Kopo ya Loago ya go kokobatsa makgwafo mo tlalelong

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga kopo ya Loago ya go kokobatsa makgwafo mo tlalelong

Kopo ya Loago ya go kokobatsa makgwafo mo tlalelong ke tshiamelo ya thuso ya nakwana e e ikaeletseng go thusa batho ba ba batlang thuso ya mofuta oo ka ntlha ya fa ba sa kgone go neela ba balelapa la bona ditlhokego tsa ka metlha.

Ke mang yo o tshwanetseng go dira kopo ya loago ya go kokobatsa makgwafo mo tlalelong?

O ka kgona go dira kopo ya loago ya go kokobatsa makgwafo mo tlalelong mo mmusong fa e le gore o mo tsielegong. Se se tlhalosiwang fa godimo se ka diragala ka ntlha ya gore:

  • o batla thuso fa o ntse o emetse kopo ya madi a letlole la bana gore e sekasekwe ke mmuso
  • o tsielegile kgotsa o le mo matlhotlhapelong, go tshwana le fa ntlo ya gago e tshumilwe ke molelo
  • Fa o sa falole teko ya go amogele madi a letlole la bana, mme o mo maemong a a tlhobaetsang a go batla madi
  • o sa kgone go dira ka ntlha ya go se itekanele mo mmeleng - se se kaya gore o a lwala mo sebakeng sa go feta dikgwedi di le thataro
  • o sa kgone go amogela tuelo ya tlamelo ya madi a a amogelwang ke ngwana go tswa mo motsading wa ngwana kgotsa mo motsading mongwe wa bana
  • motlamelalelapa o tlhokafetse
  • motlamelalelapa o rometswe kwa kgolegelong sebaka sa nako e nnye (ka fa tlase ga dikgwedi di le thataro) kgotsa
  • o amilwe ke kotsi, fela mo lefelong kgotsa mo setšhabeng se wena o nnang mo go sona se ise se tlhalosiwe gore ke lefelo la kotsi.

Jaanong wena o tla amogela eng?

Kopo ya gago ya Loago ya Kokobatso makgwafo mo Tlalelong (The Social Relief of Distress ) e ka nna ka mokgwa wa go newa sephuthelwana sa dijo kgotsa ditlankana tsa sesupo sa madi go ya go reka dijo. Diporofensi dingwe di naya thuso ya mofuta o ka go fa batho madi mo seatleng. Thuso ya Loago ya go kokobatsa makgwafo mo tlalelong e newa mo nakong e khutshwane fela - gantsi e ka nna go fitlhela dikgwedi di le tharo, mme ka nako nngwe dikgwedi di le thataro.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Dira kopo ya Loago ya go kokobatsa makgwafo mo nakong ya tlalelo mo kantorong ya loago ya go kokobatsa makgwafo ka nako ya tlalelo.
  2. Neela tse di latelang ga mmogo le foromo ya gago ya kopo:
    • Lokwaloboitshupo/pasa ya dinoko di le 13 tsa kgatisp ka barakhoutu le disetifikeite tsa bana ba gago tsa matsalo.
    • Ditlankana tse di latelang di tla kopiwa fa go se lokwaloitshupo le/kgotsa setifikeiti sa botsalo:
      • afitafiti e e laetsweng ke Moatlhodi wa Kagiso. Afitafiti eo e tshwanetse go nna le temana e e supang gore go tlamela ka tshedimosetso e e fosagetseng kgotsa e e seng ya boammaaruri go tla tlisa tatofatso go ya ka Karolo 21 ya Molao wa Thuso ya Loago 2004
      • setatamente se se kannweng ka motho yo o ikanyegang yo o itseng modirakopo le ngwana wa gagwe. E ka nna molekgotla, moeteledipele wa setso, modirediloago kgotsa moeteledipele wa tumelo  
      • bopaki jwa gore go setse go dirilwe kopo ya setifikeiti sa botsalo kgotsa lekwaloitshupo kwa Lefapheng la Merero ya Selegae 
      • fa go kgonega, lekwaloitshupo la nakwana le le rebotsweng ke Lefapha la Merero ya Selegae
      • setifikeiti sa kolobetso  
      • karata ya boitekanelo ya tliliniki 
      • pegelo ya sekolo.

Ela tlhoko: Ga go kopo e e ka tsewang tsia ntle le setatamente sa maikano/afitafiti.

3. Fa o se na lokwaloboitshupo/pasa le disetifikeite tsa bana ba gago tsa matsalo, o tshwanetse go dira afidafiti kwa seteišeneng sa mapodisi se se leng mo motseng wa gaeno, Motlhankedimogolo, mokanseliri kgotsa moruti e ka nna paki e e tletseng.

4. O tshwanetse go netefatsa gore: 

  • o dirile kopo ya madi a letlole la bana
  • o nnile le bothata jwa tshoganetso (sekao: neela ka pegelo go tswa kwa mapodising gore ntlo ya gago e fisitswe ke molelo, lorelore)
  • o lekile go batla tuelo ya tlamelo ya madi a a amogelwang ke bana
  • Ga o na tshegetso e nngwe ya ka fa thoko
  • o nyetswe, o tlhadile/tlhadilwe kgotsa ga o ise o nyalwe
  • Ga o na lotseno lepe kgotsa
  • o na le kalafo ya thetelelo-bokgoni (bogole) jwa nakwana.

Nako ya tiragatso

  • Kopo ya gago e tla sekasekwa ka bonako.
  • Fa kopo ya gago e se na go neelwa/tliswa, e tla sekasekwa go bona bonnete le go tlhoka pelaelo ya gore ka tota o tlhoka tirelo e.
  • Le fa o se na ditokomane tsotlhe, o tla kgona go amogela sephuthelwana sa gago sa dijo sa ntlha mo kgweding, setlankana sa sesupo sa madi kgotsa madi mo seatleng kwa ntle ga go nna le ditokomane tseo.
  • Gakologelwa go tsaya ditokomane tsotlhe fa o ya kwa go motlhankeding pele nako ya tuelo ya bobedi ya kgwedi e fitlha. Fa o sa dire jalo, o ka nna wa se ka wa amogela sephuthelwana sa dijo sa kgwedi ya bobedi le ya boraro, setlankana sa sesupo sa madi kgotsa madi mo seatleng.
  • Fa dilo di sa fetoge mo botshelong jwa gago, morago ga fa o se na go amogela madi a letlole a ngwana/bana mo dikgweding di le tharo, o ka nna wa kopa gore o okeletswe madi a letlole a ngwana/bana nako ya dikgwedi di le tharo gape.

Tuelo ke bokae

Ditirelo ga di duelelwe.

Diforomo tse di tladiwang

Tsweetswee ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.

 

Share this page