diragaletseng kwa go yona
  • bona dikhoutu tsa go rwala setopo le/gongwe go se fisa le/gongwe phitlho ya selegae, fa balosika ba kopa
  • tlamela ka tshedimosetso ya seemo sa selegae le dithulaganyo tse di amang moswi. Go tshwanetse ga tlhaloganngwa gore tsela e motho a tlhokafalang ka yone e ka ama ka moo bothati jwa selegae bo samaganang le kgetse ka gone.

Fa moswi a ne a na le inšorense ya mosepele, ikgolaganye le inšorense pele go itse gore a moswi o sireleditswe malebana le loso. Puso ya Aforika Borwa ga e tlamele ka thuso epe ya tšhelete malebana le loso la maAforika Borwa a a kwa ntle ga naga.

Buisa go le gontsi malebana le thuso e go tlamelwang ka yona fa moAforika Borwa a tlhokafalela kwa ntle ga naga. Gape o ka golagana le moemedi wa Aforika Borwa kwa ntle ga naga gongwe Lefapha la Boitekanelo kwa nomorong ya mogala ya 012 395 8000.

 

Share this page