Tirelo ya Loago ya boditšhabatšhaba

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga tirelo ya loago ya boditšhabatšhaba

Tirelo ya Loago ya boditšhabatšhaba (International Social Service) (ISS) ke mokgatlho wa boditšhabatšhaba o e seng wa semmuso o o sa tseyeng letlhakore mo dipolitiking, lotsong, bodumeding le mo setšhabeng e e nang le mokwaledi wa botlhe kwa Geneva, Switzerland. Tirelo e na le dikgolagano gotlhe ka badiredi loago ba ba katisitsweng mme ba na le kitso ka dinaga tsa bona.

ISS e thusa mongwe le mongwe le malapa a a nang le mathata a ona le a loago a a batlang tirisano ya dinaga se di agisaneng E ka bonwa ke mongwe le mongwe yo o leng mo Aforika Borwa le kwa moseja.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Dikopo tsa batho ba ba nnang mo Aforika Borwa:
    • Kopa mo kantorong ya modiredi loago yo o leng gaufi le fa o nnang teng

    • Dira thulaganyo ya tshosobanyo ya kgetse go ya ka mokgwa wa thulaganyo o o tlhophilweng ke ISS. Tshosobanyo e ya kgetse e tla bontsha mabaka le kopo ya ditirelo e e batliwang go tswa kwa dinageng tsa boditšhaba.

    • Tsamaisa tshosobanyo ya kgetse kwa moemeding wa porofensi wa ISS kwa kantorongkgolo ya Lefapha la Pabalesego le Loago ya porofinsi.

    • Moemedi wa porofinsi ena o tla romela kopo ya gago kwa Ditirelong tsa Loago tsa Boditšhabatšhaba tsa Aforika Borwa (ISS SA) tse di leng teng mo setšhabeng mo Lefapheng la Pabalesego le Loago.

    • Dikopo go tswa mo bathong ba e seng baagi ba Aforika Borwa:

    • Kopa mo go Biro e e nang le kgolagano le ISS kgotsa mo go mokwaledi mo nageng ya boditšhaba.
    • Biro e tla romela kopo ya gago kwa go ISS SA.

Nako ya tiragatso

  • Dikaelo tsona di dirwa mo rasiting. Mo rasiting ya kaelo e e tswang kwa lefapheng la porobensi ISS SA e tla go kaela kopo ya gago mo ditirelong tsa Biro e e nang le Kgolagano le ISS kgotsa mo go mokwaledi mo nageng ya boditšhaba. Tsibogelo ya bona ya ditirelo mo go ISS e tla ikaega ka mabaka a selegae. Morago ga go amogela rasiti ya kaelo go tswa mo nageng ya boditšhaba, ISS yona e tla kaela kopo e kwa go mokwaledi wa selegae wa porobensi yo o tla rulaganyang kopano le modiredi loago go batlisisa ka kopo mme o neele pegelo kwa go lefapha la porofinsinsi .
  •  Fa kopo e amogetswe, pegelo e tla romelwa kwa go ISS SA, yo o tla sekasekang le go romela pegelo kwa go batho ba ba nang le kgatlhego mo tsamaisong ya setšhaba (stakeholders) ga mmogo le ditshwaelo, dipotso le/kgotsa dipelaelo.
  • Boemo jo bo nonofileng jwa ditirelo bo kgotsofadiwa ke badiredi loago ba selegae le ba porofinsi ga mmogo le modiredi loago yo o nang le boikarabelo jwa kopo e mo dikantorong tsa ISS SA. Bathapiwa ba Mmuso bona ba tshwanetse go latela dithulaganyo tsa motlhagolatsela/phorothokholo tse di tlhophilweng ke ISS. Bokwaledi jwa botlhe.

Tuelo ke bokae

Mo Aforika Borwa, ditirelo di neelwa kwa ntle ga go duelelwa. Mo dinageng dingwe, tuelo e ka gogiwa/ntshiwa go duela ditirelo tse dingwe tse di rileng. Dituelo tse, di farologana go ya ka naga nngwe le nngwe.

Diforomo tse di tladiwang

Ga go na diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa.

O ka golagana le mang

Lefapha la Tlhabololo ya Loago

 

International Social Services of South Africa
Tel 012 312 7790/ 012 312 7591
Fax 012 323 3733
City/town Pretoria
Province Gauteng
Physical address 7th Floor, HSRC Building, 134 Pretorius Street, Pretoria, 0001
Postal address The Director, International Social Services of South Africa, Private Bag X901, 0001
Web address https://www.dsd.gov.za/

 

Share this page