Kopo ya go tlhabolola kgotsa go khansela setifikeite sa boikwadiso sa legae la batsofe

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go tswala setheo sa legae la batsofe

A o rata go tswala setheo sa legae la batsofe le go phimola setifikeiti sa gago sa kwadiso? O tshwanetse go itsise Lefapha la Tlhabololo ya Loago le batsofe mo matsatsing a le 90 a maikaelelo a gago go tshwala lefelo leo.

Legae le le tshwanetse go netefatsa gore batsofe ba elediwa ka tshwanelo pele lefelo la bonno le tswalwa.

O tshwanetse go batla bonno jo bo tshwanetseng batsofe kwa lefelong le lengwe la batsofe le le kwadisitsweng mme o busetse setifikeiti sa kwadiso kwa kantorong e e gaufi nao ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.

Se o tshwanetseng go se dira

  • Tlatsa foromo 12 kwa kantorong e e gaufi ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.
  • Morago ga go isa kopo ya gago o tla newa foromo ya kamogelo (foromo 13) jaaka bopaki jwa kopo ya gago.
  • Lefapha le tshwanetse go sekaseka lefelo la bonno le o le tlhophileng le batsofe ba tla isiwang kwa go lona.
  • O tshwanetse go isa pegelo go Lefapha e e tlhagisang dikgato le maiteko a o a tsereng go batlela batsofe lefelobonno le lengwe.

Nako ya tiragatso

Ga go na boemo jwa tirelo.

Tuelo ke bokae

Ga go duelwe.

Diforomo tse di tladiwang

Diforomo tsa kopo di bonwa kwa kantorong e e gaufi ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.

  • Foromo 12: Kitsiso ya maikaelelo a go tswala lefelo la legae la batsofe
  • Foromo 13: Foromo ya kamogelo

O ka golagana le mang

 

Share this page