Kopo ya paseporoto ya bojanala

O tlhoka paseporoto fa o batla go etela kwa moseja.

Paseporoto ke lekwalo le le ntshiwang ke lefapha la bosetšhaba mabapi le maeto a boditšhabatšhaba mme le tlhomamisa boitshupo le boagi jwa moetshodi.

O tshwanetse go nna le lekwaloitshupo la Aforika Borwa go dira kopo ya paseporoto, gongwe fa o le ngwana, setifikeiti sa botsalo.

Fa o le mo leetong la tirelo ya puso, o ka dira kopo ya paseporoto ya botlhankedi. Badipolomate ba bona paseporoto ya sedipolomate.

Bona tshedimosetso ka botlalo ka ga dipaseporoto kgotsa makwalo a mosepele kgotsa golagana le Lefapha la Merero ya Selegae.

 

Share this page