Kopo ya boikwadiso jaaka moduedi wa lekgetho kgots

O tshwanetse go ikwadisa jaaka moduelalekgetho le Tirelo ya Lekgetho ya Aforika Borwa (SARS) fa o amogela go feta madi a a rileng a o a beetsweng mo ngwageng mongwe le mongwe. O tshwanetse go kwadisa mo matsatsing a le 60 morago ga go amoela lotseno.

Ikwadise jaaka moduelalekgetho ka go tlatsa foromo ya ikwadiso ya IT77 e e ka bonwang mo webesaeteng ya SARS.

Mokgwa wa go tlhagisa pusetso ya lekgetho la lotseno - motho ka nosi

Fa o sena go kwadisediwa lekgetho mme o neilwe nomoro ya lekgetho, o ka ikwadisetsa eFiling mo www.sarsefiling.co.za mme o dire dithulaganyo tsa lekgetho la lotseno mo inthaneteng fa setlha sa lekgetho se simologa. Fa o sa ikwadisetse eFiling, SARS e tla go romelela foromo e o tshwanetseng go e tlatsa le go e busa.

O tshwanetse go tlhagisa pusetso ya lekgetho go SARS gore SARS e tlhakanyetse gore a o tshwanetse go duela lekgetho le lengwe gongwe gore a ba tshwanetse go go busetsa sengwe. Lotseno lwa lekgetho ke lekgetho la tlwaelo le le duelwang mo mogolong wa gago o o gogelwang lekgetho.

Bona tshedimosetso ka botlalo ka ga mokgwa wa go ikwadisa jaaka moduelalekgetho le wa go busetsa tlhagiso ya pusetso ya gago ya lekgetho kgotsa golagana le SARS go bona tshedimosetso ka botlalo.

 

SARS Contact Centre: 0800 00 7277

Share this page