Madi a loago a tlhokomelo ya bana

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga madi a loago a tlhokomelo ya bana

Fa o humanegile, o ka bona madi a loago go go thusa go godisa ngwana yo o mo tlhokometseng.

O itse jang gore o na le tumelelo?

O tshwanetse:

  • Go nna motlhokomedi wa konokono wa ngwana (sk. go bo o le motsadi, nkoko kgotsa ntatemogolo kgotsa o le ngwana yo o fetileng dingwaga di le 16 e le ena a tlhokometseng lelapa). Ela tlhoko: Fa o se motsadi wa ngwana, o tshwanetse go neelana ka bopaki ka go dira afidafiti kwa sepodising, pegelo ya modirediloago, afidafiti e e kwadilweng ke batsadi ba ba tsetseng ngwana kgotsa lekwalo go tswa kwa mogokgong wa sekolo se ngwana a se tsenang.
  • O nne moagi wa Aforika Borwa kgotsa o le moagi wa leruri.
  • O sa amogele go feta R52 800 ka ngwaga fa o sena molekane. Fa o nyetswe, lotseno lwa lona le tlhakane ga le a tshwanela go nna kwa godimo ga R105 600 ka ngwaga.

Ngwana o tshwanetse:

  • Go bo a le ka fa tlase ga dingwaga di le 18
  • A sa tlhokomelwe kwa setheong sa puso
  • A nna le motlhokomedi wa konokono yoo a sa duelelweng go tlhokomela ngwana.

Modirakopo gammogo le ngwana ba tshwanetse ba bo ba nna mo Afroika Borwa.

Ela tlhoko: O ka se amogele madi a loago a ngwana tebang le bana ba ba fetang thataro bao e seng ba gago ka tsalo kgotsa bao e leng ba gago semolao ka botsadi-ka-tsholo.

O tla amogela bokae?

O tla amogela R530 ka kgwedi ngwana yo mongwe le yo mongwe. (Top-up R530 + R260)

O tla duelwa jang?

Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA) se tla go duela madi a loago a tlhokomelo ya bana ka nngwe ya mefuta e e latelang:

  • Madi a seatleng kwa lefeloborekisetsong le le tlhophilweng mo letsating le le rileng
  • Ka go tsenngwa mo akhaontong ya gago ya banka kgotsa ya Postbank (banka e ka go duedisa tirelo eno)
  • Setheo se se dirang jaaka motsamaisi wa madi a loago.

Ela tlhoko: Fa o sa kgone go tsaya madi ka bowena, o ka tlhopha moemedi kwa kantorong ya SASSA, kgotsa wa neela mongwe dithata tsa mmueledi go go tseela madi ano a loago a ngwana mo boemeng jwa gago.

Madi ano a loago a ngwana a tla sekwasekwa leng?

SASSA e ka swetsa fa e le gore madi a loago a ngwana a tshwanetse go sekwasekwa. Lotseno lwa gago jaaka le kailwe fa o ne o dira kopo ya madi a loago a ngwana le tla tlhama motheo wa tshwetso eno. O tla itsisiwe dikgwedi di le tharo kwa pele ga letlha leo tshekatsheko e tla diragalang kgotsa letlha leo setifikeiti sa botshelo (bopaki jwa gore o santse o tshela) se tlhokegang. Fa o amogela madi a gago kwa bankeng, setheong kgotsa moemeding, o tlhoka go tlatsa setifikeiti sa botshelo sa ngwana kwa dikantorong tsa SASSA ngwaga le ngwaga.

Madi a loago a ngwana a ka kgaotswa fa go diragetse eng?

Tse di latelang di ka baka go kgaotswa ga madi a loago a ngwana:

  • phetogo ya maemo a gago
  • dipholo tsa tshekatsheko
  • fa o retelelwa ke go dirisanammogo ka nako e madi a loago a ngwana a sekasekiwang.
  • fa o dira bonweenwee kgotsa o tlhagisitse dintlha tse di seng tsa boammaruri ka ga ngwana
  • fa go ne go na le phoso fa letlole la thuso ya madi le ne le dumelelwa
  • fa o sa tlhole o tlhokomela ngwana.

