Thebolelo ya bogole

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga thebolelo ya bogole

Fa o na le bogole mo mmeleng kgotsa jwa tlhaloganyo mme bo dira gore o se kgone go dira mo pakeng e e fetang dikgwedi tse thataro, ka jalo o ka dira kopo ya thebolelo ya bogole.

O bona thebolelo ya bogole ya leruri fa bogole jwa gago bo tswelela go feta ngwaga mme o bona thebolelo ya bogole ya nakwana fa bogole jwa gago bo ka tswelela mo sebakeng se se seng ka fa tlase ga dikgwedi tse thataro kgotsa mo pakeng e e tswelelang e e seng kwa godimo ga dikgwedi tse somepedi. Thebolelo ya bogole ya leruri ga e kae gore o tla amogela thebolelo eo botshelo jotlhe, mme ke gore e tla tswelela mo sebakeng se se fetang dikgwedi tse 12.

O itse jang gore e a go tshwanela?

Gore e go tshwanele, o tshwanetse go bo o:

  • le moagi kgotsa modudi wa leruri wa Aforika Borwa kgotsa o le mofaladi yo o nnang mo Aforika Borwa ka nako ya kopo
  • le magareng ga dingwaga tse 18 le 59.
  • sa tlhokomelwe ke setheo sa puso
  • na le lekwaloitshupo la bakhoutu ya dinomoro tse 13
  • sa amogela go feta R86 280 fa o sa nyala/nyalwa kgotsa R172 560 fa o nyetse/nyetswe.
  • Boleng jwa dithoto tsa gago/lona ga di a tshwanela go feta R1 227 600 fa o sa nyala/nyalwa kgotsa R 2 455 200 fa o nyetse/nyetswe
  • tlhatlhobiwa boitekanelo ke ngaka e e supilweng ke puso go lekola bogolo jwa bogole joo
  • tlhagisa direkoto le dipegelo tsa nako e e fetileng tsa nako e e fetileng, fa o dira kopo le fa go dirwa tlhatlhobo.

Ngaka e tla tlatsa pegelo ya boitekanelo mme a e romele kwa SASSA (Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa).

Pegelo e e dira dikgwedi di le tharo go tloga ka letlha le o tlhatlhobilweng ka lona.

Ela tlhoko: Fa o le kwa tlase ga dingwaga tse 18 mme o tlhoka tlhokomelo ya leruri ka ntlha ya bogole jwa gago, motlhokomedi wa gago a ka dira kopo ya Thebolelo ya Tlhokomelo ya Boikaego. Fa o se na lekwaloitshupo, o tla tlhoka go tlatsa afidafiti mme o tlhagise bopaki jwa gore o dirile kopo ya lekwaloitshupo kwa lefapheng la Merero ya Selegae. Fa o sa dira kopo ya lekwaloitshupo, o tla tlhoka go dira kopo kwa Lefapheng la Merero ya Selegae mo dikgweding tse tharo tsa go dira kopo ya thebolelo.

O tla newa bokae?

Bogolo jo o ka bo newang jwa thebolelo ke R2 180 ka kgwedi.

O tla duelwa jang?

Thebolelo e tla duelwa ka nngwe ya ditsela tse di latelang:

  • madi a a seatleng kwa lefelong la tuelo ka letsatsi le le rileng
  • go tsenngwa ga madi mo akhaontong ya gago ka mokgwa wa ileketeroniki, go akaretsa banka ya poso (banka e ka go duedisetsa tirelo e)
  • setheo se se sa borogiweng ke puso ka matlole – sekao. legae la batho ba ba golofetseng.

Thebolelo ya gago e ka sekegwa leng?

Dilo tse di latelang di ka baka go sekegwa ga thebolelo ya gago:

  • fa maemo a gago a fetoga
  • ditlamorago tsa tshekatsheko
  • fa o se na tirisanommogo fa thebolelo e lejwa sešwa
  • fa o dira bogwenegwene kgotsa o tsietsa
  • fa go ne go diragetse phoso fa thebolelo ya gago e amogelwa.

Thebolelo ya gago e ka fela leng?

Thebolelo e tla fela fa o:

  • tlhokafala
  • amogelwa mo setheong sa puso
  • o sa lope dikgwedi tse tharo ka tatelano
  • o se teng mo nageng.

