Kopo ya go ikwadisa jaaka molaedi wa bokgweetsi

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga ikwadisa jaaka moruta go kgweetsa

Go nna moruta go kgweetsa yo o itsegeng semolao mo Aforika Borwa, o tshwanetse go ikwadisa le lefapha la porofense la dipalangwa. Baruta go kgweetsa ba tlhoka go nna le setifikeiti se se tlhalosang kereite kgotsa setlhopha sa sejanaga se ba nang le dithutego tsa go ruta baithuta go se kgweetsa.

Baruta go kgweetsa ba beilwe ka dikereite jaana:

  • Kereite A – moruta go kgweetsa yo o kgona go katisa motho go bona laesense ya go kgweetsa ya khoutu nngwe le nngwe mme moruta go kgweetsa wa go nna jalo o tshwanetse go nna le laesense ya go kgweetsa ya khoutu EC mo go kgweetsa sejanaga se se tlhokang go tsenngwa ganngwe le gape mo kereng go se kgweetsa mmogo le laesense ya go kgweetsa ya khoutu A;
  • Kereite B – moruta go kgweetsa o kgona go katisa motho go bona laesense ya go kgweetsa ya khoutu B, C1, C, EB, EC1 le EC, mme moruta go kgweetsa wa go nna jalo o na le laesense ya go kgweetsa ya khoutu EC ya go kgweetsa sejanaga se se tlhokang go tsenngwa ganngwe le gape mo kereng go se kgweetsa;
  • Kereite C – moruta go kgweetsa o kgona go katisa motho go bona laesense ya go kgweetsa ya khoutu A1, A le B, mme moruta go kgweetsa wa go nna jalo a na le laesense ya go kgweetsa ya khoutu EB ya go kgweetsa sejanaga se se tlhokang go tsenngwa ganngwe le gape mo kereng go se kgweetsa mmogo le laesense ya go kgweetsa ya khoutu A;
  • Kereite D – moruta go kgweetsa o kgona go katisa motho go bona laesense ya go kgweetsa ya khoutu B, mme moruta go kgweetsa wa go nna jalo a na le laesense ya go kgweetsa ya khoutu EB ya go kgweetsa sejanaga se se tlhokang go tsenngwa ganngwe le gape mo kereng go se kgweetsa; kgotsa
  • Kereite L – moruta go kgweetsa o kgona go katisa motho go bona laesense ya go ithutela go kgweetsa ya khoutu nngwe le nngwe fela.

O tla dira fela ka setlhopha sa dijanaga tse o filweng laesense ya tsona. Setifikeiti sa moruta go kgweetsa se tlhomame mo ngwageng o le mongwe fela.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Ikele kwa lefelong la tlhatlhobo ya go kgweetsa le le gaufi o tshotse foromo ya setifikeiti sa gago sa kalafi go dira peelano ya letlha la teko.
  2. Tlatsa foromo ya Kopo ya kwadiso jaaka moruta go kgweetsa.
  3. O tla romelwa kwa seteišeneng sa mapodise go bona setifikeiti sa kgololo.
  4. Ka letlha le o le filweng la teko, o tla kwala teko. Fa o falola, o tshwanetse go duela tlhwatlhwatuelo e e beilweng.
  5. Lefelo la tlhatlhobo le tla romela kopo ya gago kwa Komiting ya Mokhuduthamaga ya porofense go bona tumelelo kgotsa kganetso. Fa e dumeletswe, lefelo la tlhatlhobo le tla rebola lekwalotetla.

Nako ya tiragatso

Lekwalotetla le ka siama mo dibekeng di le thataro go ya go di le robedi.

Tuelo ke bokae

Ikgolaganye le kantoro ya gago ya selegae e e rebolang makwalotetla go bona tlhwatlhwa.

Diforomo tse di tladiwang

  • Kopo ya ikwadiso jaaka moruta go kgweetsa (RI)
  • Setifikeiti sa kalafi  (MC)

Diforomo di teng kwa mafelong a tlhatlhobo ya go kgweetsa mangwe le mangwe kgotsa mo webosaeteng ya eNaTIS.

O ka golagana le mang

 

Contact the licensing office at your local municipality

Share this page