Tumelelo mo legaeng la batsofe

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go kwadisa jaaka moreboladitirelo wa setheo se se ikaegileng ka setšhaba

Fa e le gore o mogodi yo a tlhokang go tlhokomelwa bosigo le motshegare mme o batla go nna kwa legaeng la bagodi, o ka ikwadisa kwa kantorong e e gaufi le wena ya badirediloago kgotsa kwa legaeng la bagodi.

Go nna le matshwanedi a go ka amogelwa, o tshwanetse wa bo o:

  • tlhoka tlhokomelo ya bosigo le motshegare
  • na le dingwaga di le 60 kgotsa go feta mme o itshokolela
  • le moAforika Borwa
  • amogela mogolo wa botsofe.

Tsweetswee elatlhoko: Ga go ope yo a ka go isang kwa legaeng la bagodi ntle le tetla ya gago ntle fela le fa e le gore pegelo ya boitekanelo e tlhagisitse gore ga o a itekanela sentle ka mo tlhaloganyong go ka neelana ka tetla ebile gape go ntshitswe le taelo ya kgotlatshekelo. Mo maemong a e leng gore ke a tshoganyetso pegelo ya boitekanelo e e ntshitsweng ke ngaka e e kwadisitsweng e a dirisiwa fa go santse go letetswe taelo ya kgotlatshekelo.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Fa e le gore ga o itse magae ape a bagodi, leba kwa kantorong e e gaufi le wena ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago go go supetsa legae le le gaufi la bagodi.
  2. Tlatsa mme o busetse diforomo tsa go dira kopo kwa legaeng la bagodi.
  3. Tlisa tse di latelang:
    • Lokwaloitshupo lwa gago lwa Aforika Borwa.
    • Pegelo ya boitekanelo.
  4. O tla tlhatlhobiwa gore o na le matshwanedi a go ka amogelwa le go tlhokomelwa.
  5. Fa e le gore o godile kgotsa o lwala thata mo e leng gore o retelelwa le ke go ya kwa kantorong go tsenya kopo, kopa o mongwe wa lelapa kgotsa tsala go go direla kopo.
  6. Modirediloago o tla rulaganya go go etela go sekaseka seemo sa sa ga jaanong sa bodulo jwa gago.
  7. Fa e le gore kopo ya gago ga e a atlenegisiwa o tshwanetse go neelwa mabaka a a kwadilweng mme o ka dira boipiletso ka ona kwa go Tona ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.

Tsweetswee elatlhoko: Go amogelwa kwa legaeng la bagodi go tla ikaega ka mepeto e e santseng e sena batho.

Nako ya tiragatso

Kopo ya gago e tla sekasekiwa mo matsatsing a le 14. O tla neelwa karabo mo matsatsing a a ka fa tlase ga a le 30 morago ga gore o dire kopo ya go ka amogelwa.

Tuelo ke bokae

Dituelelo di ka farologana.

Diforomo tse di tladiwang

Diforomo tsotlhe di teng kwa legaeng la bagodi le le gaufi le wena.

O ka golagana le mang

Lefapha la Tlhabololo ya Loago

Share this page