Madi ano a loago a ngwana a tla emisiwa leng?

Madi a loago a tla emisiwa fa:

  • ngwana a tlhokafala
  • fa ngwana a amogelwa kwa setheong sa puso
  • fa motlhokomedi a sa ye go tsaya madi lobaka la dikgwedi di le tharo tse di latelanang
  • fa ngwana a sa tlhole a nna mo nageng
  • kwa bofelong jwa kgwedi e ngwana a tshwarang dingwaga di le 18.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Etela kwa kantorong ya Setheo sa Tshireletso ya Loago (SASSA) e e gaufi le wena mme o tle ka tse di latenag:
    • Bukanaitshupo ya gago ya dinomoro di le 13 tsa baakhouto le setifikeiti sa matsalo sa ngwana. Fa o sena ID kgotsa setifikeiti sa ngwana sa matsalo:
      • O tshwanetse go tlatsa afidafiti ka thulaganyo e e tlwaelegileng ya SASSA fa pele ga Mokhomišenara wa Maikano yoo eseng modiredi wa SASSA.
      • O tle ka ditokomane tse di latelang:
        • Setatemente sa maikano go tswa kwa mothong wa maemo (sk. Mokhanselara, modirediloago, moeteledipele wa setso, moruti) yoo a itseng modirakopo le ngwana
        • Bopaki jwa gore o dirile kopo ya ID le/kgotsa ya setifikeiti sa matsalo a ngwana kwa Lefapheng la Merero ya Selegae
        • ID ya nakwana eo e rebotsweng ke Lefapha la Merero ya Selegae (fa go tlhokagala)
        • Setifikeiti sa kolobetso fa se le teng
        • Karata ya tleliniki fa e le teng
        • Pegelo ya dipholo tsa kwa sekolong fa e le teng.
    • Bopaki jwa madi a kotlo mangwe le mangwe ao o a amogelang boemong jwa ngwana.
    • Bopaki jwa lotseno lwa gago.
    • Setifikeiti sa gago sa lenyalo (fa go tlhokagala) .
    • Fa lo tlhalane, taelo ya kgotlatshekelo e e bolelang gore ke wena motlhokomedi wa ngwana.
    • Fa e le gore mongwe kgotsa ka bobedi ba batsadi ba tlhokafetse kgotsa ba latlhegile, go tla tlhokagala setifikeiti sa loso sa baswi kgotsa bopaki jwa gore batsadi ba latlhegile, sk pegelo ya batho ba ba latlhegileng go tswa kwa sepodising.
  2. Tlatsa foromo ya kopo fa pele ga modiredi wa SASSA (ela tlhoko gore wena jaaka modirakopo kgotsa modiredi wa SASSA ke lona fela le ka tlatsang foromo ya kopo).
  3. O tla neelwa tshupatefo. E boloke jaaka bopaki jwa gore o dirile kopo.

Fa e le gore kopo ya gago ga e atlege?

Fa kopo ya gago e sa atlega, SASSA e tla go itsise ka lekwalo gore goreng kopo ya gago e sa atlega.

Fa o sa dumelane le tshwetso, o ka dira boikuelo go Tona ya Tlhabololo ya Loago kwa kantorong ya bosetšhaba ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago, o tlhalosa gore goreng o sa dumelane. O tshwanetse go dira boikuelo mo sebakeng sa matsatsi a le 90 morago ga go itsisiwe gore kopo ya gago ga e a atlega.

Go tsaya nako e e kana kang

  • Go ka tsaya lobaka lwa dikgwedi di le tharo go mekamekana le kopo ya gago.
  • Fa kopo ya gago e ka atlega, o tla duelwa go tloga ka letlha leo o dirileng kopo ka lona.

Go ja bokae

Tirelo eno ga e duelelwe.

Diforomo tse o tshwanetseng go di tlatsa

Diforomo tsa kopo ga di teng mo inthaneteng, fela o ka di bona kwa kantorong e e gaufi le wena ya (SASSA).

Ke mang yo o ka ikgolaganyang le ena

Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA)

SASSA Toll free: 0800 60 10 11
Email: GrantEnquiries@sassa.gov.za  

Published Date

Share this page