Kopa tumelelo ya kgwebo ya dikoloi le nomoro ya kgwebo

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga tumelelo ya kgwebo ya dikoloi le nomoro ya kgwebo

Go kgweetsa sejanaga se se sa kwadisiwang mo tseleng ya botlhe mo Aforika Borwa, o tshwanetse pele go tsenya kopo ya tetla le nomoro ya kgwebo ya sejanaga.

Nomoro ya kgwebo ya sejanaga e dirisiwa ke badiri ba ba kwadisitsweng, baagi kgotsa baromelateng, borakonteraka ba dipalangwa tsa dijanaga, barekisi ba dijanaga kgotsa ditheo tse di abelang matlole mo thekong ya dijanaga go dirisa sejanaga se se sa kwadisiwang kgotsa se se direlwang laesense mo tseleng ya botlhe mo tsamaong/mokgweng wa kgwebo ya bona. Ditiro tsa go nna jalo di akaretsa:

  • go rekisa sejanaga
  • go refosanya sejanaga,
  • go baakanya sejanaga, kgotsa
  • go dira patlisiso ya sejanaga go badirelwa.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Ya kwa bothating jo bo gaufi jwa kwadiso o tshwere tse di latelang:
    • khopi ya gago ya lekwaloitshupo (ID) kgotsa lekwalo la moemedi fa o emetse setlamo
    • setifikeiti sa kwadiso ya kgwebo fa e le gore o emetse setlamo 
    • ledi le le beilweng.
  2. Tlatsa foromo ya MTN 1 kwa bothating jwa gago jwa selegae jwa kwadiso.
  3. Kaya gore ke goreng o tlhoka dinomoro tsa kgwebo le palo ya dinomoro tsa kgwebo tse o di tlhokang.

Nako ya tiragatso

Kopo e sekasekwa ka lona letsatsi leo.

Tuelo ke bokae

Ikgokaganye le kantoro ya gago ya dilaesense go itse ka ga dituelo.

Diforomo tse di tladiwang

Foromo MTN1 (Kopo ya Nomoro ya Kgwebo  ya Dirori)

Diforomo di bonwa kwa bothating jwa kwadiso (registering authority) kgotsa o ka di sitlhotlholola mo go eNaTIS website.

O ka golagana le mang

 

 

Contact the registration authority service centre at your local municipality

Share this page