Kopo ya go kwadisa seteišene sa go tlhatlhoba dinajaga

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go kwadisa seteišene sa teko ya dikoloi (VTS)

VTS ke senthara e e dirang diteko mo dikoloing go bona gore di siametse go dirisiwa mo ditseleng tsa setšhaba tsa Aforikaborwa. Fa koloi e falotse teko, o tla newa setifikeiti se se supang gore koloi e siametse tsela.

Go kwadisa seteišene sa teko ya dikoli (VTS), o tshwanetse go kwala afitafiti kgotsa tlhomamiso e e tlhalosang mabaka a kwadiso mme o e neele MEC.

Afitafiti kgotsa tlhomamiso e e tladitsweng e tshwanetse go nna le:

  • Dintlha tsa mongwe le mongwe, kgotsa ditokololo kgotsa bakaedi ba motho molaong mongwe le mongwe yo seteišene seo sa teko se tla kwadisiwang mo leineng la gagwe fa go diragala gore kopo eo e rebolwe; 
  • Lefelo le le tshitshintsweng la seteišene sa teko;
  • Kereiti ya e e tla dirang mo seteišeng sa teko (seteišene sa teko sa Kereiti ya A se dumeletswe go tlhatlhoba le go dira teko mo setlhopheng sengwe le sengwe sa dikoloi gore di siametse tsela, seteišene sa teko sa Kereiti ya B se dumeletswe go tlhatlhoba le go dira diteko mo setlhopheng sengwe le sengwe sa dikoloi go sa akarediwa dibese, ditekese kgotsa koloi e e fetang 3500kg); le
  • dilo tsotlhe tse di maleba tse di ka tsewang tsia tsa tshiamo ya kopo eo, tse di kwadilweng mo tumalanong e e dirilweeng gareng ga MEC le mong wa seteišene sa teko ya dikoloi jaaka go tshitshintswe mo Mametlelelo 3 ya Molao wa Bosetšhaba wa Pharakano ya Mebila.

Fa e setse e amogetswe, MEC o tla akanya kopo ya gago.

Fa kopo ya gago e rebotswe, o tshwanetse go fitlhelela tse di latelang:

  • VTS ya gago e tshwanetse go obamela palotlase ya ditlhokego tsa diteišene tsa teko ya dikoloi jaaka di tlhagisitswe mo Mametlelelo 4 ya Molao No.93 wa Bosetšhaba wa Pharakano ya Mebila wa 1996 
  • Bokgoni jwa go dira teko le go tlhatlhoba koloi go ya ka”Go dira diteko le ditlhatlhobo tsa dikoloi” jaaka go tlhagisitswe mo SANS 10047

Go tlhatlhoba le go dira diteko tsa koloi kwa seteišeneng sa dikoloi jaaka go tlhokega mo khoutung ya tiro ya SABS 047 “go dira diteko tsa dikoloi go bona gore di siametse tsela”.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Ya kwa tsamaisong ya gago ya porofense  
  2. Tlasa foromo ya TS1.
  3. Neelana ka tse di latelang:
    • Tokomane ya tlhomamiso
    • Dintlha tsa ditokololo kgotsa bakaedi
    • Lefelo le seteišene le leng mo go lone
    • Kereitii ya seteišene
    • Lokwaloitshupo la gago (ID).
  4. Duela tuelo e e beilweng.

Tlhokomela: O tla tlhokwa go neelana ka ditokomane jaaka go tlhokwa ke MEC.

Nako ya tiragatso

Go ka tsaya dikgwedi di le thataro go tsweletsa kopo ya gago.

Tuelo ke bokae

Golagana le ofisi ya gago ya selegae ya dilaesense go bona tlhotlhwa.

Diforomo tse di tladiwang

Kopo le kitsiso tsa kwadiso ya seteišene sa diteko, TS1 (Application and notice in respect of registration as testing station, TS1)

O ka golagana le mang

 

Contact  your local municipality

Share this page