Ditetla tsa bakopi ba botshabelo

Fa o tshabile kwa nageng ya gaeno ka ntlha ya go tshaba kgatelelo, mme o se na makwalo a semolao a tshwana le paseporoto gongwe visa, o tshwanetse go dira kopo ya tetla ya mokopi wa botshabelo kwa Kantorong ya Boamogedi jwa Batshabi (RRO) e e gaufi.

Tetla ya mokopi wa botshabelo ke tetla ya nakwana e o e newang go sa ntse go letilwe tshweetso mabapi le kopo ya gago ya seemo sa botshabi gongwe botshabelo.

Fa kopo ya gago ya botshabelo e rebotswe, o tla newa tetla ya Karolo ya 24 (e gape e itsegeng jaaka “Tetla ya Botshabelo”) eo e go supang semmuso jaaka motshabi mme e dira dingwaga di le pedi.

O ka dira kopo ya tetla ya bonni jwa leruri fa o ntse mo Aforika Borwa go feta dingwaga di le tlhano ka tetla ya botshabelo.

Bona tshedimosetso ka botlalo ka ga go dira kopo ya seemo sa mokopi wa botshabelo gongwe golagana le Lefapha la Merero ya Selegae.

 

Share this page