Fa mosiamelwa a amogelwa mo setheong se se nang le konteraka le puso go tlhokomela le go tlamela mosiamelwa yoo, thebolelo ya loago e fokolediwa go 25% (R285) ya tlhotlhwa e e kwa godimo ya thebolelo ya loago go tloga ka kgwedi ya bone morago ga go amogelwa ga mosiamelwa mo setheong seo. Thebolelo e e fokoditsweng e busediwa maemong a yona ka letlha le mosiamelwa a gololwang mo setheong seo.

Ka ga thebolelo ya bogole [PDF]

Se o tshwanetseng go se dira

  • Tlatsa foromo ya kopo ya thebolelo ya bogole kwa kantorong e e gaufi nao ya Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA) fa pele ga motlhankedi wa SASS.
  • Tlhagisa tse di latelang:
    • Lekwaloitshupo la gago la bakhoutu ya dinomoro tse 13 (ID). Fa o sena ID:
      • o tshwanetse go tlatsa afidafiti go ya ka popego e e dumelelwang ke SASSA fa pele ga Mokhomišinara wa Maikano yo e seng motlhankedi wa SASSA
      • o tshwanetse go tla le setatamente se se kannweng e saenilwe ke motho yo o tlotlegang (jaaka molekgotla, moeteledipele wa setso, modirediloago, moruti wa tumedi kgotsa mogokgo wa sekolo) yo o ka netefatsang leina le dingwaga tsa gago
      • motlhankedi wa SASSA o tla gatisa menwana ya gago. O tla romelwa kwa Lefapheng la Merero ya Selegae le fa kopo ya gago e ntse e diragadiwa. Fa o sa newe lekwaloitshupo, thebolelo ya gago e tla sekegwa.
    • pegelo ya boitekanelo kgotsa pegelo ya tlhatlhobo ya bokgoni go netefatsa bogole jwa gago
    • bopaki jwa kemo ya lenyalo (fa go kgonega)
    • bopaki jwa bonno
    • bopaki jwa lotseno, dikarolelo (fa di le teng)
    • bopaki jwa dithuto go akaretsa le boleng jwa thoto ya gago go ya ka mmasepala
    • bopaki jwa phenšene (fa e le teng)
    • dikanego tsa gago tsa dikgwedi di le tharo tsa banka
    • lekwaloitshupo la gago la bakhoutu ya ditlhakapalo tse 13 (ID)
    • tetla ya maemo a bofaladi le lekwaloitshupo la bafaladi la dinomoro tse 13, Letlole la Inšorense ya Botlhokatiro (UIF) (buka e tala) kgotsa setifikeiti sa go ntshiwa mo tirong ke mothapi fa e le gore o ne o dira
    • khopi ya wili le diakhaonto tsa ntlha le tsa bofelo tsa tswalo le phatlhalatso, fa e le gore molekane wa gago o tlhokafetse mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng.

Morago ga go isa kopo ya gago o tla newa rasiti go e tshola jaaka bopaki jwa kopo ya gago.

Go diragala eng fa kopo e gannwe?

Kantoro ya tshireletso ya loago e tla go itsise ka go kwala gore a kopo ya gago e atlegile kgotsa nnyaa. Fa kopo ya gago e sa atlega, kantoro ya tshireletso ya loago e tla go naya mabaka a go ganwa ga kopo ya gago mme o ka ikuela go Tona ya Tlhabololo ya Loago ka go kwala, o tlhalosa gore ke ka ntlha ya eng o ganana le tshwetso eo.

Ikuele mo matsatsing a le 90 a go amogela kitsiso ka dipoelo tsa kopo ya gago.

Nako ya tiragatso

  • Go ka tsaya go fitlha go dikgwedi tse tharo go diragatsa kopo ya gago.
  • Fa kopo ya gago e atlegile, o tla duelwa go tloga ka letlha le o dirileng kopo.

Tuelo ke bokae

Tirelo e ke mahala.

Diforomo tse di tladiwang

Foromo ya kopo ga e teng mo inthaneteng. O ka e bona kwa kantorong e e gaufi nao ya tshireletso ya loago (SASSA).

O ka golagana le mang

 

SASSA Toll free: 0800 60 10 11
Email:  GrantEnquiries@sassa.gov.za  

Share this page