Teko ya bosika ba borra

Fa o batla go tlhola gore a o tsalana ka madi le motho kgotsa nnyaa, o ka dira teko ya bosika ba borra kwa Tirelong ya Laboratori ya Boitekanelo ya Bosetšhaba.

Teko ya bosika ba borra e sekaseka setlhopha sa madi a gago go bona gore a o tsalana le motho yo mongwe ka madi kgotsa nnyaa. Dipoelo tse di sa dumelaneng di supa gore ga o tsalane le motho yoo mme tse di dumelanang di supa gore o ka tswa o tsalana nae. Motho ka esi, mmueledi kgotsa mmagiseterata a ka dira kopo ya teko ya bosika ba borra.

Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga teko ya bosika ba borra o ka ikgolaganya le Tirelo ya Laboratori ya Boitekanelo ya Bosetšhaba mo go 011 489 9470.

 

 

Share this page