Ditirelo tsa ntloboemedi

Lefapha la Dikamano le Tirisano ya Boditšhatšhaba le tlamela maAforika Borwa a a dirang, a nna, a tsaya maeto le go ithuta kwa ntle ga naga ka ditirelo tsa ntloboemedi.

Go ya ka tirelo e o e tlhokang, go ka kopiwa mokgwa o o amogelesegang wa boitshupo. Fa go na le pelaelo mme go kgonega, potsiso ka mogala kwa tshimologong e ka boloka nako mo nakong e e tlang. Ditirelo tsa ntloboemedi ga di duelelwe ntle fa go kailwe ka tsela nngwe.

Ditirelo di ka akaretsa thuso mo mabakeng a tshoganyetso, a thuso ya semolao gongwe a thuso ya go busediwa makwalo a mosepele a a latlhegileng gongwe a a utswitswe.

Go bona thuso fa o le kwa ntle ga naga, ikgolaganye le kantoro ya moemedi wa Aforika Borwa e e gaufi nao kgotsa Bokaedibogolo: Ditirelo tsa Ntloboemedi kwa Pretoria.

 

Share this page